Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelela o Nitame Jaaka e Kete o Bona Ene Yo o Sa Bonaleng!

Tswelela o Nitame Jaaka e Kete o Bona Ene Yo o Sa Bonaleng!

Tswelela o Nitame Jaaka e Kete o Bona Ene Yo o Sa Bonaleng!

“[Moshe] o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.”—BAHEBERA 11:27.

1. Ke mafoko afe a a gakgamatsang a Jesu a neng a a bua ka Modimo mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng?

JEHOFA ke Modimo yo o sa bonweng ka matlho. Fa Moshe a ne a kopa Jehofa go bona kgalalelo ya Gagwe, o ne a araba jaana: “Ga o kgone go bona sefatlhego sa me, ka gonne ga go na motho yo o ka mponang a bo a sala a tshela.” (Ekesodo 33:20) Le moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.” (Johane 1:18) Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, tota le ene o ne a sa kgone go bona Modimo. Le fa go ntse jalo, Jesu mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a re: “Go itumela ba ba itshekileng mo pelong, e re ka ba tla bona Modimo.” (Mathaio 5:8) Jesu o ne a bolela eng?

2. Ke eng fa re sa kgone go bona Modimo ka matlho?

2 Dikwalo di tlhalosa Jehofa e le Moya o o sa bonaleng. (Johane 4:24; Bakolosa 1:15; 1 Timotheo 1:17) Ka gone, Jesu o ne a sa bolele gore batho ba ne ba ka bona Jehofa ka matlho. Ke boammaaruri gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla bona Jehofa Modimo kwa legodimong morago ga go tsosiwa go nna ditshedi tsa semoya. Mme gone, batho ba ba “itshekileng mo pelong” e bile ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le bone ba kgona go “bona” Modimo. Ba kgona go mmona jang?

3. Batho ba ka lemoga dingwe tsa dinonofo tsa Modimo jang?

3 Re ithuta sengwe ka Jehofa ka go ela tlhoko dilo tse a di bopileng. Ka gone re ka kgatlhiwa ke maatla a gagwe mme ra tlhotlheletsega go dumela gore ke Modimo Mmopi. (Bahebera 11:3; Tshenolo 4:11) Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana malebana le seno: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” (Baroma 1:20) Ka gone, mafoko a ga Jesu ka ga go bona Modimo a akaretsa go kgona go lemoga dinonofo dingwe tsa ga Jehofa. Go di lemoga jalo go ikaegile ka kitso e e boammaaruri e bile go bonwa ka tsela ya semoya ka ‘matlho a pelo.’ (Baefeso 1:18) Mafoko a ga Jesu le ditiro tsa gagwe le tsone di senola go le gontsi ka Modimo. Ke gone ka moo Jesu a ileng a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Johane 14:9) Jesu o ne a bontsha sentle kafa botho jwa ga Jehofa bo leng ka teng. Ka gone, go itse botshelo jwa ga Jesu le dithuto tsa gagwe go ka re thusa go bona, kana go lemoga dingwe tsa dinonofo tsa Modimo.

Go Anaanela Dilo Tsa Semoya go Botlhokwa

4. Gompieno batho ba le bantsi ba bontsha jang go se anaanele dilo tsa semoya?

4 Go nna le tumelo le go anaanela dilo tsa semoya go botlhokwa thata gompieno. Paulo o ile a re: “Tumelo ga se selo se batho botlhe ba nang le sone.” (2 Bathesalonika 3:2) Bontsi jwa batho ba inaakantse thata le dilo tsa bone ka namana mme ga ba bontshe tumelo ka gope mo Modimong. Boitshwaro jwa bone jwa boleo le go se anaanele dilo tsa semoya go ba dira gore ba se ka ba kgona go mmona ka matlho a tlhaloganyo, ka gonne moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Yo o dirang bosula ga a ise a bone Modimo.” (3 Johane 11) E re ka batho bano ba sa bone Modimo ka matlho, ba itshwara jaaka e kete ga a bone se ba se dirang. (Esekiele 9:9) Ba tlhaetsa dilo tsa semoya matlho, ka gone ga ba kgone go nna le “kitso ya Modimo.” (Diane 2:5) Go a tshwanela he go bo Paulo a ile a kwala jaana: “Motho wa senama ga a amogele dilo tsa moya wa Modimo, gonne ke boeleele mo go ene; mme ga a ka ke a di itse, ka gonne di sekasekwa ka tsela ya semoya.”—1 Bakorintha 2:14.

5. Batho ba ba tsayang dilo tsa semoya di le botlhokwa ba ela eng tlhoko?

5 Le fa go ntse jalo, fa e le gore re tsaya dilo tsa semoya di le botlhokwa, re tla nna re etse tlhoko gore le fa Jehofa e le Modimo yo o sa rateng go re tshwayatshwaya diphoso, o kgona go re lemoga fa re tlhotlhelediwa ke dikakanyo le dikeletso tse di maswe. Ee ruri, “ditsela tsa motho di fa pele ga matlho a ga Jehofa, mme o akanyetsa ditselana tsotlhe tsa gagwe.” (Diane 5:21) Fa re ka fekeediwa ke boleo, re tla ikwatlhaya mme re kope Jehofa gore a re itshwarele ka gonne re mo rata e bile re sa batle go mo utlwisa botlhoko.—Pesalema 78:41; 130:3.

Ke Eng se se Dirang Gore re Eme re Nitame?

6. Go nna re nitame go bolelang?

6 Le fa re sa kgone go bona Jehofa ka matlho, a ka metlha re se lebaleng gore ene o a re bona. Go itse gore o gone le go tlhatswega pelo gore o gaufi le botlhe ba ba mmitsang go tla re thusa gore re nne re nitame—re ikanyega mo go ene re tlhomame re sa tshikinyege. (Pesalema 145:18) Re ka tshwana le Moshe yo Paulo a ileng a kwala jaana ka ene: “Ka tumelo o ne a tloga kwa Egepeto, e se gore o ne a boifa bogale jwa kgosi, gonne o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.”—Bahebera 11:27.

7, 8. Ke eng se se neng sa thusa Moshe go nna pelokgale fa pele ga ga Faro?

7 Fa Moshe a ne a diragatsa taelo e a e neilweng ke Modimo ya gore a ntshe Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto, o ne a ya gangwe le gape kwa go Faro wa mokgokgontshi kwa lelwapeng la segosi le le tletseng ka batlotlegi ba bodumedi le ba sesole. Go ka direga gore dipota tsa ntlo ya segosi di ne di tletse ka ditshwantsho tsa medingwana. Mme le fa Moshe a ne a sa bone Jehofa, o ne a mo tsaya e le motho wa mmatota, a sa tshwane le ditshwantsho tseo tsotlhe tse di neng di emela medimo e e sa tsheleng ya Egepeto. Ga go gakgamatse go bo Moshe a ile a se ka a tshaba Faro!

8 Ke eng se se neng sa thusa Moshe go nna pelokgale go boaboela kwa go Faro? Dikwalo di re bolelela gore “monna yono Moshe e ne e le motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipalo 12:3) Ga go pelaelo gore, go nonofa ga ga Moshe semoyeng le go dumela ka pelo yotlhe gore Modimo o mo eme nokeng ke gone go go neng ga mo naya nonofo e a neng a e tlhoka go emela ‘Ene yo o sa bonaleng’ fa pele ga kgosi e e setlhogo ya Egepeto. Gompieno ke ditsela dife tse dingwe tse batho ba ba “bonang” Modimo yo o sa bonweng ka matlho ba bontshang tumelo ya bone ka tsone?

9. Tsela nngwe e re ka nnang re nitame ka yone ke efe?

9 Tsela nngwe e re ka bontshang tumelo ka yone le go nna re nitame jaaka e kete re bona Ene yo o sa bonaleng ke ka go rera ka bopelokgale le mororo re bogisiwa. Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me.” (Luke 21:17) Gape o ile a ba raya a re: “Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Johane 15:20) Fela jaaka Jesu a ne a boletse, ka bonako fela fa a sena go swa, balatedi ba gagwe ba ne ba bogisiwa ka go tshosediwa, go tshwarwa le go itewa. (Ditiro 4:1-3, 18-21; 5:17, 18, 40) Baaposetoloi ba ga Jesu le barutwa ba bangwe ba ne ba nna ba rera dikgang tse di molemo ka bopelokgale le mororo ba ne ba bogisiwa setlhogo.—Ditiro 4:29-31.

10. Go tshepa ga rona tsela e Jehofa a re tlhokomelang ka yone le go re sireletsa go re thusa jang mo bodireding?

10 Fela jaaka Moshe, balatedi ba pele ba ga Jesu ba ne ba se ka ba tshosiwa ke baba ba bone ba bantsi ba ba neng ba kgona go ba bona. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba dumela mo Modimong, mme seo sa dira gore ba kgone go itshokela pogiso e e setlhogo e ba neng ba lebana le yone. Ee, ba ile ba tswelela ba nitame jaaka e kete ba bona Ene yo o sa bonaleng. Gompieno, go nna re etse tlhoko tsela e Jehofa a re tlhokomelang le go re sireletsa ka yone go re thusa go nna re le pelokgale, go a re nonotsha e bile go re dira gore re se boife sepe fa re dira tiro ya rona ya go rera ka Bogosi. Lefoko la Modimo le bolela gore “go boifa batho ke gone mo go bayang seru, mme yo o ikanyang Jehofa o tla sirelediwa.” (Diane 29:25) Seo se dira gore re se kate ka morago re tshaba pogiso; e bile ga re tlhabisiwe ditlhong ke bodiredi jwa rona. Tumelo ya rona e re tlhotlheletsa go neela baagelani, badirikarona, ba re tsenang sekolo le bone le batho ba bangwe bosupi ka bopelokgale.—Baroma 1:14-16.

Yo o Sa Bonaleng o Kaela Batho ba Gagwe

11. Go ya ka Petere le Jude, batho bangwe ba ba neng ba le mo phuthegong ya Bokeresete ba ne ba bontsha jang go nna bokoa semoyeng?

11 Tumelo e re thusa go bona Jehofa e le ene yo o kaelang phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng. Ka gone re tila go tshwayatshwaya ba ba eteletseng pele mo phuthegong diphoso. Moaposetoloi Petere le monnawe Jesu ka mmaagwe e bong Jude, ba ne ba tlhagisa ka batho bangwe ba ba neng ba le bokoa thata jaana semoyeng mo ba neng ba kgoba banna ba ba eteletseng dilo pele mo Bakereseteng. (2 Petere 2:9-12; Jude 8) A batho bao ba ba tshwayatshwayang diphoso ba ne ba ka bua ka tsela e e ntseng jalo fa pele ga Jehofa fa ba ka bo ba mmona ka namana? Legoka! Mme jaanong ka go bo Modimo a sa bonale, banna bao ba ba bosula ba ne ba tlhokomologa gore ba a ikarabelela mo go ene.

12. Ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go nna le jone ka ba ba eteletseng pele mo phuthegong?

12 Ke boammaaruri gore phuthego ya Bokeresete e dirilwe ka batho ba ba sa itekanelang. Bagolwane ba ka dira diphoso tse ka dinako tse dingwe di ka re amang ka namana. Le fa go ntse jalo, Jehofa o dirisa banna bao go nna badisa ba letsomane la gagwe. (1 Petere 5:1, 2) Banna le basadi ba ba nonofileng semoyeng ba lemoga gore eno ke tsela e nngwe e Jehofa a kaelang batho ba gagwe ka yone. Ka gone, rona Bakeresete, re tila go nna le moya wa go tshwayatshwaya diphoso, wa go ngongorega, mme re bontsha go tlotla dithulaganyo tsa tsamaiso ya puso ya Modimo. Ka go ikobela ba ba re eteletseng pele, re bontsha gore re bona Ene yo o sa bonaleng.—Bahebera 13:17.

Go Tsaya Modimo e le Motlhatlheledi wa Rona yo Mogolo

13, 14. Go tsaya Jehofa e le Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo go kaya eng mo go wena?

13 Go na le sengwe gape se se re tlhokang temogo ya semoya. Isaia o ne a porofeta jaana: “Matlho a lona a tla nna matlho a a bonang Motlhatlheledi wa lona yo Mogolo.” (Isaia 30:20) Go re tlhoka tumelo go lemoga gore Jehofa ke ene yo o re rutang a dirisa phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng. (Mathaio 24:45-47) Go tsaya Modimo e le Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo ga go bolele fela gore re nne le mekgwa e e molemo ya go ithuta Baebele le go nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete. Go bolela gore re sole molemo ka botlalo dithulaganyo tsa Modimo tsa semoya. Ka sekai, re tshwanetse go ela tlhoko go feta kafa go tlwaelegileng ka teng kaelo e Jehofa a re neelang yone ka Jesu e le gore re se ka ra katogela kgakala ka tsela ya semoya.—Bahebera 2:1.

14 Ka dinako tse dingwe go re tlhoka maiteko a a kgethegileng go solegelwa molemo ka botlalo ke dijo tsa semoya. Ka sekai, dipego dingwe tsa Baebele tse re bonang di le thata go di tlhaloganya re ka nna ra itlwaetsa go di bala ka go di fetisa matlho fela re feta. Gongwe e bile fa re bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! re tlola ditlhogo dingwe ka gonne dikgang tsa tsone e se tse di re kgatlhang. Kana re ka tswa re letla megopolo ya rona e kgarakgatshega kwa dipokanong tsa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, re ka nna re thantse fa re akanya sentle ka dintlha tse go buiwang ka tsone. Kanaanelo e kgolo e re nang le yone ka thuto ya semoya e re e neelwang e bontsha gore re tsaya Jehofa e le Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo.

Re Tshwanetse go Ikarabelela

15. Batho bangwe ba ile ba itshwara jang jaaka e kete Jehofa ga a ba bone?

15 Go botlhokwa thata go nna le tumelo mo go Ene yo o sa bonaleng segolobogolo ka gonne boikepo bo aname thata mo ‘motlheng ono wa bokhutlo.’ (Daniele 12:4) Go se ikanyege le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo go atile. Ke boammaaruri gore, go molemo go se lebale gore Jehofa o bona se re se dirang le fa batho bone ba sa re bone. Batho bangwe ba tlhokomologa kgang eno. Fa batho ba bangwe ba sa ba bone, ba ka nna ba inaakanya le boitshwaro jo e seng jwa Dikwalo. Ka sekai, bangwe ba ile ba itetla go lebelela boitlosobodutu jo bo kotsi le ditshwantsho tse di hepisang mo Internet, mo thelebisheneng le ka mekgwa e mengwe ya boranyane jwa segompieno. E re ka ba dira dilo tseno mo sephiring, bangwe ba bone ba ile ba itshwara jaaka e kete Jehofa ga a bone boitshwaro jwa bone.

16. Ke eng se se ka re thusang go dira dilo ka tsela e e dumalanang le melao ya ga Jehofa ya maemo a a kwa godimo?

16 Go molemo go se lebale mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.” (Baroma 14:12) Re tshwanetse go ela tlhoko gore nako le nako fa re leofa, re leofela Jehofa. Go itse seno go tshwanetse ga re thusa go tshela ka tsela e e dumalanang le melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo le go tila boitsholo jo bo leswe. Baebele e re gakolola jaana: “Ga go na sebopiwa se se sa bonatshegeng mo ponong ya gagwe, mme dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Bahebera 4:13) Ke boammaaruri gore, re tshwanetse go ikarabelela mo Modimong, mme gone, lebaka le legolo la go bo re dira thato ya ga Jehofa le go ikobela melao ya gagwe e e siameng ke ka go bo re mo rata. Ka gone, a re nneng kelotlhoko malebana le dilo tse di jaaka boitlosobodutu jo re bo ratang le boitshwaro jwa rona fa re na le ba bong bo sele.

17. Jehofa o re ela tlhoko ka tsela efe?

17 Jehofa o re kgatlhegela thata, mme seo ga se bolele gore o nna a letetse go bona re dira diphoso e le gore a tle a re otlhaye. Go na le moo, o nna a re etse tlhoko ka lorato lo lo tshwanang le lwa rre yo o batlang go duela bana ba gagwe ba ba kutlo. A bo go kgothatsa jang ruri go itse gore Rraarona wa selegodimo o itumedisiwa ke tumelo ya rona e bile ke “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo”! (Bahebera 11:6) E kete re ka bontsha go dumela mo go Jehofa ka pelo yotlhe mme re mo “direle ka pelo e e feletseng.”—1 Ditiragalo 28:9.

18. E re ka Jehofa a re etse tlhoko e bile a tlhokometse boikanyegi jwa rona, Dikwalo di re tlhomamisetsa eng?

18 Diane 15:3 ya re: “Matlho a ga Jehofa a mo lefelong lengwe le lengwe, a nna a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.” Ee, Modimo o nna a etse tlhoko batho ba ba bosula mme o dirisana le bone go ya ka boitshwaro jwa bone. Le fa go ntse jalo, fa re le batho “ba ba molemo,” re ka tlhomamisega gore Jehofa o etse tlhoko ditiro tsa rona tsa boikanyegi. A bo go nonotsha tumelo jang go itse gore ‘tiro ya rona e re e dirang ka natla ga se ya lefela mo Moreneng’ le gore ene yo o sa bonaleng ga a kitla a ‘lebala tiro ya rona le lorato lo re lo bontshitseng leina la gagwe’!—1 Bakorintha 15:58; Bahebera 6:10.

Go Kopa Jehofa Gore a re Tlhatlhobe

19. Mengwe ya melemo ya go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa ke efe?

19 Jehofa o re tsaya re le botlhokwa thata e re ka re le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Mathaio 10:29-31) Le mororo a sa bonale, a ka nna motho wa mmatota mo go rona, mme re ka bontsha go anaanela kamano e e botlhokwa e re nang le yone le ene. Go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo ka Rraarona wa selegodimo go ka re leretse melemo e le mentsi. Tumelo ya rona e e nonofileng e tla re thusa go nna le pelo e e siameng le segakolodi se se molemo fa pele ga ga Jehofa. Tumelo e e seng ya boitimokanyo le yone e re thusa go tshela botshelo jo e seng jwa boitimokanyo. (1 Timotheo 1:5, 18, 19) Go nna le tumelo e e nonofileng mo Modimong go re thusa go tlhoma sekao se se molemo e bile go ka tlhotlheletsa batho ba re tshelang le bone ka tsela e e molemo. (1 Timotheo 4:12) Mo godimo ga moo, tumelo e e ntseng jalo e rotloetsa boitsholo jo bo molemo jo bo dirang gore Jehofa a itumele.—Diane 27:11.

20, 21. (a) Ke eng fa go le molemo go bo Jehofa a re ela tlhoko? (b) Re ka dirisa jang mafoko a Pesalema 139:23, 24?

20 Fa ruri re le botlhale, re tla itumelela go bo Jehofa a nna a re etse tlhoko. Ga re batle fela gore a re ele tlhoko, mme gape re batla le gore a sekaseke megopolo le ditiro tsa rona ka kelotlhoko. Fa re rapela, re dira sentle fa re kopa Jehofa gore a re sekaseke thata le go leba gore a re ka tswa re se na ditshekamelo dipe tse di sa siamang. Ruri a ka re thusa go itshokela mathata a rona le go dira diphetogo dipe tse di tlhokegang. Go a tshwanela go bo mopesalema Dafide a ile a opela jaana: “Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna, mme o nkgoge mo tseleng ya bosakhutleng.”—Pesalema 139:23, 24.

21 Dafide o ne a kopa Jehofa gore a mo sekaseke go bona gore a ga a na “tsela epe e e botlhoko” mo go ene. Fela jaaka mopesalema, a ga re batle gore Modimo a sekaseke dipelo tsa rona mme a bone gore a re ka tswa re sena maitlhomo ape a a sa siamang? Ka gone, a ka tumelo re kopeng Jehofa go re tlhatlhoba. Mme go tweng fa e le gore re tlhobaediwa ke phoso nngwe kana re jewa ke sengwe se se utlwisang botlhoko? Fa go le jalo, a re nneng re rapele Modimo wa rona yo o lorato, Jehofa, re sa kgaotse mme re ikokobeletse kaelo ya moya wa gagwe o o boitshepo le kgakololo ya Lefoko la gagwe. Re ka tshepa gore o tla re ema nokeng le go re thusa go nna re tshela ka tsela e e tla dirang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng.—Pesalema 40:11-13.

22. Re tshwanetse go ikemisetsa eng malebana le Ene yo o sa bonaleng?

22 Ee, Jehofa o tla re segofatsa ka botshelo jo bo sa khutleng fa re dira se a se batlang. Ke boammaaruri gore, re tshwanetse go se tlhaetse maatla a gagwe le bolaodi jwa gagwe matlho, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a kwala jaana: “A Kgosi ya bosakhutleng, e e sa senyegeng, e e sa bonaleng, Modimo yo o esi, e nne le tlotlo le kgalalelo ka bosaengkae le go ya go ile. Amen.” (1 Timotheo 1:17) A ka metlha re bontsheng go tlotla Jehofa jalo go tswa pelong. Mme le fa go ka direga eng, a le ka motlha re se letle gore go ikemisetsa ga rona gore re tla nna re nitame jaaka e kete re bona Ene yo o sa bonaleng go koafale.

O ne O Tla Araba Jang?

• Batho ba ka kgona go bona Modimo jang?

• Fa Jehofa e le motho wa mmatota mo go rona, re tla itshwara jang fa re bogisiwa?

• Go tsaya Jehofa e le Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo go bolelang?

• Ke eng fa re tshwanetse go batla gore Jehofa a re sekaseke?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Moshe o ne a se ka a tshaba Faro, o ne a dira jaaka e kete o bona Jehofa, Modimo yo o sa bonaleng

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

A le ka motlha re se itshware jaaka e kete Jehofa ga a bone se re se dirang

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Re senka kitso ya Modimo ka tlhoafalo ka gonne re mo tsaya e le Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo