Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bogosi Jwa Modimo—Puso e Ntšha ya Lefatshe

Bogosi Jwa Modimo—Puso e Ntšha ya Lefatshe

Bogosi Jwa Modimo—Puso e Ntšha ya Lefatshe

“Bogosi . . . bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.”—DANIELE 2:44.

1. Re ka tshepa Baebele go le kana kang?

MODIMO o itshenolela batho ka Baebele. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “E rile lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lo ne lwa le amogela, e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ka ammaaruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo.” (1 Bathesalonika 2:13) Baebele e tshotse dilo tse re tshwanetseng go di itse ka Modimo: tshedimosetso kaga botho jwa gagwe, maikaelelo a gagwe, le dilo tse a batlang re di dira. E na le tshedimosetso e e di gaisang tsotlhe kaga botshelo jwa lelapa le boitshwaro jwa letsatsi le letsatsi. E tlhalosa dipolelelopele tse di ileng tsa diragadiwa bogologolo, tse di diragadiwang gone jaanong, le tse di tla diragadiwang mo isagweng. Ee, “lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go sugeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse tiro nngwe le nngwe e e molemo mo go feletseng.”—2 Timotheo 3:16, 17.

2. Jesu o ile a gatelela jang setlhogo sa Baebele?

2 Selo sa botlhokwa thata mo Baebeleng ke setlhogo sa yone: go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa Modimo (tshwanelo ya gagwe ya go busa) ka Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo. Jesu o ile a dira gore e nne sone selo sa konokono bo bodireding jwa gagwe. “Jesu a simolola go rera a re: ‘Ikotlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Mathaio 4:17) O ile a bontsha kafa bo tshwanetseng go nna botlhokwa ka teng mo botshelong jwa rona, ka go kgothatsa jaana: “Nnang lo senke pele bogosi le tshiamo ya gagwe.” (Mathaio 6:33) Gape o ile a bontsha kafa bo leng botlhokwa ka teng ka go ruta balatedi ba gagwe go rapela Modimo jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.

Puso e Ntšha ya Lefatshe

3. Ke eng fa re tlhoka Bogosi jwa Modimo ka bonako?

3 Ke eng fa Bogosi jwa Modimo bo le botlhokwa thata jaana mo bathong? Ka gonne bo tla tloga bo tsaya kgato e e tla fetolang puso ya mo lefatsheng ka bosakhutleng. Boporofeti jwa Daniele 2:44 bo bolela jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [tse gone jaanong di busang lefatshe], Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi [puso ya kwa legodimong] jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe [dipuso tsa mo lefatsheng], mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.” Fa Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo bo busa ka botlalo, batho ba ka se ka ba tlhola ba laola lefatshe. Go ka se ka ga tlhola go nna le puso ya batho e e kgaoganyang batho le e e sa itumediseng.

4, 5. (a) Ke eng fa Jesu e le ene yo o tshwanelang tota go nna Kgosi ya Bogosi? (b) Ke kabelo efe e Jesu a tlogang a e neelwa mo isagweng?

4 Mmusi yo Mogolo wa Bogosi jwa selegodimo yo o tla bong a kaelwa ke Jehofa ka namana ke yo o tshwanelang tota—Keresete Jesu. Pele ga a tla mo lefatsheng, o ne a kile a tshela kwa legodimong e le “tlhogo ya tiro” ya Modimo, e le sebopiwa sa pele mo dilong tsotlhe tse Modimo a di bopileng. (Diane 8:22-31) “Ke setshwano sa Modimo o o sa bonaleng, motsalwapele wa tlhōlō yotlhe; ka gonne dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa tlhōlwa ka ene kwa magodimong le mo lefatsheng.” (Bakolosa 1:15, 16) Mme fa Modimo a ne a romela Jesu mo lefatsheng, o ne a dira thato ya Modimo ka dinako tsotlhe. O ile a itshokela diteko tse di boima go gaisa tsotlhe mme a swa a ikanyega mo go Rraagwe.—Johane 4:34; 15:10.

5 Jesu o ile a duelelwa go bo a ile a ikanyega mo Modimong go isa losong. Modimo o ile a mo tsosetsa kwa legodimong mme a mo neela tshwanelo ya go nna Kgosi ya Bogosi jwa selegodimo. (Ditiro 2:32-36) E re ka Keresete Jesu e le Kgosi ya Bogosi, Modimo o tla mo abela tiro e e boitshegang ya go etelela pele dimiriatemiriate tsa dibopiwa tse di maatla tsa semoya go fedisa puso ya batho mo lefatsheng le go fedisa boikepo jotlhe mo lefatsheng. (Diane 2:21, 22; 2 Bathesalonika 1:6-9; Tshenolo 19:11-21; 20:1-3) Morago ga moo, Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo jo bo laolwang ke Keresete e tla nna jone puso e ntšha e e busang, e le jone puso e e nosi fela e e busang lefatshe lotlhe.—Tshenolo 11:15.

6. Re ka lebelela gore Kgosi ya Bogosi e buse ka tsela e e ntseng jang?

6 Lefoko la Modimo le bua jaana ka Mmusi yo mosha wa lefatshe: “A newa puso, le kgalalelo, le bogosi, gore batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo ba mo direle.” (Daniele 7:14) E re ka Jesu a tla etsa lorato lo Modimo a nang le lone, mo pusong ya gagwe go tla nna le kagiso le boitumelo jo bogolo. (Mathaio 5:5; Johane 3:16; 1 Johane 4:7-10) “Puso ya gagwe le kagiso ya yone ga e kitla e nna le bokhutlo, . . . go e laola ka tshiamiso le ka tshiamo.” (Isaia 9:7, Revised Standard Version) A bo go tla bo go le molemo jang ne go nna le Mmusi yo o busang ka lorato, tshiamiso le tshiamo! Ka gone, 2 Petere 3:13 e bolelela pele jaana: “Go na le magodimo a masha [Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo] le lefatshe le lesha [setšhaba se sesha sa batho] tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”

7. Mathaio 24:14 e diragadiwa jang gompieno?

7 Ga go pelaelo gore Bogosi jwa Modimo ke dikgang tse di molemo tota mo bathong botlhe ba ba ratang tshiamo. Ke gone ka moo Jesu a ileng a bolelela pele jaana e le karolo ya sesupo sa gore gone jaanong re tshela mo “malatsing a bofelo” a tsamaiso eno e e boikepo ya dilo: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:14) Boporofeti joo bo a diragadiwa gone jaanong e re ka Basupi ba ga Jehofa ba ba ka tshwarang dimilione tse thataro ba fetsa diura tse di fetang dimilione di le sekete ka ngwaga ba bolelela batho ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo mo dinageng tse 234. Go a tshwanela go bo lengwe le lengwe la mafelo a bone a kobamelo, a a dirisiwang ke diphuthego tse di ka tshwarang 90 000 mo lefatsheng lotlhe, le bidiwa Holo ya Bogosi. Mo go one batho ba rutwa ka puso eno e ntšha e e tlang.

Babusikaene

8, 9. (a) Batho ba ba tla busang le Keresete ba tswa kae? (b) Re ka tshepa puso ya Kgosi le ba e tla busang le bone go le kana kang?

8 Go tla nna le batho ba bangwe ba ba tla busang le Keresete Jesu mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo. Tshenolo 14:1-4 e ile ya bolelela pele gore go ne go tla nna le batho ba ba 144 000 ba ba neng ba tla “rekwa mo bathong” ba bo ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong. Batho bano ba akaretsa banna le basadi ba ka boikokobetso ba ileng ba direla Modimo le batho ba bangwe go na le gore go direlwe bone. “Ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.” (Tshenolo 20:6) Palo ya bone e potlana thata go feta ya “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme” ba ba tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno. Le bone ba direla Modimo “tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo,” mme bone ga ba ye go tshela kwa legodimong. (Tshenolo 7:9, 15) Ke bone karolo ya konokono ya lefatshe le lesha la batho ba ba tla busiwang ke Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo.—Pesalema 37:29; Johane 10:16.

9 Jehofa o ile a tlhopha batho ba ba ikanyegang ba ba ileng ba diragalelwa ke mathata otlhe a botshelo gore ba buse le Keresete kwa legodimong. Tota ga go sepe se se diragaletseng batho se dikgosi tseno tsa baperesiti di sa se itseng. Ka gone botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng bo tla ba thusa gore ba kgone go busa batho sentle. Tota le Jesu “o ne a ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga.” (Bahebera 5:8) Moaposetoloi Paulo o ile a bua jaana ka ene: “Yo re nang le ene e le moperesiti yo o kwa godimo, ga se yo o sa ka keng a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo.” (Bahebera 4:15) A bo go gomotsa jang ne go itse gore mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo batho ba tla ba bo busiwa ke dikgosi le baperesiti ba ba lorato!

A Modimo O ne A Ikaeletse Gore go Nne le Bogosi?

10. Ke eng fa kwa tshimologong Modimo a ne a sa ikaelela gore go nne le Bogosi jwa kwa legodimong?

10 A Modimo o ne a ikaeletse gore go nne le Bogosi jwa selegodimo kwa tshimologong fa a ne a bopa Adame le Efa? Mo pegong ya popo e e mo go Genesise, ga go umakwe sepe ka Bogosi jo bo neng bo tla busa batho. Jehofa e ne e le ene Mmusi wa bone, mme go ne go sa tlhokege gore ba busiwe ke mongwe o sele fa fela ba ne ba ka mo ikobela. Genesise kgaolo 1 e bontsha gore Jehofa a ka nna a bo a ne a dirisana le Adame le Efa a dirisa Morwawe wa motsalwapele. Pego eno e dirisa mafoko a a jaaka “Modimo wa ba raya wa re” le “Modimo wa re.”—Genesise 1:28, 29; Johane 1:1.

11. Botshelo jwa batho bo ile jwa simolola jang ka tsela e e molemo?

11 Baebele ya re: “Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata.” (Genesise 1:31) Sengwe le sengwe se se neng se le mo tshimong ya Edene se ne se le molemo tota. Adame le Efa ba ne ba nna mo paradaiseng. Ba ne ba na le megopolo le mebele e e itekanetseng. Ba ne ba ka buisana le Modiri wa bone mme le ene o ne a ka buisana le bone. Mme fa ba ne ba ka tswelela pele ba ikanyega, ba ne ba tla nna le bana ba ba itekanetseng. Go ne go se kitla go tlhokega gore go nne le puso e ntšha ya selegodimo.

12, 13. Fa batho ba ba itekanetseng ba ntse ba oketsega, ke eng fa Modimo a ne a se kitla a nna le bothata jwa go buisana le bone?

12 Fa lelapa la batho le ntse le oketsega, Modimo o ne a tla buisana jang le bone botlhe? Akanya ka dinaledi tsa legodimo. Di kgobokantswe mmogo ka ditlhopha tse dikgolo thata tse e keteng ditlhaketlhake tse di bidiwang masagaripa. Masagaripa mangwe a na le dinaledi di ka nna dimilione di le sekete. Tse dingwe di na le di ka nna bilione. Mme borasaense ba fopholetsa gore go na le masagaripa a ka nna dimilione di le dikete tse 100 mo lobopong lo re lo bonang! Le fa go ntse jalo, Mmopi a re: “Kalelang matlho a lona godimo, lo bone yo o tlhodileng dilo tse, yo o bolotsang lesomosomo la tsone ka palo; o di bitsa tsotlhe ka maina; ke ka bogolo jwa nonofo ya gagwe, le ka go bo a nonofile mo thateng, fa go se sepe se se tlhokafalang.”—Isaia 40:26.

13 E re ka Modimo a kgona go itse masedi ano otlhe a kwa legodimong, ga go pelaelo gore o ne a ka se ka a nna le bothata jwa go itse metsamao ya palo e potlana ya batho. Tota le gone jaanong, dimilione tsa batlhanka ba gagwe ba mo rapela letsatsi le letsatsi. Dithapelo tseo di fitlha kwa Modimong ka ponyo ya leitlho. Ka jalo o ne a ka se ka a nna le bothata jwa go buisana le batho botlhe ba ba itekanetseng. O ne a se kitla a tlhoka Bogosi jwa selegodimo gore a kgone go itse metsamao ya bone. A thulaganyo e e molemo jang ruri—Jehofa e le ene Mmusi, re kgona go buisana le ene ka tlhamalalo e bile re na le tsholofelo ya go tshela re sa swe, re tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise!

“Ga se Ga Motho”

14. Ke eng fa batho ba tla aga ba tlhoka go busiwa ke Jehofa?

14 Le fa go ntse jalo, batho—tota le ba ba itekanetseng—ba tla aga ba tlhoka go busiwa ke Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa ga a ba bopa ba kgona go ipusa sentle kwantle ga bolaodi jwa gagwe. Ke tsela e batho ba dirilweng ka yone, fela jaaka moporofeti Jeremia a ile a bolela jaana: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela kgato ya gagwe. Nkgalemele, tlhe Jehofa.” (Jeremia 10:23, 24, NW) E ne e ka nna phoso e kgolo gore batho ba akanye gore ba ka laola setšhaba ka katlego kwantle ga go busiwa ke Jehofa. Seo se ne se ka thulana le tsela e ba dirilweng ka yone. Go ipusa kwantle ga bolaodi jwa ga Jehofa ruri go ne go ka felela ka bopelotshetlha, letlhoo, bosetlhogo, thubakanyo, dintwa le loso. ‘Motho o ne a tla laola motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

15. Tshwetso e e sa siamang e batsadi ba rona ba ntlha ba ileng ba e tsaya e ne ya nna le matswela afe?

15 Ka maswabi, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba swetsa ka gore ga ba tlhoke Modimo go nna Mmusi wa bone mme ba tlhopha go ipusa kwantle ga gagwe. Ka ntlha ya seo, Modimo o ne a se ka a tlhola a ba boloka ba itekanetse. Jaanong ba ne ba ntse jaaka sedirisiwa sa motlakase se se somotsweng mo motlakaseng. Fa go ntse go ya, ba ne ba tla koafala ka bonya go fitlha ba swa. Ba ne ba nna jaaka foromo e e sokameng mme ba ne ba fetisetsa seo mo baneng ba bone. (Baroma 5:12) “Lefika [Jehofa], tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. . . . Bone ka bobone ba dirile bosula; Ga se bana ba gagwe, bogole ke jwa bone.” (Duteronome 32:4, 5) Ke boammaaruri gore, Adame le Efa ba ne ba tlhotlhelediwa ke sebopiwa sa semoya sa motsuolodi se se neng sa nna Satane, mme gone, ba ne ba na le megopolo e e itekanetseng ka jalo ba ne ba ka kgona go gana dikakantsho tsa gagwe tse di latlhang.—Genesise 3:1-19; Jakobe 4:7.

16. Hisitori e bontsha jang matswela a go ipusa kwantle ga Modimo?

16 Hisitori e na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang matswela a a nnang teng fa batho ba ipusa kwantle ga Modimo. Go fetile dikete tsa dingwaga batho ba lekeletsa mefuta e e farologaneng ya dipuso tsa batho, mefuta yotlhe ya dithulaganyo tsa ikonomi le tsa loago. Le fa go ntse jalo, boikepo bo nna bo “sulafalela pele.” (2 Timotheo 3:13) Lekgolo la bo20 la dingwaga le ile la nna fela jalo. Le ne le tletse ka letlhoo le legolo, thubakanyo, dintwa, tlala, lehuma le pogo e e di gaisang tsotlhe mo hisitoring. Mme le fa go nnile le kgatelopele e e kana kang mo go tsa kalafi, go ise go ye kae, batho ba a swa. (Moreri 9:5, 10) Batho ba ile ba itetla go tlhaselwa ke Satane le badimona ba gagwe ka go leka go kaela dikgato tsa bone mo e leng gore Baebele e bitsa Satane e re ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.”—2 Bakorintha 4:4.

Mpho ya go Itlhophela

17. Mpho ya Modimo ya go itlhophela e ne e tshwanetse go dirisiwa jang?

17 Ke eng fa Jehofa a ne a ka letla batho ba itseela tsela ya bone? Ka gonne o ba bopile ba na le mpho e e molemo ya go itlhophela, go itlhophela se ba se batlang. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” (2 Bakorintha 3:17) Ga go motho ope yo o batlang go nna roboto, nako le nako a direlwa ditshwetso tsa se a tshwanetseng go se bua le go se dira. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a batla gore batho ba dirise mpho eno ya go itlhopela ka tsela e e molemo, ba lemoge gore go botlhale go dira thato ya gagwe le go mo ikobela ka metlha. (Bagalatia 5:13) Ka gone, kgololesego ya bone e ne e lekanyeditswe, go seng jalo go ne go ka felela ka tlhakatlhakano. E ne e tshwanetse ya dirisiwa ka tekatekano ka tsela e e dumalanang le melao e e siameng ya Modimo.

18. Modimo o ne a bontsha eng fa a ne a letla gore batho ba dirise tshiamelo ya bone ya go itlhophela?

18 Fa Modimo a ne a letla batho gore ba itseele tsela ya bone, o ne a bontsha sentle gore re tlhoka go laolwa ke ene. Tsela e a busang ka yone, bolaodi jwa gagwe, ke jone fela jo bo siameng. Bo dira gore go nne le boitumelo jo bogolo, kgotsofalo le katlego. Seno ke ka gonne Jehofa o dirile gore megopolo le mebele ya rona e dire sentle fa e dirisiwa ka tsela e e dumalanang le melao ya gagwe. “Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go rutang go itsholegela molemo, yo ke go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.” (Isaia 48:17) Go dirisa tshiamelo ya go itlhophela ka tsela e e dumalanang le melao ya Modimo go ne go se kitla go imetsa, go na le moo, go ne go tla felela ka gore go nne le mefutafuta ya dijo, magae, botaki le mmino. Fa kgololesego eno ya go itlhophela e dirisiwa sentle, e ne e tla dira gore go nne le botshelo jo bo monate go ya go ile mo lefatsheng la paradaise.

19. Modimo o dirisa eng go letlana le batho?

19 Mme ka ntlha ya go bo batho ba ile ba se ka ba tlhopha sentle, ba ne ba itlhoboganya le Jehofa, ba se ka ba tlhola ba itekanetse, mme ba koafala ba bo ba swa. Ka jalo ba ne ba tla tlhoka go namolwa mo seemong seo se se maswe mme ba busediwe mo go nneng le kamano e e siameng le Modimo e le barwa le barwadi ba gagwe. Modimo o ne a tlhopha gore a dirise Bogosi go dira dilo tseno, mme Morekolodi ke Jesu Keresete. (Johane 3:16) Ka thuso ya thulaganyo eno, batho ba eleruri ba ikwatlhaileng—ba ba jaaka morwa wa sesenyi wa setshwantsho sa ga Jesu—ba tla letlana le Modimo mme a ba amogele gape go nna bana ba gagwe.—Luke 15:11-24; Baroma 8:21; 2 Bakorintha 6:18.

20. Bogosi bo tlile go diragatsa jang maikaelelo a Modimo?

20 Ruri thato ya ga Jehofa e tlile go diragadiwa ka katlego mo lefatsheng. (Isaia 14:24, 27; 55:11) Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe jo bo okametsweng ke Keresete go tlotlomatsa ka botlalo (go supa kana go bontsha) tshwanelo e a nang le yone ya go nna Molaodi wa rona. Bogosi bo tla fedisa puso ya batho le ya badimona mo lefatsheng leno mme bo tla busa bo le nosi go tswa kwa legodimong ka dingwaga di le sekete. (Baroma 16:20; Tshenolo 20:1-6) Mme gone, bogolo jwa bolaodi jwa ga Jehofa bo tla bontshiwa jang ka nako eo? Morago ga dingwaga tse di sekete Bogosi bo tla bo bo na le seabe sefe? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

Dintlha Tsa Poeletso

• Setlhogo sa Baebele ke eng?

• Ke bomang ba ba mo pusong e ntšha ya lefatshe?

• Ke eng fa batho ba ka se atlege fa ba ipusa kwantle ga Modimo?

• Tshwanelo ya go itlhophela e tshwanetse ya dirisiwa jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Dithuto tsa ga Jesu di ne di gatelela bolaodi jwa Modimo ka Bogosi

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Basupi ba ga Jehofa ba dira gore Bogosi e nne jone thuto ya bone ya konokono mo dinageng tsotlhe

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Hisitori e supa matswela a a sa siamang a go ipusa kwantle ga Modimo

[Metswedi ya Ditshwantsho]

WWI soldiers: U.S. National Archives photo; concentration camp: Oświęcim Museum; child: UN PHOTO 186156/J. Isaac