Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

FA O KOPANA LE MOTHO LEKGETLO LA NTLHA

THUTO 2

Itlotlele Fela

Itlotlele Fela

Molaomotheo: “Lefoko le le builweng ka nako e e tshwanetseng, ruri le molemo.”—Diane 15:23.

Se Filipo a Ileng a se Dira

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Ditiro 8:30, 31. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1.    Filipo o ile a simolola motlotlo jang?

  2.   Tsela e a simolotseng motlotlo ka yone e mo thusitse jang gore a kgone go rerela monna wa Moethiopia?

Re Ithuta Eng mo go Filipo?

2. Fa re itlotlela fela le motho re phuthologile, le ene o tla phuthologa a bo a reetsa molaetsa wa rona.

Etsa Filipo

3. Nna kelotlhoko. O kgona go bona motho mo matlhong gore a ka tswa a ikutlwa jang. A go lebega a batla go bua le wena? O ka nna wa simolola motlotlo ka go mmotsa go re: “A o ne o itse gore . . . ?” O se ka wa pateletsa go tlotla le motho fa a sa batle go bua le wena.

4. Nna pelotelele. O se ka wa itlhaganelela go rerela motho. Itlotlele le ene fela, mme fa tshono ya gore o mo rerele e tlhaga, dira jalo. Ka dinako dingwe lo ka kgaogana fela o sa kgona go mo rerela.

5. Fetofetoga le maemo. Motho a ka simolola go tlotla ka sengwe se o neng o sa se akanya. Ka jalo, tlotla le ene ka temana e e tsamaisanang le se a buang ka sone, tota le fa e se temana e o neng o e baakanyeditse.