Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tiro

Tiro

Tiro le boitumelo di amana jang?

Go dira tiro e e duleng diatla go na le melemo efe?

Dia 22:29

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 16:16-23​—Fa Dafide a sa ntse a le mosha o ne a itsege e le setswerere mo mminong, mme mmino wa gagwe o ne o dira gore kgosi ya Iseraele e nne le kagiso e bile e ne e itumelela bokgoni jwa ga Dafide

    • 2Dt 2:13, 14​—E re ka Hirame-abi e ne e le modiri yo o setswerere, Kgosi Solomone o ne a mo dirisa fa a ne a aga kago nngwe e kgolo

Batlhanka ba ga Jehofa ba batla go itsege e le badiri ba ba ntseng jang?

Bae 4:28; Bak 3:23

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 24:10-21​—Rebeka o ne a rata go thusa ba bangwe e bile a dira ka natla, ka jalo o ne a dira se se fetang se motlhanka wa ga Aborahame a neng a mo kopile go se dira

    • Baf 2:19-23​—Moaposetoloi Paulo o ne a naya Timotheo yo o neng a sa le mosha kabelo ya botlhokwa ka gonne o ne a le boikokobetso e bile a ikemiseditse go dira ka natla

Ke eng fa batlhanka ba Modimo ba sa tshwanela go nna ditshwakga?

Dia 13:4; 18:9; 21:25, 26; Mor 10:18

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dia 6:6-11​—Kgosi Solomone o ne a dirisa tshoswane go ruta dithuto tsa botlhokwa ka go dira ka natla le go tila go nna ditshwakga

Ke eng fa re tshwanetse go dira ka natla gore re itlamele?

Ke eng fa re tshwanetse go dira ka natla gore re tlamele ba malapa a rona?

1Ti 5:8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ru 1:16, 17; 2:2, 3, 6, 7, 17, 18​—Ruthe o ne a dira ka natla go tlhokomela matsalaagwe e bong Naomi

    • Mat 15:4-9​—Jesu o ne a kgala batho ba ba neng ba dirisa go direla Modimo e le seipato sa go tila go tlhokomela batsadi ba bone

Ke eng fa Bakeresetse a tshwanetse go ikemisetsa go kgaogana se ba se bereketseng le ba bangwe?

Re tshwanetse go leba jang madi a re a amogelang kwa ditirong tsa rona tsa boitshediso?

Re itse jang gore Jehofa o batla gore re nne ditswerere mo tirong e re e dirang le gore o batla gore re nne le dilo tse re di tlhokang?

Mat 6:25, 30-32; Luk 11:2, 3; 2Bk 9:10

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 31:3-13​—Labane o ne a sa tshware Jakobe sentle, mme Jehofa o ne a lemoga gore Jakobe o dira ka natla a bo a mo segofatsa

    • Ge 39:1-6, 20-23​—Jehofa o ne a segofatsa tiro e Josefa a neng a e dira kwa ntlong ya ga Potifaro le fa e ne e le legolegwa

Ke eng fa re sa tshwanela go tsaya tiro ya rona ya boitshediso e le botlhokwa thata go feta go direla Modimo?

Ps 39:5-7; Mat 6:33; Joh 6:27

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 12:15-21​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se bontshang gore ke boeleele go akanya gore go bereka ka natla gore re nne le madi a mantsi, go botlhokwa thata go gaisa botsala jwa rona le Modimo

    • 1Ti 6:17-19​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba ba neng ba humile gore ba se ka ba lebela ba bangwe kwa tlase a bo a ba kgothaletsa gore “e nne bahumi ba ditiro tse di molemo”

Ke melaometheo efe e e ka re thusang go dira tshwetso e e siameng fa re batla tiro?

Go direla Jehofa

Tiro ya botlhokwa thata e Bakeresete ba ka e dirang ke efe?

Ke eng fa re ikemiseditse go dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa?

Ke eng fa re sa tshwanela go lebelela gore batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba mo direle ka selekanyo se se tshwanang?

Bag 6:3-5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 25:14, 15​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se neng se bontsha gore o ne a sa lebelela gore balatedi ba gagwe botlhe ba dire tiro e e lekanang

    • Luk 21:2-4​—Jesu o ne a lemoga gore moneelo o monnye o o neng o ntshitswe ke motlholagadi wa mohumanegi, o ne o le botlhokwa thata

Fa re abelwa tiro nngwe mo phuthegong ya ga Jehofa, ke mang yo o re fang maatla a go e dira?

2Bk 4:7; Bae 3:20, 21; Baf 4:13

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • 2Ti 4:17​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Morena o ne a mo naya maatla ka nako e a neng a a tlhoka ka yone

Ke eng fa go direla Jehofa ka natla go itumedisa?