Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go sa Nyale Kgotsa go sa Nyalwe

Go sa Nyale Kgotsa go sa Nyalwe

Ke eng fa go le molemo gore motho a tlhophe go sa nyale kgotsa go sa nyalwe?

Ke eng fa go le phoso go pateletsa Mokeresete yo o iseng a nyale kgotsa a nyalwe gore a batle molekane?

1Bk 7:28, 32-35; 1Bt 4:11

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Bar 14:10-12​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa lebaka la go bo go le phoso go atlhola modumedimmogo le rona

    • 1Bk 9:3-5​—Moaposetoloi Paulo o ne a na le tshwanelo ya go ka nyala, le fa go ntse jalo o ne a tlhopha go nna a sa nyala gore a kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng

A batho ba ba seng mo lenyalong ba tshwanetse go akanya gore ba tlhoka go nyala kgotsa go nyalwa gore ba itumele?

1Bk 7:8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Baa 11:30-40​—Morwadia Jefetha o ne a sa nyalwa, le fa go ntse jalo o ne a itumelela go direla Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe

    • Dit 20:35​—Mafoko ano a ga Jesu a bontsha gore le fa gone a ne a sa nyala, o ne a itumetse ka ntlha ya dilo tse a neng a di direla ba bangwe

    • 1Bt 1:2-9; 2:12​—Moaposetoloi Paulo o ne a sa nyala, le fa go ntse jalo o ne a tlhalosa gore bodiredi jwa gagwe bo ne bo itumedisa ka gonne a ile a kgona go thusa batho ba le bantsi gore ba itse Jehofa

Fela jaaka batlhanka botlhe ba Modimo, goreng batho ba ba sa nyalang kgotsa ba ba sa nyalwang le bone ba tshwanetse go nna le boitshwaro jo bo siameng?

1Bk 6:18; Bag 5:19-21; Bae 5:3, 4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dia 7:7-23​—Kgosi Solomone o ne a tlhalosa ditlamorago tse di botlhoko tse lekawana lengwe le neng la lebana le tsone ka ntlha ya go raelwa ke mosadi yo o neng a na le boitsholo jo bo sa siamang

    • Sfl 4:12; 8:8-10​—E re ka mosetsana wa Moshulame a ne a ikemiseditse go ikobela melao ya ga Jehofa ya lenyalo, o ne a akgolelwa seo

Ke mo maemong afe motho yo o sa nyalang kgotsa yo o sa nyalwang a ka akanyetsang go tsena mo lenyalong?