Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ithuta

Go Ithuta

Goreng Mokeresete a tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha?

Ps 1:1-3; Dia 18:15; 1Ti 4:6; 2Ti 2:15

Bona le Dit 17:11

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 119:97-101​—Mopesalema o ne a tlhalosa gore o rata molao wa Modimo le gore go o ikobela go tokafaditse botshelo jwa gagwe

    • Dan 9:1-3, ntlh.​—E re ka moporofeti Daniele a ne a ithuta dikwalo tse di boitshepo, o ne a lemoga gore lobaka lo Baiseraele ba neng ba tshwanetse go lo nna kwa botshwarwa kwa Babelona, lo ne lo le gaufi le go fela

Ke eng fa re tshwanetse go tswelela re ithuta?

Bah 6:1-3; 2Pe 3:18

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dia 4:18​—Fela jaaka lesedi la moso le le ntseng le phatsima go ya pele, Jehofa o tswelela a dira gore batho ba ba mo ratang ba tlhaloganye boammaaruri botoka

    • Mat 24:45-47​—Jesu o ne a bolelela pele gore o ne a tla tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” yo o neng a tla abela batlhanka ba gagwe dilo tse ba neng ba tla di tlhoka gore ba atamalane le Jehofa mo malatsing a bofelo

Ke eng fa botlhale jo re bo ithutang mo Baebeleng bo le botlhokwa thata go gaisa jwa dibuka tse di kwadilweng ke batho?

Ke eng se Jehofa a solofetsang go se naya batho ba ba ithutang Baebele ka boikaelelo jwa gore ba mo itumedise?

Re tshwanetse go rapelela eng pele ga re ithuta Baebele?

Goreng re tshwanetse go dirisa ka botlalo dilo tse “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a re abelang tsone gore re atamalane le Jehofa?

Goreng re tshwanetse go nna le kitso e e feletseng le e e boammaaruri ka se Baebele e se rutang?

Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re nne le botlhale e bile re tlhaloganye se re se ithutang?

Ke eng fa re tshwanetse go bala re iketlile e bile re akanyetsa kwa teng ka se re se balang?

Ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa go dirisa se re se ithutang mo Baebeleng mo matshelong a rona?

Ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko gore re ka tlhalosetsa ba bangwe jang se re se ithutileng?

Go ithuta dithuto tsa boammaaruri tse di botlhokwa ka go di boaboeletsa, go ka re thusa jang?

2Pe 1:13; 3:1, 2

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dut 6:6, 7; 11:18-20​—Jehofa o ne a laela batho ba gagwe gore ba rute bana ba bone melao ya gagwe mme ba dire jalo ka go e boaboeletsa

Go ithuta Lefoko la Modimo lo le lelapa go na le melemo efe?

Bae 6:4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 18:17-19​—Jehofa o ne a batla gore Aborahame a rute ba lelapa la gagwe melao ya gagwe le go dira se se siameng

    • Ps 78:5-7​—Kwa Iseraele, kokomana nngwe le nngwe e ne e tshwanetse go ruta bana ba yone ka Jehofa e le gore kokomana e e latelang e tle e kgone go mo ikanya

Go nna gone kwa dipokanong go re thusa ka eng?