Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letsatsi le le Tshwanetseng go Gopolwa

Letsatsi le le Tshwanetseng go Gopolwa

Letsatsi le le Tshwanetseng go Gopolwa

E NE e le letsatsi le le neng la fetola isagwe ya batho gotlhelele. Ga go na letsatsi lepe mo hisitoring le le neng la ama isagwe ya batho ka tsela eno. Ke letsatsi le ka lone Jesu a neng a wetsa sengwe le sengwe se a neng a tlile go se dira mo lefatsheng. Fa a ne a kokotetswe mo koteng ya tlhokofatso, o ne a hema moya wa bofelo, mme a goa a re: “Go diragaditswe!” (Johane 19:30) Jesu o ne a tletse go dira eng?

Baebele ya re: “Morwa motho [o] ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Jesu o ne a ntsha moya wa gagwe, kgotsa botshelo jwa gagwe gore batho ba gololwe mo boleong le mo losong lo ba lo ruileng. Ee, “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) A bo setlhabelo sa ga Jesu se le tlhwatlhwakgolo jang ne!

Go na le lebaka le lengwe gape le ka lone letsatsi la loso lwa ga Jesu le tshwanetseng go gopolwa ka lone. Ka letsatsi leo Morwa Modimo o ne a ruta baaposetoloi ba gagwe thuto ya botlhokwa e e neng e tla ba thusa gore ba nne ba ikanyega. A bo mafoko a gagwe a bofelo a tshwanetse a bo a ile a ama dipelo tsa barutwa bao jang ne! O ne a ruta eng? Re ka solegelwa molemo jang ke se Jesu a neng a se ba ruta? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.