Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Go obamela Jehofa “ka moya” go kaya eng?

Fa Jesu Keresete a ne a rerela mosadi mongwe wa kwa Samarea yo o neng a tlile go ga metsi fa sedibeng sa ga Jakobe gaufi le motse wa Sikara, Jesu Keresete o ne a re: “Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Kobamelo ya boammaaruri e tshwanetse ya dirwa “ka boammaaruri” ka tsela ya gore e tshwanetse ya dumalana le se Jehofa Modimo a se senotseng mo Baebeleng kaga gagwe le maikaelelo a gagwe. Gape tirelo ya rona go Modimo e tshwanetse ya dirwa ka moya ka tsela ya gore e dirwe ka tlhoafalo, e tlhotlhelediwa ke pelo e e tletseng lorato le tumelo. (Tito 2:14) Le fa go ntse jalo, mafoko a a dikologileng temana eo a bontsha gore fa Jesu a ne a bua kaga go ‘obamela Modimo ka moya’ o ne a sa bue fela ka seemo sa mogopolo se re direlang Jehofa ka sone.

Motlotlo o Jesu a nnileng nao le mosadi yoo kwa sedibeng o ne o se malebana le go tlhoafala kgotsa go tlhoka tlhoafalo mo kobamelong. Tota le kobamelo ya maaka e ka dirwa ka tlhoafalo le ka boineelo. Mo boemong jwa moo, fa Jesu a sena go bolela gore Rara o ne a se na go obamelwa kwa thabeng nngwe kwa Samarea le fa e le kwa tempeleng e e kwa Jerusalema—otlhe e le mafelo a mmatota—o ne a bontsha mokgwa o mosha wa kobamelo o o theilweng mo bothong jwa Modimo jwa boammaaruri. (Johane 4:21) O ne a re: “Modimo ke Motho wa semoya.” (Johane 4:24, Charles B. Williams) Modimo wa boammaaruri ga se motho wa nama ka jalo re ka se ka ra kgona go mmona kgotsa go mo ama. Go mo obamela ga go tlhoke tempele ya mmatota kgotsa thaba. Ka gone, Jesu o ne a bua ka karolo ya kobamelo e e amang dilo tse di sa bonweng.

Mo godimo ga gore kobamelo e e amogelesegang e ne e tla tshwanelwa ke go dirwa ka boammaaruri, gape e ne e tla tshwanelwa ke go kaelwa ke moya o o boitshepo—maatla a Modimo a a dirang a a sa bonaleng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Moya [o o boitshepo] o hukutsa dilo tsotlhe, tota le dilo tse di boteng tsa Modimo.” O ne a oketsa ka go re: “Re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong, gore re itse dilo tse Modimo a di re neileng ka bopelonomi.” (1 Bakorintha 2:8-12) Gore re obamele Modimo ka tsela e a e amogelang, re tshwanetse ra nna le moya wa gagwe ra bo ra kaelwa ke one. Mo godimo ga moo, go botlhokwa gore re dumalanye moya wa rona, kgotsa boikutlo jwa rona jwa mogopolo le jwa gagwe ka go ithuta le go dirisa Lefoko la gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Obamela Modimo “ka moya le ka boammaaruri”