Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jakobe O ne A Rata Dilo Tsa Semoya

Jakobe O ne A Rata Dilo Tsa Semoya

Jakobe O ne A Rata Dilo Tsa Semoya

BOTSHELO jwa ga Jakobe bo tletse ka dintwa le masetlapelo. Mogolowe wa lefatlha o galefile thata mo a batlang go mmolaya mme Jakobe o patelesega go tshaba gore a boloke botshelo jwa gagwe. Go na le gore a newe kgarebe e a e ratang, o tsiediwa gore a nyale mongwe o sele pele, kgabagare seo se dira gore a nne le basadi ba le banè mme go mmakela mathata a le mantsi. (Genesise 30:1-13) O fetsa dingwaga di le 20 a direla monna yo o mo tsietsang. O sokasokana le moengele a bo a gobala. Morwadie o a betelelwa, bomorwawe ba dira gore batho ba bolawe ka go gailwa mme o lela mo go botlhoko ka ntlha ya go latlhegelwa ke morwawe yo a mo ratang thata le mosadi wa gagwe. O patelesega go fuduga mo botsofeng jwa gagwe ka ntlha ya leuba mme o dumela gore malatsi a gagwe a ne “a le mmalwa e bile a tletse matshwenyego.” (Genesise 47:9) Go sa kgathalesege dilo tseno tsotlhe, Jakobe ke monna yo o ratang dilo tsa semoya yo o ikanyang Modimo. A tota go ne go utlwala gore a tshepe Modimo jalo? Re ithuta eng fa re akanya ka kelotlhoko ka dingwe tsa dilo tse di diragaletseng Jakobe?

O ne A Farologane Thata le Mogolowe

Selo se se bakileng kgotlhang eno fa gare ga bone e ne e le gore Jakobe o ne a anaanela dilo tsa semoya fa Esau ene a ne a di nyatsa. Jakobe o ne a kgatlhegela thata kgolagano e e neng e solofeditswe Aborahame mme a ineela gore a sireletse le go tlhokomela ba lelapa le Modimo a neng a le tlhophile gore e nne bajaboswa. Ka jalo, Jehofa o ne a mo “rata.” Jakobe o ne a ‘se na molato’ e leng lefoko le le bolelang gore o ne a na le dinonofo tse di ntle thata. Esau ene o ne a sa kgathalele boswa jwa gagwe jwa semoya mo a neng a bo rekisetsa Jakobe ka lemmenyana fela. Esau o ne a tlala bogale jwa go ipusolosetsa fa, ka tetla ya Modimo, Jakobe a ne a lopa tshwanelo e e neng e le ya ga Esau a bo a amogela masego a e neng e le a ga mogolowe. Ka jalo, Jakobe o ne a tlogela dilo tsotlhe tse a neng a di rata, mme ditiragalo tse di neng tsa latela di ne tsa mo tsosetsa mahutsana.—Malaki 1:2, 3; Genesise 25:27-34; 27:1-45.

Modimo o ne a bontsha Jakobe mo torong baengele ba ba neng ba tlhatloga ba bo ba fologa lere kgotsa “maje a a tlhatlaganeng” a a neng a le magareng ga legodimo le lefatshe mme a bo a re o tla sireletsa Jakobe le losika lwa gagwe. “Malapa otlhe a lefatshe a tla itshegofatsa ka wena le ka losika lwa gago. Mme bona, ke na le wena mme ke tla go boloka mo tseleng yotlhe e o e tsamayang e bile ke tla go busetsa mo lefatsheng leno, ka gonne ga ke tle go go tlogela go fitlha ke dirile se ke se buileng le wena.”—Genesise 28:10-15; ntlhanyana e e kwa tlase mo NW.

Ruri mafoko ao a ne a gomotsa tota! Jehofa o ne a tlhomamisa gore ditsholofetso tse di neng di neilwe Aborahame le Isake di ne di tla humisa lelapa la ga Jakobe semoyeng. Jakobe o ne a bontshiwa gore baengele ba kgona go direla batho ba ba amogelwang ke Modimo, mme o ne a tlhomamisediwa gore Modimo o tla mo sireletsa. E re ka Jakobe a ne a lemoga se Jehofa a neng a mo diretse sone e bile a leboga, o ne a ikana gore o tla ikanyega mo go Ene.—Genesise 28:16-22.

Jakobe ga a ka a tseela Esau boswa jwa gagwe ka dikgoka. Pele basimane bano ba tsholwa, Jehofa o ne a bolela gore “yo mogolwane o tla direla yo mmotlana.” (Genesise 25:23) Mongwe a ka nna a botsa gore, ‘A go ka bo go sa ka ga nna botoka fa Modimo a ka bo a dirile gore Jakobe e nne ene leitibolo?’ Re ithuta dilo dingwe tse di botlhokwa mo go se se neng sa latela morago ga foo. Modimo ga a beye masego a a beela batho ba ba akanyang gore ba na le tshwanelo ya go a bona, go na le moo o bontsha bopelonomi jo bo sa tshwanelang mo go ba ene a ba tlhophang. Ka jalo, tshwanelo ya go nna leitibolo e ne ya newa Jakobe, e seng mogolowe yo o neng a sa e anaanele. Ka tsela e e tshwanang, e re ka Bajuda ba tlholego ba ne ba tshwana le Esau, ba ne ba emisediwa ka Iseraele wa semoya. (Baroma 9:6-16, 24) Le gompieno le fa motho a tsholetswe mo lelapeng la batho ba ba boifang Modimo, go nna le kamano e e molemo le Jehofa ga go itlele fela e le boswa jo motho a sa bo tseelang matsapa. Batho botlhe ba ba batlang go amogela masego a a tswang kwa Modimong, ba tshwanetse go nna molemo mme e nne batho ba tota ba ratang dilo tsa semoya.

O Amogelwa ke Labane

Fa Jakobe a fitlha kwa Padana-arama kwa a neng a ile go batla mosadi mo losikeng lwa gagabo gone, kwa sedibeng o ne a kopana le ntsalae yo o bidiwang Ragele yo e neng e le morwadia Labane, mme Jakobe o ne a tlosa lentswe le le bokete le le neng le khurumeditse metsi gore diruiwa tse a neng a di disitse di nwe. * Ragele o ne a tabogela kwa lapeng go ya go bega ka kgorogo ya ga Jakobe, mme Labane a itlhaganela a ya go mo kgatlhantsha. Fa e le gore Labane o ne a sa ntse a gopotse dikhumo tse ba lelapa la gagwe ba neng ba di amogela mo motlhankeng wa ga Aborahame, o ne a tlile go swaba nko go feta molomo ka gonne Jakobe ene o ne a sa tshola sepe. Mme go ne go bonala Labane a ne a bona mmereki yo o senatla yo a neng a ka mo tsietsa.—Genesise 28:1-5; 29:1-14.

Jakobe o ne a mo tlhalosetsa gore o tlile ka dife. Ga go tlhomamisege sentle fa a ile a umaka gore o ne a tsietsa go bona tshwanelo ya go nna leitibolo, mme gone fa Labane a sena go utlwa “dilo tseno tsotlhe,” o ne a re: “Ruri o lerapo la me le nama ya me.” Moithuti mongwe o bolela gore mafoko ao a ka tswa e ne e le taletso e e lorato ya gore Jakobe a nne le bone kgotsa gore Labane o ne a dumela gore ka ntlha ya go amana ga bone ka losika o ne a tshwanetse go mo sireletsa. Go sa kgathalesege gore lebaka e ne e le lefe, go ise go ye kae Labane o ne a setse a akanya ka fa a ka tsietsang setlogolo sa gagwe ka gone.

Labane o ne a simolola selo se se neng se tla baka dikgotlhang mo gare ga bone mo dingwageng tse 20 tse di latelang. O ne a botsa Jakobe jaana: “A o morwarre, mme a o tshwanetse go ntirelela lefela? Mpolelela, Tuelo ya gago e tla nna eng?” Le fa Labane a ne a itira malome yo o molemo, o ne a sa anaanele go nna ga bone masika mme o ne a batla fela go dira tumalano ya gore Jakobe a mmerekele. E re ka Jakobe a ne a rata Ragele o ne a araba ka gore: “Ke iketleeleditse go direla Ragele morwadio yo mmotlana dingwaga di le supa.”—Genesise 29:15-20.

Kgarebe e ne e beelelwa ka go naya lelapa la gabone madi a a rileng a bogadi. Moragonyana Molao wa ga Moshe o ne wa tlhoma selekanyo sa dishekele di le 50 tsa selefera gore di duelelwe makgarebe a a tsieditsweng mme a latlhegelwa ke bokgarebe jwa bone. Moithuti Gordon Wenham o bolela gore “madi ano e ne e le jone bogadi jo bo kwa godimo jo bo neng bo ntshiwa” mme gantsi “madi a bogadi a ne a le kwa tlase ga ao.” (Duteronome 22:28, 29) Jakobe o ne a se na madi ao. O ne a raya Labane a re o tla mo direla dingwaga di le supa. Wenham o tswelela ka gore, “E re ka babereki ba nakwana ba ne ba amogela magareng ga halofo ya shekele le shekele e le nngwe ka kgwedi kwa Babelona wa bogologolo [go tloga ka dishekele di le 42 go ya go di le 84 mo dingwageng di le supa tse di tletseng] Jakobe o ne a neela Labane bogadi jo bontsi gore a mo letle go nyala Ragele.” Ka jalo, Labane o ne a dumela a sa okaoke.—Genesise 29:19.

Ka tsela e Jakobe a neng a rata Ragele ka yone, dingwaga di le supa di ne tsa nna jaaka “malatsi a le mmalwa fela” mo go ene. Fa dingwaga tseo di sena go wela, o ne a kopa gore a newe monyadiwa wa gagwe yo o khurumeditsweng sefatlhego ka lesire a sa belaele ka gope gore Labane o a mo tsietsa. Akanya fela gore o ne a ikutlwa jang mo mosong o o latelang fa a lemoga gore o ne a sa robala le Ragele, mme o ne a robetse le mogolowe Ragele e bong Lea! Jakobe o ne a botsa Labane jaana: “Ke eng seno se o se ntirileng? A ga ke a ka ka go direla ke direla Ragele? Ka jalo ke ka ntlha yang fa o ntsieditse?” Labane a araba ka gore: “Ga go a tlwaelega go dira ka tsela eno mo lefelong la rona, go ntsha mosadi yo mmotlana pele ga leitibolo. Keteka beke ya mosadi yono ka botlalo. Morago ga moo o tla newa le mosadi yono yo mongwe ka ntlha ya tirelo e o ka e dirang le nna dingwaga tse dingwe gape di le supa.” (Genesise 29:20-27) E re ka Jakobe a ne a gaeletswe e bile go se se a neng a ka se dira o ne a tshwanelwa ke go dumalana le se Labane a neng a se bua gore a kgone go nyala Ragele.

Go farologana le dingwaga tse supa tsa ntlha, dingwaga tse di latelang tse supa di ne di se monate le e seng. Jakobe o ne a ka kgona jang go itlhokomolosa gore Labane o mo tsieditse? Mme go tweng ka Lea yo le ene a neng a dumalana le boferefere joo jwa ga Labane? E le ruri Labane o ne a se na sepe le isagwe ya mathata e a neng a e baakanyetsa Lea le Ragele. O ne a ikakanyetsa a le esi fela. Mo godimo ga go galefa, Ragele o ne a nna lefufa thata fa Lea a tshola barwa ba le banè ba ba neng ba latelana ka bonako fa ene a ne a le moopa. E re ka Ragele a ne a batla bana thata mo a neng a sa tlhole a itse gore a direng, o ne a swetsa ka gore a kope lelata la gagwe gore le mo tsholele ngwana mme Lea le ene a dira se se tshwanang ka gonne a ne a le mo kgaisanong. Jakobe o ne a iphitlhela a na le basadi ba le 4, bana ba le 12 le lelapa le le sa itumelang. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dira Jakobe setšhaba se segolo.—Genesise 29:28–30:24.

Jehofa O a Mo Humisa

Go sa kgathalesege diteko tse Jakobe a neng a lebana le tsone, o ne a lemoga gore Jehofa o ne a na le ene fela jaaka a ne a mo solofeditse. Labane le ene o ne a lemoga seo ka gonne diruiwa di le mmalwa tse a neng a na le tsone fa Jakobe a goroga, di ne di ntsifetse thata fa e sa le di tlhokometswe ke setlogolo sa gagwe. E re ka Labane a ne a sa batle gore Jakobe a tsamaye, o ne a re a bue gore o batla tuelo ya bokae gore a tswelele a mo direla, mme Jakobe o ne a kopa diruiwa tse di neng di na le mmala o o sa tlwaelegang mo matsomaneng a ga Labane. Go bolelwa gore mo kgaolong eo, ka tlwaelo dinku di ne di le mmala o mosweu mme dipodi tsone di le mmala o montsho kgotsa o o borokwa jo bo tseneletseng; mme di ne di le mmalwa thata tse di marontho. Ka jalo, e re ka Labane a ne a akanya gore tuelo e Jakobe a neng a e batla e ne e le nnye, o ne a se ka a okaoka mme ka yone nako eo a fudusetsa diruiwa tsa gagwe tsotlhe tse di nang le matshwao a a sa tlwaelegang kgakala gore di se ka tsa kopana le matsomane a a neng a tla tswelela a tlhokomelwa ke Jakobe. Ga go pelaelo gore Labane o ne a dumela gore Jakobe ga a na go bona sepe mo tumalanong eo ya bone, tota le e leng diperesente di le 20 tsa dipotsanyane le dinku tse badisa ba bogologolo ba neng ba di bona e le tuelo. Mme gone Labane o ne a fositse ka gonne Jehofa o ne a na le Jakobe.—Genesise 30:25-36.

A kaelwa ke Modimo, Jakobe o ne a kgona go atisa diruiwa tse di nonofileng tsa mmala o a o batlang. (Genesise 30:37-42) Mokgwa o a neng a o dirisa go tsadisa leruo o ne o sa tshwanela. Le fa go ntse jalo, moithuti Nahum Sarna o bolela gore: “Go ya ka saense, o ne o ka kgona go bona se o se batlang ka go kopanya diphologolo tsa mmala o le mongwe tse di nang le dijini tse di fitlhegileng tsa mmala o o marontho, mme diphologolo tseno o ka kgona go di bona ka . . . matlhagatlhaga a [tsone].”

Fa Labane a lemoga matswela a seo, o ne a leka go fetola tumalano ya bone ka diruiwa tse e neng e tshwanetse go nna tsa setlogolo sa gagwe tse di methalo, marothodi, mmala o o dibata kgotsa tse di marontho. Labane o ne a batla gore e nne ene a solegelwang molemo, mme go sa kgathalesege ka fa a neng a leka go fetola tumalano ya bone ka gone, Jehofa o ne a netefatsa gore Jakobe o a atlega. Sa ga Labane e ne e le fela selelo le khuranyo ya meno. Go ise go ye kae ke fa Jakobe a kgobokantse khumo e kgolo, matsomane, batlhanka, dikamela le diesele, mme e ne e se ka bokgoni jwa gagwe, e ne e le ka gonne Jehofa o ne a na le ene. Mme moragonyana o ne a raya Ragele le Lea a re: “Rraalona o ntsieditse e bile o fetotse tuelo ya me makgetlo a le lesome, mme Modimo ga a mo letlelela gore a nkutlwise botlhoko. . . . Modimo o ne a nna a tsaya motlhape wa rraalona a o nnaya.” Gape Jehofa o ne a tlhomamisetsa Jakobe gore o bone dilo tsotlhe tse Labane a neng a mo dira tsone ka jalo a se ka a tshwenyega. Modimo a mo raya a re: “Boela kwa lefatsheng la gaeno le kwa go ba losika lwa gaeno mme ke tla dirisana sentle le wena.”—Genesise 31:1-13; 32:9.

Kgabagare fa Jakobe a sena go kgaogana le Labane wa leferefere, o ne a boela gae. Le fa go ne go setse go fetile dingwaga di le 20, o ne a sa ntse a boifa Esau, segolobogolo fa a sena go utlwa gore Esau o ne a tla le banna ba le makgolo a le manè. Jakobe o ne a ka dirang? O ne a supa tumelo ka gonne ka metlha e ne e le motho yo o ratang dilo tsa semoya le yo o ikanyang Modimo. O ne a rapela, a tlhalosa gore o a lemoga gore tota o ne a sa tshwanelwe ke bopelonomi jwa ga Jehofa mme a kopa Modimo gore ka ntlha ya ditsholofetso tsa Gagwe, ene le ba lelapa la gagwe ba gololwe mo seatleng sa ga Esau.—Genesise 32:2-12.

Mme go ne ga diragala sengwe se se neng se sa lebelelwa. Motho mongwe yo o sa itseweng yo e neng e le moengele o ne a sokasokana le Jakobe bosigo jotlhe, mme fa a sena go mo kgoma gangwe fela, lelokololo la serope sa ga Jakobe la tswa mo lefelong la lone. Jakobe o ne a gana go lesa moengele a tsamaya go fitlha a mo segofatsa pele. Moragonyana moporofeti Hosea o ne a re Jakobe “o ne a lela, a rapelela gore a tle a amogelwe.” (Hosea 12:2-4; Genesise 32:24-29) Jakobe o ne a itse gore mo nakong e e fetileng, fa moengele a ne a itlhagisa, go ne go amana le go diragadiwa ga kgolagano ya ga Aborahame e e neng e tla tla ka losika lwa gagwe. Ka jalo o ne a lwa ka thata gore a amogele masego. Mo lekgetlhong leno, Modimo o ne a fetola leina la gagwe gore e nne Iseraele, mo go rayang, “Yo o Lwang (Emelanang) le Modimo” kgotsa “Modimo o a Lwa.”

A o Ikaeletse go Kgaratlha?

Go sokasokana le moengele le go kopana gape le Esau ga se one fela mathata a Jakobe a neng a a fenya. Le fa go ntse jalo, ditiragalo tse re tlotlileng ka tsone fano di supa gore e ne e le motho wa mofuta mang. Le mororo Esau a ne a palelwa ke go itshokela tlalanyana fela gore a nne a ntse a na le tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo, Jakobe ene o ne a kgaratlha botshelo jotlhe jwa gagwe gore a bone masego mo a neng a bo a sokasokana le moengele tota. Fela jaaka Modimo a solofeditse, o ne a kaela Jakobe a bo a mo sireletsa mme a nna rremogologolwane wa setšhaba se segolo le wa ga Mesia.—Mathaio 1:2, 16.

A o ikaeletse go dira ka natla gore o amogelwe ke Jehofa, o go kgaratlhele, jaaka re ka rialo? Botshelo gompieno bo tletse mathata le dikgwetlho mo bathong ba ba batlang go dira thato ya Modimo, mme ka dinako tse dingwe motho o tshwanelwa ke go kgaratlha tota go dira ditshwetso tse di siameng. Le fa go ntse jalo, sekai se se molemo sa ga Jakobe se re naya lebaka le le utlwalang la gore re tshwarelele ka thata mo tsholofelong e Jehofa a e beileng kwa pele ga rona ya gore re tla duelwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Tiragalo eno e tshwana le ya fa mmaagwe Jakobe e bong Rebeka a ne a nosa dikamela tsa ga Eliesere metsi. Rebeka o ne a tabogela kwa gae go ya go bega ka moeng yo o gorogileng. Fa Labane a bona dimpho tsa gouta tse kgaitsadie a neng a di neilwe a tabogela kwa go Eliesere go ya go mo amogela.—Genesise 24:28-31, 53.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Jakobe o ne a kgaratlha botshelo jotlhe jwa gagwe gore a bone masego