Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Leboga Jehofa—Ka Tirelo ya Nako e e Tletseng!

Go Leboga Jehofa—Ka Tirelo ya Nako e e Tletseng!

Kgang ya Botshelo

Go Leboga Jehofa—Ka Tirelo ya Nako e e Tletseng!

JAAKA GO BOLETSE STANLEY E. REYNOLDS

Ke tsholetswe kwa Lontone, Engelane, ka 1910. Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa motsaneng mongwe wa Wiltshire o o bidiwang Westbury Leigh. Fa ke sa ntse ke le mosimanyana, ke ne ke a tle ke ipotse gore, ‘Modimo ke mang?’ Go ne go se na ope yo o neng a tle a mpolelele. Le gone ke ne ke sa tlhaloganye lebaka la go bo motsana o tshwana le wa rona jaana o bo o tshwanetse go nna le matlo a mabedi a kobamelo le kereke e go obamelwang Modimo mo go yone.

KA 1935, dingwaga di le nnè pele ga Ntwa ya Lefatshe II e ka tlhagoga, nna le nnake e bong Dick, re ne ra palama dibaesekele ra leba kwa Weymouth kwa lotshitshing lo lo ka fa borwa jwa Engelane re ya kwa malatsing a boikhutso gone. Fa re ntse re le mo tenteng ya rona re reeditse pula e e neng e na matsorotsoro e bile re ntse re akanya ka se re ka se dirang, monna mongwe yo o godileng o ne a re etela mme a nnaya dibuka tse tharo tsa go ithuta Baebele—The Harp of God, Light I, le Light II. Ke ne ka di tsaya, ke itumelela go nna le sengwe se nka lelekang bodutu ka sone. Ka bonako fela ke ne ka kgatlhiwa ke se ke neng ke se bala, mme ka nako eo ke ne ke sa itse gore se ne se tla fetola botshelo jwa me gotlhelele—le jwa morwarre.

Fa ke boela gae, mmè o ne a mpolelela gore Kate Parsons, yo o nnang mo motseng wa rona, o ne a tsamaisa dibuka tseno tsa Baebele. Le mororo a ne a godile thata, o ne a itsege ka gonne o ne a tlhola a tsamaya ka sethuthuthu go etela batho mo motseng wa rona o o katologaneng. Ke ne ka ya go mmona, mme o ne a itumelela go nnaya buka ya Creation le Riches le dikgatiso tse dingwe tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Gape o ne a mpolelela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Fa ke sena go bala dibuka tseno ke dirisa Baebele, ke ne ka simolola go itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri mme ke ne ke batla go mo obamela. Ka jalo ke ne ka romela lekwalo la go tlogela kereke ya rona mme ka simolola go nna gone kwa dithutong tsa Baebele kwa legaeng la ga John le Alice Moody. Ba ne ba nna kwa Westbury, toropo e re neng re le gaufi le yone. Re ne re nna supa fela kwa dipokanong tseo. Kate Parsons o ne a tle a letse okene fa re ntse re opela mmogo dipina tsa Bogosi ka tlhoafalo, pele ga dipokano le morago ga tsone!

Mo Metlheng ya Bogologolo

Ke ne ke bona gore re tshela mo metlheng e e botlhokwa thata, mme ke ne ke tlhologeletswe go nna le seabe mo tirong ya go rera e e neng ya porofetiwa mo go Mathaio 24:14. Ka jalo ke ne ka tlogela go goga, ka ithekela beke ya dibuka, mme ka ineela go Modimo yo Mogolo, Jehofa.

Ka August 1936, Joseph F. Rutherford, moporesidente wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a etetse Glasgow, kwa Scotland, go ya go bua ka setlhogo se se reng “Haramagedona.” Le mororo Glasgow e ne e le sekgala sa dikilometara di ka nna 600, ke ne ke ikemiseditse go nna gone le go kolobediwa kwa kopanong eo. Madi a ke neng ke na le one a ne a tlhaela, ka jalo ke ne ka pega baesekele ya me mo tereneng e e neng e ya kwa Carlisle, toropo nngwe e e ka fa molelwaneng wa Scotland, mme ka tloga gone ka baesekele ka tsamaya dikilometara di le 160 ke lebile bokone. Gape ke tsamaile ka baesekele sekgala se seleele fa ke ne ke boela gae, ke boa ke lapile mo mmeleng mme ke nonofile semoyeng.

Fa e sa le ka nako eo, ke ne ke nna ke tsamaya ka baesekele nako le nako fa ke ya go buisana le batho ka tumelo ya me kwa metsaneng e e gaufi. Mo metlheng eo Mosupi mongwe le mongwe o ne a na le karata ya go neela bosupi e na le molaetsa wa Dikwalo o o kwaletsweng beng ba matlo gore ba o bale. Gape re ne re dirisa difonekerafa tse dinnye gore re tshameke direkoto tsa dipuo tsa Baebele tsa moporesidente wa Mokgatlho. Mme legale, ka metlha re ne re tsamaya re tshwere beke ya dimakasine, * e e neng e re tlhaola re le Basupi ba ga Jehofa.

Go Nna Mmulatsela ka Nako ya Ntwa

Morwarre o ne a kolobediwa ka 1940. Ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne e simologile ka 1939, mme ka bobedi jwa rona re ne ra bona go tlhokega bareri ba nako e e tletseng ka potlako. Ka gone, re ne ra isa dikopo tsa rona tsa bobulatsela. Re ne ra itumelela go abelwa mmogo kwa legaeng la babulatsela la Bristol, koo re neng re tla nna le Edith Poole, Bert Farmer, Tom le Dorothy Bridges, Bernard Houghton le babulatsela ba bangwe ba re neng re sa bolo go kgatlhiwa ke tumelo ya bone.

Go ise go ye kae ke fa kolotsana nngwe e e neng e kwadilwe “BASUPI BA GA JEHOFA” mo matlhakoreng ka ditlhaka tse dikima e tsena go tla go re tsaya. Mokgweetsi wa yone e ne e le Stanley Jones, yo kwa moragonyana a neng a nna morongwa kwa China mme a bo a tsenngwa mo kgolegelong gone koo ka dingwaga di le supa a tswaleletswe a le nosi ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go rera.

Fa ntwa e ntse e tsweletse, re ne re tlhorega boroko. Dibomo di ne di wela gaufi le legae la rona la babulatsela, mme re ne re tshwanelwa ke go nna re etse tlhoko dibetsa tseno tse di neng di ka nna tsa thunya. Maitseboa mangwe re ne ra tswa mo gare ga toropo ya Bristol morago ga kopano e e monate e go neng go kopane Basupi ba le 200 mme ra fitlha kwa legaeng la rona le le neng le bolokesegile go sekae, re ne re tla re raletse dibomo le marumo a ditlhobolo a a neng a digwa mo difofaneng.

Mo mosong o o latelang nna le Dick re ne ra boela kwa toropong go ya go tsaya dilo dingwe tse di neng di setse. Re ne re gakgametse. Bristol e ne e senyegile. Bogare jwa toropo eno bo ne bo sentswe e bile bo jelwe ka molelo. Mmila wa Park, o Holo ya rona ya Bogosi e neng e le mo go one, o ne o fetogile thotobolo e e kuelelang mosi. Le fa go ntse jalo, go ne go se na Basupi bape ba ba neng ba sule kana ba gobetse. Se se itumedisang ke gore re ne re setse re ntshitse dibuka tsa rona tsa Baebele mo Holong ya Bogosi mme re di isitse kwa magaeng a maloko a phuthego. Re ne ra leboga Jehofa ka seno sotlhe.

Kgololesego e e Neng e sa Lebelelwa

Phuthego ya Bristol e ke neng ke le molebedi yo o okamelang mo go yone e ne ya gola go nna le badiredi ba le 64 ka nako ya fa ke ne ke amogela dipampiri tse di neng di batla gore ke ye bosoleng. Basupi ba bangwe ba le bantsi ba ile ba isiwa kwa kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone, mme ke ne ke lebeletse gore kgololesego ya me ya go rera e ne e ka kgorelediwa ka tsela e e tshwanang. Kgetsi ya me e ne ya reediwa kwa Kgotlatshekelong ya Bristol koo Mokaulengwe Anthony Buck, yo pele e kileng ya bo e le molebedi wa kgolegelo, a neng a mpuelela gone. E ne e le monna yo o pelokgale, yo o sa boifeng sepe, a tlhagafetse mo boammaaruring jwa Baebele, mme e re ka a ne a mpuelela ka tsela e e molemo, ke ne ka bolelelwa ke sa lebelela, gore ke gololesegile gotlhelele go se ye tirelong ya sesole, fa fela nka tswelela pele mo bodireding jwa nako e e tletseng!

Ke ne ka itumelela kgololesego eno, mme ke ne ka ikemisetsa go e dirisetsa go rera thata ka mo nka kgonang ka gone. Fa ke ne ke amogela founo ya gore ke tle kwa ofising ya lekala la Lontone gore ke tle go bua le Albert D. Schroeder, molebedi wa lekala, ke ne ka ipotsa gore o ntshwaretse eng. O ka bona ka fa ke neng ka gakgamala ka gone fa ke ne ke lalediwa go ya kwa Yorkshire go ya go nna molebedi yo o etang gone, ke etela diphuthego beke nngwe le nngwe gore ke thuse bakaulengwe le go ba kgothatsa. Ke ne ke ikutlwa ke sa tshwanele kabelo eo, mme ka ke ne ke sa ya tirelong ya sesole, ke ne ke gololesegile go ya teng. Ka jalo ke ne ka amogela kaelo ya ga Jehofa mme ka tsamaya ka go rata.

Albert Schroeder o ne a nkitsise bakaulengwe kwa kopanong ya Huddersfield, mme ka April 1941, ke ne ka simolola kabelo ya me e ntšha. A bo ke ne ka itumelela go itse bakaulengwe bao ba ba rategang jang ne! Lorato le bopelonomi jwa bone di ne tsa ntira gore ke anaanele thata gore Jehofa o na le batho ba ba ineetseng mo go ene ka pelo yotlhe ba ba ratanang.—Johane 13:35.

Ditshiamelo Tse Dingwe Tsa Tirelo

Kopano e kgolo e ke sa e lebaleng ya malatsi a le matlhano e ne ya tshwarwa ka 1941 kwa Holong ya De Montfort kwa Leicester. Le mororo batho ba ne ba lekanyediwa dijo, le dipalangwa tsa batho botlhe di ne di bonwa sewelo, ba ba neng ba le gone ba ne ba oketsega ka Sontaga go nna palo e e kwa godimo ya 12 000; le fa go ntse jalo, ka nako eo go ne go na le Basupi ba feta 11 000 fela mo nageng. Go ne go tshamekiwa dipuo tse di rekotilweng tsa moporesidente wa Mokgatlho, mme go ne ga gololwa buka ya Children. Tota kopano eo e ne e le botlhokwa thata mo hisitoring ya puso ya Modimo ya batho ba ga Jehofa kwa Boritane, le fa gone e ne ya tshwarwa ntswa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e tsweletse.

Ka bonako fela morago ga kopano eno, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa lelapeng la Bethele ya Lontone. Ke ne ke dira mo lephateng la thomelo le la go paka gone koo, mme moragonyana ka dira mo ofising, ke thusa mo dilong tse di amanang le diphuthego.

Lelapa la Bethele le ne le tshwanelwa ke go itshokela ditlhaselo tsa difofane kwa Lontone motshegare le bosigo, le go itshokela badiredibagolo ba ba neng ba nnela go phuruphutsha bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba ba dirang koo. Pryce Hughes, Ewart Chitty le Frank Platt botlhe ba ne ba isiwa kwa kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone, mme kgabagare Albert Schroeder o ne a busediwa kwa United States. Le fa go ne go na le mathata ano, diphuthego le dilo tse di direlwang Bogosi di ne tsa tswelela pele di tlhokomelwa sentle.

Go ya Gileade!

Fa ntwa e khutla ka 1945, ke ne ka dira kopo ya go thapisediwa go nna morongwa kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade mme ke ne ka amogelwa mo setlhopheng sa borobedi ka 1946. Mokgatlho o ne wa rulaganyetsa ba le mmalwa ba rona, e bong Tony Attwood, Stanley Jones, Harold King, Don Rendell le Stanley Woodburn gore re palame sekepe se se tswang kwa boemakepeng jwa Cornwall jo go tshwarwang ditlhapi mo go gone jwa Fowey. Mosupi mongwe wa mo lefelong leo o ne a re rulaganyetsa loeto mo seketswaneng sengwe sa dithoto se se neng se pegile letsopa. Marobalo a rona a ne a pitlagane thata, mme bogodimo jwa sekepe bo ne bo khurumeditswe ke metsi. Re ne ra wela dibete fa kgabagare re atamela boemakepe jo re fologang mo go jone, jwa Philadelphia!

Gileade e mo lefelong le lentle la South Lansing ka fa bokone jwa New York, mme thapiso e ke neng ka e bona koo e ne e le botlhokwa thata mo go nna. Baithuti ba ba neng ba le mo setlhopheng sa rona ba ne ba tswa mo dinageng di le 18—e le la ntlha Mokgatlho o kgona go kwadisa badiredi ba le bantsi jalo ba ba tswang kwa dinageng di sele—mme rotlhe re ne ra nna ditsala tse dikgolo. Ke ne ka itumelela thata botsalano jwa me le yo ke neng ke nna le ene mo kamoreng, Kalle Salavaara yo o neng a tswa kwa Finland.

Nako e ne e tsamaya ka bonako, mme fa dikgwedi tse tlhano di se na go feta, moporesidente wa Mokgatlho, Nathan H. Knorr, o ne a tla go tswa kwa ntlokgolong ya Brooklyn go tla go re neela didipoloma tsa rona le go tla go re bolelela kwa re tlileng go abelwa gone. Mo metlheng eo, baithuti ba ne ba sa itse gore ba tlile go ya kae go fitlha ba bolelelwa kwa moletlong wa kaloso. Ke ne ka abelwa go boela gape kwa Bethele ya Lontone gore ke tswelele pele ka tiro ya me gone.

Go Boela Gape Kwa Lontone

Dingwaga tsa morago ga ntwa kwa Boritane e ne e le tse di botlhoko. Dijo le dilo tse dingwe tse dintsi tse di tlhokegang, go akaretsa le pampiri, di ne tsa tswelela pele di lekanyediwa. Mme botshelo bo ne jwa tswelela, tota le dilo tse di neng di direlwa Bogosi jwa ga Jehofa di ne tsa atlega. Mo godimo ga go direla kwa Bethele, ke ne ke tle ke tshware dikopano tsa kgaolo le tsa potologo le go etela diphuthego, go akaretsa le tse dingwe kwa Ireland. Gape e ne e le tshiamelo go kopana le Erich Frost le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba neng ba tswa kwa Yuropa le go ithuta sengwe mo go bone malebana le bothokgami jwa Basupikarona ba ba neng ba bogisiwa setlhogo kwa dikampeng tsa Banasi tsa pogisetso. Eleruri tirelo ya Bethele e ne e le tshiamelo e e itumedisang.

Ke ne ke na le dingwaga di le lesome ke itse Joan Webb, mmulatsela yo o kgethegileng yo o neng a direla kwa Watford, toropo e e ka fa bokone jwa Lontone. Re ne ra nyalana ka 1952. Ka bobedi jwa rona re ne re batla go tswelela pele mo tirelong ya nako e e tletseng, ka jalo re ne ra itumela tota fa ke ne ke tlhomiwa go nna molebedi wa potologo, fa ke sena go tswa kwa Bethele. Potologo ya rona ya ntlha e ne e le ka fa ntlheng ya lotshitshi lo lo ka fa borwa jwa Engelane, kwa Sussex le Hampshire. Tiro ya go potologa e ne e se motlhofo mo metlheng eo. Gantsi re ne re tsamaya ka bese, baesekele le ka maoto. Diphuthego tse dintsi di ne di na le ditshimo tse dikgolo tsa magae, tse gantsi go neng go le thata go fitlha kwa go tsone, mme palo ya Basupi e ne ya oketsega ka iketlo.

New York City ka 1958

Ka 1957, ke ne ka amogela taletso e nngwe ya go tla Bethele: “A o ka rata go tla mo ofising go tla go thusa mo dithulaganyong tsa dipalangwa tsa kopano e e tlang ya ditšhabatšhaba, e e tlileng go tshwarelwa kwa Setadiamong sa Yankee le kwa Polo Grounds kwa New York City ka 1958?” Go ise go ye kae nna le Joan re ne re setse re tshwaregile ka go rulaganya dikopo tsa bakaulengwe tsa go tsamaya ka difofane le ka dikepe tse di neng di hirilwe ke Mokgatlho. E ne ya nna Kopano e e itsegeng thata ya Ditšhabatšhaba ya Thato ya Bomodimo, e go neng go tlile bontsintsi jwa bareetsi ba le 253 922 kwa go yone. Ba le 7 136 ba ne ba tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go Jehofa ka go nwediwa mo metsing kwa kopanong eno—e le palo e e neng e feta ya batho ba ba neng ba kolobediwa kwa tiragalong ya Pentekosete ya 33 C.E. go menagane gabedi, jaaka go boletswe mo Baebeleng.—Ditiro 2:41.

Nna le Joan re ka se lebale bopelonomi jwa ga Mokaulengwe Knorr fa a ne a re laletsa ka namana gore re nne gone kwa kopanong eno gore re thuse go tlhokomela batlakopanong ba ba neng ba goroga kwa New York City ba tswa kwa dinageng di le 123. Ke sengwe se re neng ra se itumelela le go se kgotsofalela ka bobedi jwa rona.

Masego a Tirelo ya Nako e e Tletseng

Fa re boa, re ne ra tswelela pele mo tirong ya go eta go fitlhela re nna le mathata a botsogo. Joan o ne a robadiwa kwa kokelong mme nna ke ne ke tshwerwe ke seterouku go le gonnye. Re ne ra boela kwa tirong ya bobulatsela jo bo kgethegileng mme kwa morago ra nna le tshiamelo ya go dira tiro ya potologo ka nakwana gape. Kgabagare, re ne ra boela kwa Bristol koo re sa ntseng re le mo tirelong ya nako e e tletseng gone. Morwarre, Dick, o nna gaufi le rona le lelapa la gagwe, mme gantsi re nna re ikgakolola dilo mmogo.

Matlho a me a ne a senyega mo a neng a ka se tlhole a fola morago ga go tshwarwa ke bolwetse jwa matlho ka 1971. Fa e sa le ka nako eo ke ne ka nna le bothata jwa go bala, ka jalo ke ne ka bona dikhasete tsa dibuka tsa Baebele e le mpho e e botlhokwa thata e e tswang kwa go Jehofa. Nna le Joan re sa ntse re tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele, mme go ya jalo le dingwaga re nnile le tshiamelo ya go thusa batho ba ka nna 40 go bona kitso ya boammaaruri, go akaretsa lelapa lengwe la batho ba le supa.

Fa re ne re neela matshelo a rona mo go Jehofa dingwaga tse di fetang 60 tse di fetileng, keletso ya rona e ne e le go tsenela tirelo ya nako e e tletseng le go nnela ruri mo go yone. A bo re itumela jang ne go bo re sa ntse re na le nonofo ya go direla Jehofa yo Mogolo—e leng tsela e le yosi fela e re ka mo lebogelang bomolemo jwa gagwe ka yone le dingwaga tse re di feditseng re tshela mmogo ka boitumelo!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Beke e e dirilweng ka letsela e e neng e akgiwa mo legetleng mme e diretswe go tsenya dikhopi tsa Tora ya Tebelo le Consolation (moragonyana e nnile, Tsogang!).

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le morwarre Dick (ka fa molemeng; Dick o eme) le babulatsela ba bangwe fa pele ga legae la babulatsela la Bristol

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Legae la babulatsela la Bristol ka 1940

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Stanley le Joan Reynolds ka letsatsi la bone la lenyalo, January 12, 1952, le gompieno