Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Selemo le Mariga ga di Kitla di Khutla’

‘Selemo le Mariga ga di Kitla di Khutla’

Bontle Jwa Popo ya ga Jehofa

‘Selemo le Mariga ga di Kitla di Khutla’

LETSATSI le le gotetseng thata le a lela mo sekakeng. Mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, le tlisa mogote morago ga mariga a a tsididi. Ee, mogote wa letsatsi ke sengwe sa dilo tse di amang ditlelaemete le dipaka thata.

Dipaka ga di tshwane mo lefatsheng. Mme dipaka di go ama jang wena ka sebele? A o itumelela bontle jwa nako ya dikgakologo fa o bona ditlhare le malomo di thunya? O ikutlwa jang ka maitseboa a a monate a selemo? A o rata malatsi a a itumedisang a letlhabula e leng nako e ka yone matlhare a mantle a nnang a ntse a fetola mebala ya one? A o kgatlhwa ke go leba bontle jwa dikgwa fa di wetswe ke kapoko?

Ke eng se se dirang gore go nne le dipaka tse di farologaneng? Ka bokhutshwane fela, ke go sekama ga lefatshe. Le dikologa le sekame ka didikirii di ka nna 23, 5 mme tsela e le dikologang mo go yone ga e sekame. Fa lefatshe le ne le sa sekame, go ka bo go sena dipaka. Tlelaemete e ka bo e tshwana ka dinako tsotlhe. Mme seno se ne se tla ama dimela le modikologo wa go tlhoga ga dijalo.

Tsela e dipaka di latelanang ka yone e bontsha gore di dirilwe ke Mmopi. Fa mopesalema a ne a bua ka Jehofa Modimo, o ne a bolela jaana ka tsela e e tshwanetseng: “Ke wena yo o neng wa tlhoma melelwane yotlhe ya lefatshe; selemo le marigadi bopilwe ke wena.”Pesalema 74:17. *

Go ya ka tsela e motho a lebang dilo ka yone fa a le mo lefatsheng, masedi ano a legodimo a kgona go mmontsha sentle gore re mo pakeng efe. Fa Modimo a ne a bopa thulaganyo ya rona ya masedi, o ne a laela jaana: “A go nne le masedi mo phuthologong ya magodimo . . . , mme a a nne ditshupo tsa dipaka le malatsi le dingwaga.” (Genesise 1:14) Mo tsamaong ya ngwaga, go na le mafelo a mabedi a fa lefatshe le fitlha mo go one letsatsi le tla bong le le fa godimo ga ditlhogo tsa batho ba ba kwa equator. Ditiragalo tseno di bidiwa di-equinox. Ka nako ya ditiragalo tseno tsa equinox, motshegare o batla o lekana le bosigo ka boleele.

Ga se masedi ano a legodimo fela a a dirang gore go nne le dipaka le gore di fetofetoge. Dipaka, tlelaemete, le maemo a bosa, tsotlhe di nna le seabe mo thulaganyong e e raraaneng eno e e dirang gore botshelo bo tswelele pele. Fa baaposetoloi ba Bakeresete e bong Paulo le tsala ya gagwe e bong Baranabase ba ne ba bua le batho ba ba nnang kwa Asia Minor—ba bontsi jwa bone ba neng ba itse sentle ka temothuo le modikologo wa dijalo—ba ne ba re Modimo ke ene yo o “lo [nayang] dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, a tlatsa dipelo tsa lona ka botlalo ka dijo le boitumelo jo bogolo.”—Ditiro 14:14-17.

Tsela e gakgamatsang e photosynthesis e diregang ka yone e tshegetsa dimela tse di mo lefatsheng le tse dinnye tse di mo mawatleng. Ka ntlha ya seno, modikologo o dijalo di tlhogang ka one le ditshedi tse di farologaneng tsotlhe di amiwa ke maemo a bosa le tlelaemete ka ditsela tse di raraaneng. Paulo o ne a bontsha ka tsela e e tshwanelang gore Jehofa o na le seabe mo dilong tseno tsotlhe fa a ne a re: “Mmu o o nwang pula e gantsi e o nelang, le o go tswa foo o ntshang dimela tse di tshwanelang ba gape ba o lemelwang, le one o amogela tshegofatso go tswa kwa Modimong.”—Bahebera 6:7.

Lefoko leno “tshegofatso” le nna le bokao jo bongwe fa o akanya fela ka se se diragalang kwa mafelong a mo go one dikgakologo di dirang gore themperetšha e lekalekane, malatsi a nne maleele, phatsimo ya letsatsi e nne kgolwane le gore go nne le dipula tse di itumedisang. Malomo a a thunya mme ditshenekegi di tswa mo di neng di iphitlhile teng mariga di ipaakanyeditse go anamisa peo ya dimela. Dinonyane tse di jaaka blue jay e o e bonang fano, di kgabisa sekgwa ka mmala o montle le molodi wa tsone mme naga e nna le botshelo. Ditshedi di simolola go tlala botshelo di bo di tswelela ka modikologo wa tsone wa tsalo le go gola. (Sefela sa Difela 2:12, 13) Seno ke tshimologo ya motlha wa thobo fa selemo se fela kgotsa fa letlhabula le simologa.—Ekesodo 23:16.

Ditiro tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang di bontshiwa sentle ke tsela e a beileng lefatshe ka yone mo maemong a lone, gore le dire gore re nne le motshegare le bosigo, dipaka, nako ya go lema le nako ya go roba. Re itse sentle gore morago ga selemo go tla latela mariga. Tota e bile, Modimo ke ene a ileng a solofetsa jaana: “Malatsi otlhe a lefatshe le tswelelang le le gone ka one, go jala peo le thobo, serame le mogote, selemo le mariga, motshegare le bosigo, ga di kitla di khutla.”—Genesise 8:22.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Bona 2004 Calendar of Jehovah’s Witnesses, July/August.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ngwedi e Botlhokwa Thata mo Botshelong

Ngwedi ga e bolo go ama matshelo a batho le go ba gakgamatsa go ralala dingwaga. A mme o bona kafa ngwedi e amang dipaka ka gone? Ngwedi ke yone e dirang gore lefatshe le kgone go sekama. Mokwadi wa saense e bong Andrew Hill o bolela jaana: Seno se “thusa thata gore maemo mo Lefatsheng a siamele botshelo.” Fa go ka bo go se na lesedi le legolo la tlholego le le dirang gore polanete ya rona e kgone go sekama sentle, dithemperetšha di ne di tla tlhatloga mme di ne di tla dira gore go se ka ga kgonega gore go nne le botshelo mo lefatsheng. Ka jalo, setlhopha sengwe sa baithutadinaledi se ne sa konela jaana: “Motho a ka nna a swetsa ka gore Ngwedi ke yone e kgonang go laola tlelaemete ya Lefatshe.”—Pesalema 104:19.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Moon: U.S. Fish & Wildlife Service, Washington, D.C./Bart O’Gara

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Dikamela, kwa Bokone jwa Afrika le kwa Pheninsuleng ya Arabia