Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Basupi ba ga Jehofa ba amogela dikarolwana le fa e le dife tse dinnye tse di tswang mo mading?

Dintlha tsa konokono tsa karabo e e latelang di gatisitswe go tswa mo makasineng wa June 15, 2000.

Karabo e e botlhokwa ke ya gore Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele madi. Re dumela re tlhomamisegile gore molao wa Modimo o o malebana le madi ga o fetoge gore o tshwanele megopolo ya rona e e fetofetogang. Le fa go ntse jalo, go nna go tlhaga dilo tse disha ka gonne jaanong madi a ka aroganngwa ka dikarolo tse dikgolo tsa madi le dikarolwana tsa tsone. Fa Mokeresete a dira tshwetso ya go di amogela, ga a tshwanela go leba melemo le dikotsi tsa kalafi fela. O tshwanetse go amega ka se Baebele e se bolelang le gore se tlile go ama jang botsala jwa gagwe le Modimo Mothatayotlhe.

Dikgang tsa konokono di motlhofo. Go go thusa go bona lebaka la go bo seo se le ka tsela eo, sekaseka dilo dingwe tse di mo Baebeleng, tsa hisitori le tsa kalafi.

Jehofa Modimo o ne a bolelela mogologolwane wa rona rotlhe e bong Noa gore ba ne ba tshwanetse go tsaya madi e le selo se se kgethegileng. (Genesise 9:3, 4) Moragonyana, melao ya Modimo e e neng e neetswe Baiseraele e ne e bontsha gore madi a boitshepo: “Fa e le motho ope wa ntlo ya Iseraele kgotsa moagi mongwe wa moeng . . . yo o jang madi a mofuta ope, ruri sefatlhego sa me se tla galefela moya ope o o jang madi.” E re ka Moiseraele a ne a ka leswafatsa ba bangwe ka go tlola molao wa Modimo; ka gone, Modimo o ne a oketsa jaana: “Ruri ke tla . . . kgaola [motho yoo] mo bathong ba ga [bone].” (Lefitiko 17:10) Moragonyana, kwa kokoanong nngwe ya Jerusalema, baaposetoloi le banna ba bagolwane ba ne ba laela gore re tshwanetse ‘go ithiba mo mading.’ Go dira jalo go botlhokwa fela jaaka go ithiba mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo le mo kobamelong ya medingwana.—Ditiro 15:28, 29.

‘Go ithiba’ go ne go ka bolela eng ka nako eo? Bakeresete ba ne ba sa je madi, e ka tswa a le masha, kana a gatsetse; le gone ba ne ba sa je nama ya phologolo e e sa tswang madi. Gape ba ne ba sa je dijo tse di neng di tlhakantswe le madi, tse di jaaka diboroso tsa madi. Go ja madi ka epe fela ya ditsela tseno e ne e tla bo e le go tlola molao wa Modimo.—1 Samuele 14:32, 33.

Batho ba le bantsi mo metlheng ya bogologolo ba ka tswa ba ne ba se na bothata jwa go ja madi, jaaka re ka bona mo mekwalong ya ga Tertullian (mo lekgolong la bobedi le la boraro la dingwaga C.E.). Fa Tertullian a ne a arabela ditatofatso tsa maaka tsa gore Bakeresete ba ne ba ja madi, o ne a umaka merafe e e neng e saena ditumalano ka go latswa madi. Gape o ne a bolela gore “fa go na le ditshupo kwa lefelong la metshameko, [batho bangwe] ka ntlha ya go nyorwa thata ba ne ba nwa madi a batho ba ba boikepo . . . e le go alafa bolwetse jwa seebana.”

Mekgwa e e ntseng jalo (le fa gone Baroma bangwe ba ne ba e dira ka mabaka a kalafi) e ne e sa tshwanela go dirwa ke Bakeresete: “Ga re tshele le fa e le madi a diphologolo mo dijong tsa rona,” Tertullian o ne a kwala jalo. Baroma ba ne ba dirisa dijo tse di tswakaneng le madi go leka bothokgami jwa Bakeresete ba mmatota. Tertullian o ne a oketsa jaana: “Jaanong ke go botsa gore, ke eng e re fa o tlhatswegile pelo [gore Bakeresete] ba tla boifisiwa ke madi a diphologolo, o bo o akanya gore ba tla rata madi a batho?”

Gompieno, batho ba sekae ba ka akanya gore melao ya Modimo Mothatayotlhe e ka nna kgangkgolo fa ngaka e akantsha gore ba tshelwe madi. Le mororo Basupi ba ga Jehofa tota ba batla go tshela, re batla go ikobela molao wa ga Jehofa o o malebana le madi. Seno se bolela eng malebana le kalafi ya gompieno?

E re ka ditshelo tsa madi a a feletseng di ne di dirisiwa thata morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bona gore seno se ne se sa dumalane le molao wa Modimo—mme re sa ntse re dumela jalo. Le fa go ntse jalo, kalafi e ile ya fetoga fa nako e ntse e ya. Gompieno, bontsi jwa ditshelo tsa madi ga di dirwe ka madi a a feletseng fela mme gape le ka dikarolo tsa one tse dikgolo: (1) disele tse dikhibidu; (2) disele tse ditshweu; (3) dipolatelete; (4) polasema (serum), seedi sa sone. Go ikaegile ka maemo a molwetse, dingaka di ka nna tsa tsenya motho disele tse dikhibidu, tse ditshweu, dipolatelete, kana polasema. Go tshelwa dikarolo tseno tsa konokono fela tsa madi go thusa gore yuniti e le nngwe ya madi e abelwe balwetse ba le bantsi. Basupi ba ga Jehofa ba tsaya go amogela madi a a feletseng kana dikarolo dipe tsa one tse nnè tse dikgolo e le go tlola molao wa Modimo. Gone mme, go boloka boemo jono jo bo theilweng mo Baebeleng go ba sireleditse mo dikotsing di le dintsi tse di bakwang ke madi, go akaretsa malwetse a a jaaka a sebete le AIDS, a a ka tshelanwang ka madi.

Le fa go ntse jalo, e re ka madi a ka aroganngwa, e seng fela go ya ka dikarolo tseo tse dikgolo, go tsoga dipotso tse di malebana le dikarolwana tse di tswang mo dikarolong tseno tse dikgolo tsa madi. Dikarolwana tseno di dirisiwa jang, mme ke eng se Mokeresete a tshwanetseng go se sekaseka fa a dira tshwetso e e malebana le tsone?

Madi a raraane. Tota le polasema—e diperesente tsa yone tse 90 e leng metsi—e na le dihoromone di le dintsi, matswai, diensaeme le dikotla, go akaretsa le diminerale le sukiri. Gape polasema e na le diporoteine tse di jaaka albumin, dilo tse di gwamisang madi, le tse di lwantshang malwetse. Bomankge ba kgona go aroganya diporoteine di le dintsi tsa polasema ba bo ba di dirisa. Ka sekai, segwamisi sa madi sa VIII se newa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa hemophilia, ba ba dutlang madi motlhofo fela. Kana fa mongwe a tshwerwe ke bolwetse bongwe, dingaka di ka nna tsa re a newe mokento wa gamma globulin, e e tswang mo polasemeng ya madi a batho ba ba setseng ba entetswe bolwetse joo. Diporoteine tse dingwe tsa polasema di dirisediwa go alafa, mme se se umakilweng fa godimo se bontsha ka fa karolo e kgolo ya madi (polasema) e ka aroganngwang ka gone go ntsha dikarolwana dingwe. *

Fela jaaka polasema ya madi e ka tswa dikarolwana tse di farologaneng tsa madi, dikarolo tse dingwe tse dikgolo tsa madi (disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete) le tsone di ka aroganngwa ka dikarolwana tse dinnye. Ka sekai, mo diseleng tse ditshweu tsa madi go ka ntshiwa di-interferon le di-interleukin, tse di dirisediwang go alafa malwetse a a bakiwang ke dibaerase le dikankere. Go ka ntshiwa dilo tse di fodisang dintho mo dipolateleteng. Mme go sa ntse go dirwa melemo mengwe e (bobotlana kwa tshimologong) e akaretsang dilo tse di tswang mo dikarolwaneng dingwe tsa madi. Dikalafi tse di ntseng jalo ga se go tshelwa dikarolo tseo tse dikgolo tsa madi; gantsi e a bo e le dikarolo tsa one kana dikarolwana. A Bakeresete ba ka dumela go tsenngwa dikarolwana tseno fa ba alafiwa? Re ka se arabe. Baebele ga e tlhalose seno ka botlalo, ka jalo Mokeresete o tshwanetse go dirisa segakolodi sa gagwe fa a dira tshwetso fa pele ga Modimo.

Ba bangwe ba ka nna ba gana sengwe le sengwe se se tswang mo mading (tota le dikarolwana tse di diretsweng go lwantsha malwetse ka nakwana fela). Ke tsela e ba tlhaloganyang taolo ya Modimo e e reng ‘ithibeng mo mading.’ Lebaka la bone ke gore molao o a neng a o neela Baiseraele o ne o ba laela gore madi a a ntshiwang mo setsheding sengwe a ‘tshololelwe fa fatshe.’ (Duteronome 12:22-24) Ke ka ntlha yang fa seo se amana le kgang eno? Ebu, go dira gamma globulin, dilo tse di gwamisang madi, le tse dingwe, go tlhoka gore go senkwe madi le gore dilo tseno di ntshiwe mo go one. Ka gone, Bakeresete ba bangwe ba gana melemo e e dirilweng jalo, fela jaaka ba ka gana go tshelwa madi a a feletseng kana go ja dikarolo tsa one tse nnè tse dikgolo. Re tshwanetse go tlotla boemo jwa bone jo bo tswang pelong le jwa segakolodi sa bone.

Bakeresete ba bangwe ba dira tshwetso e e farologaneng. Le bone ba gana go tshelwa madi a a feletseng, disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete, kana polasema. Le fa go ntse jalo, ba ka nna ba dumela fa ngaka e ba alafa ka karolwana e e tswang mo dikarolong tseno tse dikgolo tsa madi. Tota le mo ntlheng eno go ka nna le ba ba dirang ka tsela e e farologaneng. Mokeresete yo mongwe a ka nna a dumela go entiwa ka gamma globulin, mme a ka nna a dumela kana a gana go entiwa ka sengwe se se tswang mo diseleng tse dikhibidu kana tse ditshweu. Le fa go le jalo, ka kakaretso, ke eng se se ka dirang gore Bakeresete ba bangwe ba dire tshwetso ya go amogela dikarolwana tsa madi?

Setlhogo sa “Dipotso Tse Di Tswang go Babadi” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 1990, se ne sa bolela gore diporoteine tsa polasema (dikarolwana) di tswa mo mading a mmè yo o imileng di bo di tsena mo tsamaisong ya madi a lesea la gagwe. Ka gone mmè o fetisetsa di-immunoglobulin mo ngwaneng wa gagwe, gore a nne le dilo tse di lwantshang malwetse tse di botlhokwa. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa disele tse dikhibidu tsa lesea di setse di godile ka tsela e e lekaneng, karolo ya tsone e e tsamaisang okosejene e simolola go dirwa. E nngwe ya yone e nna bilirubin, e e fetang ka samorago gore e tsene mo go mmè e bo e tswa le leswe la mmele. Bakeresete bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore e re ka dikarolwana tsa madi di kgona go fetela mo mothong yo mongwe ka tsela eno ya tlholego, ba ka amogela karolwana eno ya madi e e tswang mo polasemeng kana mo diseleng.

A go bo megopolo le ditshwetso tse batho ba ka di dirang go ya ka digakolodi di farologana go raya gore kgang eno ga e masisi? Nnyaa. E masisi. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se dirang dilo motlhofo. Kgang e e fa godimo e bontsha gore Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi a a feletseng le dikarolo tse dikgolo tsa one. Baebele e laela Bakeresete go ‘ithiba mo dilong tse di isediwang medingwana ditlhabelo le mo mading le mo kgokafalong.’ (Ditiro 15:29) Kwantle ga moo, fa e le ka go dirisa dikarolwana tse di tswang mo dikarolong dipe tse dikgolo tsa madi, Mokeresete mongwe le mongwe, fa a sena go tlhatlhanya ka kelotlhoko le ka thapelo, o tshwanetse go itirela tshwetso go ya ka segakolodi sa gagwe.

Batho ba le bantsi ba ka batla go amogela kalafi epe e e ka ba thusang ka bonako, tota le kalafi e e nang le dikotsi tse di itsiweng tsa botsogo, e e jaaka ya dilo tse di tswang mo mading. Mokeresete yo o peloephepa o leka go nna le pono e e akaretsang dilo di le dintsi, e e lekalekaneng e e sa akaretseng fela se se dirwang. Basupi ba ga Jehofa ba anaanela thata maiteko a a dirwang gore go nne le kalafi e e botoka, mme ba sekaseka dikotsi le melemo ya kalafi epe fela. Le fa go ntse jalo, fa go tla mo dilong tse di tswang mo mading, ba tlhokomela thata se Modimo a se bolelang le botsala jwa bone le Moneibotshelo wa rona.—Pesalema 36:9.

A bo go le molemo jang ne gore Mokeresete a nne le tshepo e e ntseng jaaka ya mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Jehofa Modimo ke letsatsi le thebe; o naya boutlwelobotlhoko le kgalalelo. Jehofa ka boene ga a kitla a thibela sepe se se molemo mo go ba ba tsamayang ka go tlhoka molato. Ao tlhe Jehofa . . . go itumela motho yo o go ikanyang”!—Pesalema 84:11, 12.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Bona “Dipotso Tse Di Tswang go Babadi” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 15, 1978 (ka Seesemane) le October 1, 1994. Difeme tsa melemo di ile tsa dira melemo e e tswakantsweng e e sa tsweng mo mading e e ka nnang ya newa motho mo boemong jwa dikarolwana dingwe tsa madi tse di neng di tle di dirisiwe mo nakong e e fetileng.

[Lebokoso mo go tsebe 31]

DIPOTSO TSE DI KA BODIWANG NGAKA

Fa e le gore o tlile go ariwa kana go alafiwa ka tsela e e ka nnang ya tlhoka sengwe se se tswang mo mading, botsa jaana:

A dingaka tsotlhe tse di tlileng go nkalafa di itse gore, jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke laela gore ke se ka ka tshelwa madi (madi a a feletseng, disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete, kana polasema ya madi) mo maemong otlhe?

Fa e le gore molemo ope fela o ke o newang o ka tswa o dirilwe ka polasema ya madi, disele tse dikhibidu le tse ditshweu, kana dipolatelete, botsa jaana:

A molemo ono o ka tswa o dirilwe ka nngwe ya dikarolo tse dikgolo tsa madi? Fa go le jalo, a o ka ntlhalosetsa gore o dirilwe jang?

Go tlile go dirisiwa selekanyo se se kana kang sa molemo ono o o tswang mo mading, mme ka tsela efe?

Fa segakolodi sa me se ntetla go amogela karolwana eno, e na le dikotsi dife tsa kalafi?

Fa segakolodi sa me se sa batle karolwana eno, ke kalafi efe e nngwe e e ka dirisiwang?

Fa ke setse ke sekasekile kgang eno ka botlalo, nka go bolelela tshwetso ya me leng?