Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I

“GENESISE” e raya “tshimologo,” kana “tsalo.” Leina leno le tshwanela sentle buka e e tlhalosang kafa lobopo lo ileng lwa nna gone ka teng, kafa lefatshe le ileng la baakanngwa ka gone gore batho ba kgone go nna mo go lone, le kafa go ileng ga direga ka teng gore batho ba tle go nna mo go lone. Moshe o ne a kwala buka eno a le kwa nageng ya Sinai, mme go ka direga gore o e feditse ka 1513 B.C.E.

Buka ya Genesise e re bolelela ka lefatshe pele ga nako ya Morwalela, ka se se ileng sa direga fa motlha wa morago ga Morwalela o simologa, le kafa Jehofa Modimo a ileng a dirisana ka teng le Aborahame, Isake, Jakobe le Josefa. Setlhogo seno se tla tlhatlhoba dintlhakgolo tsa Genesise 1:1–11:9, e leng go fitlha ka nako ya fa Jehofa a ne a simolola go dirisana le tlhogo ya lotso e bong Aborahame.

LEFATSHE PELE GA MORWALELA

(Genesise 1:1–7:24)

Mafoko a a simololang a Genesise, a a reng “mo tshimologong,” a bua ka dilo tse di diragetseng dibilione tsa dingwaga tse di fetileng. Ditiragalo tsa “malatsi” a le marataro a popo, kana dipaka tsa ditiro tse di kgethegileng tsa popo, di tlhalosiwa ka tsela e di neng di ka bonala ka teng mo mothong fa a ka bo a le teng mo lefatsheng ka nako eo. Kwa bokhutlong jwa letsatsi la borataro, Modimo o ne a bopa motho. Le fa Paradaise e ne ya senyega ka bonako morago ga moo ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga motho, Jehofa o solofetsa sengwe. Boporofeti jwa ntlhantlha jwa Baebele bo bua ka “losika” lo lo tla tlosang ditlamorago tsa boleo le go gobatsa Satane mo tlhogong.

Mo dingwageng tse di makgolo a le 16 tse di latelang, Satane o kgona go faposa batho botlhe mo Modimong, fa e se fela batho ba le mmalwa ba ba ikanyegang, ba ba jaaka Abele, Enoke le Noa. Ka sekai, Kaine o bolaya morwarragwe yo o siameng e bong Abele. “Go simololwa go bitsa leina la ga Jehofa,” go bonala e le ka tsela ya go le itshepolola. Fa Lameke a bua ka moya wa bothubaki o o neng o le gone ka nako eo, o ne a tlhama leboko le mo go lone a buang kafa a ileng a bolaya lekawana lengwe ka teng, a re ke fa a ne a itshireletsa. Maemo a senyegela pele fa barwa ba baengele ba Modimo ba ba tlhokang kutlo ba itseela basadi mme ba nna le bana ba diganka ba ba ratang thubakanyo ba ba bidiwang Banifelime. Le fa go ntse jalo, Noa yo o ikanyegang o aga araka, o tlhagisa batho ka bopelokgale ka Morwalela o o tlang, ene le lelapa la gagwe ba bo ba falola tshenyo e e bakilweng ke one.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:16—Go ne go ka direga jang gore Modimo a dire gore go nne lesedi ka letsatsi la ntlha fa e le gore dibonesi di ne tsa bopiwa ka letsatsi la bonè? Lefoko le le dirisitsweng mo Sehebereng la go “dira” mo go temana 16 ga le tshwane le lefoko la go “bopa” le le dirisitsweng mo go Genesise kgaolo 1, temana 1, 21, le 27. “Magodimo” a a neng a akaretsa dibonesi a ne a bopiwa bogologolo pele “letsatsi la ntlha” le simologa. Mme lesedi la tsone le ne le sa fitlhe mo lefatsheng. Mo letsatsing la ntlha, go ne “ga nna lesedi” ka gonne lesedi le le neng le tswa mo dibonesing le ne la phunyeletsa maru mme la bonala mo lefatsheng. Ka jalo lefatshe le le dikologang le ne la simolola go nna le motshegare le bosigo. (Genesise 1:1-3, 5) Motswedi wa lesedi leo o ne o sa ntse o sa bonale mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, go ne ga nna le phetogo e kgolo ka paka ya bonè ya popo. Letsatsi, ngwedi, le dinaledi di ne jaanong tsa simolola go ‘phatsima mo lefatsheng.’ (Genesise 1:17) “Modimo a [di] dira” ka tlhaloganyo ya gore jaanong di ne di kgona go bonwa mo lefatsheng.

3:8—A Jehofa Modimo o ne a bua le Adame ka tlhamalalo? Baebele e senola gore fa Modimo a ne a bua le batho, o ne a bua le bone gantsi a dirisa baengele. (Genesise 16:7-11; 18:1-3, 22-26; 19:1; Baatlhodi 2:1-4; 6:11-16, 22; 13:15-22) Mmueledi yo mogolo wa Modimo e ne e le Morwawe yo o tsetsweng a le esi, yo o bidiwang “Lefoko.” (Johane 1:1) Go ka direga thata gore Modimo o ne a bua le Adame le Efa a dirisa “Lefoko.”—Genesise 1:26-28; 2:16; 3:8-13.

3:17—Mmu o ne o hutsitswe ka tsela efe, e bile e le ka lobaka lo lo kana kang? Go hutsiwa ga mmu go ne go raya gore jaanong go ne go tla nna thata go o lema. Ditlamorago tsa mmu o o hutsitsweng, o o neng o na le mitlwa le sitlwasitlwane, di ne tsa utlwiwa thata ke ditlogolwana tsa ga Adame, mo e leng gore Lameke rraagwe Noa o ne a bua ka tsone a re ke “[botlhoko] jwa diatla tsa rona jo bo tswang mo mmung o Jehofa a o hutsitseng.” (Genesise 5:29) Jehofa o ne a segofatsa Noa le barwa ba gagwe morago ga Morwalela, a bo a ba itsise maikaelelo a gagwe a gore ba tlatse lefatshe. (Genesise 9:1) Go bonala phutso ya Modimo mo mmung e ne ya fela ka nako eo.—Genesise 13:10.

4:15—Jehofa o ne a “tlhomela Kaine sesupo” jang? Baebele ga e bolele gore Kaine o ne a tshwaiwa ka sesupo ka tsela nngwe mo mmeleng wa gagwe. Go ka direga gore sesupo seo e ne e le molawana mongwe o o kgethegileng o o neng o itsiwe e bile o ikobelwa ke ba bangwe le gore o ne o diretswe gore ope a se ka a mmolaya ka ntlha ya go ipusolosetsa.

4:17—Kaine o ne a bona kae mosadi wa gagwe? Adame o ne a “nna le bana ba basimane le ba basetsana.” (Genesise 5:4) Ka jalo Kaine o ne a nyala mongwe wa bokgaitsadie kana gongwe mongwe wa ditlogolo tsa gagwe. Moragonyana, Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o ne o sa tlhole o letla gore motho a nyale kgaitsadie.—Lefitiko 18:9.

5:24—Modimo o ne a ‘tsaya Enoke’ ka tsela efe? Go bonala fa Enoke a ne a le mo kotsing ya go bolawa, mme Modimo ga a ka a letla gore a wele mo diatleng tsa baba ba gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Enoke o ne a fudusiwa gore a se ka a bona loso.” (Bahebera 11:5) Seno ga se reye gore Modimo o ne a mo tseela kwa legodimong kwa a neng a tswelela a tshela gone. Jesu e ne e le ene wa ntlha go tlhatlogela kwa legodimong. (Johane 3:13; Bahebera 6:19, 20) Fa Enoke a ne a “fudusiwa gore a se ka a bona loso,” go ka raya gore Modimo o ne a mo tsenya mo maibing a bo a khutlisa botshelo jwa gagwe a sa ntse a le mo boemong joo. Kafa tlase ga boemo joo, Enoke ga a ka a boga, kana “a bona loso,” a bolawa ke baba ba gagwe.

6:6—Go ka bolelwa ka tsela efe gore Jehofa o ne a “ikwatlhaya” go bo a dirile motho? Lefoko la Sehebera le le ranotsweng fano e le go “ikwatlhaya” le amana le go fetoga ga maikutlo kana maikaelelo. Jehofa o itekanetse ka jalo ga a ka a dira phoso fa a ne a bopa motho. Le fa go ntse jalo, maikutlo a gagwe a ne a fetogela batho ba ba boikepo ba ba neng ba tshela pele ga Morwalela. Modimo o ne a fetoga go tswa go go nna Mmopi wa batho go ya go go nna mosenyi wa bone ka gonne a ne a sa itumedisiwe ke boikepo jwa bone. Lebaka la go bo a ile a boloka batho bangwe le bontsha gore o ne a ikwatlhaya fela malebana le batho ba ba neng ba nnile boikepo.—2 Petere 2:5, 9.

7:2—Pharologanyo e ne e le fa kae mo goreng a phologolo e phepa kana ga e phepa? Go bonala pharologanyo e ne e le mo tseleng e ditlhabelo di neng di dirisiwa ka yone mo kobamelong mme e seng mo goreng ke diphologolo dife tse di neng di ka jewa le gore ke dife tse di neng di ka se jewe. Nama ya diphologolo e ne e se karolo ya dijo tsa batho pele ga Morwalela. Dijo di ne tsa bolelwa di le “phepa” kana di “se phepa” fela fa go ne go kwalwa Molao wa ga Moshe, mme go ne ga khutla fa Molao oo o fedisiwa. (Ditiro 10:9-16; Baefeso 2:15) Go bonala fa Noa a ne a itse gore ke eng se se neng se tshwanelwa go ntshiwa setlhabelo mo kobamelong ya ga Jehofa. E ne ya re fela fa a sena go tswa mo arakeng, o ne a “simolola go agela Jehofa sebeso a bo a tsaya dingwe tsa diphologolo tsotlhe tse di phepa le tsa dibopiwa tsotlhe tse di fofang tse di phepa a bo a isa ditshupelo tse di fisiwang mo sebesong.”—Genesise 8:20.

7:11—Metsi a a neng a baka Morwalela wa lefatshe lotlhe a ne a tswa kae? Ka paka, kana “letsatsi” la bobedi la popo, fa “phuthologo” ya lefaufau ya lefatshe e ne e bopiwa, go ne go na le metsi “kwa tlase ga phuthologo” le metsi “kwa godimo ga phuthologo.” (Genesise 1:6, 7) Metsi a a “kwa tlase” e ne e le a a neng a ntse a le mo lefatsheng. Metsi a a “kwa godimo” e ne e le bongola jo bogolo jo bo neng bo le mo godimodimo ga lefatshe, a dira “bodiba jo bogolo jo bo boteng jwa metsi.” Metsi ano a ne a wela mo lefatsheng ka nako ya ga Noa.

Se re Ithutang Sone:

1:26. E re ka batho ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo, ba na le bokgoni jwa go bontsha dinonofo tsa Modimo. Tota re tshwanetse go leka go tlhagolela dinonofo tse di tshwanang le lorato, kutlwelobotlhoko, bopelonomi, molemo, le bopelotelele, ka go dira jalo re etsa Ene yo o re dirileng.

2:22-24. Lenyalo ke thulaganyo ya Modimo. Sebofo sa lenyalo ke sa bosakhutleng e bile se boitshepo, monna e le ene tlhogo ya lelapa.

3:1-5, 16-23. Boitumelo bo ikaegile ka gore re ikobele bolaodi jwa ga Jehofa mo matshelong a rona.

3:18, 19; 5:5; 6:7; 7:23. Se Jehofa a se buang ka metlha se a diragala.

4:3-7. Jehofa o ne a itumelela setlhabelo sa ga Abele ka gonne a ne a le monna yo o siameng wa tumelo. (Bahebera 11:4) Kafa letlhakoreng le lengwe, Kaine ka ditiro tsa gagwe o ne a bontsha fa a se na tumelo. Ditiro tsa gagwe di ne di le bosula, a le lefufa, a le letlhoo e bile e le mmolai. (1 Johane 3:12) Mo godimo ga moo, go ka direga gore o ne a sa akanye sepe ka setlhabelo sa gagwe, a se ntsha e le go ikgolola fela. A ditlhabelo tsa rona tsa pako go Jehofa ga di a tshwanela go tswa pelong e bile di patilwe ke boikutlo jo bo molemo le boitshwaro jo bo siameng?

6:22. Le fa gone go ne ga tsaya Noa dingwaga di le dintsi go aga araka, o ne a dira fela jaaka Modimo a ne a mo laetse. Ke ka moo Noa le lelapa la gagwe ba neng ba falola Morwalela. Jehofa o bua le rona a dirisa Lefoko la gagwe le le kwadilweng e bile o re kaela ka mokgatlho wa gagwe. Go solegelwa rona molemo fa re utlwa e bile re le boikobo.

7:21-24. Jehofa ga a senye batho ba ba siameng mmogo le ba ba boikepo.

MOTHO O TSENA MO MOTLHENG O MOSHA

(Genesise 8:1–11:9)

Fa lefatshe la pele ga Morwalela le sena go senngwa, batho ba tsena mo motlheng o mosha. Batho ba letlwa go ja nama mme gone ba laelwa gore ba ithibe mo mading. Jehofa o ntsha kotlhao ya loso fa motho a bolaile yo mongwe a bo a tlhoma motshe wa godimo, a solofetsa gore ga a kitla a tlhola a tlisa Morwalela o mongwe. Barwa ba ga Noa ba bararo ba nna bagologolwane ba batho botlhe, mme setlogolo sa gagwe e bong Nimerode o nna “motsomi yo o thata kgatlhanong le Jehofa.” Go na le gore batho ba phatlalale ba tlale ka lefatshe, ba dira tshwetso ya go ikagela motse o o bidiwang Babele le tora gore ba itirele leina. Maikaelelo a bone a a senngwa fa Jehofa a tlhakatlhakanya dipuo tsa bone a bo a ba phatlalatsa le lefatshe lotlhe.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

8:11—Fa e le gore ditlhare di ile tsa senngwa ke Morwalela, lephoi le ne le bona kae letlhare la motlhware? Go ka nna ga bo go diragetse dilo tse pedi. E re ka setlhare sa motlhware e le setlhare se se nonofileng thata, go ka direga gore se ile sa nna se tshela ka fa tlase ga metsi ka dikgwedi di le mmalwa ka nako ya Morwalela. Fa metsi a morwalela a kokobela, setlhare sa motlhware se se neng se ntse se le ka fa tlase ga metsi, se ne se ka gola gape mo mmung se bo se mela matlhare. Go ka direga gape gore letlhare le lephoi le ileng la le isa kwa go Noa le ile la tsewa mo letlhogeleng le le neng la tlhoga fa metsi a morwalela a sena go kokobela.

9:20-25—Ke ka ntlha yang fa Noa a ile a hutsa Kanana? Go ka direga gore Kanana o ne a le molato wa go tlontlolola rraagwemogolo e bong Noa ka tsela nngwe. Le fa rraagwe Kanana e bong Hame a ile a bona seno se direga, ga a ka a leka go go thibela, go na le moo go lebega a ile a anamisa kgang eo. Le fa go ntse jalo, barwa ba bangwe ba babedi ba ga Noa, e bong Sheme le Jafethe, ba ne ba tsaya kgato mme ba bipa rraabone. Ba ne ba segofadiwa ka ntlha ya seno, mme Kanana ene a hutsiwa, Hame ene o ne a boga ka ntlha ya ditlhong tse di neng tsa tlela bana ba gagwe.

10:25—Lefatshe le ne le “kgaogane” jang mo motlheng wa ga Pelege? Pelege o ne a tshela go tswa ka 2269 go fitlha ka 2030 B.C.E. E ne e le “mo metlheng” e Jehofa a neng a kgaoganya le go tlhakatlhakanya dipuo tsa baagi ba Babele ka one a bo a ba gasamisa le lefatshe lotlhe. (Genesise 11:9) Ka jalo, “lefatshe [kana, banni ba lefatshe] le ne le kgaogane” mo motlheng wa ga Pelege.

Se re Ithutang Sone:

9:1; 11:9. Ga go na tsamaiso epe kana motho ope yo o ka senyang maikaelelo a ga Jehofa.

10:1-32. Dipego tse pedi tse di kwadilweng mo Baebeleng tsa tatelano ya masika pele le morago ga Morwalela—kgaolo 5 le kgaolo 10—di amanya batho botlhe ba lefatshe le motho wa ntlha e bong Adame, ka barwa ba le bararo ba ga Noa. Baasiria, Bakaladia, Bahebera, Basiria, le ditšhaba dingwe tsa Baarabia, ke ditlogolwana tsa ga Sheme. Baethiopia, Baegepeto, Bakanana le ditso dingwe tsa Baafrika le Baarabia ke ditlogolwana tsa ga Hame. Baindia le Bayuropa ke ditlogolwana tsa ga Jafethe. Batho botlhe ba amana ka losika, mme botlhe ba tsholwa ba lekana fa pele ga Modimo. (Ditiro 17:26) Boammaaruri jono bo tshwanetse jwa ama tsela e re lebang le go tshwara ba bangwe ka yone.

Lefoko la Modimo le ka Naya Maatla

Karolo ya ntlha ya buka ya Genesise e tshwere pego e e leng yone fela e e boammaaruri ya hisitori ya batho. Mo dikgaolong tseno, re kgona go lemoga maikaelelo a Modimo a go baya motho mo lefatsheng. A bo go kgothatsa jang ne go bona gore ga go na maiteko ape a motho, a a tshwanang le a ga Nimerode, a a ka thibelang maikaelelo ao go direga!

Fa o ntse o bala mmalo wa Baebele wa beke le beke o ipaakanyetsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, go sekaseka se se mo karolong e e reng “Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo” go tla go thusa go tlhaloganya ditemana dingwe tse di thata tsa Dikwalo. Dikakgelo tse di mo setlhogong se se reng “Se re Ithutang Sone” di ka go bontsha kafa o ka solegelwang molemo ka teng ke mmalo wa Baebele wa beke le beke. Fa maemo a tshwanela, dikakgelo tseno di ka dirisiwa gape le fa go neelwa puo ya dilo tse phuthego ya lona e tshwanetseng go di ela tlhoko mo Pokanong ya Tirelo. Ruri Lefoko la ga Jehofa le a tshela e bile le ka re naya maatla mo matshelong a rona.—Bahebera 4:12.