Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Morena, re Rute Kafa re ka Rapelang ka Gone”

“Morena, re Rute Kafa re ka Rapelang ka Gone”

“Morena, re Rute Kafa re ka Rapelang ka Gone”

“Mongwe wa barutwa ba gagwe a mo raya a re: ‘Morena, re rute kafa re ka rapelang ka gone.’”—LUKE 11:1.

1. Ke eng fa mongwe wa barutwa ba ga Jesu a ile a kopa Jesu gore a ba rute go rapela?

NAKO nngwe ka 32 C.E., morutwa mongwe wa ga Jesu o ne a mo lebile fa a ntse a rapela. O ne a sa kgone go utlwa se Jesu a se buang le Rraagwe ka gonne go ka direga gore o ne a rapela thapelo ya mo pelong. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a fetsa, morutwa yono o ne a re: “Morena, re rute kafa re ka rapelang ka gone.” (Luke 11:1) Ke eng se se neng sa dira gore a kope seo? Thapelo e ne e le selo se se dirwang ka metlha mo botshelong jwa Bajuda le mo kobamelong ya bone. Dikwalo Tsa Sehebera di na le dithapelo tse di farologaneng mo bukeng ya Dipesalema le mo dibukeng tse dingwe. Ka gone, morutwa yono o ne a sa kope gore a rutwe sengwe se a sa se itseng kana se a neng a ise a ko a se dire. Ga go pelaelo gore o ne a tlwaelane le dithapelo tsa seomodiro tsa baeteledipele ba bodumedi ba Sejuda. Mme jaanong o ne a lebile Jesu fa a rapela, mme go ka direga gore o ne a kgona go lemoga gore go ne go na le pharologano e kgolo gareng ga dithapelo tsa boitimokanyi tsa borabi le tsela e Jesu a neng a rapela ka yone.—Mathaio 6:5-8.

2. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a sa bolele gore re tshwanetse go boaboeletsa mafoko a thapelo ya sekao fela jaaka a ntse? (b) Ke eng fa re kgatlhegela go itse tsela e e siameng ya go rapela?

2 Dikgwedi di ka nna 18 pelenyana, Jesu mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a rutile barutwa ba gagwe thapelo e ba neng ba ka e dirisa jaaka sekao fa ba rapela. (Mathaio 6:9-13) Go ka direga gore morutwa yono o ne a seyo ka nako eo, ka gone Jesu ka bopelonomi o ne a boeletsa dintlha tsa konokono tsa thapelo eo ya sekao. Sengwe se re se elang tlhoko ke gore o ne a se ka a boeletsa mafoko a yone fela jaaka a ntse, e leng se se bontshang gore o ne a sa bolele gore thapelo eo e nne thapelo ya sedumedi e e rapelwang ka go boaboelediwa jaaka e kete ke leboko. (Luke 11:1-4) Le rona, fela jaaka morutwa yoo yo o sa umakwang ka leina, re batla go rutiwa tsela e e siameng ya go rapela gore dithapelo tsa rona di re atamalanye le Jehofa. Ka gone, a re sekasekeng thapelo ya sekao e go dirisitsweng mafoko a a feletseng a yone e e kwadilweng ke moaposetoloi Mathaio. Thapelo eno e umaka dikopo tse supa, tse tharo tsa tsone di amana le maikaelelo a Modimo mme tse nnè tsone di amana le dilo tse re di tlhokang tsa senama le tsa semoya. Mo setlhogong seno re tla sekaseka dikopo tsa ntlha tse tharo.

Rre yo o Lorato

3, 4. Go bitsa Jehofa re re “Rraarona” go kaya eng?

3 Go tloga fela kwa tshimologong Jesu o ne a bontsha gore dithapelo tsa rona di tshwanetse go bontsha go nna le kamano e e molemo le Jehofa mme gone e le kamano ya go mo tlotla. Fa Jesu a ne a bua le barutwa ba gagwe ba ba neng ba mo kokoanetse fa lefelong leo le le fa thoko ga thaba, o ne a ba raya a re ba bitse Jehofa ba re “Rraarona yo o kwa magodimong.” (Mathaio 6:9) Go ya ka mokanoki mongwe, e ka ne Jesu o dirisitse lefoko le le neng le tlwaelegile thata la Sehebera kgotsa Searamaika kana ga a dirisa lone, fela gone lereo le a le dirisitseng le le ranolwang e le “Rra” le tshwana le lefoko le gantsi le dirisiwang ke bana ba bannye go bitsa borre ba bone. Fa re bitsa Jehofa re re “Rraarona,” re a bo re bontsha go nna le kamano e e lorato ya go mo ikanya.

4 Fa re mmitsa “Rraarona,” gape re a bo re bontsha gore re itsaya re le karolo ya lelapa le legolo la banna le basadi ba ba tsayang Jehofa e le Moneibotshelo wa bone. (Isaia 64:8; Ditiro 17:24, 28) Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba itseelwa go nna “barwa ba Modimo,” mme ba mo ‘goa ba re: “Aba, Rara!”’ (Baroma 8:14, 15) Go na le dimilione tsa batho tse di fetogileng ditsala tsa bone tse di ikanyegang. Batho bano ba ineetse mo go Jehofa mme ba bontshitse boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing. Batho bano botlhe ba “dinku tse dingwe” le bone ba ka atamela Jehofa ka leina la ga Jesu mme ba mmitsa “Rraarona.” (Johane 10:16; 14:6) Re ka ya kwa go Rraarona wa selegodimo ka metlha ka thapelo re mo galaletsa, re mo lebogela ditsela tsotlhe tse a re bontshang bomolemo jwa gagwe ka tsone le go mo itsise ditlhobaelo tsotlhe tsa rona ka re itse gore o a amega ka rona.—Bafilipi 4:6, 7; 1 Petere 5:6, 7.

Go Rata Leina la ga Jehofa

5. Kopo ya ntlha e e umakwang mo thapelong ya sekao ke efe, mme ke eng fa e tshwanela?

5 Kopo ya ntlha e simolola ka go umaka selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go tla pele. Ya re: “A leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Ee, go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa e tshwanetse go nna sone selo se se tlang pele ka gonne re mo rata e bile re sa rate go bona ditsela tse dintsi tse leina la gagwe le sentsweng ka tsone. Botsuolodi jwa ga Satane le tsela e a ileng a raela banyalani ba ntlha ka yone gore ba tlole molao wa ga Jehofa Modimo bo ne jwa senya Modimo leina ka go belaela tsela e a dirisang bolaodi jwa gagwe ka yone. (Genesise 3:1-6) Mo godimo ga moo, go ralala makgolokgolo a dingwaga, leina la ga Jehofa le ile la senngwa ka ditiro tse di tlhabisang ditlhong le dithuto tsa batho ba ba ipitsang gore ke baemedi ba ga Jehofa.

6. Fa re rapelela gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe ke dilo dife tse re tla tilang go di dira?

6 Go rapela ga rona re rapelela gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe go bontsha gore re eme kafa letlhakoreng lefe mo kgannyeng ya bolaodi jwa lobopo lotlhe—gore re ema nokeng ka botlalo tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa lobopo. Jehofa o batla gore lobopo lo agiwe ke dibopiwa tse di botlhale tse di ikobelang bolaodi jwa gagwe jo bo molemo ka go rata le ka boipelo e le ka gonne di mo rata le ka gonne di rata dilo tsotlhe tse leina la gagwe le di emelang. (1 Ditiragalo 29:10-13; Pesalema 8:1; 148:13) Tsela e re ratang leina la ga Jehofa ka yone e tla re thusa go tila go dira sepe fela se se ka dirang gore leina leo le le boitshepo le kgobiwe. (Esekiele 36:20, 21; Baroma 2:21-24) E re ka kagiso ya lobopo le ya baagi ba lone e ikaegile ka go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go ikobela bolaodi jwa gagwe ka lorato, go rapela ga rona re re “leina la gago a le itshepisiwe” ke tsela e re bontshang ka yone gore re dumela re sa belaele gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo tla diragadiwa ka tsela e e tla dirang gore a bakwe.—Esekiele 38:23.

Bogosi Jo re Bo Rapelelang

7, 8. (a) Bogosi jo Jesu a re rutileng go bo rapelela ke eng? (b) Re ithuta eng ka Bogosi jono mo bukeng ya Daniele le ya Tshenolo?

7 Kopo ya bobedi mo thapelong ya sekao ke: “A bogosi jwa gago bo tle.” (Mathaio 6:10) Kopo eno e amana thata le e e fetileng. Selo se Jehofa a tlileng go se dirisa go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo ke Bogosi Jwa ga Mesia, e leng puso ya gagwe ya selegodimo e Morwawe Jesu Keresete e leng Kgosi ya yone e e tlhomilweng. (Pesalema 2:1-9) Boporofeti jwa Daniele bo tlhalosa Bogosi Jwa ga Mesia e le jo bo tshwantshetsang “leje” le le ngathotsweng mo “thabeng.” (Daniele 2:34, 35, 44, 45) Thaba e emela bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe, ka gone Bogosi jo bo tshwantshediwang ke leje, jone ke tsela e ntšha e Jehofa a tla dirisang bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe ka yone. Mo boporofeting, leje leno ‘le nna thaba e kgolo mme le tlala lefatshe lotlhe,’ e leng se se bontshang gore Bogosi Jwa ga Mesia bo tla emela taolo e kgolo e Modimo a tla nnang le yone fa a busa lefatshe.

8 Keresete o tla busa le batho ba bangwe ba ba 144 000 mo pusong eno ya Bogosi, e leng batho ba ba ‘rekilweng mo bathong’ go ya go busa le ene e le dikgosi le baperesiti. (Tshenolo 5:9, 10; 14:1-4; 20:6) Daniele o bitsa batho bano a re ke “baitshepi ba Mogodimodimo,” ba mmogo le Keresete, Tlhogo ya bone, ba amogelang “bogosi le bobusi le bogolo jwa magosi kafa tlase ga magodimo otlhe . . . Bogosi jwa bone ke bogosi jo bo nnang ka bosakhutleng, mme mebuso yotlhe e tla ba direla le go ba utlwa.” (Daniele 7:13, 14, 18, 27) Eno ke tsela e e tshwanelang tota ya go tlhalosa puso ya selegodimo e Keresete a neng a ruta balatedi ba gagwe go e rapelela.

Ke Eng Fa re Sa Ntse re Rapelela Gore Bogosi bo Tle?

9. Ke eng fa re tshwanelwa ke go rapelela gore Bogosi Jwa Modimo bo tle?

9 Keresete mo thapelong ya gagwe ya sekao o ne a re ruta go rapelela gore Bogosi Jwa Modimo bo tle. Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go bontsha gore Bogosi Jwa ga Mesia bo ne jwa tlhomiwa kwa legodimong ka 1914. * Ka gone, a go sa ntse go tshwanela gore re rapelele gore Bogosi joo bo “tle”? Ee, go sa ntse go tshwanela. Ka gonne mo boporofeting jwa ga Daniele, Bogosi Jwa ga Mesia, jo bo tshwantshediwang ke “leje” bo itebaganya ka tlhamalalo le dipuso tsa batho tsa sepolotiki, tse di tshwantshediwang ke setshwantsho se segolo. Leje leno le sa ntse le tlile go kgokologela kwa setshwantshong seno le se thubaganya go fitlha se nna jaaka bopi fela. Boporofeti jwa ga Daniele jwa re: “Bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

10. Ke eng fa re gakaletse gore Bogosi Jwa Modimo bo tle?

10 Re gakaletse go bona Bogosi Jwa Modimo bo fedisa tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane ka gonne seno se tla dira gore leina le le boitshepo la ga Jehofa le itshepisiwe le gore batho botlhe ba ba ganetsang bolaodi jwa Modimo ba fedisiwe. Re rapela jaana ka pelo yotlhe: “A bogosi jwa gago bo tle,” mme jaaka moaposetoloi Johane re a re: “Amen! Tla, Morena Jesu.” (Tshenolo 22:20) Ee, a Jesu a tle go itshepisa leina la ga Jehofa le go tlotlomatsa bolaodi jwa Gagwe, e le gore mafoko ano a mopesalema a ka diragala: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.

“A Thato ya Gago e Diragale”

11, 12. (a) Re a bo re kopa eng fa re rapelela gore thato ya Modimo e “diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong”? (b) Ke eng gape se se bolelwang ke go rapelela ga rona gore thato ya ga Jehofa e diragale?

11 Go tswa foo Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela ba re: “A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Lobopo lo nnile gone ka ntlha ya thato ya ga Jehofa. Dibopiwa tse di maatla tsa selegodimo di tlhaeletsa jaana: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” (Tshenolo 4:11) Jehofa o na le boikaelelo ka “dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” (Baefeso 1:8-10) Fa re rapelela gore thato ya Modimo e diragale tota re a bo re kopa Jehofa gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe. Mo godimo ga moo, re bontsha gore re gakaletse go bona thato ya Modimo e diragala mo lobopong lotlhe.

12 Gape fa re rapela jalo re bontsha gore re iketleeleditse go dira gore botshelo jwa rona bo dumalane le thato ya ga Jehofa. Jesu o ile a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Johane 4:34) E re ka re le Bakeresete ba ba ineetseng, re itumelela go dira thato ya Modimo jaaka Jesu. Tsela e re ratang Jehofa le Morwawe ka yone e re tlhotlheletsa go tshela botshelo jwa rona ‘re sa tlhole re tshelela dikeletso tsa batho, fa e se thato ya Modimo.’ (1 Petere 4:1, 2; 2 Bakorintha 5:14, 15) Re tila go dira dilo tse re itseng gore di thulana le thato ya ga Jehofa. (1 Bathesalonika 4:3-5) Ka go ithekela nako ya go bala Baebele le go ithuta, re ‘tswelela re lemoga se e leng thato ya ga Jehofa,’ e e akaretsang gore re nne le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’—Baefeso 5:15-17; Mathaio 24:14.

Thato ya ga Jehofa Kwa Legodimong

13. Thato ya Modimo e ne e diragadiwa jang bogologolo pele Satane a tsuologa?

13 Thato ya ga Jehofa e ne e diragadiwa kwa legodimong bogologolo pele mongwe wa bana ba gagwe ba semoya a tsuologa mme a fetoga Satane. Buka ya Diane e tlhalosa Morwa wa leitibolo wa Modimo e le botlhale jo go buiwang ka jone jaaka e kete ke motho. E bontsha gore ka dingwaga tse di se nang palo, Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ne a “itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe,” a itumelela go dira thato ya ga Rraagwe. Kgabagare o ne a nna “modiri yo o setswerere” wa ga Jehofa fa go ne go bopiwa dilo tsotlhe “kwa magodimong le mo lefatsheng, dilo tse di bonalang le dilo tse di sa bonaleng.” (Diane 8:22-31; Bakolosa 1:15-17) Jehofa o ne a dirisa Jesu go nna Lefoko, kana Mmueledi wa gagwe.—Johane 1:1-3.

14. Re ka ithuta eng go tswa mo go Pesalema 103 malebana le kafa baengele ba diragatsang thato ya ga Jehofa ka teng kwa legodimong?

14 Mopesalema o bontsha gore bolaodi jwa ga Jehofa bo bogolo go feta popo yotlhe le gore matshwititshwiti a baengele a reetsa ditaelo tsa gagwe. Re bala jaana: “Jehofa o tlhomamisitse ka thata setulo sa gagwe sa bogosi kwa magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo laola sengwe le sengwe. Bakang Jehofa, lona baengele ba gagwe, ba ba maatla, ba lo diragatsang lefoko la gagwe, ka go reetsa lentswe la lefoko la gagwe. Bakang Jehofa, lona masomosomo otlhe a gagwe, lona badiredi ba gagwe, ba lo dirang thato ya gagwe. Bakang Jehofa, lona lotlhe ditiro tsa gagwe, mo mafelong otlhe [a bolaodi jwa gagwe].”—Pesalema 103:19-22.

15. Go amogela ga ga Jesu maatla a Bogosi go ile ga ama jang go dirwa ga thato ya Modimo kwa legodimong?

15 Fa Satane a sena go tsuologa, o ne a sa ntse a kgona go tsena kwa legodimong, jaaka fa buka ya Jobe e bontsha. (Jobe 1:6-12; 2:1-7) Le fa go ntse jalo, buka ya Tshenolo e ne ya bolelela pele gore nako e ne e tla fitlha ya gore Satane le badimona ba gagwe ba lelekwe kwa legodimong. Go bonala nako eo e ile ya fitlha ka bonako fela morago ga fa Jesu Keresete a sena go newa taolo ya Bogosi ka 1914. Fa e sa le ka nako eo, batsuolodi bao ba ne ba se ka ba tlhola ba nna le manno kwa legodimong. Ba atlholetswe gore ba felele fela mo lefatsheng. (Tshenolo 12:7-12) Jaanong ga go tlhole go na le moganetsi ope kwa legodimong, go utlwala fela mantswe a a tlotlomatsang “Kwana,” Keresete Jesu, le a a bakang Jehofa ka boikokobetso. (Tshenolo 4:9-11) Ruri thato ya ga Jehofa e ntse e a diragadiwa kwa legodimong.

Thato ya ga Jehofa ka Lefatshe

16. Thapelo ya sekao e ganetsa jang se Labokeresete e se rutang malebana le tsholofelo ya batho?

16 Dikereke tsa Labokeresete ga di rute batho sepe ka maikaelelo a Modimo ka lefatshe, di ruta gore batho botlhe ba ba molemo ba ya legodimong. Le fa go ntse jalo, Jesu o re rutile go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) A tota go ka twe thato ya ga Jehofa e diragala ka botlalo mo lefatsheng gompieno fa e le fano le tletse thubakanyo, tshiamololo, malwetse le loso? Legoka! Ka gone, re tshwanetse go rapelela ka tlhoafalo gore thato ya Modimo e diragale mo lefatsheng go dumalana le tsholofetso eno ya ga moaposetoloi Petere: “Go na le magodimo a masha [puso ya Bogosi Jwa Bomesia ka Keresete] le lefatshe le lesha [setšhaba sa batho ba ba siameng] tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:13.

17. Boikaelelo jwa ga Jehofa ke bofe ka lefatshe?

17 Jehofa o ne a na le boikaelelo fa a ne a bopa lefatshe. O ne a tlhotlheletsa moporofeti Isaia go kwala jaana: “Jehofa o buile jaana, Mmopi wa magodimo, Ene Modimo wa boammaaruri, Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone, Ene Yo o le tlhomamisitseng thata, yo o sa le bopelang lefela, yo o le bopetseng go nniwa: ‘Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.’” (Isaia 45:18) Modimo o ne a baya banyalani ba ntlha ba batho mo tshimong ya paradaise, mme o ne a ba laela jaana: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” (Genesise 1:27, 28; 2:15) Ga go pelaelo gore, boikaelelo jwa Mmopi ke gore lefatshe le agiwe ke batho ba ba itekanetseng ba ba molemo ba ba itumelelang go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa le go tshela ka bosakhutleng mo Paradaiseng e re e solofeditsweng ke Keresete.—Pesalema 37:11, 29; Luke 23:43.

18, 19. (a) Go tshwanetse ga dirwa eng pele thato ya Modimo e diragala ka botlalo mo lefatsheng? (b) Go tla sekasekwa eng malebana le thapelo ya ga Jesu ya sekao mo setlhogong se se latelang?

18 Thato ya ga Jehofa ka lefatshe e ka se ka ya direga ka botlalo fa lefatshe le sa ntse le tletse ka banna le basadi ba ba ganang go ikobela bolaodi jwa gagwe. Modimo o tla dirisa masomosomo a a maatla a ditshedi tsa semoya tse di eteletsweng pele ke Keresete, go “senya ba ba senyang lefatshe.” Tsamaiso yotlhe e e boikepo ya ga Satane ka bodumedi jwa yone jwa maaka, dipolotiki tse di tletseng tsietso, kgwebo e e bogagapa le e e sa ikanyegeng le sesole sa yone se se tletseng polao, e tla nyelediwa goyagoile. (Tshenolo 11:18; 18:21; 19:1, 2, 11-18) Bolaodi jwa ga Jehofa bo tla tlotlomadiwa le leina la gagwe le tla itshepisiwa. Re a bo re rapelela dilo tseno tsotlhe fa re re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.

19 Le fa go ntse jalo, Jesu mo thapelong ya gagwe ya sekao o ile a bontsha gore re ka rapelela le dilo tse di re amang ka namana. Re tla sekaseka seno mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Bona kgaolo 6 ya buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

Poeletso

• Ke eng fa go tshwanela gore re bitse Jehofa re re “Rraarona”?

• Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re rapelele gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe?

• Ke eng fa re rapelela gore Bogosi Jwa Modimo bo tle?

• Re a bo re kopa eng fa re rapelela gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Dithapelo tsa ga Jesu di ne di farologana thata le dithapelo tsa boitimokanyi tsa Bafarasai

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bakeresete ba rapelela gore Bogosi Jwa Modimo bo tle, leina la gagwe le itshepisiwe le gore thato ya gagwe e dirwe