Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgakgamatso Tsa ga Jesu—O ka Ithuta Eng mo Go Tsone?

Dikgakgamatso Tsa ga Jesu—O ka Ithuta Eng mo Go Tsone?

Dikgakgamatso Tsa ga Jesu—O ka Ithuta Eng mo Go Tsone?

O KA nna wa gakgamadiwa ke go utlwa gore dipego tsa Baebele tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng ga di dirise lefoko le mo puong ya ntlhantlha ya Segerika le rayang “kgakgamatso.” Lefoko la Segerika (dyʹna·mis) le ka dinako dingwe le ranolwang e le “kgakgamatso” totatota le raya “maatla.” (Luke 8:46) Gape le ka ranolwa e le “bokgoni” kgotsa “ditiro tsa maatla.” (Mathaio 11:20; 25:15) Go ya ka mokanoki mongwe, lefoko leno la Segerika le “gatelela tiro ya boganka e e dirilweng, mme thatathata le tlhalosa nonofo e tiro eo e dirilweng ka yone. Tiragalo eo e tlhalosiwa go gatelela kafa nonofo ya Modimo e dirang ka gone.”

Lefoko le lengwe la Segerika (teʹras) gantsi le tlhalosiwa e le “kgakgamatso.” (Johane 4:48; Ditiro 2:19) Lefoko leno le gatelela kafa tiragalo eo e neng ya ama batho ba ba neng ba lebile ka gone. Gantsi boidiidi le barutwa ba ne ba gakgamadiwa ke ditiro tse di maatla tsa ga Jesu.—Mareko 2:12; 4:41; 6:51; Luke 9:43.

Lefoko la boraro la Segerika (se·meiʹon) le le lebisitsweng go dikgakgamatso tsa ga Jesu le kaya “tshupo.” Mokanoki Robert Deffinbaugh o bolela jaana: “Le gatelela thata se tota se kaiwang ke kgakgamatso e e diregileng.” O oketsa ka gore: “Tshupo ke kgakgamatso e e nayang boammaaruri ka Morena wa rona Jesu.”

A o Ne a Re Tsietsa Kgotsa a Dirisa Maatla A a A Neilweng ke Modimo?

Baebele ga e tlhalose dikgakgamatso tsa ga Jesu e le ditiro tsa tsietso tse di neng di diretswe go itumedisa batho fela. Fela jaaka mo kgannyeng ya mosimanyana yo Jesu a neng a leleka madimona mo go ene, di ne di supa “maatla a magolo thata a Modimo.” (Luke 9:37-43) A ditiro tse di ntseng jalo tsa maatla di ne di ka se kgonege mo Modimong Mothatayotlhe—Ene yo o tlhalosiwang a na le “bogolo jwa maatla a a boitshegang”? (Isaia 40:26) Nnyaa!

Dipego tsa Efangele di umaka dikgakgamatso tse di ka nnang 35 tse Jesu a di dirileng. Mme gone palo ya dikgakgamatso tsotlhe tse a di dirileng ga e a senolwa. Ka sekai Mathaio 14:14 e bolela jaana: “[Jesu] a bona boidiidi jo bogolo; mme a utlwa a ba tlhomogela pelo, mme a alafa babobodi ba bone.” Ga re bolelelwe gore mo lekgetlong leo o ne a alafa balwetse ba le kae.

Ditiro tseo tsa maatla di ne di le botlhokwa go supa gore se Jesu a neng a se bolela se boammaaruri fa a ne a re ke Morwa Modimo, Mesia yo o solofeditsweng. Ruri Dikwalo di ne tsa supa gore maatla a Jesu a a neilweng ke Modimo a ne a dira gore a kgone go dira dikgakgamatso. Moaposetoloi Petere o ne a re Jesu ke “monna yo Modimo a neng a lo mmontsha phatlalatsa ka ditiro tse di maatla le dikgakgamatso le ditshupo tse Modimo a neng a di dira ka ene mo gare ga lona, fela jaaka lona ka bolona lo itse.” (Ditiro 2:22) Mo lekgetlong lengwe Petere o ne a bontsha gore, ‘Modimo o ne a tlotsa Jesu ka moya o o boitshepo le maatla, mme a tsamaya mo lefatsheng leo lotlhe a dira molemo e bile a fodisa botlhe ba ba neng ba gateletswe ke Diabolo; ka gonne Modimo o ne a na le ene.’—Ditiro 10:37, 38.

Dikgakgamatso tsa ga Jesu di ne di tsamaisana le molaetsa wa gagwe. Lekwalo la Mareko 1:21-27 le re itsise kafa boidiidi bo neng jwa itshwara ka gone fa ba sena go utlwa dithuto tsa ga Jesu le go bona nngwe ya dikgakgamatso tsa gagwe. Mareko 1:22 ya re boidiidi bo ne jwa “tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta” mme temana ya 27 e bontsha gore batho ba ne “ba akabetse” fa a leleka ledimona. Ditiro tse di maatla tsa ga Jesu mmogo le molaetsa wa gagwe di ne di naya bosupi jwa gore e ne e le ene Mesia yo o solofeditsweng.

Jesu ga a ka a bolela fela gore e ne e le Mesia; dilo tse a neng a di bua le ditiro tse dingwe, maatla a Modimo a mo neileng one a a neng a bonala mo dikgakgamatsong tse a neng a di dira, e ne e le bosupi jo bo bontshang ka phepafalo gore ruri e ne e le Mesia. Fa Jesu a ne a bodiwa dipotso ka seabe sa gagwe le taolo e a neng a na le yone o ne a araba jaana ka bopelokgale: “Ke na le bosupi jo bogolo go feta jwa ga Johane [Mokolobetsi], gonne tsone ditiro tse Rre a nkabetseng gore ke di diragatse, ditiro ka botsone tse ke di dirang, di naya bosupi ka ga me gore Rara o nthomile.”—Johane 5:36.

Bosupi Jwa Gore Di ne Di le Boammaaruri

Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore ruri dikgakgamatso tsa ga Jesu di ne di le boammaaruri? Ela tlhoko bosupi bongwe jo bo bontshang gore di boammaaruri.

Fa Jesu a ntse a dira ditiro tseo tse di maatla ga a ka a isa tlhokomelo kwa go ene. O ne a tlhomamisa gore tlotlo le kgalalelo di isiwe kwa Modimong fa a sena go dira kgakgamatso nngwe le nngwe. Ka sekai, pele a fodisa monna wa sefofu, Jesu o ne a gatelela gore phodiso eo e ne e tla direga “e le gore ditiro tsa Modimo di bonadiwe mo go ene.”—Johane 9:1-3; 11:1-4.

Go farologana le batsietsi ba ba ditswerere, boramaselamose le ba ba fodisang ka go rapelela, le ka motlha Jesu ga a ka a dirisa go tshereanya, boferefere, dilo tse di sa tlwaelegang, go tshela bola, kgotsa go tsenwa ke moya. Ga a ka a dirisa botlhodi kgotsa dilo tse dingwe tse di tsewang di le boitshepo. Ela tlhoko tsela e Jesu a neng a le boingotlo ka yone fa a fodisa banna ba babedi ba ba foufetseng. Pego eo ya re: “[Jesu] a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo, a ama matlho a bone, mme ka yone nako eo ba kgona go bona, mme ba mo sala morago.” (Mathaio 20:29-34) Ga a ka a dirisa moetlo ope kgotsa dilo dingwe tse di neng di direlwa go kgatlha batho. Jesu o ne a dira dikgakgamatso tsa gagwe mo phatlalatseng, gantsi e le mo batho ba le bantsi ba neng ba kgona go mmona sentle gone. Ga a ka a dirisa dipone tse di kgethegileng, serala kgotsa didirisiwa tse dingwe. Go farologana le dikgakgamatso tsa gagwe, gantsi dikgakgamatso tse di dirwang gompieno ga di ka ke tsa tlhalosiwa gore di diragetse jang.—Mareko 5:24-29; Luke 7:11-15.

Ka dinako dingwe Jesu o ne a bona tumelo ya batho ba ba neng ba solegelwa molemo ke dikgakgamatso tsa gagwe. Mme le fa motho a tlhoka tumelo, seo se ne se sa thibele Jesu gore a dire kgakgamatso. Fa a ne a le kwa Kaperenama kwa Galalea, “batho ba mo tlisetsa batho ba le bantsi ba ba laolwang ke madimona; mme a leleka meya ka lefoko, a ba a alafa botlhe ba ba neng ba le mo seemong se se maswe.”—Mathaio 8:16.

Jesu o ne a dira dikgakgamatso gore a fodise batho ba ba neng ba tlhoka phodiso e seng fela gore batho ba ba neng ba swegaswega go itse ka tsone ba mmone a di dira. (Mareko 10:46-52; Luke 23:8) Gape Jesu ga a ka a dira dikgakgamatso gore ene ka boene a solegelwe molemo.—Mathaio 4:2-4; 10:8.

Go Tweng ka Dipego Tsa Efangele?

Re bolelelwa dintlha kaga dikgakgamatso tsa ga Jesu mo Diefangeleng di le nnè. A go na le mabaka a gore re dumele mo dipegong tseno fa re ntse re sekaseka gore a dikgakgamatso tse go tweng Jesu o di dirile di boammaaruri? Ee, a teng.

Jaaka fa re setse re bone, dikgakgamatso tsa ga Jesu di ne di dirwa mo phatlalatseng mo go neng go na le basupi ba le bantsi ba ba boneng ka matlho. Diefangele tsa ntlha di kwadilwe fa bontsi jwa basupi bao ba ba boneng ka matlho ba ne ba sa ntse ba tshela. Buka ya setlhogo se se reng The Miracles and the Resurrection fa e bua ka go ikanyega ga bakwadi ba Diefangele ya re: “Go latofatsa bakwadi ba diefangele ka gore ba tladitse dipego tsa bone ka dikgakgamatso tse dintsintsi mo e bileng dikgakgamatso tseno di fitlhang se tota se diragetseng e le fela gore ba phasalatse ditumelo tsa bone tsa bodumedi, ga go a siama gotlhelele. . . . Bakwadi bano ba ne ba batla go nna babegi ba ba ikanyegang.”

Bajuda ba ba neng ba ganetsa Bakeresete ga ba a ka ba belaela ditiro tse di maatla tse di neng di tlhalosiwa mo Diefangeleng. Ba ne ba belaela maatla a dikgakgamatso tseno di neng di dirwa ka one. (Mareko 3:22-26) Tota le moragonyana, batho ba ba neng ba tshwaya Jesu diphoso ba ne ba sa kgone go ganetsa dikgakgamatso tsa gagwe. Go farologana le moo, mo lekgolong la ntlha le la bobedi C.E. go ne go na le ditshupiso tse di buang ka dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira. Ga go pelaelo gore re na le mabaka a a utlwalang a go leba dipego tsa Diefangele tse di bolelang ka dikgakgamatso tsa ga Jesu di le boammaaruri.

Motho yo Tota a Neng a Dira Dikgakgamatso Tseno

Re tla bo re sa fetsa go sekaseka dikgakgamatso tsa ga Jesu fa re ka felela fela ka go ntsha bosupi jo bo utlwalang jwa gore di boammaaruri. Fa Diefangele di tlhalosa ditiro tse di maatla tsa ga Jesu, di senola gore e ne e le motho yo o amegang ka batho yo o kutlwelobotlhoko thata, yo o neng a kgatlhegela thata boitekanelo jwa batho ba bangwe.

Ela tlhoko kgang ya se se neng sa direga ka molepero yo o neng a kopa Jesu a tlaletswe: “Fa fela o batla, o ka nntlafatsa.” Jesu “a tlhomoga pelo” mme a otlolola seatla sa gagwe a ama molepero a re: “Ke a batla. Ntlafala.” Monna yono o ne a fodisiwa ka yone nako eo. (Mareko 1:40-42) Ka tsela eo Jesu o ne a bontsha kutlwelobotlhoko e e neng ya mo tlhotlheletsa gore a dirise maatla a go dira dikgakgamatso a Modimo a mo neileng one.

Go ne ga diregang fa Jesu a ne a kopana le mokoloko wa batho ba ba mo phitlhong ba ba neng ba tswa mo motseng wa Naina? Lekau le le suleng e ne e le morwa a le esi wa motlholagadi. Jesu o ne ‘a tlhomogela mosadi pelo’ mme a mo atamela a re: “Tlogela go lela.” Morago ga moo a tsosa morwawe.—Luke 7:11-15.

Thuto e e gomotsang e re ka ithutang yone mo dikgakgamatsong tse Jesu a neng a di dira ke gore o ne “a tlhomoga pelo” mme a dira dilo tseno go thusa batho. Mme gone dikgakgamatso tseno ga se hisitori fela e e sa reng sepe. Bahebera 13:8 ya re: “Jesu Keresete e ntse ke ene maabane le gompieno, le ka bosaengkae.” Gone jaanong o busa e le Kgosi kwa legodimong a ipaakantse e bile a kgona go dirisa dinonofo tse Modimo a mo neileng tsone tsa go dira dikgakgamatso ka tsela e kgolo e e fetang e a neng a dira ka yone fa a ne a le mo lefatsheng e le motho. Go ise go ye kae, Jesu o tla dirisa dinonofo tseo go fodisa batho ba ba boikobo. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go ithuta ka mo go oketsegileng ka tebelelo eno e e phatsimang ya isagwe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Dikgakgamatso tsa ga Jesu di ne di supa “maatla a magolo a Modimo”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu e ne e le motho yo o amegang thata ka batho