Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bereka mo “Tshimong”—Pele ga Thobo

Go Bereka mo “Tshimong”—Pele ga Thobo

Go Bereka mo “Tshimong”—Pele ga Thobo

BARUTWA ba Morutisi yo Mogolo ba ne ba gakgametse. Jesu o ne a sa tswa go tlhalosa kgang e khutshwane ya korong le mofero. E ne e le nngwe ya ditshwantsho tse dintsi tse a buileng ka tsone ka letsatsi leo. Fa a fetsa, bontsi jwa bareetsi ba gagwe ba ne ba tsamaya. Mme balatedi ba gagwe ba ne ba itse gore ditshwantsho tsa gagwe di tshwanetse tsa bo di na le bokao jo bo rileng—segolobogolo sa korong le mofero. Ba ne ba itse gore Jesu e ne e se mmoledi fela wa dikgang yo o kgatlhang.

Mathaio o bega gore ba ne ba botsa jaana: “Re tlhalosetse setshwantsho sa mefero ya mo tshimong.” Fa Jesu a araba, o ne a tlhalosa setshwantsho seo ka go bolelela pele ka botlhanogi jo bogolo jo bo neng bo tla nna gone gare ba bao ba ipitsang barutwa ba gagwe. (Mathaio 13:24-30, 36-38, 43) Seno se ile sa direga mme botlhanogi joo bo ile jwa anama ka bonako fa moaposetoloi Johane a sena go swa. (Ditiro 20:29, 30; 2 Bathesalonika 2:6-12) Ditlamorago tsa jone di ile tsa anama thata mo e leng gore potso e Jesu a ileng a e botsa, e e mo go Luke 18:8, e ne ya bonala e tshwanela tota: “Fa Morwa motho a goroga, a tota o tla fitlhela tumelo mo lefatsheng?”

Go goroga ga ga Jesu go tla supa go simologa ga “thobo” ya Bakeresete ba sekamofero. E tla nna sesupo sa ‘bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo,’ se se ileng sa simologa ka 1914. Ka gone ga re a tshwanela go gakgamala gore fa thobo e simologa go ne go setse go na le bangwe ba ba neng ba kgatlhegela boammaaruri jwa Baebele.—Mathaio 13:39.

Fa go tlhatlhobiwa direkoto tsa hisitori di bontsha gore go tloga segolobogolo ka lekgolo la bo15 la dingwaga go ya pele, batho ba ne ba tlhotlheletsega gore ba akanye, tota le bangwe ba boidiidi jo bo mo go Labokeresete ba ba neng ba ntse jaaka “mefero,” kana Bakeresete ba e seng bone. Fa Baebele e ne e simolola go bonwa ka kgololesego mme go kwalwa le dikhonkhodense tsa Baebele, batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba ne ba simolola go sekaseka Dikwalo ka kelotlhoko.

Lesedi le a Phatsima

Mongwe wa banna ba ba ntseng jalo kwa tshimologong ya lekgolo la bo19 la dingwaga e ne e le Henry Grew (1781-1862), yo o neng a tswa kwa Birmingham, kwa Engelane. Fa a ne a le dingwaga di le 13, o ne a ralala lewatle la Atlantic le ba lelapa la gaabo go ya kwa United States mme ba fitlha ka July 8, 1795. Ba ne ba nna kwa Providence, kwa Rhode Island. Batsadi ba gagwe ba ne ba dira gore a rate Baebele. Ka 1807, fa a ne a le dingwaga di le 25, Grew o ne a kopiwa gore a nne moruti wa kereke ya Baptist kwa Hartford, kwa Connecticut.

O ne a tsaya maikarabelo a gagwe a go ruta a le botlhokwa mme a leka go thusa batho ba a neng a tshwanetse go ba tlhokomela gore ba tshele go ya ka Dikwalo. Le fa go ntse jalo, o ne a dumela gore phuthego e tshwanetse go bolokiwa e le phepa e se na batho bape ba ba dirang boleo ka boomo. Ka dinako tse dingwe, ene le banna ba bangwe ba ba nang le maikarabelo mo kerekeng, ba ne ba tshwanela gore ba leleke (kgaole) batho ba ba neng ba dira boaka kana ba ba neng ba dira dilo tse dingwe tse di maswe.

Go ne go na le mathata a mangwe mo kerekeng a a neng a mo tshwenya. Go ne go na le banna bangwe ba e neng e se maloko a kereke ba ba neng ba tlhokomela dikgang tsa kgwebo tsa kereke e bile e le bone ba etelelang pele fa go opelwa. Banna bano ba ne gape ba bouta mo dikgannyeng tse di neng di ama phuthego mme seo se ne se dira gore ba nne le taolo e e rileng mo dikgannyeng tsa yone. Grew o ne a dumela a sa belaele gore ke banna ba ba ikanyegang fela ba ba tshwanetseng go dira ditiro tseno, a theile seo mo molaomotheong wa go ikgaoganya le lefatshe. (2 Bakorintha 6:14-18; Jakobe 1:27) Go ya ka pono ya gagwe, go dira gore batho ba ba sa dumeleng ba opele dipina tse di bakang Modimo e ne e le tlhapatso. Ka ntlha ya boikutlo jono jwa ga Henry Grew, kereke e ne ya mo koba ka 1811. Maloko a mangwe a a neng a ikutlwa jaaka ene a ne a tswa mo kerekeng ka nako yone eo.

Go Ikgaoganya le Labokeresete

Setlhopha seno, go akaretsa le Henry Grew, se ne sa simolola go ithuta Baebele ka boikaelelo jwa gore ba dumalanye matshelo a bone le ditiro tsa bone le kgakololo ya yone. Dithuto tseno di ile tsa ba thusa ka bonako gore ba tlhaloganye boammaaruri jwa Baebele botoka mme tsa dira gore ba senole diphoso tsa Labokeresete. Ka sekai, ka 1824, Grew o ne a kwala kgang e e akanyeditsweng sentle e e ganetsang Tharonngwe. Elatlhoko boammaaruri jo bo mo temaneng eno jo bo tswang mo mokwalong wa gagwe: “‘Ka letsatsi leo, le ura eo ga go na motho ope yo o itseng, le fa e le baengele kwa legodimong, le fa e le Morwa, fa e se RARA.’ [Mareko 13:32] Tlhokomela pharologano ya maemo a batho bano. Motho, Baengele, Morwa, Rara. . . . Morena wa rona o re ruta gore ke Rara fela yo o neng a itse ka letsatsi leo. Mme seno ga se boammaaruri, fa e le gore jaaka bangwe ba akanya, Rara, Lefoko le Moya o o Boitshepo ke batho ba bararo mo Modimong a le mongwe; ka gonne, go ya ka [thuto eno, thuto ya Tharonngwe,] . . . Morwa o ne a le itse fela jaaka Rara.”

Grew o ne a senola boitimokanyi jwa baruti le jwa balaodi ba masole ba ba neng ba itira e kete ba direla Keresete. Ka 1828 o ne a bolela jaana: “A go na le bosatlhomamang jo bo fetang jono jo re ka akanyang ka jone, jwa gore Mokeresete a tswe kwa ntlwaneng ya gagwe e e kwa teng, mo a neng a rapelela baba ba gagwe teng, go tswa foo a bo a laela masole a gagwe gore a tlhabe dipelo tsa bone baba bao ka dibolao tsa bone tse di nang le bogale jwa bopelotlhoi? Mo letlhakoreng le lengwe, o emela ka boitumelo Mong wa gagwe yo o swang; mme kafa letlhakoreng le lengwe o emela mang? Jesu o ne a rapelela babolai ba gagwe. Bakeresete bone ba bolaya batho ba ba ba rapelelang.”

Grew o ile a gatelela gape a kwala jaana: “Re tla dumela leng Mothatayotlhe yo o re tlhomamisetsang gore ga a ‘sotlwe?’ Re tla tlhaloganya leng mokgwa le botlhale jwa bodumedi jo bo boitshepo jo bo tlhokang gore re ithibe le mo ‘ponalong ya bosula?‘ . . . A ga se go senya Morwa wa mosegofadiwa leina, fa re akanya gore bodumedi jwa gagwe bo batla gore motho a itshware jaaka moengele mo letlhakoreng le lengwe mme mo go le lengwe a bo a mo letla gore a itshware jaaka ledimona?”

Botshelo Jo bo Sa Khutleng ga se Selo se re Tshotsweng ka Sone

Mo dingwageng tsa pele ga go nna le radio le thelebishene, tsela e batho ba neng ba rata go tlhalosa boikutlo jwa bone ka yone e ne e le ka go kwala le go anamisa diphamfolete. Mo e ka nnang ka 1835, Grew o ile a kwala phamfolete e e botlhokwa e mo go yone a neng a senola gore dithuto tsa go sa sweng ga moya le molelo wa dihele ga se tsa dikwalo. O ne a akanya gore dithuto tseno di tlhapatsa Modimo.

Phamfolete eno e ne e tla ama batho ba le bantsi. Ka 1837, George Storrs wa dingwaga di le 40 o ne a bona khopi ya yone a le mo tereneng. Storrs e ne e le moagi wa kwa Lebanon, kwa New Hampshire, mme ka nako eno o ne a nna kwa Utica, kwa New York.

E ne e le moruti yo o neng a tlotlega thata wa Kereke ya Methodist-Episcopal. Fa a bala phamfolete eno, o ne a kgatlhwa ke go bona gore go na le mongwe yo o kgonang go ganetsa dithuto tseno tsa motheo tsa Labokeresete ka tsela e e nonofileng jaana, tse a iseng a ko a di belaele pele ga foo. O ne a sa itse mokwadi wa phamfolete eo, mme ene le Henry Grew ba ne ba kopana la ntlha dingwaga dingwe moragonyana, ka 1844, fa bobedi jwa bone ba ne ba nna kwa Philadelphia, kwa Pennsylvania. Le fa go ntse jalo, Storrs o ne a batlisisa kgang eno a le nosi dingwaga di le tharo, a bua ka yone le baruti ba bangwe fela.

Kgabagare, e re ka go ne go se na ope yo o neng a kgona go ganetsa dilo tse a neng a di ithuta, George Storrs o ne a swetsa gore o tla bo a sa ikanyege mo Modimong fa a ne a ka tswelela a le mo Kerekeng ya Methodist. O ne a tlogela kereke ka 1840 mme a fudugela kwa Albany, kwa New York.

Mo tshimologong ya dikgakologo tsa 1842, Storrs o ne a neela metseletsele ya dipuo tse thataro mo dibekeng di le thataro ka setlhogo se se reng “Potso—A Baikepi Ba na Le Bosasweng?” Batho ba ne ba di kgatlhegela thata mo e leng gore o ne a di tokafatsa gore di gatisiwe, mme mo dingwageng tse 40 tse di latelang, go ne ga anamisiwa dikgatiso tsa yone di le 200 000 go ralala United States le Great Britain. Storrs le Grew ba ne ba emana nokeng mo dikganetsanong tse di neng di le malebana le thuto ya go sa sweng ga moya. Grew o ne a tswelela a rera ka tlhoafalo go fitlha a swa ka August 8, 1862, kwa Philadelphia.

Ka bonakonyana morago ga gore Storrs a neele dipuo tsa gagwe tse thataro tse di sa tswang go umakiwa, o ne a kgatlhegela thero ya ga William Miller, yo o neng a lebeletse gore Keresete a boe ka tsela e e bonalang ka 1843. Mo e ka nnang ka dingwaga di le pedi, Storrs o ne a tlhagafetse ka go rera molaetsa ono go ralala bokonebotlhaba jwa United States. Morago ga 1844, o ne a sa tlhole a kgona go tswelela pele ka kgang ya go tlhoma letlha le Keresete a tla boang ka lone, mme o ne a sa ganetse ba bangwe ba ba neng ba batla go tlhotlhomisa tatelano ya ditiragalo. Storrs o ne a dumela gore go boa ga ga Keresete go gaufi le gore go botlhokwa gore Bakeresete ba nne ba thantse e bile ba tsogile semoyeng, ba ipaakanyeditse letsatsi la go tlhatlhobiwa. Mme o ne a kgaogana le setlhopha sa ga Miller ka gonne ba ne ba dumela dithuto tse e seng tsa dikwalo, tse di jaaka go sa sweng ga moya, go fisiwa ga lefatshe le gore batho ba ba swang ba sa itse sepe ga ba na tsholofelo epe ya botshelo jo bo sa khutleng.

Go Rata Modimo Go ne Go Tla Felela ka Eng?

Storrs o ne a tenwa ke pono ya Ba-Adventist ya gore Modimo o tla tsosa batho ba ba boikepo e le fela gore a ba bolaye gape. O ne a sa bone bosupi bope mo Dikwalong jwa gore Modimo o tla ipusolosetsa jalo ka tsela e e sa utlwaleng. Storrs le ditsala tsa gagwe ba ne ba feteletsa dilo gape ka tsela nngwe mme ba swetsa gore batho ba ba boikepo ba ka se ka ba tsosiwa gotlhelele. Le mororo ba ne ba sa kgone go tlhalosa dikwalo dingwe tse di neng di bua ka go tsosiwa ga batho ba ba sa siamang, tshwetso ya bone mo go bone e ne e bonala e tsamaisana thata le tsela e Modimo a leng lorato ka yone. Go ne go tla tloga go nna le tsela e nngwe ya go tlhaloganya maikaelelo a Modimo.

Ka 1870, Storrs o ne a lwala thata mme o ne a sa kgone go bereka dikgwedi di le mmalwa. Ka nako eno, o ne a kgona go boa a tlhatlhobisa dilo tsotlhe tse a di ithutileng mo botshelong jwa gagwe jotlhe jwa dingwaga di le 74. O ne a swetsa gore o ne a fositse karolo e e botlhokwa malebana le maikaelelo a Modimo ka batho jaaka a bontshitswe ke kgolagano ya ga Aborahame—ya gore ‘malapa otlhe a lefatshe a tla itshegofatsa ka gonne Aborahame a reeditse lentswe la Modimo.’—Genesise 22:18; Ditiro 3:25.

Seno se ile sa tlisa kgopolo e ntšha mo tlhaloganyong ya gagwe. Fa “malapa otlhe” a ne a tshwanetse go segofadiwa, a go ne go se kitla go tlhokega gore botlhe ba utlwe dikgang tse di molemo? Ba ne ba tla di utlwa jang? A ga go na dimilione tse dintsi tse di setseng di sule? Fa a tswelela pele go tlhatlhoba Dikwalo, o ne a swetsa gore go ne go na le ditlhopha tse pedi tsa batho ba ba “boikepo” ba ba suleng: bao ba ileng ba gana lorato lwa Modimo ka boomo le ba ba ileng ba swa ba sa itse sepe.

Storrs o ne a swetsa ka gore, ba ba suleng ba sa itse sepe bano ba ne ba tla tshwanela gore ba tsosiwe mo baswing gore ba fiwe tshono ya gore ba solegelwe molemo ke setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete Jesu. Ba ba neng ba se amogela ba ne ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. Ba ba neng ba se gana ba ne ba tla senngwa. Ee, Storrs o ne a dumela gore ga go na ope yo Modimo a neng a tla mo tsosa a se na tsholofelo epe. Kgabagare, go ne go se kitla go nna le ope yo o suleng ka ntlha ya boleo jwa ga Adame fa e se Adame ka boene! Mme go tweng ka ba ba tshelang ka nako ya go boa ga Morena Jesu Keresete? Kgabagare Storrs o ne a lemoga gore tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e tla tshwanela gore e dirwe gore ba fitlhelelwe. O ne a sa itse gotlhelele gore selo se se ntseng jalo se ne se tla dirwa jang, mme o ne a kwala jaana a na le tumelo: “Batho ba le bantsi ba gana selo fa ba sa itse gore se dirwe jang, jaaka e kete Modimo a ka se kgone go se dira ka gonne bone ba sa kgone go bona gore se dirwa eng.”

George Storrs o ne a swa ka December 1879, kwa lelapeng la gagwe kwa Brooklyn, kwa New York, sekgalanyana se se rileng fela go tswa mo go se moragonyana e neng e tla nna lefelo la konokono la tiro ya go rera ya lefatshe lotlhe e a neng a e solofetse ka tlhoafalo.

Go Tlhokega Lesedi le le Oketsegileng

A banna ba ba tshwanang le Henry Grew le George Storrs ba ne ba tlhaloganya boammaaruri ka tsela e e phepafetseng e rona re bo tlhaloganyang ka yone gompieno? Nnyaa. Ba ne ba itse gore ba a kgaratlha, jaaka Storrs a ile a bolela jaana ka 1847: “Re tshwanetse go gakologelwa gore re sa tswa go tswa mo dinakong tsa lefifi tsa kereke; mme go ka se gakgamatse fa re ka fitlhela gore re sa ntse re tsaya ‘ditumelo dingwe tsa Sebabelona’ e le boammaaruri.” Ka sekai, Grew, o ne a anaanela thekololo e Jesu a e ntshitseng, mme o ne a sa tlhaloganye gore e ne e le “thekololo e e lekanang,” e leng botshelo jwa ga Jesu jo bo itekanetseng jo a ileng a bo ntsha mo boemong jwa botshelo jo bo itekanetseng jo bo latlhegileng jwa ga Adame. (1 Timotheo 2:6) Henry Grew gape ka phoso o ne a dumela gore Jesu o ne a tla boa a bo a busa ka tsela ya sebele mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, Grew o ne a amegile ka go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa, e leng kgang e go neng go na le batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba e kgatlhegela fa e sa le ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.

George Storrs le ene o ne a sa tlhaloganye dilo dingwe tse di botlhokwa ka tsela e e tshwanetseng. O ne a kgona go bona maaka a baruti ba neng ba a rotloetsa, mme ka dinako tse dingwe o ne a feteletsa dilo. Ka sekai, go bonala Storrs a ile a feteletsa dilo malebana le pono ya motheo ya bodumedi ya baruti malebana le Satane, ka go bo o ne a gana kgopolo ya gore Diabolo ke motho wa sebele. O ne a ganetsa Tharonngwe; le fa go ntse jalo, o ne a sa tlhomamisege gore a moya o o boitshepo ke motho go fitlha pelenyana fela ga fa a swa. Le mororo kwa tshimologong George Storrs a ne a dumela gore go boa ga ga Keresete go ne go se kitla go bonala, o ne a akanya gore kgabagare o ne a tla bonwa ka matlho. Le fa go ntse jalo, go bonala banna bano ka bobedi ba ne ba ikanyega mme ba tlhoafetse, e bile ba ne ba atamela boammaaruri thata go gaisa batho ba bantsi.

“Tshimo” e Jesu a neng a e tlhalosa mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mefero e ne e ise e siamele go rojwa. (Mathaio 13:38) Grew, Storrs le ba bangwe ba ne ba bereka mo ‘tshimong’ ba e baakanyetsa thobo.

Charles Taze Russell, yo o neng a simolola go gatisiwa ga makasine ono ka 1879, o ne a kwala jaana malebana le dingwaga tsa gagwe tsa bosha: “Morena o ne a re naya thuso e ntsi ya gore re ithute lefoko la Gagwe, mongwe wa batho ba ba tlhaolegang thata ke mokaulengwe wa rona yo o rategang le yo o tsofetseng e bong George Storrs, yo ka lefoko le ka mokwalo a ileng a re thusa thata; mme le ka motlha ga re batle go nna balatedi ba batho, le fa ba ka tswa ba ne ba siame e bile ba le botlhale jang, go na le moo re ‘Balatedi ba Modimo jaaka bana ba ba rategang.’” Ee, baithuti ba Baebele ba ba tlhoafetseng ba ne ba ka solegelwa molemo ke maiteko a a dirilweng ke banna ba ba jaaka Grew le Storrs, mme go ne go sa ntse go le botlhokwa go tlhatlhoba Lefoko la Modimo e leng Baebele, jaaka motswedi wa mmatota wa boammaaruri.—Johane 17:17.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

Se Henry Grew a Neng a se Dumela

Leina la ga Jehofa le tlhapaditswe mme le tshwanetse go itshepisiwa.

Dithuto tsa Tharonngwe, go sa sweng ga moya le molelo wa dihele ke tsa maaka.

Phuthego ya Bokeresete e tshwanetse go kgaogana le lefatshe.

Bakeresete ga ba a tshwanela go nna le seabe mo dintweng tsa ditšhaba.

Bakeresete ga ba kafa tlase ga molao wa Sabata ya Matlhatso kana ya Sontaga.

Bakeresete ga ba a tshwanela go nna karolo ya mekgatlho ya sephiri e e tshwanang le ya Ba-Freemason.

Ga go a tshwanela go nna le ditlhopha tsa baruti le tsa batho fela mo gare ga Bakeresete.

Direto tsa bodumedi di tswa go baganetsakeresete.

Diphuthego tsotlhe di tshwanetse go nna le setlhopha sa bagolwane.

Bagolwane ba tshwanetse go nna boitshepo mo boitshwarong jwa bone jotlhe, go se na se ba ka kgalwang ka sone.

Bakeresete botlhe ba tshwanetse go rera dikgang tse di molemo.

Go tla nna le batho ba ba tla tshelelang ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng.

Dipina tsa Bokeresete e tshwanetse go nna tse di bakang Jehofa le Keresete.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo: Collection of The New-York Historical Society/69288

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]

Se George Storrs a Neng a se Dumela

Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go nna tlhwatlhwa ya thekololo ya batho.

Tiro ya go rerwa ga dikgang tse di molemo ga e ise e dirwe (ka 1871).

Ka ntlha ya seo, bokhutlo bo ne bo ka se nne gaufi ka nako eo (ka 1871). Go ne go tshwanetse ga bo go na le nako e e tlang e tiro ya go rera e neng e tla dirwa ka yone.

Go tla nna le batho ba ba tla ruang botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.

Batho ba ba suleng ba sa itse sepe ba tla tsosiwa. Ba ba amogelang setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Ba ba se ganang ba tla senngwa.

Dithuto tsa go sa sweng ga moya le molelo wa dihele di tlontlolola Modimo.

Sejo sa Maitseboa sa Morena ke segopotso sa ngwaga le ngwaga ka Nisane 14.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo: SIX SERMONS, by George Storrs (1855)

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Ka 1909, C. T. Russell, morulaganyi wa makasine wa “Zion’s Watch Tower,” o ne a fudugela kwa Brooklyn, kwa New York, U.S.A.