Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

FA O DIRA MAETO A GO BOELA

THUTO 9

Akanyetsa ba Bangwe

Akanyetsa ba Bangwe

Molaomotheo: “Itumeleng le batho ba ba itumelang; lelang le batho ba ba lelang.”—Bar. 12:15.

Se Jesu a Ileng a se Dira

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Mareko 6:30-34. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1.    Goreng Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba batla ‘go nna ba le bosi fela’?

  2.   Goreng Jesu a ile a ruta batho?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Re batla go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo, mme gone re a ba akanyetsa.

Etsa Jesu

3. Reetsa ka kelotlhoko. Fa o tlotla le motho, mo letle gore a go bolelele gore o ikutlwa jang. O se ka wa mo tsena ganong kgotsa wa mo tlhokomologa fa a go bolelela gore o ikutlwa jang, o tshwenyegile ka eng kgotsa fa go na le dilo dingwe tse a sa dumalaneng le wena ka tsone. Fa o mo reetsa ka kelotlhoko, o mmontsha gore o batla go itse gore o akanya eng.

4. Akanya ka ene. Akanya ka se lo tlotlileng ka sone mme o ipotse go re:

  1.    ‘Goreng a tlhoka go itse boammaaruri?’

  2.   ‘Go ithuta Baebele go tla tokafatsa botshelo jwa gagwe jang gone jaanong le mo nakong e e tlang?’

5. Tlotla le ene ka dilo tse di tla mo thusang. Mmontshe gore go ithuta Baebele go ka araba dipotso tsa gagwe jang le gore go ka mo thusa jang.