Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

FA O KOPANA LE MOTHO LEKGETLO LA NTLHA

THUTO 4

Nna Boikokobetso

Nna Boikokobetso

Molaomotheo: “Ikokobetseng e bile lo tlotle ba bangwe go feta tsela e lo itlotlang ka yone.”—Bafil. 2:3.

Se Paulo a Ileng a se Dira

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Ditiro 26:2, 3. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1.    Paulo o ile a bontsha jang gore o boikokobetso fa a ne a bua le Kgosi Ageripa?

  2.   Paulo o ile a dira eng gore batho ba se ka ba tlhoma mogopolo mo go ene, mme ba o tlhome mo go Jehofa le mo Lefokong la Gagwe?—Bona Ditiro 26:22.

Re Ithuta Eng mo go Paulo?

2. Fa re le boikokobetso e bile re bua ka tlotlo, batho ba tla kgatlhegela molaetsa wa rona.

Etsa Paulo

3. Bua ka tlotlo. O se ka wa dira gore motho a akanye gore o itse sengwe le sengwe mme ene ga a itse sepe.

4. Dira gore go bonale gore se o se rutang se tswa mo Baebeleng. Lefoko la Modimo le ka fetola tsela e motho a akanyang ka yone le e a ikutlwang ka yone. Fa re le dirisa, re tla thusa batho gore ba nne le tumelo.

5. Nna o ritibetse. Fa motho a sa dumalane le wena, o se ka wa nnela go leka go mmontsha gore se o se buang ke boammaaruri. Ga re a tshwanela go ngangisana le batho. Bontsha gore o boikokobetso ka go nna o ritibetse, mme fa go tlhokega o itsamaele. (Diane 17:14; Tito 3:2) Fa o araba ka bonolo, gongwe motho yoo o tla reetsa molaetsa wa rona mo nakong e e tlang.