Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kobamelo

Kobamelo

Re tshwanetse go obamela mang fela?

Ek 34:14; Dut 5:8-10; Isa 42:8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 4:8-10​—Satane o ne a solofetsa Jesu gore o tla mo naya magosi otlhe a lefatshe fa a ka mo obamela; Jesu o ne a gana, ka gonne o ne a ikemiseditse go obamela Jehofa fela

    • Tsh 19:9, 10​—Moengele yo o nang le maatla o ne a gana fa Johane a ne a batla go obama fa pele ga gagwe

Jehofa o batla gore re mo obamele jang?

Joh 4:24; Jak 1:26, 27

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Isa 1:10-17​—Jehofa ga a amogele kobamelo ya batho ba ba sa batleng go tshela ka melao ya gagwe

    • Mat 15:1-11​—Mafoko ano a ga Jesu a bontsha gore Jehofa ga a batle gore kobamelo ya rona e theiwe mo dingwaong tsa batho, go na le moo o batla gore e theiwe mo melaong ya gagwe

Fa go kgonega, re tshwanetse go obamela Jehofa re na le bomang?

Bah 10:24, 25

Bona le Ps 133:1-3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 2:40-42​—Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kopana mmogo go tla go rapela, go fetsa nako mmogo le go ithuta dithuto tse di neng di tlhotlheleditswe ke moya o o boitshepo

    • 1Bk 14:26-40​—Moaposetoloi Paulo o ne a laela gore dipokano tsa phuthego di tshwanetse go kgothatsa le go rulagana sentle, gore botlhe ba kgone go ithuta le go tlhaloganya se se rutiwang

Re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a amogele kobamelo ya rona?

Mat 7:21-24; 1Jo 2:17; 5:3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Bah 11:6​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore re tshwanetse go nna le tumelo fa e le gore re batla Jehofa a amogela kobamelo ya rona

    • Jak 2:14-17, 24-26​—Monnawe Jesu e bong Jakobe o ne a tlhalosa gore re tshwanetse go bontsha tumelo ya rona ka ditiro; tumelo ya rona e tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira sengwe