Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikao Tse Di Molemo—A di Go Solegela Molemo?

Dikao Tse Di Molemo—A di Go Solegela Molemo?

Dikao Tse Di Molemo—A di Go Solegela Molemo?

“LO NE lwa simolola go nna sekao mo badumeding botlhe mo Makedonia le mo Akaia.” Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba nnang kwa Thesalonika mafoko ano. Sekao se ba neng ba se tlhomela badumedikabone e ne e le se sentle tota. Le fa go ntse jalo, Bathesalonika ka bobone ba ne ba etsa sekao se se neng se tlhomilwe ke Paulo le ditsala tsa gagwe. Paulo o ile a bolela jaana: “Dikgang tse di molemo tse re di rerang ga di a ka tsa tla mo go lona ka puo e le yosi mme gape di tlile ka maatla le ka moya o o boitshepo le tlhatswego pelo e e nonofileng, fela jaaka lo itse gore re ne ra nna batho ba mofuta ofe mo go lona ka ntlha ya lona; mme lo ne lwa nna baetsi ba rona.”—1 Bathesalonika 1:5-7.

Ee, Paulo o ile a dira se se fetang go neela dithero. Botshelo jwa gagwe ka bojone e ne e le tlhotlheletso—sekao sa tumelo, boitshoko le go intsha setlhabelo. Ka ntlha ya seno, Paulo le ditsala tsa gagwe ba ile ba nna le tlhotlheletso e kgolo mo matshelong a Bathesalonika, ba ba tlhotlheletsa gore ba amogele boammaaruri “mo pitlaganong e kgolo.” Le fa go ntse jalo, e ne e se Paulo le badirimmogo le ene fela ba ba neng ba na le tlhotlheletso e e siameng mo badumeding bao. Sekao sa ba bangwe ba ba ileng ba itshokela pitlagano le sone se ne se kgothatsa. Paulo o ne a kwalela Bathesalonika jaana: “Bakaulengwe, lo ne lwa nna baetsi ba diphuthego tsa Modimo tse di mo Judea seoposengweng le Keresete Jesu, ka gonne le lona lo ne lwa simolola go boga ka diatla tsa batho ba naga ya lona tsone dilo tse di tshwanang le tse le bone ba di bogang ka diatla tsa Bajuda.”—1 Bathesalonika 2:14.

Keresete Jesu—Sekao Se se Di Gaisang Tsotlhe

Le mororo Paulo ka boene a ile a tlhoma sekao se se molemo se se ka ediwang, o ile a supa gore Jesu Keresete ke ene sekao se segolo se Bakeresete ba tshwanetseng go se latela. (1 Bathesalonika 1:6) Keresete e ne e le sekao sa rona se se di gaisang tsotlhe e bile o sa ntse a le sone. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lo ne lwa bilediwa tseleng eno, ka gonne le eleng Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe sentlentle.”—1 Petere 2:21.

Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa go nna motho mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng. Gone jaanong o “[nna] mo leseding le le sa ka keng la atamelwa,” e le sebopiwa sa semoya se se sa sweng. Ka gone, “[ga go na] le a le mongwe wa batho yo o mmoneng kgotsa yo o ka mmonang.” (1 Timotheo 6:16) Ka gone, re ka mo etsa jang? Tsela e nngwe ke ka go ithuta ka dipego tse nnè tsa Baebele tsa botshelo jwa ga Jesu. Diefangele di re lemotsha sengwe ka botho jwa gagwe, botshelo jwa gagwe le ‘boikutlo jwa gagwe jwa mogopolo.’ (Bafilipi 2:5-8) Re ka nna le temogo e e oketsegileng ka go ithuta ka tlhoafalo buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e e tlhalosang dilo tse di diragetseng mo botshelong jwa ga Jesu ka botlalo thata le ka tatelano ya nako. *

Sekao sa ga Jesu sa go intsha setlhabelo se ile sa nna le tlhotlheletso e kgolo mo go moaposetoloi Paulo. O ne a bolelela Bakeresete ba Bakorintha jaana: “Fa e le ka nna ke tla dirisa sotlhe se ke nang le sone ka go itumela thata ke ba ke dirisediwa meya ya lona ka mo go feletseng.” (2 Bakorintha 12:15) A bo e le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete jang ne! Fa re ntse re sekaseka sekao sa ga Keresete se se itekanetseng, le rona re tshwanetse go tlhotlheletsega go mo etsa mo botshelong jwa rona.

Ka sekai, Jesu o ile a re ruta gore re tshwanetse go ikanya tsholofetso ya Modimo ya gore o tla re thusa ka dilo tse re di tlhokang. Mme o ne a dira se se fetang seo. O ne a supa tumelo le tshepo e e ntseng jalo mo go Jehofa letsatsi le letsatsi. O ne a bolela jaana: “Diphokoje di na le mengobo le dinonyane tsa legodimo di na le dintlhaga, mme Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Mathaio 6:25; 8:20) A go tshwenyega ka dithoto go laola tsela e o akanyang ka yone le tsela e o itshwarang ka yone? Kana a botshelo jwa gago bo bontsha gore o batla Bogosi pele? Mme go tweng ka boikutlo jwa gago ka tirelo ya ga Jehofa? A bo tshwana le jwa Motlhomasekao wa rona e bong Jesu? Baebele e bontsha gore Jesu ga a ka a rera fela ka tlhoafalo mme gape o ne a supa tlhoafalo e e nonofileng ka makgetlo a le mantsi. (Johane 2:14-17) Mo godimo ga moo, a bo Jesu a ile a tlhoma sekao se se molemo jang ne malebana le lorato! Ebu, o ne a ntshetsa barutwa ba gagwe botshelo jwa gagwe! (Johane 15:13) A o etsa Jesu ka go bontsha bakaulengwe ba gago ba Bakeresete lorato? Kana a o letla gore bosaitekanelang jwa batho bangwe bo go kgoreletse go ba bontsha lorato?

Fa re ntse re leka go latela sekao sa ga Keresete, gantsi re tla tlhaela. Mme ga go na pelaelo gore Jehofa o itumelela maiteko a re a dirang go “[apara] Morena Jesu Keresete.”—Baroma 13:14.

“Dikao mo Letsomaneng”

A go na le batho bangwe mo phuthegong gompieno ba e ka nnang dikao mo go rona? Ee, tota ba teng! Bakaulengwe ba ba nang le maemo a boikarabelo ke bone ba ba tshwanetseng go tlhoma sekao thata. Paulo o ne a raya Tito yo o neng a direla kwa diphuthegong tsa Kereta e bile a tlhoma balebedi, gore mongwe le mongwe yo o tlhomilweng go nna mogolwane o tshwanetse go nna “monna . . . yo go se nang se a latofadiwang ka sone.” (Tito 1:5, 6) Moaposetoloi Petere le ene o ile a kgothatsa “banna ba bagolwane” gore ba nne “dikao mo letsomaneng.” (1 Petere 5:1-3) Mme go tweng ka bao e leng batlhanka ba bodiredi? Le bone e tshwanetse go nna “banna ba ba direlang ka mokgwa o o molemomogolo.”—1 Timotheo 3:13.

Gone mme, ga go utlwale go lebelela gore mogolwane le motlhanka wa bodiredi mongwe le mongwe a nne setswerere ka tsela e e tlhomologileng mo karolong nngwe le nngwe ya bodiredi jwa Bokeresete. Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Re na le dimpho tse di sa tshwaneng go ya ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo re bo neilweng.” (Baroma 12:6) Bakaulengwe ba ba farologaneng ba na le bokgoni mo dilong tse di farologaneng. Ga go utlwale go lebelela gore bagolwane ba tla dira le go bua sengwe le sengwe sentle kwantle ga diphoso. Baebele e bolela jaana mo go Jakobe 3:2: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” Le fa go ntse jalo, le mororo ba sa itekanela, bagolwane ba sa ntse ba ka tshwana le Timotheo ka go “nna dikao [tsa] ba ba boikanngo, mo go bueng, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong, mo boitshekong.” (1 Timotheo 4:12) Fa bagolwane ba dira jalo, ba ba mo letsomaneng ba tla itumelela go dirisa kgakololo e e mo go Bahebera 13:7: “Gakologelwang ba ba etelelang pele gareng ga lona, . . . mme e re lo akanyetsa kwa teng kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse tumelo ya bone.”

Dikao Tse Dingwe Tsa Motlha wa Rona

Mo dingwageng tse di masome a le mmalwa tse di fetileng, ba bangwe ba bantsi ba ile ba itshupa e le dikao tse di molemo. Go tweng ka barongwa ba ba diketekete ba ba intshang setlhabelo ba ba ‘tlogetseng matlo kgotsa barwarraabone kgotsa barwadiarraabone kgotsa borraabone kgotsa bommaabone kgotsa bana kgotsa masimo’ gore ba tle ba diragatse thomo ya Bokeresete mo dinageng di sele? (Mathaio 19:29) Akanya gape ka balebedi ba ba etang le basadi ba bone, banna le basadi ba e leng baithaopi kwa diofising tsa Mokgatlho wa Watch Tower le babulatsela ba ba direlang diphuthego. A dikao tse di ntseng jalo di ka tlhotlheletsa ba bangwe? Moreri mongwe wa Mokeresete wa kwa Asia o gakologelwa morongwa mongwe wa setlhopha sa borobedi sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate. O ne a bolela gore mokaulengwe yo o ikanyegang yono o ne a “iketleeditse go itshokela motshitshi wa menang le bongola jo bo feteletseng. . . . Mme se se neng se kgatlha le go feta e ne e le bokgoni jwa gagwe jwa go neela dipuo ka puo ya Setšhaena le ya Se-Malay le fa gone a ne a tswa kwa Engelane.” Matswela a sekao se se molemo seno e nnile eng? Mokaulengwe yoo o ne a bolela jaana: “Go ritibala ga gagwe le go nna le tshepo ga gagwe go ile ga ntlhotlheletsa gore ke batle go nna morongwa fa ke gola.” Mme ka mmannete mokaulengwe yono o ne a nna morongwa.

Watch Tower Publications Index e na le lenaane le legolo la dikgang tsa botshelo tse di ileng tsa tlhaga mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Dikgang tseno ke tsa batho ba ba ileng ba tlogela ditiro le mekgele ya lefatshe, ba fenya makoa, ba dira diphetogo tse dikgolo tsa botho, ba nna le boikutlo jo bo siameng le fa ba lebane le kganetso mme ba bontsha bonatla, boitshoko, boikanyegi, boikokobetso le moya wa go intsha setlhabelo. Mmadi mongwe o ne a kwala jaana malebana le dipego tseno: “Di dira gore ke nne Mokeresete yo o boikokobetso le yo o lebogang go feta pele fa ke ntse ke bala ka se se ileng sa diragalela ba bangwe, mme di ile tsa nthusa gore ke se ka ka ikakanyetsa thata kana ka nna pelotshetlha.”

Mo godimo ga moo, o se ka wa lebala dikao tse di molemo mo phuthegong e o leng mo go yone: ditlhogo tsa malapa tse di nnang di tlhokomela malapa a bone ka dithoto le ka dilo tsa semoya tse ba di tlhokang; bokgaitsadi—go akaretsa le bommè ba ba nosi—ba ba itshokelang mathata a go godisa bana mme ka nako e e tshwanang ba nna le seabe ka tlhoafalo mo bodireding; batho ba ba godileng le ba ba bokoa ba ba tswelelang ka boikanyegi go sa kgathalesege go koafala ga bone le botsogo jwa bone jo bo sa nametseng. A dikao tse di ntseng jalo ga di go ame pelo?

Gone mme, lefatshe le tletse ka dikao tse dintsi tse di bosula. (2 Timotheo 3:13) Le fa go ntse jalo, akanya ka kgothatso ya ga Paulo e a neng a e neela Bakeresete ba kwa Judea. Fa moaposetoloi Paulo a sena go akgela ka boitshwaro jo bo tlhomang sekao jwa banna le basadi ba le bantsi ba bogologolo ba ba nang le tumelo, o ne a ba kgothatsa jaana: “Jalo, he, ka gonne re na le bontsintsi jo bogolo jaana jwa basupi jo bo re dikanyeditseng, a le rona . . . re sianeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele, jaaka re leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, Jesu.” (Bahebera 12:1, 2) Bakeresete gompieno le bone ba dikaganyeditswe ke ‘bontsintsi jo bogolo’ jwa dikao tse di molemo—tsa bogologolo le tsa motlha wa rona. A tota di go solegela molemo? Di ka go solegela molemo fa e le gore o ititeile sehuba go nna “moetsi, e seng wa se se bosula, mme wa se se molemo.”—3 Johane 11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Ga go utlwale go lebelela gore mogolwane le motlhanka wa bodiredi mongwe le mongwe a nne le bokgoni jo bo tlhomologileng mo karolong nngwe le nngwe ya bodiredi jwa Bokeresete

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Bagolwane e tshwanetse go nna “dikao mo letsomaneng”