Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Taelo ya ga Jehofa” E ka Se Palelwe

“Taelo ya ga Jehofa” E ka Se Palelwe

“Taelo ya ga Jehofa” E ka Se Palelwe

“Mma ke umake taelo ya ga Jehofa; o ntheile a re: ‘O morwaake . . . Nkope, gore ke tle ke ntshe ditšhaba go nna boswa jwa gago.’”—PESALEMA 2:7, 8.

1. Maikaelelo a Modimo a farologana jang le a ditšhaba?

JEHOFA MODIMO o na le maikaelelo ka batho le ka lefatshe. Ditšhaba le tsone di na le maikaelelo. Le fa go ntse jalo, a bo maikaelelo ao a farologana thata jang ne! Re tshwanetse go lebelela seo ka gonne Modimo a re: “Jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.” Ruri maikaelelo a Modimo a tla diragala ka gonne o tswelela pele a re: “Fela jaaka pula e e nang e fologa, le kapoko, e tswa kwa magodimong mme e sa boele kwa lefelong leo, mme e kolobetsa lefatshe e dira gore le tlhagise maungo le bo le tlhogise, mme mojadi a newe peo le moji a newe senkgwe, lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:9-11.

2, 3. Ke eng se se tlhalosiwang sentle mo pesalemeng ya bobedi, mme gone ke dipotso dife tse di tsogang?

2 Kgang ya gore maikaelelo a Modimo malebana le Kgosi ya gagwe e e leng Mesia a tla diragala e tlhalosiwa sentle mo pesalemeng ya bobedi. Motlhami wa yone, e bong Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo, o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go bolelela pele gore go tla nna le nako e ka yone ditšhaba di tla nnang mo khuduegong. Balaodi ba tsone ba tla nna kgatlhanong le Jehofa Modimo le Motlodiwa wa gagwe. Le fa go ntse jalo, mopesalema gape o ile a re: “Mma ke umake taelo ya ga Jehofa; o ntheile a re: ‘O morwaake . . . Nkope, gore ke tle ke ntshe ditšhaba go nna boswa jwa gago le mafelelo a lefatshe go nna thuo ya gago.’”—Pesalema 2:7, 8.

3 “Taelo ya ga Jehofa” e kaya eng mo ditšhabeng? E ama jang batho ka kakaretso? Ee, ditiragalo tseno tsotlhe di kaya eng mo babading botlhe ba ba boifang Modimo ba pesalema eno ya bobedi?

Ditšhaba di mo Khuduegong

4. O ka sobokanya jang dintlhakgolo tsa Pesalema 2:1, 2?

4 Fa mopesalema a bua ka se ditšhaba le babusi ba tsone ba tla se dirang, o simolola pina ya gagwe ka mafoko ano: “Ke ka ntlha yang fa ditšhaba di ntse di le mo khuduegong le ditlhopha tsa ditšhaba di ntse di ngunanguna selo se se lolea? Dikgosi tsa lefatshe di a ema le badiredi ba ba kwa godimo ba phuthegile go nna seoposengwe kgatlhanong le Jehofa le motlodiwa wa gagwe.”—Pesalema 2:1, 2. *

5, 6. Ditlhopha tsa ditšhaba “di ntse di ngunanguna” ka eng se e leng “selo se se lolea”?

5 “Selo se se lolea” se ditlhopha tsa ditšhaba tsa gompieno ‘di ntseng di se ngunanguna’ ke eng? Go na le gore ditšhaba tseno di amogele Motlodiwa wa Modimo—Mesia kana Keresete—“di ntse di ngunanguna” kana di akanya ka go sireletsa taolo ya tsone. Mafoko ano a pesalema ya bobedi a ile a diragala gape mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. fa balaodi ba Bajuda le ba Baroma ba ne ba itira seoposengwe go bolaya Kgosi e e Tlhomilweng ya Modimo, Jesu Keresete. Le fa go ntse jalo, a ile a diragala ka tsela e kgolwane go simolola ka 1914 fa Jesu a ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya selegodimo. Fa e sa le ka nako eo, ga go na mmuso ope wa dipolotiki mo lefatsheng o o ileng wa bontsha go amogela Kgosi e e tlhomilweng ya Modimo.

6 Mopesalema o ne a kaya eng fa a botsa gore ‘ke ka ntlha yang fa ditlhopha tsa ditšhaba di ngunanguna selo se se lolea’? Selo se se lolea ke maikaelelo a tsone; ga a na mosola e bile ga a na go atlega. Ba ka se kgone go dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, ba lwela go diragatsa maikaelelo a bone thata jaana mo ba ganetsang bolaodi jwa Modimo. Tota e bile, ba itirile seoposengwe ka manganga go nna kgatlhanong le Mogodimodimo le Motlodiwa wa gagwe. A boeleele ruri!

Kgosi ya ga Jehofa ya Mofenyi

7. Fa balatedi ba pele ba ga Jesu ba ne ba rapela ba ne ba dirisa Pesalema 2:1, 2 jang?

7 Balatedi ba ga Jesu ba ile ba amanya mafoko a Pesalema 2:1, 2 le ene. Ba ile ba rapela jaana fa ba ne ba bogisediwa tumelo ya bone: “Morena Molaodimogolo [Jehofa], ke Wena yo o neng wa dira legodimo le lefatshe le lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, le yo ka moya o o boitshepo o neng wa bua ka molomo wa ga rraaronamogologolwane Dafide, motlhanka wa gago wa re, ‘Ke ka ntlha yang fa ditšhaba di ne tsa fuduega le batho ba ne ba tlhatlhanya ka dilo tse di lolea? Dikgosi tsa lefatshe di ne tsa ema le babusi ba phuthega go nna seoposengwe kgatlhanong le Jehofa le motlodiwa wa gagwe.’ Fela jalo, Herode [Antipase] le Ponto Pilato ba na le banna ba ditšhaba le batho ba Iseraele, ba ne totatota ba phuthegile mmogo mo motseng ono kgatlhanong le motlhanka wa gago yo o boitshepo e bong Jesu, yo o neng wa mo tlotsa.” (Ditiro 4:24-27; Luke 23:1-12) * Ee, mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ile ga nna le leano la boferefere le le ileng la logiwa kgatlhanong le Jesu motlodiwa wa Modimo. Le fa go ntse jalo, pesalema eno e ne e tlile go diragadiwa ka tsela e nngwe gape makgolokgolo a dingwaga moragonyana.

8. Pesalema 2:3 e amana jang le ditšhaba tsa gompieno?

8 Ka nako ya fa Iseraele wa bogologolo a ne a na le kgosi ya mo lefatsheng, e e jaaka Dafide, dipuso le babusi ba ditšhaba ba ne ba ikokoanya go nna kgatlhanong le Modimo le kgosi eno ya gagwe e e tloditsweng. Mme go tweng ka mo motlheng wa rona? Ditšhaba tsa gompieno ga di batle go ikobela melao ya ga Jehofa le Mesia. Ka gone, go bolelwa fa di re: “A re kgaoleng dibofo tsa bone re bo re latlhele megala ya bone kgakala le rona!” (Pesalema 2:3) Babusi le ditšhaba ba kgatlhanong le thibelo epe fela e e beilweng ke Modimo le Motlodiwa wa gagwe. Ke boammaaruri gore, maiteko ape fela a go kgaola dibofo tseo le go latlha megala eo ga a kitla a thusa sepe.

Jehofa o Sotla ka Bone

9, 10. Ke eng fa Jehofa a sotla ka ditšhaba?

9 Jehofa ga a na sepe le maiteko a babusi ba ditšhaba ba a dirang go ipusa ka bobone. Pesalema ya bobedi e tswelela jaana: “Yo o ntseng kwa magodimong o tla tshega; Jehofa ka boene o tla ba sotla.” (Pesalema 2:4) Modimo o tswelela pele ka maikaelelo a gagwe jaaka e kete ga a na sepe le babusi bano. O tshega manganga a bone mme o sotla ka bone. A ba ipelafatse ka se ba ikaeletseng go se dira. Mo go Jehofa ba tshwana le sengwe se se tshegisang. O tshega kganetso ya bone e e ka se kang ya atlega.

10 Dafide mo go nngwe ya dipesalema tsa gagwe o umaka batho le ditšhaba tse di itirileng baba mme o opela jaana: “Mme wena, Jehofa Modimo wa masomosomo, o Modimo wa Iseraele. A ko o tsoge gore o lebise tlhokomelo ya gago kwa ditšhabeng tsotlhe. O se ka wa utlwela botlhoko baoki bape ba ba utlwisang botlhoko. Ba nna ba boa maitseboa; ba nna ba bogola jaaka ntša mme ba tsamaya go dikologa motse otlhe. Bona! Ba bua thata ka molomo wa bone; ditšhaka di mo dipounameng tsa bone, gonne ke mang yo o reeditseng? Mme wena, wena Jehofa, o tla ba tshega; o tla sotla ditšhaba tsotlhe.” (Pesalema 59:5-8) Jehofa o tshega boikgantsho le go tlhakana tlhogo ga ditšhaba fa di ntse di leka boeleele jwa go nna kgatlhanong le ene.

11. Go direga eng fa ditšhaba di leka go nna kgatlhanong le maikaelelo a Modimo?

11 Mafoko a Pesalema 2 a nonotsha tumelo ya rona ya gore Modimo a ka fenya bothata bongwe le bongwe. Re ka dumela re sa belaele gore ka metlha o kgona go diragatsa thato ya gagwe le gore ga a ke a latlha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Pesalema 94:14) Ka gone, go direga eng fa ditšhaba di dira maiteko a go nna kgatlhanong le maikaelelo a ga Jehofa? Go ya ka pesalema eno, Modimo “o tla bua le bone ka bogale jwa gagwe,” jaaka e kete ka modumo o mogolo wa go duma ga maru. Mo godimo ga moo, “ka go sa itumela ga gagwe mo gogolo,” jaaka e kete ka go ratha ga legadima, “o tla ba fudua.”—Pesalema 2:5.

Kgosi ya Modimo e Tlhomilwe

12. Pesalema 2:6 e amana le go tlhomiwa gofe mo setulong sa bogosi?

12 Ga go pelaelo gore mafoko a a latelang a Jehofa a dirisitseng mopesalema go a bua a galefisa ditšhaba. Modimo a re: “Nna, e leng nna, ke tlhomile kgosi ya me mo Siona, thaba ya me e e boitshepo.” (Pesalema 2:6) Thaba ya Siona e ne e le thota ya kwa Jerusalema, kwa Dafide a neng a tlhomiwa go nna kgosi ya Iseraele teng. Le fa go ntse jalo, Kgosi e e leng Mesia ga e kitla e nna mo setulong sa bogosi kwa motseng oo kana gope fela mo lefatsheng. Tota e bile, Jehofa o setse a tlhomile Jesu Keresete go nna Kgosi ya Mesia e a e tlhophileng kwa Thabeng ya Siona ya selegodimo.Tshenolo 14:1.

13. Ke kgolagano efe e Jehofa a neng a e dira le Morwawe?

13 Jaanong Kgosi e e leng Mesia e a bua. Ya re: “Mma ke umake taelo ya ga Jehofa [yo o dirileng kgolagano ya Bogosi le Morwawe]; o [Jehofa Modimo] ntheile a re: ‘O morwaake; nna, gompieno, jaanong ke rrago.’” (Pesalema 2:7) Keresete o ne a bua ka kgolagano ya Bogosi fa a ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi.”—Luke 22:28, 29.

14. Ke eng fa go ka twe Jesu o na le tshwanelo e e ka se kang ya ganediwa ke ope ya go nna kgosi?

14 Jaaka fa go boleletswe pele mo go Pesalema 2:7, Jehofa o ne a supa fa Jesu e le Morwawe ka nako ya fa a ne a kolobediwa le ka go mo tsosetsa botshelong jwa semoya. (Mareko 1:9-11; Baroma 1:4; Bahebera 1:5; 5:5) Ee, Kgosi ya Bogosi jwa selegodimo ke Morwa wa Modimo yo o tsetsweng a le esi. (Johane 3:16) Jaaka Kgosi Dafide, Jesu o na le tshwanelo e e ka se kang ya ganediwa ke ope ya go nna kgosi. (2 Samuele 7:4-17; Mathaio 1:6, 16) Go ya ka pesalema eno, Modimo o raya Morwawe a re: “Nkope, gore ke tle ke ntshe ditšhaba go nna boswa jwa gago le mafelelo a lefatshe go nna thuo ya gago.”—Pesalema 2:8.

15. Ke eng fa Jesu a kopa ditšhaba go nna boswa jwa gagwe?

15 Kgosi—Morwa Modimo ka boene—o na le maemo a a fetwang fela ke a ga Jehofa ka bogolo. Jesu ke morwa wa ga Jehofa yo o ileng a itshupa a ikanyega le yo go ka ikaegwang ka ene. Mo godimo ga moo, Jesu o na le boswa e re ka e le Motsalwapele wa Modimo. Ee ruri, Jesu Keresete “ke setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng, leitibolo la popo yotlhe.” (Bakolosa 1:15) Se a tlhokang go se dira fela ke go kopa mme Modimo ‘o mo naya ditšhaba go nna boswa jwa gagwe le mafelelo a lefatshe go nna thuo ya gagwe.’ Jesu o kopa dilo tseno e le motho yo o ‘ratang dilo tse di malebana le bomorwa batho’ le ka ntlha ya keletso e kgolo e a nang le yone ya go batla go diragatsa thato ya ga Rraagwe wa selegodimo malebana le lefatshe le batho.—Diane 8:30, 31.

Taelo ya ga Jehofa Kgatlhanong le Ditšhaba

16, 17. Go ya ka Pesalema 2:9 go tlile go direga eng ka ditšhaba?

16 E re ka pesalema ya bobedi e diragadiwa gone jaanong, mo nakong eno ya go nna gone ga ga Keresete a sa bonale, go tlile go direga eng ka ditšhaba? Kgosi e tla tloga e diragatsa mafoko ano a Modimo: “O tla ba [ditšhaba] thubaganya ka lore lwa segosi lwa tshipi, o tla ba phatlakanya jaaka sejana sa mmopi wa letsopa.”—Pesalema 2:9.

17 Dinthe tsa dikgosi tsa metlha ya bogologolo di ne di tshwantshetsa taolo ya segosi. Dinthe tse dingwe di ne di dirwa ka tshipi, tse di jaaka lo go buiwang ka lone mo pesalemeng eno. Puo ya tshwantshetso e e dirisiwang fano e bontsha tsela e e motlhofo e Kgosi Keresete a tla nyeletsang ditšhaba ka yone. Go itaya sejana sa letsopa sa mmopi ka lore go ne go tla se phatlakanya, go se senyetsa ruri.

18, 19. Dikgosi tsa lefatshe di tshwanetse go dira eng gore di amogelwe ke Modimo?

18 A babusi ba ditšhaba ba patelesega go phatlakanngwa jalo? Ga go a nna jalo ka gonne mopesalema o ikuela mo go bone ka mafoko ano: “Jaanong, lona dikgosi, dirisang temogo; itetleng go siamisiwa, lona baatlhodi ba lefatshe.” (Pesalema 2:10) Dikgosi di kopiwa gore di dirise temogo. Di tshwanetse go lemoga gore maikaelelo a tsone ga a kitla a atlega, fa a bapisiwa le se Bogosi Jwa Modimo bo tlileng go se direla batho.

19 Fa dikgosi tseno tsa lefatshe di batla go amogelwa ke Modimo, di tla tshwanelwa ke go fetola ditsela tsa tsone. Di newa kgakololo ya gore di ‘direle Jehofa ka poifo le ka go ipela ka go roroma.’ (Pesalema 2:11) Go tla direga eng fa di ka tsaya kgato eo? Go na le gore di nne mo khuduegong, kana go tlhakana tlhogo, di ka itumelela ditsholofetso tse Kgosi ya Mesia e tla di solofetsang tsone. Go tla tlhokega gore babusi ba lefatshe ba tlogele mabela le boikgogomoso jo ba bo dirisang mo bolaoding jwa bone. Mo godimo ga moo, ba tla tshwanelwa ke go fetoga ka bonako mme ba bontshe temogo malebana le bolaodi jo bogolo jwa ga Jehofa le jo bo ka se lekaneng le bope le maatla a magolo a Modimo le a Kgosi e e leng Mesia.

“Atlang Morwa”

20, 21. Go ‘atla morwa’ go kaya eng?

20 Jaanong Pesalema ya 2 e laletsa babusi ba ditšhaba ka mafoko a a bontshang kutlwelobotlhoko. Go na le gore ba itire seoposengwe go nna kgatlhanong, ba gakololwa jaana: “Atlang morwa, gore A [Jehofa Modimo] se ka a tuka bogale, le gore lo se ka lwa nyelela mo tseleng, gonne bogale jwa gagwe bo tuka motlhofo.” (Pesalema 2:12a) Morena Molaodimogolo Jehofa o tshwanelwa ke go ikobelwa fa a ntsha taelo. Fa Modimo a ne a tlhoma Morwawe mo setulong sa bogosi, babusi ba lefatshe ba ne ba tshwanetse go tlogela go “ngunanguna selo se se lolea.” Ba ne ba tshwanetse go amogela Kgosi ka yone nako eo le go e ikobela ka botlalo.

21 Ke eng fa ba tshwanetse go ‘atla morwa’? Ka nako ya fa pesalema eno e ne e tlhamiwa, go atla e ne e le tsela ya go bontsha botsala mme go ne go dirisiwa go amogela baeng mo legaeng la motho moo ba neng ba tla itumelela go amogelwa ka diatla tsoopedi teng. Go atla gape e ne e ka nna tsela ya go bontsha go ikanyega. (1 Samuele 10:1) Mo temaneng eno ya pesalema ya bobedi, Modimo o laela ditšhaba go atla, kana go amogela Morwawe jaaka Kgosi e e tloditsweng.

22. Babusi ba ditšhaba ba tshwanetse go reetsa tlhagiso efe?

22 Batho ba ba ganang go amogela taolo ya Kgosi e Modimo a e tlhophileng ba nyatsa Jehofa. Ba gana go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa Modimo jwa lobopo lotlhe le taolo le bokgoni jo a nang le jone jwa go tlhopha Kgosi e e tla nnang mmusi wa batho yo o molemo go gaisa botlhe. Babusi ba batho ba tla iphitlhela fela ba setse ba wetswe ke tšhakgalo ya Modimo, fa ba ntse ba leka go diragatsa maano a bone. “Bogale jwa gagwe bo tuka motlhofo,” kana bo tuka ka bonako le ka tsela e e ka se kang ya tilwa. Babusi ba ditšhaba ba tshwanetse go amogela tlhagiso eno ka kanaanelo mme ba e diragatse. Go dira jalo go tla namola botshelo jwa bone.

23. Batho ba sa ntse ba na le nako ya go dira eng?

23 Pesalema eno e e kgatlhang thata e konela jaana: “Go itumela botlhe ba ba tshabelang mo go ene [Jehofa].” (Pesalema 2:12b) Motho mongwe le mongwe o sa ntse a na le nako ya gore a ka bona tshireletsego. Go ntse jalo le ka mongwe le mongwe wa babusi ba ba ntseng ba ema nokeng maano a ditšhaba. Ba ka tshabela kwa go Jehofa, yo o nayang batho botshabelo mo pusong ya Bogosi jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go dira jalo pele ga Bogosi Jwa ga Mesia bo nyeletsa ditšhaba tse di kgatlhanong le jone.

24. Re ka kgona jang go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang tota le mo lefatsheng leno le le tletseng mathata?

24 Fa re ithuta Dikwalo ka tlhoafalo le go dirisa kgakololo ya tsone mo botshelong jwa rona, re ka tshela botshelo jo bo kgotsofatsang tota le gone jaanong mo lefatsheng leno le le tletseng mathata. Go dirisa kgakololo ya Dikwalo go dira gore motho a nne le kamano e e itumedisang le ba lelapa le gore a se ka a nna le matshwenyego a mantsi a a aparetseng lefatshe. Go latela kaelo ya Baebele go dira gore re dumele re sa belaele gore re itumedisa Mmopi. Ga go na ope fa e se Molaodimogolo wa Lobopo fela yo o ka re tlhomamisetsang ‘botshelo jaanong le jo bo tla tlang’ fa a sena go fedisa batho ba ba ganetsang tshiamo ka go gana go ikobela puso ya Bogosi jwa gagwe.—1 Timotheo 4:8.

25. E re ka “taelo ya ga Jehofa” e ka se palelwe, re ka lebelela gore go tla direga eng mo motlheng wa rona?

25 “Taelo ya ga Jehofa” e ka se ka ya palelwa. E re ka Modimo e le ene Mmopi wa rona, o itse se se ka solegelang batho molemo mme o tla diragatsa maikaelelo a gagwe a go segofatsa batho ba ba mo ikobelang ka kagiso, kgotsofalo le polokesego e e nnetseng ruri mo Bogosing jwa Morwawe yo o rategang. Moporofeti Daniele o ile a kwala jaana malebana le motlha wa rona: “Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. . . . Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Ka gone, ruri eno ke nako e e tshwanetseng ya gore re ‘atle Morwa’ le go direla Morena Molaodimogolo Jehofa!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Kwa tshimologong, Kgosi Dafide e ne e le ene “motlodiwa,” mme “dikgosi tsa lefatshe” e ne e le babusi ba Bafilisitia ba ba neng ba phutha masole a bone go lwa le ene.

^ ser. 7 Ditemana tse dingwe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le tsone di bontsha gore Jesu ke Motlodiwa wa Modimo yo go buiwang ka ene mo pesalemeng ya bobedi. Seno se bonala sentle fa o bapisa Pesalema 2:7 le Ditiro 13:32, 33 le Bahebera 1:5; 5:5. Bona gape le Pesalema 2:9 le Tshenolo 2:27.

O ne O ka Araba Jang?

• “Selo se se lolea” se ditlhopha tsa ditšhaba di ‘ntseng di ngunanguna’ ka sone ke eng?

• Ke eng fa Jehofa a sotla ka ditšhaba?

• Taelo ya Modimo kgatlhanong le ditšhaba ke eng?

• Go ‘atla morwa’ go kaya eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Dafide o ne a opela ka Kgosi ya Mesia e e fenyang

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Babusi le batho ba Iseraele ba ile ba loga leano kgatlhanong le Jesu Keresete

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Keresete o tlhomilwe go nna Kgosi mo Thabeng ya Siona ya selegodimo