Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

FA O DIRA BARUTWA

THUTO 10

Ikemisetse go Dira Barutwa

Ikemisetse go Dira Barutwa

Molaomotheo: “Re ne re ikemiseditse go lo bolelela dikgang tse di molemo tsa Modimo, tota le go ntsha botshelo jwa rona gore re lo thuse.”—1 Bathes. 2:8.

Se Jesu a Ileng a se Dira

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Johane 3:1, 2. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1.    O akanya gore ke eng fa Nikodemo a ile a etela Jesu bosigo?—Bona Johane 12:42, 43.

  2.   Jesu o ile a bontsha jang gore o ikemiseditse go dira barutwa fa a ne a kopana le Nikodemo go le bosigo?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. E re ka re rata batho, re ikemiseditse go ba thusa gore e nne barutwa.

Etsa Jesu

3. Bala le motho yo o ithutang Baebele le ene ka nako e a e tlhophileng le kwa lefelong le a le tlhophileng. A ka tswa a batla gore lo bale ka letsatsi le le rileng kgotsa ka nako e e rileng. Gongwe a ka rata go balela kwa tirong, kwa gae kgotsa kwa lefelong le lengwe. Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o bale le ene ka nako e a e tlhophileng le kwa lefelong le a le tlhophileng.

4. Ithute le ene ka metlha. Fa o seyo, dira dithulaganyo tse dingwe. Ka sekai:

  1.    A lo ka bala ka letsatsi le lengwe mo bekeng eo?

  2.   A lo ka bala ka founu kgotsa ka mekgwa mengwe ya go ikgolaganya le batho?

  3.   A o ka kopa mmoledi yo mongwe gore a bale le ene?

5. Kopa Jehofa gore a go thuse. Mo kope gore a go thuse gore o se ka wa tlhoboga motho yo o ithutang le ene, tota le fa a sa kgone go ithuta ka metlha kgotsa go le thata gore a dirise se a se ithutang. (Bafil. 2:13) Go ka tswa go na le dilo tse dintle tse motho yo o ithutang le ene a di dirang, ka jalo kopa Jehofa gore a go thuse go tlhoma mogopolo mo go tsone.