Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

FA O DIRA BARUTWA

THUTO 11

Ruta ka Tsela e e Motlhofo

Ruta ka Tsela e e Motlhofo

Molaomotheo: “Lo . . . bue puo e e tlhaloganyesegang motlhofo.”—1 Bakor. 14:9.

Se Jesu a Ileng a se Dira

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Mathaio 6:25-27. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1.    Jesu o dirisitse sekai sefe go bontsha gore Jehofa o a re tlhokomela?

  2.   Le fa Jesu a ne a itse dilo tse dintsi ka dinonyane, o ile a tlhopha go bua ka eng se go neng go le motlhofo go se tlhaloganya? Goreng eo e ne e le tsela e e siameng ya go ruta?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Fa re ruta ka tsela e e motlhofo, batho ba tla gopola se re ba rutileng sone e bile se tla ba ama dipelo.

Etsa Jesu

3. O se ka wa bua thata. Go na le go tlhalosa dilo tse dintsi ka kgang e lo tlotlang ka yone, dirisa fela dintlha tse di mo kgatisong e lo e ithutang. Fa o sena go botsa potso, emela motho yo o ithutang le ene gore a arabe. Fa a sa itse karabo kgotsa a bua sengwe se se sa dumalaneng le Baebele, mmotse dipotso tse dingwe go mo thusa gore a tlhaloganye. Fa a tlhalogantse dintlha tsa botlhokwa, tswelelang ka thuto.

4. Dirisa se a setseng a se itse go mo thusa go tlhaloganya dilo tse disha. Ka sekai, pele lo simolola thuto e e buang ka gore baswi ba tla tsosiwa, o ka simolola ka go boeletsa se a setseng a se ithutile ka kgang ya gore go direga eng ka baswi.

5. Nna kelotlhoko fa o dirisa dikai. Pele o dira sekai, ipotse go re:

  1.    ‘A sekai seno se motlhofo?’

  2.   ‘A motho yo ke ithutang le ene o tla se tlhaloganya?’

  3.   ‘A se tla mo thusa go gopola dintlha tsa botlhokwa ka kgang e re tlotlang ka yone, go na le go gopola sone fela?’