Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG A

Dithuto Tsa Baebele Tse re di Rutang

Dithuto Tsa Baebele Tse re di Rutang

Jesu o ne a re batho ba ba ratang boammaaruri ba tla bo lemoga fa ba bo utlwa. (Joh. 10:4, 27) Ka jalo fa re bua le batho, re batla go ba bolelela se Baebele e se rutang ka tsela e e motlhofo. Fa o rerela mongwe o ka simolola ka go re: “A o ne o itse gore . . . ?” kgotsa “A o kile wa utlwa gore . . . ?” Go tswa foo, dirisa temana kgotsa ditemana tse di tsamaisanang le se o batlang go mmolelela sone. Go bala temana e le nngwe fela ya Baebele go ka jala peo ya boammaaruri mo pelong ya motho, e bile Modimo a ka dira gore e gole!—1 Bakor. 3:6, 7.

 BOKAMOSO

  1. 1. Dilo tse di diregang le tsela e batho ba itshwarang ka yone, di bontsha gore go ise go ye kae dilo di tlile go fetoga.—Math. 24:3, 7, 8; Luke 21:10, 11; 2 Tim. 3:1-5.

  2. 2. Lefatshe ga le kitla le senngwa.—Pes. 104:5; Mor. 1:4.

  3. 3. Lefatshe le tla baakanngwa e bile le tla nna paradaise.—Isa. 35:1, 2; Tshen. 11:18.

  4. 4. Batho ba tla bo ba se na boleo e bile ba sa lwale.—Isa. 33:24; 35:5, 6.

  5. 5. O ka tshelela ruri mo lefatsheng.—Pes. 37:29; Math. 5:5.

 LELAPA

  1. 6. Monna o tshwanetse “go rata mosadi wa gagwe jaaka a ithata.”—Baef. 5:33; Bakol. 3:19.

  2. 7. Mosadi o tshwanetse go tlotla monna wa gagwe thata.—Baef. 5:33; Bakol. 3:18.

  3. 8. Monna le mosadi ba tshwanetse go tshepana.—Mal. 2:16; Math. 19:4-6, 9; Baheb. 13:4.

  4. 9. Bana ba ba tlotlang batsadi ba bone e bile ba ba ikobela ba tla atlega.—Diane 1:8, 9; Baef. 6:1-3.

NASA, ESA and the Hubble Heritage Team (STScI/AURA)-ESA/Hubble Collaboration. Licensed under CC BY 4.0. Source.

 MODIMO

  1. 10. Modimo o na le leina.—Pes. 83:18; Jer. 10:10.

  2. 11. Modimo o bua le rona.—2 Tim. 3:16, 17; 2 Pet. 1:20, 21.

  3. 12. Modimo ga a tlhaole batho.—Dute. 10:17; Dit. 10:34, 35.

  4. 13. Modimo o batla go re thusa.—Pes. 46:1; 145:18, 19.

 THAPELO

  1. 14. Modimo o batla gore re rapele.—Pes. 62:8; 65:2; 1 Pet. 5:7.

  2. 15. Baebele e re ruta gore re rapele jang.—Math. 6:7-13; Luke 11:1-4.

  3. 16. Re tshwanetse go nna re rapela.—Math. 7:7, 8; 1 Bathes. 5:17.

 JESU

  1. 17. Jesu o ne a itse go ruta e bile dikgakololo tsa gagwe di tswela batho mosola.—Math. 6:14, 15, 34; 7:12.

  2. 18. Jesu o ne a bolelela pele dilo tse di diregang gompieno.—Math. 24:3, 7, 8, 14; Luke 21:10, 11.

  3. 19. Jesu ke Morwa Modimo.—Math. 16:16; Joh. 3:16; 1 Joh. 4:15.

  4. 20. Jesu ga se Mothatayotlhe.—Joh. 14:28; 1 Bakor. 11:3.

Based on NASA/Visible Earth imagery

 BOGOSI JWA MODIMO

  1. 21. Bogosi Jwa Modimo ke puso ya mmatota e e kwa legodimong.—Dan. 2:44; 7:13, 14; Math. 6:9, 10; Tshen. 11:15.

  2. 22. Bogosi Jwa Modimo bo tlile go fedisa dipuso tsa batho, go bo go busa jone.—Pes. 2:7-9; Dan. 2:44.

  3. 23. Bogosi Jwa Modimo bo tlile go rarabolola mathata a batho.—Pes. 37:10, 11; 46:9; Isa. 65:21-23.

 GO BOGA

  1. 24. Modimo ga se ene a dirang gore re boge.—Dute. 32:4; Jak. 1:13.

  2. 25. Satane o laola lefatshe.—Luke 4:5, 6; 1 Joh. 5:19.

  3. 26. Modimo o a go bona fa o boga e bile o batla go go thusa.—Pes. 34:17-19; Isa. 41:10, 13.

  4. 27. Go ise go ye kae, Modimo o tla dira gore batho ba se ka ba tlhola ba boga.—Isa. 65:17; Tshen. 21:3, 4.

 LOSO

  1. 28. Baswi ga ba utlwe sepe, e bile ga ba utlwe botlhoko.—Mor. 9:5; Joh. 11:11-14.

  2. 29. Baswi ba ka se re thuse e bile ba ka se re utlwisise botlhoko.—Pes. 146:4; Mor. 9:6, 10.

  3. 30. Batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng ba tla tsosiwa.—Jobe 14:13-15; Joh. 5:28, 29; Dit. 24:15.

  4. 31. “Loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng.”—Tshen. 21:3, 4; Isa. 25:8.

 BODUMEDI

  1. 32. Ga se madumedi otlhe a a itumedisang Modimo.—Jer. 7:11; Math. 7:13, 14, 21-23.

  2. 33. Modimo o tlhoile batho ba ba itirang se ba seng sone.—Isa. 29:13; Mik. 3:11; Mar. 7:6-8.

  3. 34. Bakeresete ba boammaaruri ba lemogiwa ka go ratana.—Mik. 4:3; Joh. 13:34, 35.