Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

FA O KOPANA LE MOTHO LEKGETLO LA NTLHA

THUTO 3

Nna Pelonomi

Nna Pelonomi

Molaomotheo: “Motho yo o lorato . . . o pelonomi.”—1 Bakor. 13:4.

Se Jesu a Ileng a se Dira

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Johane 9:1-7. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1.    A Jesu o ile a simolola ka go rerela monna yono kgotsa ka go mo fodisa?—Bona Johane 9:35-38.

  2.   O akanya gore ke eng fa monna yono a ile a reetsa Jesu fa a ne a mo rerela?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Motho a ka reetsa molaetsa wa rona fa a lemoga gore re amega ka ene.

Etsa Jesu

3. Leka go akanya gore motho yoo o ikutlwa jang.

  1.    Ipotse go re: ‘A ka tswa a tshwenyegile ka eng? Ke eng se se ka mo kgothatsang?’ Go ipotsa dipotso tseno go tla go thusa gore o nne pelonomi.

  2.   Bontsha gore o amega ka motho ka go mo reetsa. Fa a go bolelela gore o ikutlwa jang kgotsa a go tlhalosetsa mathata a gagwe, o se ka wa bua ka sengwe se sele.

4. Nna botsalano e bile o bue ka tlotlo. Tsela e o buang ka yone e ka dira gore motho a lemoge gore o mo utlwela botlhoko e bile o batla go mo thusa. Bua ka bonolo, mme o se ka wa phatloga fela o bua dilo tse di ka mo kgopisang.

5. Mo thuse. Fa go kgonega, mo thuse ka dilo tse a di tlhokang. Seno se ka dira gore a reetse molaetsa wa rona.