Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

FA O KOPANA LE MOTHO LEKGETLO LA NTLHA

THUTO 1

Bua le Batho ka Dilo Tse ba di Ratang

Bua le Batho ka Dilo Tse ba di Ratang

Molaomotheo: “Motho yo o lorato . . . ga a dire se se tswelang ene mosola fela.”—1 Bakor. 13:4, 5.

Se Jesu a Ileng a se Dira

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Johane 4:6-9. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1.    Ke eng se Jesu a ileng a se ela tlhoko ka mosadi wa Mosamarea pele a simolola go tlotla le ene?

  2.   Jesu o ne a re: “Ntshiele metsi.” Goreng re ka re o simolotse motlotlo sentle?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Fa o tlotla le motho ka dilo tse a di ratang, lo ka nna le motlotlo o o monate.

Etsa Jesu

3. Fetofetoga le maemo. O se ka wa pateletsa go tlotla le batho ka se o se baakanyeditseng. Tlotla le bone ka se ba akanyang ka sone. Ipotse go re:

  1.    ‘Go buiwa thata ka eng mo dikgannyeng?’

  2.   ‘Baagelani, batho ba ke berekang le bone kgotsa ba ke tsenang sekolo le bone ba rata go bua ka eng?’

4. Nna kelotlhoko. Ipotse go re:

  1.    ‘Motho yono o dira eng? A ka tswa a akantse ka eng?’

  2.   ‘Tsela e a apereng ka yone, e a lebegang ka yone kgotsa e a kgabisitseng ntlo ya gagwe ka yone, e ka tswa e bontsha gore o dumela eng kgotsa ke wa lotso lofe?’

  3.   ‘A nka kgona go tlotla le ene gone jaanong?’

5. Reetsa.

  1.    O se ka wa bua thata.

  2.   Mo letle gore a tlhalose gore ene o akanya eng. Fa go kgonega, mmotse dipotso.