Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Dipounama Tsa Boammaaruri di Tla Nnela Ruri’

‘Dipounama Tsa Boammaaruri di Tla Nnela Ruri’

‘Dipounama Tsa Boammaaruri di Tla Nnela Ruri’

FELA jaaka molelo o monnye o o ka tlhosetsang sekgwa sotlhe wa se laila, le ka kgona go senya botshelo jotlhe jwa motho. Le ka tlala botlhole mme gape le ka nna “setlhare sa botshelo.” (Diane 15:4) Loso le botshelo di mo maatleng a lone. (Diane 18:21) Tokololo eno e nnye e leng loleme lwa rona, e na le maatla a a ntseng jalo, mme e ka tsenya mmele otlhe dilabe. (Jakobe 3:5-9) Re tla bo re le botlhale fa re laola loleme.

Mo karolong ya bobedi ya kgaolo 12 ya buka ya Baebele ya Diane, Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o naya kgakololo e e molemo e e re thusang go laola puo ya rona. Kgosi eno e e botlhale e dirisa diane tse di maleba e bile di le mosola go bontsha gore mafoko a a builweng a na le ditlamorago e bile a senola go le gontsi ka dinonofo tsa motho yo o a buang. Kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya ga Solomone e botlhokwa mo mothong ope yo o batlang go ‘tlhoma molebeledi fa kgorong ya dipounama tsa gagwe.’—Pesalema 141:3.

‘Tlolo e e Raelang’

Solomone a re: “Motho yo o bosula o raelwa ke tlolo ya dipounama, mme mosiami o tswa mo matshwenyegong.” (Diane 12:13) Go aka ke tlolo ya dipounama e e fetogang seru se se kotsi mo mothong yo o go dirang. (Tshenolo 21:8) Go bua maaka go ka nna ga lebega e le tsela e e motlhofo ya go tila kotlhao kgotsa go tswa mo seemong se se bosula. A mme ga se boammaaruri gore fa o bua maaka o feleletsa o buile maaka a mangwe gape? Fela jaaka motho yo o simololang go betšha ka madi a mannye a iphitlhela a setse a betšha ka madi a mantsi fa a ntse a leka go ipusetsa madi a a a jelweng, motho yo o buang maaka le ene o iphitlhela a bua maaka a sa fetse a re o intsha mo go a a setseng a a buile.

Tlolo ya dipounama e tsenya mo serung gape ka gonne yo o akelang batho ba bangwe a ka feleletsa a iphora ka boene. Ka sekai, moaki a ka ipolelela gore o itse thata e bile o botlhale, mme e le gore tota ga a itse sepe. Jaanong o simolola go tshela botshelo jwa maaka. Ee ruri, “o dirile ka go iphora thata mo matlhong a gagwe gore a bone tlolo ya gagwe a bo a e tlhoe.” (Pesalema 36:2) A bo go aka e le seru se segolo jang ne! Ka fa letlhakoreng le lengwe, mosiami ene ga a kitla a itsenya mo seemong se se boima jalo. Tota le fa a gateletswe, ga a kitla a bua maaka.

‘Molemo o o Kgotsofatsang’

Moaposetoloi Paulo o tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa tsietsega: Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagalatia 6:7) Ruri molaomotheo ono o ama se re se buang le se re se dirang. Solomone a re: “Motho o kgotsofadiwa ke molemo o o tswang mo molomong wa gagwe, mme tiro ya diatla tsa motho e tla boela mo go ene.”Diane 12:14.

Molomo o o “buang botlhale” o na le loungo lo lo kgotsofatsang. (Pesalema 37:30) Botlhale bo tlhoka kitso, mme ga go na motho ope yo o nang le kitso yotlhe. Mongwe le mongwe o tshwanetse go reetsa kgakololo e e molemo a bo a e tsaya tsia. Kgosi ya Iseraele ya re: “Tsela ya seeleele e siame mo matlhong a gagwe, mme yo o reetsang kgakololo o botlhale.”Diane 12:15.

Jehofa o re naya kgakololo e e molemo ka Lefoko la gagwe le ka phuthego ya gagwe, a dirisa dibuka tse re di newang ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45; 2 Timotheo 3:16) A bo e ka nna boeleele jang ne go gana kgakololo e e molemo re bo re tatalalela go dira dilo ka tsela ya rona! Re “tshwanetse go nna bonako go utlwa” fa Jehofa, “Yo o rutang batho kitso,” a dirisa mosele wa gagwe wa puisano go re gakolola.—Jakobe 1:19; Pesalema 94:10.

Batho ba ba botlhale le ba ba dieleele ba dira jang fa ba tlhapadiwa kgotsa ba tshwaiwa diphoso go sa tshwanela? Solomone o araba jaana: “Motho yo o itsiseng go tshwenyega ga gagwe mo go lone letsatsi leo ke seeleele, mme yo o botlhale o bipa tlontlologo.”Diane 12:16.

Fa motho yo o seleele a buisiwa ka tsela e e se nang botho, o araba ka bogale ka bonako—“mo go lone letsatsi leo.” Mme motho yo o botlhale o rapelela moya wa Modimo go mo thusa gore a bontshe boikgapo. O ipha nako ya go tlhatlhanya ka kgakololo ya Lefoko la Modimo a bo a akanya ka tebogo ka mafoko ano a ga Jesu: “Le fa e le mang yo o go fapholang mo lerameng la gago la moja, lebisa le lengwe gape kwa go ene.” (Mathaio 5:39) E re ka motho yo o botlhale a sa batle go “busetsa ope bosula ka bosula,” o thiba dipounama tsa gagwe gore a se ka a bua fela a sa akanya. (Baroma 12:17) Le rona fa re bipa tlontlololo epe fela e re e bonang, re tila go nna le kgotlhang e nngwe gape.

‘Loleme lo lo Fodisang’

Tlolo e e dirwang ke dipounama e ka baka tshenyo e kgolo mo tshekong. Kgosi ya Iseraele ya re: “Yo o ntshang mafoko a boikanyegi o tla bolela se se siameng, mme mosupi wa maaka, o tla bolela tsietso.” (Diane 12:17) Mosupi wa boammaaruri o ntsha mafoko a boikanyegi ka gonne bosupi jwa gagwe bo a ikanyega. Mafoko a gagwe a thusa gore go dirwe tshiamiso. Ka fa letlhakoreng le lengwe, mosupi wa maaka o tletse tsietso e bile o rata gore go se ka ga diragadiwa tshiamiso.

Solomone o tswelela pele jaana: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Diane 12:18) Mafoko a ka tlhaba jaaka tšhaka, a bolaya botsala a bo a tsosa mathata. Kgotsa a ka nna monate a ba a itumedisa, a dira gore batho ba tswelele pele e le ditsala. Mme go bitsa motho ka maina a kgobo, go goa, go nnela go tshwaya motho diphoso le go mo nyatsa ke eng, a ga se tsone ditlhabo tse di bakang matsadi a a botlhoko mo maikutlong? A bo go le molemo jang ne go baakanya diphoso dipe tse re ka di dirang mo ntlheng eno ka go bua mafoko a a fodisang re kopa maitshwarelo go tswa pelong!

Mo metlheng eno e e bokete e re tshelang mo go yone, ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba ‘phatlogile pelo’ e bile ba ‘pitlagane moya.’ (Pesalema 34:18) Fa re ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng’ e bile re ‘tshegetsa ba ba bokoa,’ a re a bo re sa dirise maatla a a fodisang a mafoko a a builweng? (1 Bathesalonika 5:14) Ee, mafoko a a gomotsang a ka kgothatsa basha ba ba lwang le kgatelelo e e bosula ya balekane. Go bua le bagodi ka go ba akanyetsa go tla ba tlhomamisetsa gore ba a tlhokwa e bile ba a ratiwa. Mafoko a a buiwang ka bopelonomi ruri a ka itumedisa batho ba ba lwalang. Tota le kgalemo e amogelwa motlhofo fa e newa “ka moya o o bonolo.” (Bagalatia 6:1) Mme a bo loleme e le phodiso jang ne fa motho a lo dirisa go bolelela batho ba ba mo reetsang dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo!

‘Pounama e e Nnelang Ruri’

Solomone o bolela jaana fa a dirisa lefoko “pounama” go tshwana le “loleme”: “Pounama ya boammaaruri ke yone e e tla tlhomamisiwang ka thata ka bosaengkae, mme loleme lwa maaka lo tla nna teng ka nakwana fela.” (Diane 12:19) Ka Sehebera polelwana e e reng “pounama ya boammaaruri” e dirisiwa mo bongweng mme e na le bokao jo bogolo thata go na le go kaya puo e e boammaaruri fela. Go ya ka buka nngwe, e kaya dinonofo tse di jaaka go nnela ruri le go ikanyega. Buka eno gape ya re: “Puo e e ntseng jaana e tla nna . . . ka bosakhutleng ka gonne e tla fitlhelwa e ikanyega, e sa tshwane le loleme lo lo akang . . . lo lo ka tsietsang ka nakwana mme lo bo lo sa nnele ruri fa lo lekwa.”

Kgosi e e botlhale ya re: “Tsietso e mo pelong ya ba ba logang maano a a bosula, mme ba ba ikaeletseng go dira kagiso ba a ipela.” O oketsa jaana: “Ga go na sepe se se utlwisang botlhoko se se tla diragalelang mosiami, mme baikepi ke bone ba ba tla tladiwang ka masetlapelo.”Diane 12:20, 21.

Batho ba ba rerang bosenyi ba ka baka botlhoko le matshwenyego fela. Ka fa letlhakoreng le lengwe, bagakolodi ba kagiso ba tla bona kagiso le thetebalo ka ntlha ya go dira se se siameng. Gape ba itumelela go bona ditlamorago tse di molemo. Sa botlhokwa le go feta, ba itumelela go amogelwa ke Modimo ka gonne “dipounama tse di akang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme ba ba dirang ka boikanyegi ba a mo ipedisa.”Diane 12:22.

‘Puo e e Bipang Kitso’

Kgosi ya Iseraele e bolela jaana fa e tlhalosa pharologanyo e nngwe gape fa gare ga motho yo o kelotlhoko ka se a se buang le yo o seng kelotlhoko: “Motho yo o botlhale o bipa kitso, mme pelo ya dimatla ke e e buang boeleele.”Diane 12:23.

Motho yo o botlhale o a itse gore a bue leng le gore a se ka a bua leng. O bipa kitso ka go itshwara gore a se ka a ikgantsha ka se a se itseng. Seno ga se kaye gore o nna a bipile se a se itseng. Go na le moo, o bontsha kitso ya gagwe ka boingotlo. Mme yo o seeleele ene o itlhaganelela go bua le go dira gore boeleele jwa gagwe bo itsege. Ka jalo a re nneng mafoko makhutshwane mme re se ka ra nna le loleme lo lo ikgantshang.

Solomone o tswelela pele ka go bapisa dilo tse di sa tshwaneng, mme o tlhalosa ntlha e e tlhomologileng malebana le go tlhoafala le go nna bobodu. A re: “Seatla sa ba ba tlhoafetseng ke sone se se tla busang, mme seatla se se nyafalang e tla nna sa tiro e e patelediwang.” (Diane 12:24) Go dira ka natla go ka felela ka gore motho a gatele pele le go kgona go ikemela mo go tsa madi mme botshwakga bo ka felela ka go patelediwa tiro le go nna motlhanka. Mokanoki mongwe a re: “Fa nako e ntse e ya, motho yo o setshwakga a ka nna motlhanka wa yo o senatla.”

‘Lefoko le le Ipedisang’

Kgosi Solomone o boela mo kgannyeng ya puo ka go akgela ka se a se lemogileng malebana le tsela e batho ba itshwarang ka yone. A re: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.”Diane 12:25.

Go na le dilo tse dintsi tse di tlhobaetsang le tse di tshwenyang tse di ka imetsang pelo ka kutlobotlhoko. Sengwe se se ka thusang go imolola pelo le go e ipedisa ke mafoko a a molemo a kgothatso a a buiwang ke mongwe yo o kutlwelobotlhoko. Mme batho ba bangwe ba ka itse jang kafa re tshwenyegileng ka teng fa re sa ba bulele mafatlha ra bua ka gone? Ee, fa re tlaletswe kgotsa re tshwenyegile thata mo maikutlong, re tshwanetse go bolelela mongwe yo o kutlwelobotlhoko yo o ka re thusang ka se re tshwenyegileng ka sone. Mo godimo ga moo, go tlhalosa kafa re ikutlwang ka teng go fokotsa go tlalelwa. Ka jalo, go molemo go bula mafatlha a gago fa o bua le molekane wa lenyalo, motsadi kgotsa tsala e e pelotlhomogi e bile e tshwanelega semoyeng.

Ga go na mafoko ape a a kgothatsang go gaisa a a mo Baebeleng. Ka jalo a re atameleng Modimo ka go tlhatlhanya ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng ka go le anaanela. Go akanya jalo ruri go ka ipedisa pelo e e tshwenyegileng mme ga phatsimisa matlho a a tletseng bohutsana. Mopesalema o tlhomamisa seno, a re: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa moya. Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo. Ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame, di dira gore pelo e ipele; taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho.”—Pesalema 19:7, 8.

Tselana e e Nang le Maduo

Kgosi ya Iseraele e bolela jaana fa e bapisa tsela ya batho ba ba siameng le ya ba ba boikepo: “Mosiami o tlhola mafulo a gagwe, mme tsela ya baikepi e dira gore ba kgarakgatshege.” (Diane 12:26) Mosiami o kelotlhoko ka mafulo a gagwe—batho ba a tlwaelanang le bone le ditsala tse a di tlhophang. O ba tlhopha ka botlhale, a leka go tila dikamano tse di kotsi. Batho ba ba boikepo bone ga ba kelotlhoko jalo, ka gonne ba gana kgakololo mme ba gagamalela go dira dilo ka tsela ya bone. E re ka ba tsieditswe, ba a kgarakgatshega.

Go tswa foo kgosi Solomone o tlhalosa pharologano fa gare ga motho yo o bobodu le yo o tlhoafetseng ka tsela e nngwe. A re: “Go nyafala ga go na go tsoma diphologolo tsa motho, mme yo o tlhoafetseng ke khumo ya motho e e tlhwatlhwakgolo.” (Diane 12:27) Motho yo o bobodu—“setshwakga”—ga a “dire sengwe,” ka diphologolo tsa gagwe kgotsa go di “besa.” (New International Version) Ka jalo, ga a kgone go fetsa se a se simolotseng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, tlhoafalo e tsamaisana le dikhumo.

Botshwakga bo kotsi thata jaana mo e leng gore moaposetoloi Paulo o ne a bone go tlhokega gore a kwalele Bakeresete ba kwa Thesalonika mme a kgalemele batho bangwe koo ba ba neng ba “tsamaya ka go sa dire dilo ka thulaganyo”—ba sa dire gotlhelele mme ba itsenyatsenya mo dilong tse di sa ba ameng. Batho ba ba ntseng jalo ba ne ba rwesa batho ba bangwe mekgweleo ya ditshenyegelo tse dintsi. Ka jalo, Paulo o ne a ba gakolola phatlalatsa, a ba rotloetsa gore ba ‘dire ka tidimalo gore ba je dijo tse bone ka bobone ba di diretseng.’ Mme fa ba ne ba sa tsibogele kgakololo eno ya gagwe e e nonofileng, Paulo o ne a gakolola ba bangwe mo phuthegong gore ba “ikgoge” mo go bone—ba tsamaele kgakala le bone, segolobogolo mo kgannyeng ya botsalano.—2 Bathesalonika 3:6-12.

Re tshwanetse go tsaya tsia e seng fela kgakololo ya ga Solomone malebana le go dira ka natla mme gape le kgakololo ya gagwe e e malebana le go dirisa loleme sentle. A re lekeng go dirisa tokololo e nnye eno go fodisa le go dira gore go nne le boipelo fa re ntse re tila go leofa ka dipounama tsa rona mme re leka go latela tsela e e siameng. Solomone o re tlhomamisetsa jaana: “Mo tselaneng ya tshiamo go na le botshelo, mme loeto mo tselaneng ya yone ga lo reye loso.”Diane 12:28.

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

“Yo o reetsang kgakololo o botlhale”

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

“Loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go bulela tsala e o e ikanyang mafatlha a gago go ka go gomotsa

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo ka go le anaanela go ipedisa pelo