Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

FA O KOPANA LE MOTHO LEKGETLO LA NTLHA

THUTO 5

Nna Maitseo

Nna Maitseo

Molaomotheo: “A ka metlha mafoko a lo a buang e nne a a itumedisang.”—Bakol. 4:6.

Se Paulo a Ileng a se Dira

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Ditiro 17:22, 23. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1.    Paulo o ile a ikutlwa jang fa a bona medingwana kwa Athena?—Bona Ditiro 17:16.

  2.   Go na le gore Paulo a kgale Baathena, o ile a dirisa jang se ba se dumelang gore a ba rerele?

Re Ithuta Eng mo go Paulo?

2. Fa re le maitseo e bile re tlhopha nako e e siameng ya go bua le batho, ba ka re reetsa.

Etsa Paulo

3. Tlhopha mafoko ka botlhale. Ka sekai, fa re bua le mongwe yo o sa dumeleng mo go Jesu, re ka nna ra tshwanelwa ke go nna kelotlhoko gore re tlhopha mafoko afe fa re bua ka Baebele le fa re bua ka Jesu.

4. O se ka wa itlhaganelela go mmontsha gore se a se dumelang se phoso. Mo letle gore a tlhalose se a se dumelang. Fa a bua sengwe se se sa dumalaneng le Baebele, o se ka wa ngangisana le ene. (Jak. 1:19) Fa o mo reetsa, o tla kgona go itse se a se dumelang le gore ke eng fa a se dumela.—Diane 20:5.

5. Dumalana le ene o bo o mo akgole fa go tlhokega. A ka tswa a akanya gore dilo tse a di dumelang di boammaaruri. Simolola pele ka go tlotla le ene ka dilo tse lo dumalanang ka tsone, mme fa nako e ntse e tsamaya mo thuse go tlhaloganya se Baebele e se rutang.