Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelele Tsholofelo ya Bogosi!

Itumelele Tsholofelo ya Bogosi!

Itumelele Tsholofelo ya Bogosi!

E NE e le tiragalo e e itumedisang e e neng ya dira gore batho ba le 5 784 ba kokoane mmogo ka March 10, 2001, kwa mafelong a mararo a New York State a a dirisiwang ke lelapa le legolo la Bethele. Tiragalo eo e ne e le ya go aloga ga setlhopha sa bo110 sa sekolo sa barongwa sa Gileate.

Carey Barber yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a amogela botlhe ba ba neng ba le gone le go simolola thulaganyo ka go re: “Re itumela tota go bo gone jaanong go setse go na le ditlhopha di le 110 tsa baithuti ba Gileate tse di thapiseditsweng go nna barongwa le go romelwa kwa ditshimong tsa lefatshe lotlhe.”

Tsela ya go Nna ba Itumetse

Fa Mokaulengwe Barber a sena go bua mafoko ao a a simololang, Don Adams o ne a bua le bareetsi, go akaretsa le baalogi ba le 48, ka setlhogo se se reng “Masego a ga Jehofa a a Humisa.” O ne a theile puo ya gagwe mo go Diane 10:22 mme a gopotsa bareetsi gore Jehofa o tlhokomela batlhanka ba gagwe le go ba segofatsa fa ba dira gore dilo tse di direlwang Bogosi e nne tsone tse di tlang pele mo botshelong jwa bone. O ne a kgothaletsa baithuti gore ba amogele dikabelo tsa bone tse disha ka maikutlo a a tshwanang le a moaposetoloi Paulo a neng a na le one fa a ne a kopiwa gore a ‘tle kwa Makedonia go tla go thusa.’ (Ditiro 16:9) Le fa Paulo a ile a nna le mathata a o neng a lebana le one, tsela e a neng a iketleeleditse go rera ka yone kwa a neng a kaetswe go ya teng e ne ya felela ka matswela a a itumedisang.

Setlhopha se se neng se aloga se ne se feditse thuto ya bone ya Baebele le thapiso ya dikgwedi tse tlhano go ipaakanyetsa tiro ya borongwa. Le fa go ntse jalo, Daniel Sydlik yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa o ne a ba kgothaletsa gore ba tswelele pele ba ithuta. Mo puong ya gagwe ya setlhogo se se reng “Nnang Barutwa ba Boammaaruri,” o ne a akgela jaana: “Go nna morutwa go bolela go nna o ikobela mafoko a ga Jesu ka metlha. Go akaretsa go iketleeletsa go reetsa mafoko a gagwe, molaetsa wa gagwe le thuto ya gagwe ka metlha.” O ne a ba lemotsha gore morutwa wa ga Keresete ga a dire ditshwetso kwantle ga go reetsa lentswe la Mong wa gagwe; botlhale jwa Modimo bo golagane le botshelo jwa ga Keresete. (Bakolosa 2:3) Ga go ope wa rona yo o ka utlwang mafoko a ga Jesu gangwe fela a bo a bolela gore o itse gotlhe ka ene, ka gone Mokaulengwe Sydlik o ne a kgothaletsa baalogi gore ba tswelele pele ba ithuta, ba dirisa le go ruta ba bangwe boammaaruri jwa Bokeresete, jo bo gololang batho.—Johane 8:31, 32.

Gore motho a tswelele pele a itumetse mo tirelong ya Modimo, o tshwanetse go iketleeletsa go amogela kotlhao le kgalemelo. Motlhatlheledi wa Gileate e bong Lawrence Bowen o ne a botsa potso e e reng, “A Diphilo Tsa Gago di Tla go Kgalemela?” O ne a tlhalosa gore mo Baebeleng diphilo tsa tshwantshetso di amanngwa le dikakanyo le maikutlo a a boteng. Di ka gakolola motho fa e le gore o dirile gore kgakololo e e tlhotlheleditsweng go tswa mo Lefokong la Modimo e nwelelele mo dikarolong tse di kwa tengteng tsa botho jwa gagwe. (Pesalema 16:7; Jeremia 17:10) Tsela e motho a tshelang ka boikanyegi ka yone e ka ama Jehofa fela thata. Fa sebui se sena go bala Diane 23:15, 16, se ne sa botsa jaana: “A diphilo tsa gago di tla go kgalemela?” O ne a oketsa jaana: “Re rapelela gore go nne jalo, mme go dira jalo go tla dira gore Jehofa a ikutlwe a itumetse tota. Go tla mo ama maikutlo thata. Ee, lo tla dira gore diphilo tsa Modimo di itumele fa ka boikanyegi lo kgomarela dikabelo tsa lona.”

Puo ya bofelo mo karolong eno e ne e neelwa ke Mark Noumair, yo o kileng a nna morongwa kwa Kenya pele ga a nna motlhatlheledi wa Gileate. Puo ya gagwe ya setlhogo se se reng, “Go Botoka go Bona ka Matlho” e ne ya gatelela gore go botlhokwa go lwela go kgotsofala. Mokaulengwe Noumair o ne a akantsha jaana go dumalana le Moreri 6:9: “Leba dilo kafa di leng ka teng. Seo ke ‘go bona ka matlho.’ Go na le gore o ijese dijo tsa ditoro ka sengwe se o batlang go se dira mme o sa se dire, tlhoma mogopolo mo go diriseng ka botlalo maemo a o leng mo go one gone jaanong. Go nnela go ijesa dijo tsa ditoro, o lebelela dilo tse di sa kgonegeng kana o nnela go akanya thata ka dilo tse di sa go itumediseng mo kabelong ya gago go tla dira fela gore o nne o sa itumela e bile o sa kgotsofala.” Ee, le fa re ka tswa re le kae kana re le mo maemong afe, go lwela go nna batho ba ba kgotsofalelang maemo a re leng mo go one ka tsela ya bomodimo go tla re thusa gore re direle Mmopi wa rona yo Mogolo re itumetse.

Maitemogelo a a Itumedisang a Tirelo ya Bogosi le Kwa Gileate

Morago ga kgakololo e e molemo go tswa mo dipuong tseo, baithuti ba ne ba tlotla ka mangwe a maitemogelo a ba nnileng le one fa ba le mo bodireding mo dikgweding tse tlhano tsa dithuto tsa bone. Ka go botsolodiwa ke Wallace Liverance, yo e leng mokwadisi wa Sekolo sa Gileate, baithuti ba ba alogang ba ne ba bolela kafa ba itshupileng ba tshwanelega ka teng go nna badiredi ba Modimo. (2 Bakorintha 4:2) Ba ile ba kgona go ikuela mo digakoloding tsa batho bangwe tse ba di filweng ke Modimo. Maitemogelo a baithuti a bontsha kafa go neng ga simololwa dithuto tsa Baebele ka teng le batho ba ba tlhoafetseng ba ba neng ba kopana le bone mo mmileng, mo bodireding jwa ntlo le ntlo le kwa mafelong a mangwe. Mo makgetlong a mangwe batho ba ba kgatlhegang ba ne ba re dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng tsa mokgatlho wa ga Jehofa di na le boammaaruri. Mong wa ntlo mongwe o ne a tsibogela temana nngwe ya Baebele ka tsela e e molemo. Gone jaanong o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.

Go tswa foo, Joel Adams o ne a botsolotsa baalogi ba Gileate ba dingwaga tse di fetileng. Setlhogo sa gagwe se ne se re “Se Kgaotse go Ithuta, Se Kgaotse go Direla Jehofa.” Batho ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba neela barongwa bano ba basha kgakololo e e tshwanelang. Fa Harry Johnson a ne a gopola malatsi a fa a ne a le mo setlhopheng sa bo26 sa Gileate o ile a re: “Re ne ra rutiwa gore Jehofa ga a bolo go nna a etelela batho ba gagwe pele le gore o tla nna a ba eteletse pele. Tshepo e e ntseng jalo ke yone e e ileng ya re kgothatsa go ralala dingwaga.” William Nonkes wa setlhopha sa bo53 sa Gileate o ne a gakolola baalogi jaana: “Selo se se botlhokwa go di feta tsotlhe ke gore lo se lebale melaometheo ya Baebele mme lo e dirise mo ditshwetsong tsotlhe tse lo tshwanelwang ke go di dira mo botshelong gone jaanong le ka bosakhutleng. Fa lo dira jalo, lo tla kgona go kgomarela kabelo ya lona mme Jehofa o tla lo segofatsa thata.”

Richard Rian o ne a tlhopha go bua ka setlhogo se se reng, “Go Nonotshediwa go Diragatsa Thato ya Modimo.” Mongwe wa batho ba a neng a ba botsolotsa e ne e le John Kurtz, yo o alogileng mo setlhopheng sa bo30, yo o feditseng dingwaga tse di fetang 41 kwa Spain e le morongwa. Fa Mokaulengwe Kurtz a ne a bodiwa ka dithuto tse ba di rutiwang mo Gileate, o ne a re: “Buka ya konokono e re e rutwang ke Baebele. Go tswa foo re dirisa dikgatiso tsa go ithuta Baebele tse di re thusang go e tlhaloganya. Batho botlhe ba ka nna le tsone. Ga go na tshedimosetso epe e e leng sephiri mo Gileate. Ka metlha ke gatelela seno ka gonne batho botlhe ba ka bona tshedimosetso e re e neelwang mo Gileate.”

Mokaulengwe Gerrit Lösch, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a sobokanya thulaganyo eo ya semoya ka go bua ka setlhogo se se reng, “Go Nna mo Diphukeng Tsa ga Jehofa le Kafa Tlase ga Tsone.” O ne a tlhalosa kafa tsela e Modimo a sireletsang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang le e a ba emang nokeng ka yone e tshwantshiwang ka teng le diphuka tsa ntsu mo Baebeleng. (Duteronome 32:11, 12; Pesalema 91:4) Ka dinako tse dingwe ntsu e tsharolola diphuka ka diura tse dintsi go sireletsa mamphorwana a yone. Ka dinako tse dingwe, mmè wa ntsu a ka phutha mamphorwana ka diphuka go a sireletsa mo diphefong tse di tsididi. Go ntse fela jalo le ka Jehofa, go dumalana le thato ya gagwe, a ka thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang segolobogolo fa ba lebane le diteko tsa semoya. Jehofa ga a letle batlhanka ba gagwe ba lekwa go feta kafa ba ka itshokang ka teng, go na le moo o ba bulela ditsela tsa go ba thusa go di itshokela. (1 Bakorintha 10:13) Mokaulengwe Lösch o ne a konela ka go re: “Gore re nne re sireletsegile semoyeng re tshwanetse go nna re le kafa tlase ga diphuka tsa ga Jehofa. Seno se bolela gore ga re a tshwanela go batla go itaola. A ka metlha re nne gaufi le Jehofa le phuthego ya gagwe ya sekammè re sa itlhokomolose kaelo le kgakololo ya bone e e lorato.”

Modulasetulo o ne a bala dithelekerama le melaetsa ya keleletso masego go tswa mo lefatsheng lotlhe. Go tswa foo ba ne ba abelwa didipoloma tsa bone. Fa Sekolo sa Gileate se ne se tlhongwa, boikaelelo e ne e le gore go nne le ditlhopha di le mmalwa fela mo dingwageng tse tlhano. Le fa go ntse jalo, sekolo seno se na le dingwaga di le 58 Jehofa Modimo a ntse a se bolokile. Go ntse fela jaaka Mokaulengwe Barber a ile a bua jaana mo mafokong a gagwe a a simololang: “A bo baalogi ba Gileate ba ile ba itirela rekoto e ntle jang ne fa e sa le go tloga ka 1943, fa Gileate e ne e kgakolwa! Maiteko a bone botlhe a dirile gore go nne le dikete di le makgolokgolo tsa batho ba ba pelonolo ba lefatshe ba ba ileng ba oketsa phuthego e e galalelang ya ga Jehofa.” Ee, sekolo seno sa barongwa se dirile gore dimilione tsa batho di itumelele tsholofelo ya Bogosi.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

DIPALOPALO TSA TLELASE

Palo ya dinaga tse di emetsweng: 8

Palo ya dinaga tse ba di abetsweng: 18

Palogotlhe ya baithuti: 48

Palogare ya dingwaga: 34

Palogare ya dingwaga mo boammaaruring: 18

Palogare ya dingwaga mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Setlhopha sa bo110 sa Baalogi ba Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Vacek, E.; Madelin, L.; Evans, G.; Watanabe, K. (2) Trafford, P.; Turfa, J.; Wilson, P.; Williams, R.; Weber, A. (3) Johnson, T.; Hanau, K.; Mourlhou, F.; Charpentier, F.; Peckham, R.; Androsoff, P. (4) Seegers, T.; Seegers, D.; Bailey, P.; Bailey, M.; Madelin, K.; Lippold, E.; Lippold, T. (5) Evans, N.; Gold, R.; Bollmann, I.; Vacek, R.; Oundjian, J.; Wilson, N. (6) Turfa, J.; Zuidema, L.; Zuidema, R.; Bengtsson, C.; Bengtsson, J.; Galano, M.; Galano, L. (7) Peckham, T.; Mourlhou, J.; Charpentier, C.; Gold, M.; Bollmann, R.; Oundjian, F. (8) Weber, R.; Johnson, B.; Hanau, D.; Watanabe, Y.; Williams, R.; Trafford, G.; Androsoff, T.