Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Basha ka Kaelo e e Tshwanelang

Go Thusa Basha ka Kaelo e e Tshwanelang

Lo Eme Lo Feletse Le ka Go Tlhatswega Pelo mo go Nitameng

Go Thusa Basha ka Kaelo e e Tshwanelang

EPAFORASE e ne e le Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a tsere loeto go ya Roma. Le fa go ntse jalo, go a utlwala go bo a ne a sa fetse go akanya ka Kolosa, motse mongwe kwa Asia Minor. O ne a ile a rera dikgang tse di molemo koo mme kwantle ga pelaelo o ne a thusitse Bakolosa bangwe go nna barutwa ba ga Jesu Keresete. (Bakolosa 1:7) Epaforase o ne a tshwenyegile thata ka badumedi mmogo le ene ba ba kwa Kolosa, ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a ba kwalela jaana a le kwa Roma: “Epaforase, . . . o lo romelela ditumediso tsa gagwe, ka metlha a iteka mo boemong jwa lona mo dithapelong tsa gagwe, gore kwa bofelong lo eme lo feletse le ka go tlhatswega pelo mo go nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.”—Bakolosa 4:12.

Ka tsela e e tshwanang, gompieno borre le bommè ba Bakeresete ba rapela ka tlhoafalo gore bana ba bone ba itekanele semoyeng. Batsadi bano ba kgaratlhela go tsenya go rata Modimo mo dipelong tsa bana ba bone gore ba tle ba nitame mo tumelong.

Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba ile ba kopa thuso gore ba kgone go dirisana le dikgwetlho tse ba lebanang le tsone fa ba le kwa sekolong le fa ba se kwa sekolong. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 15 o ne a re: “Mathata a rona a a etegela. Botshelo bo tshosa thata. Re tlhoka thuso!” A dikopo tsa basha bano le dithapelo tsa batsadi ba bone ba ba boifang Modimo di ile tsa arabiwa? Ee! “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o ile a ntsha kaelo e e theilweng mo Baebeleng. (Mathaio 24:45) Fano go na le dingwe tsa dibuka tse di ileng tsa thusa makgolo a dikete tsa basha go ‘ema ba feletse le ka go tlhatswega pelo mo go nitameng.’ A re sekasekeng dingwe tsa dikgatiso tseno.

“Bonang . . . Basupi ba Basha ba le 15 000!”

Ka August wa 1941, bareetsi ba le 115 000 ba ne ba kopana kwa St. Louis, Missouri, kwa U.S.A., ba tlile kopanong ya kgaolo e kgolo go feta tsotlhe tse Basupi ba ga Jehofa ba neng ba kile ba di tshwara go fitlha ka nako eo. Mo letsatsing la bofelo la kopano eno—“Letsatsi la Bana”—bana ba ka nna 15 000 ba ba neng ba dutse gaufi le serala ba ne ba reetsa ka tlhoafalo fa Joseph F. Rutherford a ne a bua ka setlhogo se se reng “Bana ba Kgosi.” Kwa bokhutlong jwa puo ya gagwe, Rutherford wa dingwaga di le 71 o ne a bua jaana ka lentswe la rre a bua le bana ba gagwe:

“Lona lotlhe . . . bana ba ba dumetseng . . . go utlwa Modimo le Kgosi ya gagwe, tsweetswee emang ka dinao.” Bana ba ne ba ema ka nako e le nngwe. Mokaulengwe Rutherford a re: “Bonang, basupi ba basha ba ba fetang 15 000 ba Bogosi!” Go ne ga utlwala modumo o mogolo wa go itewa ga magofi. Sebui se ne sa oketsa sa re: “Lona lotlhe ba lo tla dirang sotlhe se lo ka se kgonang go bolelela ba bangwe ka bogosi jwa Modimo . . . , tsweetswee e reng Ee.” Bana ba ne ba araba ka lentswe le legolo ba re “Ee!” Morago ga moo o ne a ntsha buka e ntšha ya Children, e e neng ya amogelwa ka loshalaba lo logolo.

Morago ga puo eno e e gapang maikutlo, mokoloko o moleele wa basha o ne wa tsamaela kwa seraleng, koo Mokaulengwe Rutherford a neng a ba naya mpho ya khopi ya buka e ntšha. E ne ya re fa bareetsi ba bona seno matlho a bone a gelela dikeledi. Motho mongwe yo o boneng tiragalo eno ka matlho o ne a bua jaana: “Motho yo o peloethata ke ene fela a neng a ka se amiwe maikutlo ke go bona basha ba [bontsha] tshepo le tumelo e e feletseng e ba nang le yone mo Modimong wa bone, Jehofa.”

Kwa kopanong eo e e sa lebalesegeng, go ne ga kolobediwa basha ba le 1 300, ba bontsha fa ba ineetse mo go Jehofa. Ba le bantsi ba bone ba ne ba nna ba nitame mo tumelong nako kgolo ke eno. Ba ema diphuthego tsa bone nokeng, ke baithaopi ba Bethele, kana ba direla e le barongwa kwa dinageng di sele. Ee, “Letsatsi la Bana” le buka ya Children di nnile le diphelelo tse di nnelang ruri mo dipelong tsa basha ba le bantsi!

“Go Bonala ka Metlha di Tla ka Nako e e Tshwanetseng Tota”

Ka dingwaga tsa bo1970, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba gatisa dibuka tse dingwe tse tharo tse di neng tsa ama dipelo tsa basha ba ba makgolo a a dikete. Dibuka tseno e ne e le Go Reetsa Morutisi yo Mogolo, Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone, le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. Ka 1982, motseletsele wa ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” o ne wa simolola go tlhaga mo makasineng wa Tsogang! Ditlhogo tseno di ile tsa amogelwa ka diatla tsoopedi ke basha le bagolo. Mosha mongwe wa dingwaga di le 14 o ne a re: “Ke leboga Modimo bosigo bongwe le bongwe go bo a dirile gore di gatisiwe.” Yo mongwe wa dingwaga tse 13 o ne a akgela ka go re: “Ke rata ditlhogo tseno, go bonala ka metlha di tla ka nako e e tshwanetseng tota.” Batsadi le bagolwane ba ba tlhomilweng ba Bakeresete ba dumela gore ditlhogo tseno di ntse di tla ka nako e e tshwanetseng e bile di a thusa.

Ka 1989 go ne go tlhagile ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” di ka nna 200 mo makasineng wa Tsogang! Kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo” ya ngwaga oo, go ile ga gololwa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. A e thusitse basha go nna ba nitame mo tumelong? Basha ba le bararo ba ile ba kwala jaana: “Buka eno e re thusitse fela thata go tlhaloganya mathata a rona le go itse gore re ka lebana jang le one. Re leboga gore lo bo lo amega ka rona.” Babadi ba le bantsi ba basha go dikologa lefatshe ba dumalana le seo.

“Di re Kgorisitse”

Ka 1999, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba direla basha kaelo e nngwe gape e e tshwanelang—bidio ya Young People Ask—How Can I Make Real Friends? E ne ya amogelwa ka diatla tsoopedi. Mosha mongwe wa dingwaga di le 14 o ne a re: “Bidio eno e ne ya ama pelo ya me fela thata.” Mmè mongwe yo o sa nyalwang o ne a re: “E tla nna sengwe sa dijo tsa semoya tse re di jang ka metlha.” Mohumagatsana mongwe o ne a re: “Go a itumedisa go itse gore Tsala ya rona e kgolo, e bong Jehofa, ruri o a re rata e bile o amega ka basha ba ba mo phuthegong ya gagwe ya lefatshe lotlhe.”

Bidio eno e ne ya fitlhelela eng? Basha ba re: “E nthusitse go ela tlhoko ditsala tsa me, go pitlologa mo phuthegong le go dira Jehofa tsala ya me.” “E nthusitse go nna pelokgale fa ke na le balekane ba me.” “E dirile gore ke nitame mo maikaelelong a me a go direla Jehofa ka mo nka kgonang ka gone.” Mme banyalani bangwe bone ba ne ba kwala jaana: “Re lo leboga go menagane ka ‘dijo’ tseno. Di re kgorisitse.”

Fela jaaka a romilwe ke Modimo, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo o tloditsweng o ntshitse dijo tsa semoya tse di tshwanetseng a di naya botlhe ba ba tla di amogelang. Mme a bo go itumedisa jang go bona kafa kaelo e e ntseng jalo ya Dikwalo e thusang basha gompieno ka teng gore ba “eme [ba] feletse le ka go tlhatswega pelo mo go nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo”!