Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boleo

Boleo

Boelo ke eng, mme ke eng fa bo re ama rotlhe fela?

Baebele e re netefaletsa jang gore re ka fenya dikeletso tse di sa siamang tsa go batla go dira bosula?

Bar 6:12-14

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Sa 11:2-5, 14, 15, 26, 27; 12:1-13​—Kgosi Dafide o ne a dira maleo a a masisi, Jehofa o ne a mo otlhaya mme o ne a bontsha gore o ikwatlhaile

    • Bar 7:15-24​—Le fa gone moaposetoloi Paulo a ne a na le tumelo e e nonofileng, o ne a tshwanelwa ke go dira ka natla gore a lwantshe dikakanyo le dikeletso tse di sa siamang

Goreng batho ba le bantsi ba dira boleo?

Ke eng fa go dira boleo ka boomo e le kgang e e masisi?

Ke eng se Satane a ka se dirisang go raela batlhanka ba Modimo go dira boleo?

Dia 1:10, 11, 15; Mat 5:28; Jak 1:14, 15

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 3:1-6​—Satane o ne a dirisa noga go raela Efa gore a nne pelotshetlha mme seo se ne sa dira gore a se ka a ikanya Jehofa

    • Dia 7:6-10, 21-23​—Kgosi Solomone o ne a tlhalosa kafa lekawana lengwe le le se nang maitemogelo le ileng la raelwa ka gone ke mosadi yo o neng a dira boitsholo jo bo sa siamang

Re ka dira eng gore Satane a se ka a kgona go re raela?

Bae 4:27; 6:10-18; Jak 4:7, 8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dia 5:1-14​—Fela jaaka rre a ka bua le morwawe, Kgosi Solomone o ne a re naya kgakololo e e molemo e e neng e tswa kwa go Jehofa ya go re ke eng fa re tshwanetse go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le gore re ka bo tila jang

    • Mat 4:1-11​—Jesu o ne a dirisa Lefoko la Modimo go araba Satane fa a ne a mo raela

Maleo mangwe a a masisi a Mokeresete a sa tshwanelang go a dira ke afe?

Go ipolela maleo

Ke eng fa re sa tshwanela go fitlha maelo a re a dirileng?

Ke mang yo re tshwanetseng go mmolelela maleo a re a dirileng?

Ke mang yo o direlang e le “mothusi” ka go re buelela fa pele ga ga Jehofa?

Motho a ka bontsha jang gore o ikwatlhaetse maleo a a a dirileng?

Dit 26:20; Jak 4:8-10

Bona le “Go Ikwatlhaya

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ek 22:1-12​—Go ya ka Molao wa ga Moshe, legodu le ne le tshwanetse go duela batho ba le ba utsweditseng

    • Luk 19:8, 9​—Mokgethisi yo o neng a bidiwa Sakaio o ne a bontsha gore o ikwatlhaile ka go fetola ditsela tsa gagwe le ka go busa dilo tsa batho ba a neng a ba tsieditse

Goreng re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re itshwarela?

Bona “Go Itshwarela

Jehofa a re ke mang yo o nang le boikarabelo jwa go thusa mongwe yo o dirileng boleo jo bo masisi le go sireletsa phuthego?

Fa re dirile boleo jo bo masisi, seo se ka ama ba lelapa la rona le phuthego jang?

Bah 12:15, 16

Bona le Dut 29:18

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Jos 7:1-13, 20-26​—Akane o ne a tlisetsa Baiseraele botlhe masetlapelo ka gonne a ile a dira boleo jo bo masisi a bo a leka go bo fitlha

    • Jon 1:1-16​—E re ka moporofeti Jona a ile a se ka a ikobela taelo ya ga Jehofa, o ne a tsenya matshelo a batho ba a neng a tsamaya le bone ka sekepe mo kotsing

    • 1Bk 5:1-7​—Moaposetoloi Paulo o ne a senola boleo jo bo masisi jo bo neng bo dirwa ke monna mongwe kwa Korintha ka gonne boleo joo bo ne bo kgotlela phuthego yotlhe

Ke eng fa go boifa gore re tla otlhaiwa go sa tshwanela go re thibela go kopa thuso kwa bagolwaneng?

Goreng re tshwanetse go amogela gore Jehofa o re itshwaretse go na le go nna re hutsafatse ka ntlha ya boleo jo re bo dirileng mo nakong e e fetileng?

Bona “Go Itshwarela

Fa re itse gore mongwe o dirile boleo jo bo masisi, ke eng fa re tshwanetse go mo kgothaletsa gore a bolelele bagolwane boleo joo?

Lef 5:1

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dut 13:6-9; 21:18-20​—Molao wa ga Moshe o ne o batla gore motho a bege boleo jo bo masisi jo bo dirilweng ke wa lelapa kgotsa mongwe yo a mo ratang