Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tshwanetse wa Tlhatlhoba Ditumelo Tse Dingwe?

A o Tshwanetse wa Tlhatlhoba Ditumelo Tse Dingwe?

A o Tshwanetse wa Tlhatlhoba Ditumelo Tse Dingwe?

“KE NE ke ntse ke ya kwa dipokanong tsa Bokeresete lobaka lo e batlileng e le ngwaga, mme ke ne ke itumelela go bolelela ba bangwe ka ga Bogosi jwa Modimo,” ga rialo Miguel, yo jaanong e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Amerika Borwa. “Mme go tswa foo ke ne ka simolola go reetsa dithulaganyo tsa bodumedi mo radiong le go lebelela bareri ba bodumedi mo thelebisheneng. Ke ne ke akanya gore dithulaganyo tseo di ne di tla nthusa go tlhaloganya batho ba ditumelo tse dingwe botoka. Ke ne ke itse gore dithuto tsa bone di ne di sa dumalane le Baebele, mme ke ne ke batla go itse go le gontsi ka tsone.”

Mo nageng yone eo, Jorge o ne a tlhoafaletse go ruta batho ba bangwe kaga bodumedi jwa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ka nako nngwe, le ene o ne a simolola go reetsa dithulaganyo tsa bodumedi tsa radio le tsa thelebishene. O ne a tle a re: “O tshwanetse wa itse gore batho ba bangwe ba akanya eng.” Fa a bodiwa gore go reetsa dithuto tse di ntseng jalo tsa maaka go ka nna le dikotsi dife, o ne a tle a arabe jaana: “Ga go na sepe se se ka koafatsang tumelo ya motho yo o itseng boammaaruri jwa Baebele.” Maitemogelo ano a tsosa potso ya botlhokwa, A go botlhale go reetsa dilo tse batho ba bangwe ba di dumelang?

Go Lemoga Bokeresete Jwa Boammaaruri

Fa baaposetoloi ba sena go swa, bodumedi jwa boammaaruri bo ne jwa kgotlelwa ke mefuta e e neng e gola ka iketlo ya bodumedi jo bo neng bo itira e kete ke jwa Bokeresete. E re ka Jesu a ne a bonela seno pele o ne a bolela tsela nngwe ya go farologanya mefuta eno ya Bokeresete jwa maaka le Bokeresete jwa boammaaruri. Sa ntlha, o ne a tlhagisa jaana: “Itiseng mo baporofeting ba maaka ba ba tlang mo go lona ba le mo diaparong tsa dinku, mme mo teng ke diphiri tse di garolakang.” Mme o ne a oketsa jaana: “Lo tla ba lemoga ka maungo a bone.” (Mathaio 7:15-23) Balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu ba diragatsa se a se rutileng, mme ba bonala motlhofo ka maungo a bone a a molemo. Fela jaaka Jesu ka boene a ne a dira, ba etela batho go ya go ba tlhalosetsa ka Bogosi jwa Modimo go tswa mo Dikwalong. Ba latela sekao sa ga Jesu ka go itlhaola mo dipolotiking tsa lefatshe le mo dikganetsanong tsa setšhaba. Ba dumela fa Baebele e le Lefoko la Modimo e bile ba le tlotla ka gonne ba dumela gore le boammaaruri. Ba itsise leina la Modimo. Mme e re ka ba leka go dirisa lorato lo Modimo a lo rutang, ga ba tsenelele mo dintweng. Go na le moo, ba tshwarana jaaka bana ba motho.—Luke 4:43; 10:1-9; Johane 13:34, 35; 17:16, 17, 26.

Go ya ka Dikwalo, motho a ka kgona go “farologanya gare ga basiami le baikepi, gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.” (Malaki 3:18) Baobamedi ba boammaaruri gompieno ba seoposengwe ka se ba se akanyang le se ba se dirang, fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha ba ne ba ntse. (Baefeso 4:4-6) Fa o setse o bone setlhopha se se ntseng jalo sa Bakeresete ba boammaaruri, ke ka ntlha yang fa o tshwanetse wa rata go batlisisa kana go itse ka ditumelo tsa batho ba bangwe?

Itise mo Barutising ba Maaka

Baebele e bolela gore le fa motho a sena go ithuta boammaaruri jwa Baebele, dithuto tsa maaka di ka mo kgotlela semoyeng. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka [“ba a ba tsomileng,” NW] ka botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.” (Bakolosa 2:8) Temana eno e tlhalosa seemo fela jaaka se ntse! Barutisi ba maaka ba ka nna kotsi tota, fela jaaka dibatana tse di batlang go go phamola di ya go go gabura.

Ke boammaaruri gore, Paulo o ne a ela tlhoko se ba bangwe ba se dumelang. O kile a simolola polelo ka go re: “Banna ba Athena, ke a bona gore mo dilong tsotlhe lo bonala lo boifa medimo thata go feta jaaka ba bangwe ba dira. Ka sekai, fa ke ne ke feta fa mme ke leba ka kelotlhoko dilo tsa lona tse di obamelwang ke ne ka bona le pesetso e mo go yone go neng go kwadilwe ka go ralwa go twe ‘Go Modimo O O Sa Itsiweng.’” (Ditiro 17:22, 23) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a sa nnele go tsenya mo mogopolong wa gagwe difilosofi tsa dibui tsa ditswerere tsa Bagerika ka metlha.

Go nna le kitso ka ditumelo tsa maaka le kwa di tswang teng ga go tshwane le go nnela go iphepa ka tsone. * Jehofa o tlhomile “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” gore a rute se se theilweng mo Lefokong la gagwe. (Mathaio 4:4; 24:45) Paulo ka boene o ne a kwala jaana: “Ga lo ka ke lwa bo loo ja ga ‘tafole ya ga Jehofa’ le ga tafole ya madimona. Kgotsa ‘a re tlhotlheletsa Jehofa gore a fufege’?”—1 Bakorintha 10:20-22.

Barutisi bangwe ba maaka ba ka tswa ba kile ba bo ba le Bakeresete ba boammaaruri, mme nako nngwe ba tlogela boammaaruri ba latela maaka. (Jude 4, 11) Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Fa Jesu a sena go bua ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” yo o emelang setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng, o ne a bua ka “motlhanka yo o bosula,” setlhopha se se ngongoregang se re, “Mong wa me o a diega,” se bo se simolola go itaya batlhanka ba bangwe. (Mathaio 24:48, 49) Gantsi batho bano le balatedi ba bone ga ba na dithuto dipe tse di utlwalang tse e leng tsa bone; se ba se batlang fela ke go senya tumelo ya batho ba bangwe. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana ka bone: “Fa mongwe a tla mo go lona mme a sa tlise thuto eno, lo se ka lwa ba lwa mo amogela mo magaeng a lona le ka motlha kgotsa lwa mo dumedisa.”—2 Johane 10; 2 Bakorintha 11:3, 4, 13-15.

Batho ba ba peloephepa ba ba senkang boammaaruri ba tla bo ba dira sentle fa ba tlhatlhoba ka kelotlhoko se ba se utlwang go tswa mo ditumelong tse di farologaneng. Fa nako e ntse e ya, Modimo o tla segofatsa batho ba ba peloephepa ba ba batlang boammaaruri. Baebele e bolela jaana ka botlhale jwa bomodimo: “Fa o [bo batla] jaaka e ka bo e le selefera, fa o [bo] hukuletsa jaaka e kabo e le dikhumo tse di subegileng, foo . . . o tlaa bona kitso ya Modimo.” (Diane 2:4, 5) Fa Bakeresete ba boammaaruri ba bone kitso eno ya Modimo go tswa mo Baebeleng le ka thuso ya phuthego ya Bokeresete e bile ba bone kafa Jehofa a segofatsang ka teng batho ba ba kaelwang ke kitso eo, ga ba tswelele pele ba reetsa dithuto tsa bodumedi jwa maaka.—2 Timotheo 3:14.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., e naya tshedimosetso ya motheo malebana le dithuto tsa ditumelo di le dintsi tsa lefatshe le kwa di tswang teng.