Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshedimosetso Ya ba Ba Tlileng mo Kopanong

Tshedimosetso Ya ba Ba Tlileng mo Kopanong

BATLHOKOMEDI Tiro ya batlhokomedi ke go go thusa. Tsweetswee dirisana sentle le bone ka go ba ikobela fa ba go naya ditaelo malebana le go phaka, go tswa le go tsena mo lefelong la kopano, go beela ba bangwe manno, jalo le jalo.

BA BA TLILENG GO KOLOBEDIWA Ba ba tlileng go kolobediwa ba beetswe manno go lebagana le serala. Ba tshwanetse go dula mo mannong ao pele ga puo ya kolobetso e simologa ka Matlhatso mo mosong. Ba tshwanetse go tla le toulo le diaparo tse di bori tsa go thuma.

MENEELO Go dirisitswe madi a mantsi go netefatsa gore go na le manno a a lekaneng, thulaganyo ya dibuelagodimo, ya dibidio le ditirelo tse dingwe tse di thusang gore ba ba tlileng kopanong ba e itumelele e bile ba ikutlwe ba le gaufi thata le Jehofa. Meneelo e lo e ntshang e thusa go duelela ditshwenyegelo tseno le go tshegetsa tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Go na le mabokoso a a beilweng mo lefelong la kopano gore o tsenye moneelo mo go one. Le fa go ntse jalo fa go kgonega, o ka ntsha moneelo mo Internet o dirisa donate.pr418.com. Re lebogela meneelo yotlhe. Setlhopha se se Laolang se go leboga thata ka moneelo o o o ntshang go ema nôkeng tiro e e direlwang Bogosi.

MAEMO A POTLAKO Tsweetswee elang tlhoko gore lefapha leno le thusa fela fa go tlhaga maemo a potlako.

DILO TSE DI LATLHEGILENG Fa o bona selo mme o sa itse gore ke sa ga mang, tsweetswee se ise kwa Lefapheng la Dilo Tse di Latlhegileng. Fa o latlhegetswe ke sengwe, ya go se leba kwa lefapheng leno. Fa o kopana le ngwana yo a sa itseng kwa batsadi ba gagwe ba leng gone, mo ise kwa lefapheng leno. Le fa go ntse jalo, go tila gore seo se se ka sa direga, tsweetswee tlhokomela bana ba gago mme o netefatse gore ba na le wena ka dinako tsotlhe.

MANNO Tsweetswee akanyetsa batho ba bangwe. Se lebale gore o beela fela ba lelapa, ba o tlileng le bone ka koloi, ba o nnang le bone kwa gae kgotsa ba o ithutang Baebele le bone. O se ka wa baya sepe mo godimo ga ditulo tse o sa di beelang ope.

FA O BATLA GO ITHAOPA Fa o batla go thusa mo lefapheng lengwe mo kopanong, tsweetswee ya kwa Lefapheng la Tshedimosetso le la Tirelo ya Boithaopo.

E rulagantswe ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa

© 2024 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania