Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

FA O DIRA MAETO A GO BOELA

THUTO 8

Nna Pelotelele

Nna Pelotelele

Molaomotheo: “Motho yo o lorato o pelotelele.”—1 Bakor. 13:4.

Se Jesu a Ileng a se Dira

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Johane 7:3-5 le 1 Bakorintha 15:3, 4, 7. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1.    Bomonnawe Jesu ba ile ba dira eng fa a ne a ba rerela?

  2.   Jesu o ile a bontsha jang gore ga a ka a tlhoboga Jakobe?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Re tlhoka go nna pelotelele ka gonne go ka tsaya lobaka lo loleele gore batho bangwe ba amogele dikgang tse di molemo.

Etsa Jesu

3. Leka ditsela tse dingwe. Fa motho a sa dumele go ithuta Baebele le wena, o se ka wa mo pateletsa. Dirisa dibidio le ditlhogo dingwe go mo thusa gore a tlhaloganye gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang le gore e ka mo tswela mosola jang.

4. O se ka wa mmapisa le batho ba bangwe. Batho ga ba tshwane. Fa mongwe mo lelapeng kgotsa mongwe yo o kopaneng le ene mo tshimong a sa batle go ithuta Baebele kgotsa a sa dumele sengwe se Baebele e se rutang, ipotse gore lebaka e ka tswa e le eng. A go ka tswa go na le sengwe se a se ratang thata se a se rutilweng kwa kerekeng? A o tshaba gore ba losika le baagelani ba tla reng? Mo fe nako ya go akanya ka se lo tlotlileng ka sone, le ya go lemoga gore se Baebele e se rutang se botlhokwa.

5. Mo rapelele. Kopa Jehofa gore a go thuse gore o se ka wa mo tlhoboga le gore o se ka wa mo pateletsa go ithuta. Gape mo kope gore a go thuse go lemoga fa motho a sa kgatlhege le gore o tlogele leng go mo etela.—1 Bakor. 9:26.