Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O Tla lo Atamela”

“O Tla lo Atamela”

“O Tla lo Atamela”

‘Modimo ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’—DITIRO 17:27.

1, 2. (a) Fa re leba kwa magodimong a a tletseng dinaledi, re ka ipotsa potso efe ka Mmopi? (b) Baebele e re tlhomamisetsa jang gore Jehofa ga a tseye batho e se ba sepe?

A O KILE wa leba magodimo a a tletseng dinaledi mo loaping lo lo apogileng bosigo o bo o utlwa o gakgamadiwa ke se o se bonang? Dinaledi tse dintsintsi le loapi lo logolo di tlogela motho a tshwerwe ke kgakge. Lefatshe ke selo se sennye fela mo lobopong lono lo logolo. A seno se kaya gore Mmopi, “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe,” o kwa godimo thata gore a ka tshwenyega ka batho kgotsa o kgakala thata e bile ga go kgonege gore ba ka mmatla mme ba mo itse?—Pesalema 83:18.

2 Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa ga a tseye batho e se ba sepe. Tota e bile, Lefoko la Modimo le re kgothaletsa gore re mmatle, le re: ‘Ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27; 1 Ditiragalo 28:9) Ee ruri, fa re dira sengwe go atamalana le Modimo, o tla tsibogela maiteko a rona. Jang? Mafoko a temana ya rona ya ngwaga ya 2003 a naya karabo eno e e itumedisang: “O tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) A re sekasekeng mangwe a masego a a itumedisang a Jehofa a a tshololelang batho ba ba atamalaneng le ene.

Mpho E re E Newang ke Jehofa

3. Ke mpho efe e Jehofa a e nayang batho ba ba atamalanang le ene?

3 Sa ntlha, Jehofa o beetse batlhanka ba gagwe mpho e e botlhokwa thata. Maatla otlhe, dikhumo le thuto yotlhe ya tsamaiso eno ya dilo ga di ka ke tsa kgona go naya batho mpho eo. Ke mpho e Jehofa a e nayang fela batho ba ba atamalaneng le ene. Ke mpho efe eo? Lefoko la Modimo le araba jaana: “Fa . . . o ntshetsa temogo lentswe la gago, fa o nna o e senka jaaka selefera o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng, foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo. Gonne Jehofa o naya botlhale.” (Diane 2:3-6) Ako o akanye fela batho ba ba sa itekanelang ba kgona go nna le “kitso ya Modimo”! Mpho eo—kitso e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo—e tshwantshiwa le “matlotlo a a fitlhegileng.” Ka ntlha yang?

4, 5. Ke ka ntlha yang fa “kitso ya Modimo” e ka tshwantshiwa le “matlotlo a a fitlhegileng”? Tshwantsha.

4 Selo sa botlhokwa ke gore kitso ya Modimo e molemo thata. Sengwe sa dilo tse di molemo thata ka yone ke gore e ka naya batho botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Le fa go ntse jalo, kitso eo e tokafatsa matshelo a rona le e leng gone jaanong. Ka sekai, ka ntlha ya go ithuta Lefoko la Modimo ka kelotlhoko, re itse dikarabo tsa dipotso tse di jaaka tseno tsa botlhokwa: Leina la Modimo ke mang? (Pesalema 83:18) Tota boemo jwa baswi ke bofe? (Moreri 9:5, 10) Boikaelelo jwa Modimo ke bofe ka lefatshe le batho? (Isaia 45:18) Gape re itse gore go tshela ka kgakololo e e botlhale ya Baebele ke tsela e e molemolemo ya go tshela. (Isaia 30:20, 21; 48:17, 18) Ka jalo, re na le kaelo e e molemo e e re thusang go lepalepana le ditlhobaelo tsa botshelo le go tsamaya mo tseleng e e re nayang boitumelo le kgotsofalo tsa mmatota. Se se botlhokwa le go feta ke gore, go ithuta Lefoko la Modimo go re thusitse go itse dinonofo tse di molemolemo tsa ga Jehofa ga ba ga re thusa gore re atamalane le ene. Tota ke eng se se ka nnang botlhokwa thata go feta go nna le kamano e e gaufiufi le Jehofa e e theilweng mo ‘kitsong ya Modimo’?

5 Go na le lebaka le lengwe gape la go bo kitso ya Modimo e ka tshwantshiwa le “matlotlo a a fitlhegileng.” Fela jaaka matlotlo a mantsi, kitso eno e bonwa ke batho ba le mmalwa fela mo lefatsheng leno. Mo baaging ba lefatshe ba le dimilione di le dikete tse thataro, baobamedi ba ga Jehofa ba ka nna dimilione di le thataro kgotsa motho a le 1 mo go ba le 1 000, ba ile ba bona “kitso ya Modimo.” Go bontsha gore ke ba se kae fela ba ba nang le tshiamelo ya go itse boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, akanya ka potso e le nngwe fela ya Baebele: Go diregang ka batho fa ba a swa? Re itse go tswa mo Dikwalong gore moya o a swa le gore baswi ga ba utlwe sepe. (Esekiele 18:4) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa madumedi a lefatshe a amogela tumelo ya maaka ya gore go na le sengwe mo teng ga motho se se tswelelang se tshela fa a sena go swa. Ke thuto ya konokono ya madumedi a Labokeresete. Gape e fitlhelwa le mo tumelong ya Bobuda, Bohindu, Boiselamo, Bojaine, Bojuda, Boshinto, Bosiki le Bo-Tao. Akanya fela—thuto eno e le yosi fela ya maaka e fapositse batho ba le dimilione di le diketekete!

6, 7. (a) Ke bomang fela ba ba ka nnang le “kitso ya Modimo”? (b) Ke sekai sefe se se bontshang gore Jehofa o re segofaditse ka kitso e batho ba le bantsi “ba ba botlhale le ba ba bonokopela” ba se nang yone?

6 Ke ka ntlha yang fa “kitso ya Modimo” e sa bonwe ke batho ba le bantsi? Ke ka gonne ga o ka ke wa kgona go tlhaloganya ka botlalo se Lefoko la Modimo le se kayang kwantle ga thuso ya Gagwe. Gakologelwa gore kitso eno ke mpho. Jehofa o e naya fela batho ba ba iketleeleditseng go batlisisa mo Lefokong la gagwe ka boikanyegi le ka boikokobetso. Batho bano ba ka nna ba bo ba se “botlhale ka tsela ya senama.” (1 Bakorintha 1:26) E bile ba le bantsi ba bone ba ka nna ba bo ba tsewa e le “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela” go ya ka tsela e lefatshe le lebang dilo ka yone. (Ditiro 4:13) Le fa go ntse jalo, seo ga se botlhokwa. Jehofa o re duela ka go re naya “kitso ya Modimo” ka ntlha ya dinonofo tse a di bonang mo dipelong tsa rona.

7 Akanya ka sekai seno. Bakanoki ba le bantsi ba Labokeresete ba kwadile dibuka di le dintsi tse di tlhalosang Baebele. Dibuka tseno di ka nna tsa bo di tlhalosa hisitori ya se go tlotliwang ka sone, bokao jwa mafoko a Sehebera le a Segerika le dilo tse dingwe tse dintsi. A ruri thuto eno yotlhe e dirile gore bakanoki bano ba bone “kitso ya Modimo”? A ba tlhaloganya setlhogo sa Baebele sentle—go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa ka Bogosi jwa gagwe jo bo kwa legodimong? A ba a itse gore Jehofa Modimo ga se karolo ya Tharonngwe? Rona re tlhaloganya dintlha tseno sentle. Ka ntlha yang? Jehofa o re segofaditse ka kitso ya boammaaruri jwa dilo tsa semoya, e batho ba le bantsi “ba ba botlhale le ba ba bonokopela” ba se nang yone. (Mathaio 11:25) Ruri Jehofa o segofatsa batho ba ba atamalaneng le ene!

“Jehofa o Disa Botlhe Ba ba Mo Ratang”

8, 9. (a) Dafide o ne a tlhalosa jang tsela e nngwe e Jehofa a segofatsang batho ba ba atamalaneng le ene ka yone? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba tlhoka tshireletso ya Modimo?

8 Batho ba ba atamalaneng le Jehofa ba segofadiwa ka tsela e nngwe gape—Modimo o a ba sireletsa. Mopesalema Dafide, yo le ene a neng a na le mathata a le mantsi, o ne a kwala jaana: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, le botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. O tla diragatsa keletso ya ba ba mmoifang, e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso, mme o tla ba boloka. Jehofa o disa botlhe ba ba mo ratang.” (Pesalema 145:18-20) Ee, Jehofa o gaufi le batho ba ba mo ratang mme ka jalo o kgona go tsaya kgato ka bonako fa ba kopa thuso.

9 Ke ka ntlha yang fa re tlhoka tshireletso ya Modimo? Bakeresete ba boammaaruri ba utlwa ditlamorago tsa go tshela mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ mme mo godimo ga moo, Mmaba yo mogolo wa ga Jehofa, e bong Satane Diabolo, o itebagantse thata le bone. (2 Timotheo 3:1) Mmaba yono yo o boferefere o ikemiseditse go re “kometsa.” (1 Petere 5:8) Satane o a re bogisa, o a re gatelela e bile o a re raela. Gape o batla go bona boikutlo jo bo mo megopolong le mo dipelong tsa rona jo a ka bo dirisang ka tsela e e sa siamang. Go na le se a se ikaeletseng: go koafatsa tumelo ya rona le go senya bomoya jwa rona. (Tshenolo 12:12, 17) E re ka re lwa le mmaba yo o nonofileng jaana, a ga go kgothatse go itse gore “Jehofa o disa botlhe ba ba mo ratang”?

10. (a) Jehofa o disa batho ba gagwe jang? (b) Tshireletso e e botlhokwa thata ke efe, mme ka ntlha yang?

10 Le fa go ntse jalo, Jehofa o disa batho ba gagwe jang? Le fa a solofetsa gore o tla re sireletsa, seno ga se kaye gore ga re na go nna le mathata mo tsamaisong eno; e bile ga se kaye gore Jehofa o patelesega go re direla dikgakgamatso. Le fa go ntse jalo, gone Jehofa o naya batho ba gagwe tshireletso ya mmatota e le setlhopha. Aitsane, le ka motlha ga a kitla a letlelela Diabolo gore a nyeletse baobamedi ba boammaaruri mo lefatsheng! (2 Petere 2:9) Sa botlhokwa le go feta ke gore Jehofa o re sireletsa semoyeng. O re tlhomelela ka dilo tse re di tlhokang gore re itshokele diteko le gore re sireletse kamano ya rona le ene. Tshireletso ya semoya ke yone tota e leng botlhokwa thata go feta tshireletso epe fela e nngwe. Ka ntlha yang? Fa fela re na le kamano e ntle le Jehofa, ga go na sepe se se ka re gobaletsang ruri—le fa e le loso tota.—Mathaio 10:28.

11. Jehofa o dirile dithulaganyo dife gore batho ba gagwe ba sirelediwe semoyeng?

11 Jehofa o dirile dithulaganyo tse dintsi gore batho ba ba atamalaneng le ene ba sirelediwe semoyeng. Ka Lefoko la gagwe e leng Baebele, o re naya botlhale jo bo tla re thusang go lebana le diteko tse di farologaneng. (Jakobe 1:2-5) Go dirisa kgakololo e e molemo e e mo Dikwalong go a thusa. Mo godimo ga moo, Jehofa o naya ‘ba ba mo kopang, moya o o boitshepo.’ (Luke 11:13) Moya oo ke maatla a magolo thata mo lobopong lotlhe, ka gone o ka re thusa go lebana ka katlego le diteko kgotsa dithaelo tse re ka kopanang le tsone. Jehofa o dirisa Keresete go re naya “dimpho tse e leng banna.” (Baefeso 4:8) Banna bano ba ba tshwanelegang semoyeng ba leka go bontsha bopelotlhomogi jwa ga Jehofa jo bogolo ka go thusa baobamedi mmogo le bone.—Jakobe 5:14, 15.

12, 13. (a) Jehofa o dirisa eng go re naya dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng? (b) O ikutlwa jang ka dithulaganyo tsa ga Jehofa tsa go re boloka re itekanetse semoyeng?

12 Jehofa o re naya sengwe gape go re sireletsa: dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45) Jehofa o re naya se re se tlhokang ka nako e re se tlhokang ka yone a dirisa dikgatiso tse di akaretsang makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang!, mmogo le dipokano, dikopano tse dinnye le tse dikgolo. A o gakologelwa nako nngwe mo o kileng wa utlwa sengwe kwa pokanong ya Bokeresete kgotsa kwa kopanong se se neng sa go ama pelo mme sa go nonotsha kgotsa sa go gomotsa? A o kile wa bala setlhogo sengwe mo go nngwe ya dimakasine tse di umakilweng fa godimo mme wa nna le maikutlo a gore se kwaletswe wena?

13 Sengwe sa dibetsa tse Satane a atlegang thata fa a di dirisa ke go re kgoba marapo mme re ka amiwa ke ditlamorago tsa gone. O itse sentle gore go felelwa ke tsholofelo go ka re koafatsa, ga ba ga dira gore re tlhaselwe motlhofo. (Diane 24:10) E re ka Satane a leka go dirisa maikutlo a go kgobega marapo, re tlhoka thuso. Nako le nako dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di nna le ditlhogo tse di re thusang go lwantsha maikutlo a go kgobega marapo. Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a kwala jaana malebana le sengwe sa ditlhogo tseo: “Ke bala setlhogo seno mo e ka nnang letsatsi le letsatsi, mme le jaanong ke sa ntse ke putsaputsa dikeledi fa ke se bala. Ke baya makasine ono gaufi le bolao jwa me gore ke o tseye nako le nako fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo. Fa ke bala ditlhogo tse di tshwanang le seno, ke utlwa ke le mo matsogong a ga Jehofa a a sireletsang.” * A ga re leboge Jehofa gore a bo a re fa dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng? Gakologelwa, dithulaganyo tse a re diretseng tsone tsa gore re nne re itekanetse semoyeng di bontsha gore o atamalane le rona le gore o a re tlhokomela e bile o a re sireletsa.

Go Kgona go Bua le “Moutlwi wa Thapelo”

14, 15. (a) Jehofa o segofatsa batho ba ba atamalaneng le ene ka eng? (b) Ke ka ntlha yang fa go kgona go bua ka kgololesego le Jehofa ka thapelo e le tshiamelo e e tlhomologileng?

14 A o lemogile gore fa batho ba nna le thata kgotsa taolo, gantsi go nna thata gore batho ba ba kafa tlase ga bone ba kgone go bua le bone? Le fa go ntse jalo, go tweng ka Jehofa Modimo? A o kgakala thata le rona gore a ka kgatlhegela se batho fela ba mmolelelang sone? Le e seng! Mpho ya thapelo ke selo se sengwe se Jehofa a segofatsang batho ba ba atamalaneng le ene ka sone. Go kgona go bua ka kgololesego le “Moutlwi wa thapelo” ke tshiamelo e e tlhomologileng eleruri. (Pesalema 65:2) Ka ntlha yang?

15 Ka sekai: Mookamedimogolo wa koporasi e kgolo o na le maikarabelo a mantsi. Ke ene a dirang tshwetso ya gore o tla sikara dikgang dife ka boene mme o tla abela ba bangwe dife. Ka tsela e e tshwanang, Mmusi yo e leng Molaodimogolo wa lobopo a ka tlhopha gore o tla sikara dikgang dife ka boene le gore o tla abela ba bangwe dife. Akanya ka sotlhe se Jehofa a se abetseng Morwawe yo a mo ratang, e bong Jesu. Morwa o neilwe “taolo ya go dira katlholo.” (Johane 5:27) Baengele ba ‘beilwe mo taolong ya gagwe.’ (1 Petere 3:22) Jesu o neilwe moya o o boitshepo wa ga Jehofa o o maatla gore o mo thuse go kaela barutwa ba gagwe mo lefatsheng. (Johane 15:26; 16:7) Ka jalo, Jesu o ne a ka re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Mathaio 28:18) Le fa go ntse jalo, fa go tliwa mo dithapelong tsa rona, Jehofa o tlhophile gore e nne boikarabelo jwa gagwe. Ke gone ka moo Baebele e re kaelang gore re lebise dithapelo tsa rona kwa go Jehofa fela, re dira jalo mo leineng la ga Jesu.—Pesalema 69:13; Johane 14:6, 13.

16. Ke ka ntlha yang fa re ka dumela gore ruri Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona?

16 A ruri Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona? Fa e ne e le gore ga a kgathale kgotsa ga a amege, o ne a ka se re kgothaletse go ‘nnela ruri mo thapelong’ kgotsa go latlhela mekgweleo le ditlhobaelo tsa rona mo go ene. (Baroma 12:12; Pesalema 55:22; 1 Petere 5:7) Batlhanka ba ba ikanyegang ba metlha ya go kwalwa ga Baebele ba ne ba na le tshepo e e feletseng ya gore Jehofa o reetsa dithapelo. (1 Johane 5:14) Ka gone, mopesalema Dafide o ne a re: “[Jehofa] o utlwa lentswe la me.” (Pesalema 55:17) Le rona re na le mabaka a go dumela gore Jehofa o gaufi le rona, o iketleeleditse go utlwa sengwe le sengwe se re se akantseng le se se re tshwenyang.

Jehofa o Duela Batlhanka ba Gagwe

17, 18. (a) Jehofa o ikutlwa jang ka tirelo e dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di e dirang ka boikanyegi? (b) Tlhalosa gore Diane 19:17 e bontsha jang gore Jehofa o lemoga ditiro tsa rona tsa bopelotlhomogi.

17 Maemo a ga Jehofa a go nna Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe ga a amiwe ke se batho fela ba ka se dirang kgotsa ba ka ganang go se dira. Le fa go ntse jalo, Jehofa ke Modimo yo o anaanelang. O anaanela tirelo e dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di e dirang ka boikanyegi—e bile tota, o a e rata. (Pesalema 147:11) Ka jalo, ono ke molemo o mongwe o o bonwang ke batho ba ba atamalaneng le Jehofa: O duela batlhanka ba gagwe.—Bahebera 11:6.

18 Baebele e bontsha sentle gore Jehofa o anaanela se baobamedi ba gagwe ba se dirang. Ka sekai, re bala jaana: “Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.” (Diane 19:17) Tsela e Jehofa a leng pelotlhomogi ka yone mo bathong ba maemo a a kwa tlase e ne e bonala mo Molaong wa ga Moshe. (Lefitiko 14:21; 19:15) Jehofa o ikutlwa jang fa re etsa bopelotlhomogi jwa gagwe fa re dirisana le batho ba maemo a a kwa tlase? Fa re naya motho wa maemo a a kwa tlase, re sa solofela go boelwa ke sepe, Jehofa o tsaya gore re a bo re adima Ene. Jehofa o solofetsa gore o tla duela molato oo ka go re amogela le go re segofatsa. (Diane 10:22; Mathaio 6:3, 4; Luke 14:12-14) Ee, fa re tlhomogela pelo moobamedi ka rona yo o tlhokang, seno se ama Jehofa pelo. A bo re itumela jang ne go itse gore Rraarona yo o kwa legodimong o lemoga ditiro tsa rona tsa bopelotlhomogi!—Mathaio 5:7.

19. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o anaanela se re se dirang mo tirong ya go rera le go dira barutwa? (b) Jehofa o duela jang ditiro tse di direlwang go tshegetsa Bogosi jwa gagwe?

19 Jehofa o anaanela thata se re se direlang Bogosi jwa gagwe. Fa re atamalana le Jehofa, ke ga tlholego fela gore re batle go dirisa nako ya rona, maatla a rona le dithoto tsa rona go nna le seabe ka botlalo ka fa re ka kgonang ka teng mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 28:19, 20) Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra akanya gore ga re dire mo go lekaneng. Pelo ya rona e e sa itekanelang e ka nna ya ba ya dira gore re ipotse gore a Jehofa o itumelela se re lekang go se dira. (1 Johane 3:19, 20) Mme Jehofa o rata mpho nngwe le nngwe—le fa e ka tswa e le nnye go le kana kang—e e tswang mo pelong e e tlhotlhelediwang ke lorato. (Mareko 12:41-44) Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” (Bahebera 6:10) Ee ruri, Jehofa o gakologelwa a bo a duelele tiro le fa e ka nna nnye go le kana kang e e direlwang go tshegetsa Bogosi jwa gagwe. Mo godimo ga masego a magolo a semoya a re a bonang gone jaanong, re ka lebelela pele go bona botshelo jo bo itumedisang mo lefatsheng le lesha le le tlang, kwa Jehofa a tla bulang seatla sa gagwe ka bopelotshweu a bo a kgotsofatsa dikeletso tse di siameng tsa botlhe ba ba atamalaneng le ene!—Pesalema 145:16; 2 Petere 3:13.

20. Mo ngwageng otlhe wa 2003, re ka nna re gopotse jang mafoko a temana ya rona ya ngwaga, mme seo se tla felela ka eng?

20 Mo ngwageng otlhe wa 2003, a re ipotseng gore a re tsaya matsapa ka dinako tsotlhe go atamalana le Rraarona yo o kwa legodimong. Fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore o tla dira fela jaaka a solofeditse. Aitsane, ‘Modimo ga a ka ke a aka.’ (Tito 1:2) Fa o mo atamela, o tla go atamela. (Jakobe 4:8) Mme go tla felela ka eng? Masego a magolo gone jaanong le tebelelo ya go atamalana le Jehofa thata go ya bosakhutleng!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 O ne a kwala ka setlhogo se se reng “Jehofa o Mogolo go Feta Dipelo Tsa Rona,” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2000, ditsebe 28-31.

A o A Gakologelwa?

• Jehofa o naya batho ba ba atamalanang le ene mpho efe?

• Ke dilo dife tse Jehofa a di rulaganyeditseng batho ba gagwe go ba sireletsa semoyeng?

• Ke ka ntlha yang fa go kgona go bua ka kgololesego le Jehofa ka thapelo e le tshiamelo e e tlhomologileng?

• Baebele e bontsha jang gore Jehofa o anaanela tirelo e dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di e dirang ka boikanyegi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jehofa o re segofaditse ka go re naya kitso ya boammaaruri jwa dilo tsa semoya

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Jehofa o re naya tshireletso ya semoya

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jehofa o gaufi le rona, o iketleeleditse go utlwa dithapelo tsotlhe tsa rona