Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kopa Maitshwarelo—Tsela ya go Dira Kagiso

Go Kopa Maitshwarelo—Tsela ya go Dira Kagiso

Go Kopa Maitshwarelo—Tsela ya go Dira Kagiso

“GO KOPA maitshwarelo go na le matswela a magolo. Go rarabolola dikgotlhang kwantle ga dikgoka, go fedisa go se utlwane ga ditšhaba, go dira gore dipuso di lemoge gore baagi ba tsone ba a boga e bile go dira gore batho ba ba kileng ba nna le botsalano ba boe ba dirisane sentle gape.” Go ne ga kwala jalo Deborah Tannen, mokwadi yo o rekelwang thata e bile e le mankge yo o ithutang mekgwa ya batho go ya ka dipuo tsa bone kwa Georgetown University kwa Washington, D.C.

Baebele e tlhomamisa gore gantsi go kopa maitshwarelo ka bopeloephepa ke tsela e e molemo ya go tsosolosa botsalano jo bo senyegileng. Ka sekai, mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa wa sesinyi, fa morwa yono a boela gae a bo a kopa maitshwarelo go tswa pelong, rraagwe o ne a iketleeditse thata go mo amogela gape mo lelapeng. (Luke 15:17-24) Ee, le ka motlha motho ga a tshwanela go letla gore boikgodiso bo mo kgoreletse go ikokobetsa le go kopa maitshwarelo. Gone ke boammaaruri gore batho ba ba boikokobetso tota, ga ba fitlhele go le thata go kopa maitshwarelo.

Kafa go Kopa Maitshwarelo go Nang le Matswela ka Teng

Abigaile, mosadi yo o botlhale kwa Iseraele wa bogologolo, ke sekai sa kafa go kopa maitshwarelo go nang le matswela ka teng, le fa a ne a kopa maitshwarelo ka ntlha ya phoso e e neng e dirilwe ke monna wa gagwe. Fa Dafide, yo moragonyana a neng a nna kgosi ya Iseraele, a ne a sa ntse a nna kwa nageng, ene le banna ba gagwe ba ne ba sireletsa letsomane la monna wa ga Abigaile e bong Nabale. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa makawana a ga Dafide a kopa senkgwe le metsi, Nabale a ba koba ka mafoko a a tlhabang tota. Seno se ne sa galefisa Dafide mme a etelela pele banna ba ka nna 400 go ya go tlhabantsha Nabale le ba ntlo ya gagwe. Fa Abigaile a utlwa ka seemo seno, o ne a ya go kgatlhantsha Dafide. E rile Abigaile a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe ka sefatlhego. Go tswa foo o ne a re: “A tlolo e nne mo go nna tlhe morena wa me; mme tsweetswee, a lelata la gago le bue mo ditsebeng tsa gago, mme o reetse mafoko a lelata la gago.” Go tswa foo Abigaile o ne a tlhalosa seemo mme a naya Dafide mpho ya dijo le dino. Foo Dafide a re: “Tlhatlogela ka kagiso kwa ntlong ya gago. Bona, ke reeditse lentswe la gago gore ke tle ke go akanyetse.”—1 Samuele 25:2-35.

Abigaile o ne a boloka ba ntlo ya gagwe ka go nna boikokobetso le go kopa maitshwarelo ka ntlha ya go tlhoka maitseo ga monna wa gagwe. Dafide o ne a ba a mo leboga ka go bo a mo thibetse gore a se ka a tsena mo molatong wa madi. Le mororo Abigaile e ne e se ene yo o neng a tshwere Dafide le banna ba gagwe makgwakgwa, o ne a amogela molato mo boemong jwa ba lelapa la gagwe mme a dira kagiso le Dafide.

Sekai se sengwe sa mongwe yo o neng a itse gore a kope maitshwarelo leng ke sa ga moaposetoloi Paulo. Nako nngwe o ne a tshwanelwa ke go ipuelela fa pele ga Sanehederine, e leng kgotlakgolo ya Bajuda. E re ka moperesiti yo mogolo Ananiase a ne a galefisitswe ke boammaaruri jo Paulo a neng a bo bua, o ne a laela batho ba ba neng ba eme gaufi le Paulo gore ba mo iteye mo molomong. Foo Paulo o ne a mo raya a re: “Modimo o tlile go go itaya, lobota ke wena lo lo tshasitsweng kalaka. A o nna gore o nkatlhole tumalanong le Molao mme ka nako e le nngwe fela o bo o tlola Molao, ka go laela gore ke itewe?” E ne ya re fa batho ba ba bogetseng ba latofatsa Paulo ka la gore o kgala moperesiti yo mogolo, moaposetoloi yono o ne a dumela ka yone nako eo gore o dirile phoso, a bo a re: “Bakaulengwe, ke ne ke sa itse gore ke moperesiti yo mogolo. Gonne go kwadilwe ga twe, ‘O se ka wa bua mmusi wa batho ba gago ka tsela e e utlwisang botlhoko.’”—Ditiro 23:1-5.

Se Paulo a neng a se buile—gore motho yo o tlhomilweng go nna moatlhodi ga a tshwanela go dirisa dikgoka—se ne se le boammaaruri. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa maitshwarelo ka go bo a ile a bua ka tsela e e ka tsewang e le go tlhoka tlotlo le motho yo a neng a sa itse gore ke moperesiti yo mogolo. * Go kopa maitshwarelo ga ga Paulo go ne ga dira gore Sanehederine e reetse se a neng a batla go se bua. E re ka Paulo a ne a lemogile kganetsano e e neng e le teng magareng ga maloko a kgotla, o ne a ba bolelela gore o sekisediwa gore o dumela mo tsogong. Go ne ga felela ka gore go tsoge kgang ya moruthutha, mme Bafarasai ba ema le Paulo.—Ditiro 23:6-10.

Re ka ithuta eng mo dikaing tseno tse pedi tse di mo Baebeleng? Mo go tsone tsoopedi, go kopa maitshwarelo ka bopeloephepa go ne ga dira gore puisano e kgone go tswelela pele. Ka jalo, go kopa maitshwarelo go ka re thusa gore re agisane le ba bangwe. Ee, go dumela diphoso tsa rona le go kopa maitshwarelo fa re dirile sengwe se se phoso go ka dira gore go nne le dipuisano tse di molemo.

‘Mme Ga ke A Dira Sepe se se Phoso’

Fa re lemoga gore mongwe o utlwisitswe botlhoko ke se re se buileng kgotsa se re se dirileng, re ka nna ra akanya gore motho yoo o feteletsa dilo kgotsa o amega motlhofo fela. Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete o ne a gakolola barutwa ba gagwe jaana: “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.”—Mathaio 5:23, 24.

Ka sekai, mokaulengwe a ka nna a akanya gore o mo leofetse. Mo seemong se se ntseng jalo, Jesu a re o tshwanetse go tsamaya o ye go “agisanya le morwarraago,” le fa o ka tswa o akanya gore o mo leofetse kgotsa nnyaa. Go ya ka temana ya Segerika, lefoko le Jesu a le dirisitseng fano ‘le kaya go dumalana morago ga go tlhoana.’ (Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words) Ee ruri, fa batho ba babedi ba sa utlwane, mongwe le mongwe wa bone a ka tswa a le molato ka selekanyo se se rileng, e re ka boobabedi ba sa itekanela e bile ba dira diphoso. Gantsi seno se tlhoka gore ba fitlhelele tumalano.

Kgang fano ga se gore ke mang yo o phoso le gore ke mang yo o seng phoso, mme kgang ke gore ke mang yo o tla tsayang kgato pele go agisana le yo mongwe. Fa moaposetoloi Paulo a ne a lemoga gore Bakeresete kwa Korintha ba ne ba isa batlhanka ka bone ba Modimo kwa dikgotlatshekelong ka ntlha ya dikgotlhang tse ba neng ba na le tsone tse di jaaka go ganetsana ka tsa madi, o ne a ba kgalemela jaana: “Ke ka ntlha yang fa bogolo lo sa iteseletse go fosediwa? Ke ka ntlha yang fa bogolo lo sa iteseletse go tsiediwa?” (1 Bakorintha 6:7) Le mororo Paulo a ne a bua mafoko ano gore Bakeresete ka ene ba se ka ba isa dikgotlhang tsa bone kwa kgotlatshekelong, molaomotheo wa mafoko ano o utlwala sentle: Go agisana ga badumedi mmogo go botlhokwa go feta go supa gore ke mang yo o phoso le gore ke mang yo o seng phoso. Go gakologelwa molaomotheo ono go dira gore go nne motlhofo gore re kope maitshwarelo mo mothong yo o akanyang gore re mo diretse phoso.

Go Tlhokega Bopeloephepa

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba dirisa ka tsela e e feteletseng mafoko a a dirisediwang go kopa maitshwarelo. Ka sekai, kwa Japane, lefoko sumimasen, e leng lengwe la mafoko a a dirisediwang go kopa maitshwarelo, le buiwa gantsintsi. Gape le ka dirisediwa go leboga, le kaya gore motho o ikutlwa a sa phuthologa ka gonne a sa kgone go busa molemo o a o diretsweng. E re ka le na le bokao jo bogolo, bangwe ba ka nna ba akanya gore lefoko leno le dirisiwa ka tsela e e feteletseng mme ba ka nna ba ipotsa gore a ruri batho ba ba le dirisang ba bua ka bopeloephepa. Le mo ditsong tse dingwe mafoko a a dirisediwang go kopa maitshwarelo a ka nna a utlwala a dirisiwa ka tsela e e feteletseng.

Mo puong le fa e le efe, go botlhokwa gore motho a kope maitshwarelo ka bopeloephepa. Mafoko le segalo sa lentswe di tshwanetse go bontsha gore motho o ikwatlhaile eleruri. Jesu Keresete o ne a ruta barutwa ba gagwe jaana mo Therong ya Kwa Thabeng: “Fela a lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa; gonne se se fetang tseno se tswa kwa go yo o boikepo.” (Mathaio 5:37) Fa o kopa maitshwarelo, dira tumalanong le gone! Go tshwantsha: Monna mongwe yo o neng a eme mo moleng o o yang kwa khaontareng ya go ikwadisa kwa boemelafofaneng o ne a kopa maitshwarelo fa morwalo wa gagwe o ne o kgoma mosadi yo o neng a eme ka fa morago ga gagwe mo moleng. Metsotso e sekae moragonyana, fa mola o ya kwa pele, beke ya gagwe e ne ya kgoma mosadi yono gape. Monna yono o ne a kopa maitshwarelo gape ka maitseo. Fa seno se boa se direga gape, motho yo o neng a tsamaya le mosadi yono o ne a bolelela monna yono gore fa e le gore ruri se a se buang se tswa pelong, o tshwanetse go tlhomamisa gore morwalo wa gagwe ga o kgome mosadi yono gape. Ee, fa motho a kopa maitshwarelo ka bopeloephepa gape o tshwanetse go iketleetsa gore a se ka a boeletsa phoso e a e dirileng.

Fa re kopa maitshwarelo ka bopeloephepa re tla dumela phoso epe fela e re e dirileng, re kope go itshwarelwa mme re leke go baakanya seemo kafa go ka kgonegang ka teng. Motho yo o diretsweng phoso le ene o tshwanetse a iketleetsa go itshwarela modiraphoso yo o ikwatlhayang. (Mathaio 18:21, 22; Mareko 11:25; Baefeso 4:32; Bakolosa 3:13) E re ka ba sa itekanela ka bobedi jwa bone, ga se ka metlha dipuisano tsa kagisano di tla tsamayang ka thelelo. Le fa go ntse jalo, go kopa maitshwarelo ke tlhotlheletso e kgolo ya gore batho ba agisane.

Fa go Kopa Maitshwarelo go sa Tshwanela

Le mororo mafoko a a supang boikwatlhao a ka dira gore go nne le thitibalo e bile a thusa gore go nne le kagiso, motho yo o botlhale o tla tila go dirisa mafoko a a ntseng jalo fa go sa tshwanela go dira jalo. Ka sekai, a re re gongwe ke kgang e e amanang le go ikanyega mo Modimong. Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, “[o ne a] ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.” (Bafilipi 2:8) Le fa go ntse jalo, ga a ka a kopa maitshwarelo ka ntlha ya se a se dumelang gore a se ka a boga thata. Jesu ga a ka a kopa maitshwarelo fa moperesiti yo mogolo a ne a mo laela jaana: “Ka Modimo yo o tshelang ke a go ikanisa gore o re bolelele gore a o Keresete Morwa Modimo!” Go na le gore Jesu a kope maitshwarelo ka boboi, o ne a araba jaana ka bopelokgale: “Wena ka bowena o go buile. Le fa go ntse jalo ke a lo raya, Go tloga jaanong lo tla bona Morwa motho a ntse ka fa seatleng sa moja sa maatla mme a tla ka maru a legodimo.” (Mathaio 26:63, 64) Jesu ga a ise a ko a akanye go tlogela go ikanyega mo go Rraagwe e bong Jehofa Modimo e le fela gore a agisane le moperesiti yo mogolo.

Bakeresete ba tlotla batho ba ba nang le taolo. Le fa go ntse jalo, ga ba tlhoke go kopela maitshwarelo lebaka la go bo ba utlwa Modimo e bile ba rata bakaulengwe ba bone.—Mathaio 28:19, 20; Baroma 13:5-7.

Fa go Se na Se se Kgoreletsang Batho go Agisana

Gompieno re dira diphoso ka gonne re ruile bosaitekanelang le boleo mo go rraaronamogologolwane e bong Adame. (Baroma 5:12; 1 Johane 1:10) Adame e ne ya nna moleofi ka ntlha ya go tsuologela Mmopi. Le fa go ntse jalo, kwa tshimologong Adame le Efa ba ne ba itekanetse e bile ba se na boleo, mme Modimo o solofeditse gore o tla dira gore batho ba boe ba itekanele gape. O tla fedisa boleo le ditlamorago tsotlhe tsa jone.—1 Bakorintha 15:56, 57.

Akanya fela gore seo se tla felela ka eng! Monnawe Jesu ka mmaagwe e bong Jakobe o ne a bolela jaana fa a naya kgakololo malebana le go dirisa loleme: “Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” (Jakobe 3:2) Motho yo o itekanetseng a ka kgona go laola loleme lwa gagwe gore a se ka a tlhoka go kopa maitshwarelo ka go bo a lo dirisitse ka tsela e e sa siamang. O ‘kgona go laola mmele otlhe wa gagwe.’ A bo go tla itumedisa jang ne fa re nna batho ba ba itekanetseng! Ka nako eo go tla bo go sa tlhole go na le dilo tse di kgoreletsang batho go agisana. Le fa go ntse jalo, fa re sa ntse re letile nako eo, go kopa maitshwarelo ka bopeloephepa le ka tsela e e tshwanetseng fa re dirile phoso go tla re thusa thata gore re agisane le ba bangwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Paulo a ka tswa a ile a se ka a lemoga moperesiti yono yo mogolo ka ntlha ya go se bone sentle.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Re ka ithuta eng mo sekaing sa ga Paulo?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Fa batho botlhe ba tla bo ba itekanetse, go tla bo go se na sepe se se kgoreletsang batho go agisana