Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kobamelo ya Boammaaruri e Kopanya Batho

Kobamelo ya Boammaaruri e Kopanya Batho

Kobamelo ya Boammaaruri e Kopanya Batho

LE MORORO bodumedi ka kakaretso bo kgaoganya batho, kobamelo ya Modimo o o osi wa boammaaruri e na le maatla a go kopanya batho. Ka nako ya fa Iseraele e ne e le setšhaba se se tlhophilweng sa Modimo, Baditšhaba ba le bantsi ba ba dipelo di phepa ba ne ba kgatlhwa ke kobamelo ya boammaaruri. Ka sekai, Ruthe o ne a tlogela medimo ya gabone ya Moabe mme a raya Naomi a re: “Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.” (Ruthe 1:16) Ka lekgolo la ntlha ya dingwaga C.E., palo e kgolo ya Baditšhaba e ile ya nna baobamedi ba Modimo wa boammaaruri. (Ditiro 13:48; 17:4) Moragonyana fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba ya kwa mafelong a a kwa kgakala ka dikgang tse di molemo, batho ba bangwe ba ba tlhoafetseng ba ne ba nna seoposengwe mo kobamelong ya Modimo wa boammaaruri. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lo [ne] lwa retologela kwa Modimong ka gone lo tswa mo medingwaneng ya lona gore lo nne batlhanka ba Modimo yo o tshelang le wa boammaaruri.” (1 Bathesalonika 1:9) A kobamelo ya Modimo wa boammaaruri e na le maatla a a ntseng jalo a a kopanyang batho gompieno?

Babelaedi ba gatelela gore ga go a siama go bua ka “baobamedi ba boammaaruri” kana “Modimo wa boammaaruri.” Ba ka tswa ba ikutlwa jalo ka go bo ba sa itse motswedi ope o go ka ithutwang boammaaruri mo go one. Mme batho ba ba batlang boammaaruri ba ba tswang mo mafelong a a farologaneng ba ile ba lemoga gore kobamelo ga se kgang ya gore motho a dire se a se batlang. Motho a le mongwe yo re tshwanetseng go mo obamela ke Mmopi wa dilo tsotlhe—Jehofa Modimo. (Tshenolo 4:11) Ke Modimo wa boammaaruri, mme o na le tshwanelo ya go swetsa gore o batla go obamelwa jang.

Go re thusa go itse gore o batla eng, Jehofa o ile a buisana le rona ka Lefoko la gagwe e leng Baebele. Mo e ka nnang mongwe le mongwe gompieno mo lefatsheng a ka kgona go nna le Baebele e feletse kana dikarolo tsa yone. Mo godimo ga moo, Morwa Modimo o ne a bolela jaana: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, . . . lo tla itse boammaaruri.” (Johane 8:31, 32) Ka gone, boammaaruri bo ka itsiwe. Mme dimilione tsa batho ba ba dipelo di ikanyegang go tswa mo ditumelong tse di farologaneng ba amogela boammaaruri jono ka bopelokgale mme ba kopanngwa mo kobamelong ya boammaaruri.—Mathaio 28:19, 20; Tshenolo 7:9, 10.

Go Nna Seoposengwe mo Lefatsheng Lotlhe mo Motlheng wa Rona!

Boporofeti bongwe jo bo tlhomologileng jwa buka ya Baebele ya Sefania bo bua ka go kopana mmogo ga batho ba ditsela tse di farologaneng. Bo bolela jaana: “Ka nako eo [nna Jehofa Modimo] ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.” (Sefania 3:9) A bo e le setshwantsho se sentle jang sa batho ba ba fetogileng ba ba direlang Modimo ba le seoposengwe!

Se se ne se tla diragala leng? Sefania 3:8 e bolela jaana: “‘Nnang lo ntebeletse,’ go bua Jehofa, ‘go fitlha letsatsi la go ema ga me ke emela kgapo, gonne tshwetso ya me ya boatlhodi ke go phutha ditšhaba, gore ke phuthe magosi mmogo, gore ke a tshele ka katlholo ya me, bogale jotlhe jwa me jo bo tukang; gonne lefatshe lotlhe le tla lailwa ke molelo wa tlhoafalo ya me.’” Ee, ka nako ya fa Jehofa a phutha ditšhaba mme e le pele ga a tshela bogale jwa gagwe mo go tsone, o fetolela batho ba ba pelonomi ba lefatshe mo puong e e itshekileng. Nako eo ke gone jaanong, ka gonne go phuthelwa ga ditšhaba tsotlhe mo ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe kwa Aramagedona go setse go simolotse.—Tshenolo 16:14, 16.

Go dira gore batho ba gagwe ba nne seoposengwe, Jehofa o ba naya puo e e itshekileng. Puo e ntšha eno e akaretsa go tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele kaga Modimo le maikaelelo a gagwe ka tsela e e tshwanetseng. Go bua puo e e itshekileng go akaretsa go dumela boammaaruri, go bo ruta ba bangwe le go tshela tumalanong le melao le melaometheo ya Modimo. Go tlhoka gore motho a kgaogane le dipolotiki tse di kgaoganyang batho le go ntsha mo pelong boikutlo jwa bopelotshetlha, jo bo jaaka jwa bomorafe le jwa botšhaba jwa lefatshe leno. (Johane 17:14; Ditiro 10:34, 35) Batho botlhe ba ba dipelo di ikanyegang ba ba ratang boammaaruri ba ka ithuta puo eno. Tlhokomela kafa batho ba le tlhano ba ba umakilweng mo setlhogong se se fetileng—ba ba kileng ba bo ba kgaogane thata ka bodumedi—ba leng seoposengwe ka teng gone jaanong mo kobamelong ya Modimo o le osi wa boammaaruri, Jehofa.

Ba Seoposengwe mo Kobamelong ya Boammaaruri

Fa Fidelia, Moroma Katoliki yo o ineetseng, a ne a rekela morwadie Baebele e a tla e dirisang kwa sekolong, o ne a kopa moruti wa gagwe gore a mo tlhalosetse go tswa mo go yone gore go diragetseng ka bana ba gagwe ba batlhano ba ba suleng. O bolela jaana: “A bo ke ne ka sala ke swabile jang ne!” Ka jalo, fa Basupi ba ga Jehofa ba mo etela, o ne a ba botsa potso e e tshwanang. Fa a bala mo Baebeleng ya gagwe boammaaruri kaga boemo jwa baswi, o ne a lemoga kafa kereke e neng e mo tsieditse ka teng. O ne a ithuta gore baswi ga ba utlwe sepe mme ka jalo ga ba boge kwa Limbo kana gongwe go sele. (Pesalema 146:4; Moreri 9:5) Fidelia o ne a senya ditshwantsho tsa gagwe tsotlhe tsa bodumedi, a tlogela kereke mme a simolola go ithuta Baebele. (1 Johane 5:21) Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, o ntse a itumelela go ruta ba bangwe ka boammaaruri jwa Dikwalo.

Tara wa kwa Kathmandu o ne a fudugela kwa nageng e e neng e na le ditempele di le mmalwa tsa Sehindu. Ka jalo o ne a etela kereke ya Methodist a solofetse gore o tla thusiwa ka dilo tse a di tlhokang mo semoyeng. Le fa go ntse jalo ga a ka a bona karabo malebana le potso ya gagwe kaga go boga ga batho. Morago ga foo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela mme ba ithaopela go ithuta Baebele le ene. Tara o bolela jaana: “Ke ne ka lemoga gore Modimo yo o lorato e ka se ka ya bo e le ene a bakang go boga gotlhe go go mo lefatsheng . . . Ke ne ka itumelela tsholofetso ya lefatshe le lesha la kagiso le kutlwano.” (Tshenolo 21:3, 4) Tara o ne a latlha ditshwantsho tsa gagwe tsa Sehindu, a tlogela go latela dingwao tsa bodumedi tsa kwa gabone, mme a bona boitumelo jwa mmatota ka go thusa ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng e le Mosupi wa ga Jehofa.

Panya wa Mobuda, e ne e le motho yo o bolelelang pele isagwe fa Basupi ba ga Jehofa ba mo etela lekgetlho la ntlha kwa Bangkok, ka jalo o ne a kgatlhwa thata ke boporofeti jo bo mo Baebeleng. Panya o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke utlwa gore ke ka ntlha yang fa maemo a a leng teng gone jaanong a farologane le se Mmopi a neng a se ikaeletse mo tshimologong le kafa a rulagantseng ka teng go baakanya tshenyo e e bakilweng ke ba ba ileng ba mo gana ba bo ba gana le bolaodi jwa gagwe, e ne e kete go na le lesire le le tlositsweng mo matlhong a me. Sengwe le sengwe ka molaetsa wa Baebele se ne se tsamaisana. Ke ne ka simolola go rata Jehofa jaaka motho; seno se ile sa ntlhotlheletsa gore ke dire se ke neng ke itse gore se siame. Ke ne ke tlhoafaletse go thusa ba bangwe gore ba bone pharologanyo fa gare ga botlhale jwa batho le jwa Modimo. Botlhale jwa boammaaruri bo ile jwa fetola botshelo jwa me tota.”

Fa nako e ntse e tsamaya, Virgil o ne a simolola go belaela dithuto tsa bodumedi jwa gagwe thata. Go na le gore a rapele Modimo gore a ba bontshe tsela e ba ka thusang batho ba bantsho ka yone le se a neng a akanya gore ke mokgatlho wa bomorafe o go neng go bonala o tlhotlheletsa batho go tlhoa batho ba basweu, o ne a rapelela boammaaruri, le fa e ka tswa e le bofe, le fa bo ka tswa bo le kae. Virgil o gakologelwa jaana: “Fa ke tsoga letsatsi le le latelang fa ke sena go rapela Modimo ka tlhoafalo, ke ne ka fitlhela makasine wa Tora ya Tebelo mo ntlong. . . . O tshwanetse wa bo o ile wa tsenngwa kafa tlase ga lebati.” Go ise go ye kae o ne a ithuta Baebele ka tlhoafalo le Basupi ba ga Jehofa. O tswelela jaana: “Ka lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me, ke ne ka ikutlwa ke kgotsofetse. . . . Ke ne ka simolola go nna le tsholofelo.” Go ise go ye kae Virgil o ne a kopanela le batho ba ba nayang batho tsholofelo e le yosi ya boammaaruri jaaka e tlhalosiwa mo Lefokong la Modimo, Baebele.

Charo go tswa kwa Latin America o ne a kgatlhega thata fa Mosupi mongwe yo o bidiwang Gladys a ne a bona gore o na le bothata ka bana ba gagwe ba bannye mme a simolola go mo thusa ka go mo isa kwa mmarakeng. Fa nako e ntse e tsamaya, Charo o ne a dumela fa Gladys a ne a mo kopa sengwe—go ithuta Baebele le ene mahala. Fa Charo a ithuta mo Baebeleng ya gagwe gore ga se batho botlhe ba ba siameng ba ba yang legodimong mme go na le moo Jehofa o tla segofatsa gape le batho mo lefatsheng ka botshelo jo bo sa khutleng, o ne a gakgamala. (Pesalema 37:11, 29) Charo ka boene o ntse a bolelela ba bangwe ka tsholofelo eno mo dingwageng tse 15 tse di fetileng.

Akanya fela lefatshe lotlhe le na le batho ba ba tlhoafetseng ba ba leng seoposengwe mo kobamelong ya ga Jehofa, Modimo o o osi wa boammaaruri! Se ga se toro fela. Ke se Jehofa o a ileng a se solofetsa. Modimo o ne a bolela jaana ka moporofeti wa gagwe Sefania: “Ke tla dira gore go sale batho ba ba ikokobeditseng ba maemo a a kwa tlase, mme ruri ba tla tshabela mo leineng la ga Jehofa. . . . Ga ba ne ba dira tshiamololo epe, le fa e le go bua maaka, le gone ga go ne go fitlhelwa loleme lwa tsietso mo melomong ya bone; . . . mme ga go na ope yo o tla ba boifisang.” (Sefania 3:12, 13) Fa e le gore tsholofetso eno e a go kgatlha, tsaya tsia kgakololo eno ya Baebele: “Batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe, ba lo dirileng tshwetso ya Gagwe ya boatlhodi. Batlang tshiamo, batlang bopelonolo. Gongwe lo ka nna lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.”—Sefania 2:3.