Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Mogolo go Feta Dipelo Tsa Rona

Jehofa o Mogolo go Feta Dipelo Tsa Rona

Jehofa o Mogolo go Feta Dipelo Tsa Rona

MOPESALEMA o ne a kwala jaana: “Jehofa o kgatlhega mo go ba ba mmoifang.” Ebu, Mmopi o itumelela go bona mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe a leka go ikobela melao ya gagwe e e siameng. Modimo o segofatsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang, o a ba kgothatsa e bile o a ba gomotsa ka dinako tsa tlalelo. O a itse gore baobamedi ba gagwe ga ba a itekanela, ka jalo o tekatekano malebana le se a se lebeletseng mo go bone.—Pesalema 147:11.

Re ka tswa re se na mathata a go dumela gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe ka kakaretso thata. Le fa go ntse jalo, go bonala fa batho ba bangwe ba amegile thata ka ditlhaelo tsa bone mo e leng gore ba dumela gore Jehofa a ka se ka a ba rata le ka motlha. Ba ka nna ba swetsa ka go re “bosaitekanelang jwa me bo bogolo thata gore Jehofa a ka nthata.” Gone ke boammaaruri gore rotlhe re a tle re nne le maikutlo a a sa siamang gangwe le gape. Mme go bonala fa bangwe ba tlhola ba ntse ba lwantshana le boikutlo jwa go ikutlwa ba se na mosola.

Boikutlo Jwa go Kotlomela Pelo

Mo metlheng ya Baebele batho ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ne ba ikutlwa ba latlhilwe tota. Jobe o ne a ila botshelo e bile a ikutlwa gore Modimo o mo latlhile. Hana, yo o neng a nna mmaagwe Samuele, o kile a bo a tshwenyegile thata mo maikutlong ka go bo a ne a se na ngwana mme a lela botlhoko. Dafide o ne a “hutaganye thata,” mme Epaforodito o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong ka gonne fa bakaulengwe ba gagwe ba utlwa gore o a lwala ba ne ba hutsafala.—Pesalema 38:6; 1 Samuele 1:7, 10; Jobe 29:2, 4, 5; Bafilipi 2:25, 26.

Go tweng ka Bakeresete gompieno? Gongwe bolwetse, go tsofala kana maemo a mangwe a ba nang le one a ka thibela ba bangwe gore ba se ka ba kgona go dira mo gontsi ka mo ba batlang ka teng mo tirelong e e boitshepo. Se se ka dira gore ba swetse ka go re ba swabisa Jehofa le badumedikabone. Kana ba bangwe ba ka tswa ba ipona molato gangwe le gape ka ntlha ya diphoso tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng, ba belaela gore a Jehofa o ba itshwaretse. Gongwe ba bangwe ba godile mo malapeng a a neng a na le mathata mme ba dumela gore ga ba tshwanelwe ke go ratwa. Se se ka direga jang?

Bangwe ba golela mo malapeng a mo go one go se nang lorato mme go na le moya wa bopelotshetlha, wa tshotlo le wa poifo. Go ka nna ga direga gore le ka motlha ba se ka ba itse gore go nna le rre yo o go ratang tota go ntse jang, yo o batlang ditshono tsa go go akgola le go go kgothatsa, yo o itlhokomolosang diphoso tse dinnye mme a iketleeditse go go itshwarela le e leng diphoso tse di masisi, yo lorato lwa gagwe lo dirang gore lelapa lotlhe le ikutlwe le babalesegile. E re ka ba ise ba ko ba nne le rre wa mo lefatsheng yo o lorato, go ka nna thata mo go bone gore ba tlhaloganye gore go raya eng go nna le Rre wa selegodimo yo o lorato.

Ka sekai, Fritz o kwala jaana: “Bongwana le bosha jwa me bo ile jwa tlhotlhelediwa thata ke go tlhoka lorato ga ga rre. * O ne a se ke a nkakgola, e bile ke ne ke se nke ke ikutlwa ke le gaufi le ene. Tota e bile, gantsi ke ne ke ikutlwa ke mo tshaba.” Ka ntlha ya seo, Fritz, yo gone jaanong a leng mo dingwageng tsa gagwe tsa bo50, o sa ntse a ikutlwa a tlhaela. Mme Margarette ene o tlhalosa jaana: “Batsadi ba me ba ne ba ikgogonne e bile ba se lorato. Fa ke simolola go ithuta Baebele, ke ne ka nna le bothata jwa go tlhaloganya gore rre yo o lorato o ntse jang.”

Maikutlo a a ntseng jalo, le fa e ka tswa e le ka ntlha ya mabaka afe, a ka nna a dira gore ka dinako tse dingwe tirelo ya rona go Modimo e nne e e tlhotlhelediwang thata ke go ikutlwa molato le ke poifo mme e se ka ntlha ya lorato. Go ka direga gore le fa re dira bojotlhe jwa rona re se ka ra kgotsofala. Go batla go itumedisa Jehofa le badumedikarona go ka dira gore re ikutlwe re sa kgone go dira sotlhe se re batlang go se dira tota. Ka ntlha ya seo, re ka nna ra palelwa ke go fitlhelela mekgele ya rona, re ipona molato e bile re ikutlwa re kgobegile marapo.

Ke eng se re ka se dirang? Gongwe re tshwanetse go ikgopotsa gore Jehofa o kutlwelobotlhoko go le kana kang. Mongwe yo o neng a tlhaloganya karolo e e lorato eno ya botho jwa Modimo e ne e le moaposetoloi Johane.

“Modimo o Mogolo go Feta Dipelo Tsa Rona”

Kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Johane o ne a kwalela badumedikaene jaana: “Re tla itse ka seno gore re thaega mo boammaaruring, mme re tla tlhomamisetsa dipelo tsa rona fa pele ga gagwe malebang le selo lefa e le sefe se dipelo tsa rona di ka re bonang molato mo go sone, ka gonne Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona mme o itse dilo tsotlhe.” Ke ka ntlha yang fa Johane a ne a kwala mafoko ano?—1 Johane 3:19, 20.

Johane o ne a itse sentle gore go ka direga gore motlhanka wa ga Jehofa a ikutlwe a le molato mo pelong. Gongwe Johane ka boene o ne a kile a ikutlwa jalo. Fa Johane a sa ntse a le lekawana le le bogale, ka nako nngwe Jesu Keresete o ile a mo kgalemela go bo a le bogale thata jaana mo go ba bangwe. Tota e bile, Jesu o ne a okeletsa Johane le morwarraagwe e bong Jakobe “leina Boaneregese, mo go rayang Barwa Tumo ya Maru.”—Mareko 3:17; Luke 9:49-56.

Mo dingwageng tse 60 tse di latelang, Johane o ne a kokobela mme a nna Mokeresete yo o tekatekano, yo o lorato le yo o kutlwelobotlhoko. Ka nako ya fa a ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng, e le ene moaposetoloi wa bofelo yo o neng a sa ntse a tshela, o ne a itse gore Jehofa ga a latofatse ope wa batlhanka ba gagwe ka phosonyana nngwe le nngwe. Go na le moo, ke Rre yo o lorato, yo o kutlwelobotlhoko, yo o pelotshweu le yo o pelotlhomogi, yo o ratang botlhe ba ba mo ratang le go mo obamela ka boammaaruri. Johane o ne a kwala jaana: “Modimo ke lorato.”—1 Johane 4:8.

Jehofa o Itumelela Tirelo E re Mo e Direlang

Modimo o itse makoa le ditlhaelo tse re tshotsweng ka tsone mme o gopola dilo tseno. Dafide o ne a kwala jaana: “Gonne o itse popego ya rona, o gakologetswe fa re le lorole fela.” Jehofa o lemoga gore tsela e re godileng ka yone ke yone e e dirang gore re nne se re leng sone. Tota e bile, o re itse botoka go na le kafa rona re ikitseng ka teng.—Pesalema 103:14.

Wa itse gore ba le bantsi ba rona re ne re ka rata go farologana le tsela e re leng ka yone mme ga re kgone go fenya bosaitekanelang jwa rona. Boemo jwa rona bo ka tshwantshiwa le jwa ga moaposetoloi Paulo yo o neng a kwala jaana: “Molemo o ke o eletsang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo eletseng ke jone jo ke bo dirang e le tlwaelo.” Rotlhe re mo ntweng e e ntseng jalo. Mo makgetlhong mangwe se se ka dira gore re ipone molato.—Baroma 7:19.

Ka metlha gakologelwa seno: Se se botlhokwa thata ke kafa Jehofa a re lebang ka teng go na le kafa rona re itebang ka teng. Fa a re bona re leka go mo itumedisa, o arabela e seng fela ka go kgotsofala go sekae, go na le moo, o a itumela. (Diane 27:11) Le mororo se re se dirang se ka lebega se le sennye mo matlhong a rona, go nna le moya wa go rata le go nna le boikutlo jo bo siameng ga rona go a mo itumedisa. O leba ka kwa ga se re se kgonang; o lemoga se re batlang go se dira; o itse se re se eletsang. Jehofa o kgona go bala dipelo tsa rona.—Jeremia 12:3; 17:10.

Ka sekai, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba ditlhong ka tlholego, ke batho ba ba sa rateng go goga kgatlhego ya batho. Mo bathong ba ba ntseng jalo, go rera dikgang tse di molemo ka ntlo le ntlo e ka nna kgwetlho e e tshosang. Le fa go ntse jalo, e re ka ba tlhotlhelediwa ke go batla go direla Modimo le go thusa baagelani ba bone, tota le batho ba ba ditlhong ba ithuta go atamela baagelani ba bone le go bua le bone ka Baebele. Ba ka nna ba ikutlwa ba sa fitlhelela sepe mme se se ka nna sa dira gore ba se ka ba itumela. Pelo ya bone e ka nna ya ba raya ya re tirelo ya bone ya phatlalatsa ga e mosola. Mme Jehofa o itumedisiwa thata ke maiteko a magolo a batho ba ba ntseng jalo ba a dirang mo tirelong ya bone. Mo godimo ga moo, ba ka se ka ba itse gore ke leng e bile ke kae koo dipeo tsa boammaaruri tse di jadilweng di tla tlhogang, di gole di bo di ntshe maungo gone.—Moreri 11:6; Mareko 12:41-44; 2 Bakorintha 8:12.

Basupi ba bangwe ba na le bolwetse jo bo sa feleng kana ba a tsofala. Mo go bone, go ka nna ga raya gore ba ye dipokanong ka metlha kwa Holong ya Bogosi ka ditlhabi le ditlhobaelo. Fa ba reeditse puo e e buang ka tiro ya go rera go ka nna ga ba gopotsa se ba neng ba tlhola ba se dira mme ba sa ntse ba eletsa go se dira le fa bokoa bo ba kganela go dira jalo. Batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba ikutlwa molato ka gonne ba sa kgone go latela kgakololo ka tsela e ba neng ba ka rata go dira ka yone. Le fa go ntse jalo, Jehofa eleruri o anaanela boikanyegi le boitshoko jwa bone. Fa fela ba nna ba ikanyega, le ka motlha a ka se ka a lebala tiro ya bone e e fetileng ya boikanyegi.—Pesalema 18:25; 37:28.

Go “Tlhomamisetsa Dipelo Tsa Rona”

Ka nako ya fa Johane a tsofala, o tshwanetse a bo a ne a tlhaloganya go le gontsi ka boutlwelobotlhoko jwa Modimo. Gakologelwa gore o ne a kwala jaana: “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona mme o itse dilo tsotlhe.” Mo godimo ga moo, Johane o re kgothaletsa gore re “[tlhomamisetse] dipelo tsa rona.” Johane o ne a kaya eng ka mafoko ano?

Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words, lediri la Segerika le le ranotsweng e le “tlhomamisetsa” le raya “go tlhotlheletsa, go fenya, go kgona.” Ka mantswe a mangwe, gore re tlhomamisetse dipelo tsa rona, re tshwanetse go kgona dipelo tsa rona, go di tlhotlheletsa gore di dumele gore Jehofa o a re rata. Jang?

Fritz, yo o umakilweng pelenyana mo setlhogong seno, o ile a nna mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga tse di fetang 25 mme o ile a fitlhela gore thuto ya motho ka namana e ka kgona go tlhomamisetsa pelo ya gagwe gore Jehofa o a mo rata. “Ke ithuta Baebele le dikgatiso tsa rona ka metlha e bile ke le kelotlhoko. Se se nthusa gore ke se ka ka akanya thata ka dilo tse di fetileng, go na le moo go dira gore ke nne ke ntse ke na le pono e ntle ka isagwe ya rona e e itumedisang. Ka dinako tse dingwe dilo tse di ntiragaletseng mo nakong e e fetileng di a boa, mme ke bo ke ikutlwa e kete Modimo a ka se ka a bo a nthata. Mme ka kakaretso fela, ke fitlhela gore go ithuta ka metlha go nonotsha pelo ya me, go oketsa tumelo ya me e bile go nthusa gore ke nne ke itumetse le gore ke nne tekatekano.”

Gone ke boammaaruri gore go bala Baebele le go tlhatlhanya ka yone go ka nna ga se ka ga fetola boemo jo re leng mo go jone. Le fa go ntse jalo, go ka fetola tsela e re lebang boemo jwa rona ka yone. Fa re tsaya megopolo e e mo Lefokong la Modimo re e tsenya mo dipelong tsa rona go ka re thusa gore re akanye ka tsela e ene a akanyang ka yone. Mo godimo ga moo, go ithuta go re thusa go tlhaloganya boutlwelobotlhoko jwa Modimo botoka. Ka bonya ka bonya re tla dumela gore Jehofa ga a re bone molato ka ntlha ya tikologo e re goletseng mo go yone, e bile ga a re bone molato ka ntlha ya makoa a rona. O itse gore mekgweleo e bontsi jwa rona re e rweleng—e ka tswa e le ya maikutlo kana ya mmele—gantsi ga se molato wa rona mme o akanyetsa seo ka lorato.

Go tweng ka Margarette, yo o neng a umakiwa pelenyana? Fa a simolola go itse Jehofa, le ene go ithuta Baebele go ile ga mo solegela molemo thata. Fela jaaka Fritz, le ene o ne a tshwanelwa ke gore a fetole pono e a nang le yone ka rre. Thapelo e ile ya thusa Margarette gore a kopanye dilo tse a neng a di ithuta. Margarette o bolela jaana: “Sa ntlha, ke ne ka leba Jehofa jaaka tsala e ke atamalaneng thata le yone, ka gonne ke ne ke itse thata ka ditsala tse di lorato go na le kafa ke itseng ka teng ka rre yo o lorato. Ka bonya ka bonya, ke ne ka ithuta go bolelela Jehofa maikutlo a me, dipelaelo tsa me, ditlhobaelo tsa me le mathata a me. Ke ne ke bua le ene gangwe le gape ka thapelo, ka nako e e tshwanang ke kopanya dilo tsotlhe tse disha tse ke neng ke di ithuta ka ene, go ne go ntse jaaka morabaraba. Morago ga nakwana, ke ne ka simolola go rata Jehofa mo e leng gore gone jaanong ga nke ke nna le mathata a go mo leba jaaka Rre yo o lorato.”

Go Gololwa mo Tlhobaelong Yotlhe

Fa fela tsamaiso e e boikepo eno ya bogologolo e sa ntse e le teng, ga go na ope yo o ka solofelang go tlhoka ditlhobaelo. Mo Bakereseteng bangwe seno se raya gore maikutlo a go tlhobaela kana go ipelaela a ka nna a nnela go boa mme a dira gore ba tlalelwe. Mme re ka tlhomamisega gore Jehofa o itse gore re na le maitlhomo a a siameng e bile o itse gore re dira ka natla mo tirelong ya gagwe. Le ka motlha a ka se ka a lebala lorato lo re lo bontshang ka ntlha ya leina la gagwe.—Bahebera 6:10.

Mo lefatsheng le lesha le le tlang mo Bogosing jwa Bomesia, batho botlhe ba ba ikanyegang ba ka lebelela gore ba gololwe mo mathateng a tsamaiso ya ga Satane. A bo e tla bo e le kgololesego jang ne! Ka nako eo re tla bona bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Jehofa o boutlwelobotlhoko. Go fitlha nako eo e tla, a rotlhe re tlhomamisegeng gore “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona mme o itse dilo tsotlhe.”—1 Johane 3:20.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Maina a ile a fetolwa.

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

Jehofa ga se mogateledi yo o setlhogo, go na le moo ke Rre yo o lorato yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go ithuta Lefoko la Modimo go re thusa gore re akanye jaaka ene