Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Ditshwetso—Kgwetlho E re Ka se Kang ra e Tila

Go Dira Ditshwetso—Kgwetlho E re Ka se Kang ra e Tila

Go Dira Ditshwetso—Kgwetlho E re Ka se Kang ra e Tila

NAPOLEON BONAPARTE, mmusimogolo wa kwa Fora wa lekgolo la bo19 la dingwaga o kile a re: “Ga go na sepe se se thata jaaka go kgona go dira ditshwetso, mme fa motho a kgona go di dira, go molemo thata.” O ka nna wa dumalana le dintlha tseno ka bobedi ka gonne gantsi batho ba rata gore e nne bone ba laolang matshelo a bone. Mme gape, ba lemogile gore ka dinako tse dingwe go dira ditshwetso go thata tota.

Ga re ka ke ra tila go dira ditshwetso, le fa go ka tswa go le motlhofo kgotsa go le thata. Re tshwanetse ra dira ditshwetso letsatsi le letsatsi. Fa re sena go tsoga mo mosong, re tshwanetse ra dira tshwetso ya gore re tla apara eng, re tla fitlhola ka eng, le gore re tla dira jang dilo tse dingwe mo letsatsing leo. Bontsi jwa ditshwetso tseno ga di botlhokwa go le kalo. Gantsi ga re akanyetse kwa teng fa re di dira. Ga se gantsi re tlhorega boroko re ipotsa gore a di ne di siame kgotsa nnyaa.

Kafa letlhakoreng le lengwe, ditshwetso dingwe di botlhokwa thata. Basha ba le bantsi mo lefatsheng la gompieno ba tshwanetse ba dira tshwetso ya gore ba tla nna le mekgele efe. Ba ka nna ba tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore ba tla tlhoka go ithutela eng le gone ka lobaka lo lo kana kang. Kgabagare bontsi jwa bone ba tla tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a ke ba nyale kgotsa ba nne ba sa nyala. Ba ba tlhophang go tsena mo lenyalong ba tshwanetse ba dira tshwetso eno: ‘A ke godile mo go lekaneng gore nka tsena mo lenyalong? Ke batla molekane yo o ntseng jang, kgotsa, sa botlhokwa le go feta, ke tlhoka molekane yo o ntseng jang?’ Ke ditshwetso di se kae fela mo botshelong tse di re amang thata go feta tshwetso ya gore re tlhopha molekane ofe.

Mo dikgannyeng tse di botlhokwa thata, go botlhokwa go dira ditshwetso tse di siameng, ka gonne boitumelo bo ikaegile thata ka go dira jalo. Batho bangwe ba ka akanya gore ba ka kgona go dira ditshwetso tse di ntseng jalo mme ka ntlha ya moo ba gana thuso fa ba e newa. A go siame go dira jalo? A re bone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Napoleon: From the book The Pictorial History of the World