Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa Mekgele ya Semoya go Galaletsa Mmopi wa Gago

Dirisa Mekgele ya Semoya go Galaletsa Mmopi wa Gago

Dirisa Mekgele ya Semoya go Galaletsa Mmopi wa Gago

“FA MOKGWEETSI wa sekepe a sa itse gore o ya kwa boemakepeng bofe, phefo ga e ka ke ya mo isa kwa go jone.” Mafoko ao a go tweng a builwe ke mofilosofi wa Moroma wa lekgolo la ntlha la dingwaga, a bontsha boammaaruri jwa gore fa motho a batla gore botshelo jwa gagwe bo nne le boikaelelo, go botlhokwa gore a ipeele mekgele.

Baebele e re naya dikai tsa batho ba ba neng ba rata go ipeela mekgele. Noa o ne a bereka ka dingwaga di ka nna 50 “a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe.” Moporofeti Moshe “o ne a leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo.” (Bahebera 11:7, 26) Modimo o ne a naya motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua, mokgele wa gore a thope naga ya Kanana.—Duteronome 3:21, 22, 28; Joshua 12:7-24.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., ga go na pelaelo gore moaposetoloi Paulo o ne a ipeela mekgele ya semoya ka go bo a tlhotlheleditswe ke mafoko a ga Jesu a a reng “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Mathaio 24:14) E re ka Paulo a ile a kgothadiwa ke melaetsa e a neng a e newa ka tlhamalalo ke Morena Jesu le ke diponatshegelo tse a neng a dira gore a di bone, go akaretsa le kabelo ya gore a ‘sikare leina la ga Jesu mo ditšhabeng,’ o ne a nna le seabe se se botlhokwa mo go tlhomeng diphuthego tse dintsi tsa Bokeresete go ralala Asia Minor le go ya kwa Yuropa.—Ditiro 9:15; Bakolosa 1:23.

Ee, batlhanka ba ga Jehofa go ralala hisitori ba ile ba ipeela mekgele e e kwa godimo mme ba ile ba e fitlhelela, gore ba galaletse Modimo. Rona re ka ipeela mekgele ya semoya jang gompieno? Re ka leka go ipeela mekgele efe, mme ke dikgato dife tse re ka di tsayang go e fitlhelela?

Go Botlhokwa go Nna le Maitlhomo a a Siameng

Re ka ipeela mekgele ka sengwe le sengwe mo botshelong, mme batho ba le bantsi mo lefatsheng leno ba rata go ipeela mekgele. Le fa go ntse jalo, mekgele ya puso ya Modimo ga e tshwane le mekgele ya lefatshe. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ipeela mekgele ka ntlha ya go rata dikhumo le go gagamalela thata go nna le maemo le taolo. A bo go tla bo go le phoso jang ne go ipeela mokgele wa go nna le taolo le maemo! Mekgele e e galaletsang Jehofa Modimo ke mekgele e e amanang ka tlhamalalo le go mo obamela ga rona le dilo tse di direlwang Bogosi. (Mathaio 6:33) Batho ba ba ipeelang mekgele e e ntseng jalo ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo le batho ba bangwe mme ba dira seo ka go bo ba ineetse mo Modimong.—Mathaio 22:37-39; 1 Timotheo 4:7.

E kete maitlhomo a rona e ka nna a a siameng fa re ntse re ipeela mekgele ya semoya le go leka go e fitlhelela, e ka tswa e le mekgele ya go nna le ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo kgotsa ya go gatela pele semoyeng. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore tota le mekgele e motho a e ipeetseng a na le maitlhomo a a siameng e se ka ya fitlhelelwa. Re ka ipeela mekgele jang le go dira gore re kgone go e fitlhelela?

Re Tshwanetse go Eletsa Thata go Fitlhelela Mekgele ya Rona

Akanya kafa Jehofa a ileng a bopa lobopo ka teng. Fa Jehofa a ne a bua mafoko a a reng “ga nna maitseboa ga ba ga nna moso,” o ne a kgaoganya dinako tsa popo ka go farologana ga tsone. (Genesise 1:5, 8, 13, 19, 23, 31) Mo tshimologong ya nako nngwe le nngwe ya popo, o ne a itse sentle gore mokgele wa gagwe kgotsa boikaelelo jwa gagwe ke eng ka letsatsi leo. Mme Modimo o ne a kgona go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa go bopa dilo. (Tshenolo 4:11) Tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a re: “Moya [wa ga Jehofa] o na le keletso, mme o tla e diragatsa.” (Jobe 23:13) A bo go tshwanetse ga bo go ile ga kgotsofatsa Jehofa jang ne fa a ne a bona “sengwe le sengwe se a se dirileng” mme a bo a re “se molemo tota”!—Genesise 1:31.

Gore re tle re fitlhelele mekgele e re e ipeetseng, le rona re tshwanetse ra eletsa thata go e fitlhelela. Ke eng se se tla re thusang gore re eletse thata go dira jalo? Tota le ka nako ya fa lefatshe le ne le tobekane fela le kgakgabetse, Jehofa o ne a kgona go bonela pele gore le tla felela le ntse jang—e le selo se sentle mo lefaufaung, se se tla mo galaletsang le go mo tlotlomatsa. Ka mo go tshwanang, le rona re ka godisa keletso ya rona ya go fitlhelela se re batlang go se dira ka go tlhatlhanya ka diphelelo le melemo ya mekgele ya rona. Ke se Tony wa dingwaga di le 19 a neng a se dira. Ga a ise a ko a lebale kafa a neng a ikutlwa ka teng fa a ne a etetse ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Yuropa Bophirima ka lekgetlho la ntlha. Go tloga ka nako eo, Tony o ne a ipotsa potso e e reng, ‘Go nna mo lefelong le le ntseng jalo le go direla mo go lone go tla nna jang?’ Tony ga a ise a ko a tlogele go akanya gore go ka nna ga direga gore a ye kwa lefelong leno, mme o ne a tswelela a leka go fitlhelela mokgele oo. A bo a ne a itumela jang ne fa kopo ya gagwe ya go direla kwa lekaleng e ne e amogelwa dingwaga di se kae moragonyana!

Fa re tsalana le batho ba bangwe ba ba setseng ba fitlheletse mokgele o o rileng le gone go ka re thusa gore le rona re eletse go o fitlhelela. Jayson, wa dingwaga di le 30, o ne a sa rate go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo fa a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome. Mme fa a sena go fetsa kwa sekolong se segolwane, o ne a tsenela tirelo ya bobulatsela ka tlhoafalo mme a nna mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng. Ke eng se se neng sa thusa Jayson go nna le keletso ya go bula tsela? O araba jaana: “Go bua le ba bangwe ba ba kileng ba bula tsela le go bereka le bone mo bodireding go ile ga ntlhotlheletsa thata.”

Go Kwala Mekgele ya Rona go Tla re Thusa go e Fitlhelela

Kgopolo nngwe e e sa tlhomamang e nna le bokao fa re tlhopha mafoko a re ka e tlhalosang ka one. Solomone o ne a bolela gore mafoko a a tshwanelang a nonofile fela jaaka ditlhabapholo gore botshelo jwa motho bo nne le bokao. (Moreri 12:11) Fa mafoko ao a kwadiwa, a ka ama pelo le mogopolo thata. A ga se lone lebaka le le neng la dira gore Jehofa a laele dikgosi tsa Iseraele gore di ikwalela khopi ya Molao? (Duteronome 17:18) Ka jalo, re ka nna ra batla go kwala mekgele ya rona le thulaganyo e re tla e latelang gore re e fitlhelele, re kwala dikgoreletsi tse re lebeletseng go kopana le tsone le ditsela tse re tla di rarabololang ka tsone. Gape go ka re thusa fa re ka ithuta dilo tse re tshwanetseng ra di itse, bokgoni jo re tshwanetseng go nna le jone le batho ba ba ka re thusang le go re ema nokeng.

Go ipeela mekgele ya semoya go ile ga thusa Geoffrey, yo o sa bolong go nna mmulatsela yo o kgethegileng mo tshimong e e kwa thoko kwa nageng nngwe ya kwa Asia gore a ritibale. O ne a welwa ke masetlapelo fa mosadi wa gagwe a ne a tlhokafala a sa lebelela. Morago ga go amogela phetogo e e nnileng teng, Geoffrey o ne a swetsa go tlhoma mogopolo ka mo go feletseng mo bodireding jwa gagwe jwa bobulatsela ka go ipeela mekgele. Fa a sena go kwala mo pampiring dilo tse a neng a ikaeletse go di dira, ka thapelo o ne a ipeela mokgele wa gore fa kgwedi e fela a bo a simolotse dithuto tsa Baebele di le tharo. Letsatsi le letsatsi o ne a sekaseka dilo tse a di dirang mme morago ga malatsi mangwe le mangwe a a lesome, o ne a sekaseka go bona gore o gatetse pele go le kana kang. A o ile a fitlhelela mokgele wa gagwe? Fa a sena go bega dithuto tsa Baebele di le nnè tse disha, o araba ka boitumelo a re ee!

Tlhoma Mekgele ya Nakwana Gore e Nne Matshwao

Mekgele e mengwe e ka lebega e le boima go e fitlhelela. Mo go Tony yo o umakilweng pelenyana, go direla kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa e ne e le toro fela. O ne a ikutlwa jalo ka gonne o kile a bo a le seganana, mme o ne a ise a ineele mo Modimong. Tony o ne a swetsa ka gore a dumalanye botshelo jwa gagwe le ditsela tsa ga Jehofa mme a ipeela mokgele wa gore a tshwanelegele go kolobediwa. Fa a sena go fitlhelela mokgele oo, o ne a ipeela mokgele wa go nna mmulatsela wa nakwana le mmulatsela wa ka metlha, a tshwaya mo khalendareng ya gagwe nako e a simolotseng ka yone. Fa a sena go bula tsela ka nakonyana e e rileng, go direla kwa ofising ya lekala go ne go sa tlhole go lebega e le mokgele o a ka se kang a o fitlhelela.

Go tla nna molemo gape fa le rona re ka kgaoganya mekgele ya rona ya nako e telele gore e nne mekgele e se kae ya nakwana. Mekgele e re ka e fitlhelelang ka bonako e ka nna matshwao a a bontshang gore re ntse re fitlhelela mokgele wa nako e telele ka iketlo. Fa re dirisa matshwao a a ntseng jalo go sekaseka kgatelopele e re e dirang ka metlha, seno se ka re thusa gore re tlhome mogopolo mo go se re se dirang. Go rapela Jehofa ka metlha malebana le se re se rulagantseng le gone go tla re thusa gore re se ka ra fapoga mo go se re batlang go se dira. Moaposetoloi Paulo o kgothatsa jaana: “Rapelang lo sa kgaotse.”—1 Bathesalonika 5:17.

Go Tlhokega gore Motho a Ikemisetse Le go Se Lape

Le fa re ka tswa re akanyeditse dithulaganyo tsa rona sentle go le kana kang e bile re na le keletso e e nonofileng ya go di fitlhelela, go na le mekgele mengwe e re ka se kang ra e fitlhelela. Morutwa Johane Mareko o tshwanetse a bo a ile a kgobega marapo thata fa moaposetoloi Paulo a ne a sa batle go tsamaya le ene fa a ne a tsaya loeto lwa gagwe la bobedi lwa borongwa! (Ditiro 15:37-40) Mareko o ne a tshwanelwa ke go ithuta sengwe mo go seno mme a fetole mokgele wa gagwe gore e nne wa go oketsa tirelo ya gagwe. Go bonala a ile a dira jalo. Moragonyana, Paulo o ne a bua Mareko sentle mme a tsalana thata le moaposetoloi Petere kwa Babelona. (2 Timotheo 4:11; 1 Petere 5:13) Gongwe tshiamelo e kgolo go di gaisa tsotlhe e a nnileng le yone e ne e le go kwala pego e e tlhotlheleditsweng ka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu.

Fa re ntse re leka go fitlhelela mekgele ya semoya, go ka nna ga nna le dilo tse di re kgoreletsang. Go na le gore re itlhoboge, re tshwanetse go itshekatsheka le go dira diphetogo. Fa go nna le mathata, re tshwanetse go tswelela pele re ikemiseditse e bile re sa lape. Kgosi Solomone o re tlhomamisetsa jaana: “Pitikela ditiro tsa gago mo go Jehofa mme dithulaganyo tsa gago di tla tlhomamisiwa thata.”—Diane 16:3.

Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe maemo a dira gore go batla go fitlhelela mekgele e e rileng go se ka ga kgonega. Ka sekai, mathata a botsogo kgotsa maikarabelo a lelapa a ka nna a dira gore re se ka ra fitlhelela mekgele mengwe. E kete le ka motlha re ka se ka ra lebala gore maduo a makgaolakgang a re tla a bonang ke botshelo jo bo sa khutleng—kwa legodimong kgotsa mo Paradaiseng ya mo lefatsheng. (Luke 23:43; Bafilipi 3:13, 14) Mokgele ono o fitlhelelwa jang? Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Le fa boemo jwa rona bo sa re letle go fitlhelela mokgele o o rileng, re sa ntse re ka “boifa Modimo wa boammaaruri mme re boloke ditaelo tsa gagwe.” (Moreri 12:13) Mekgele ya semoya e re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo mo go direng go rata ga Modimo. Ka jalo, a re e diriseng go galaletsa Mmopi wa rona.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Mekgele ya Semoya E re Ka e Akanyetsang

○ Go bala Baebele letsatsi le letsatsi

○ Go bala makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo le Tsogang!

○ Go tokafatsa boleng jwa dithapelo tsa rona

○ Go bontsha maungo a moya

○ Go leka go oketsa tirelo ya rona

○ Go nna le matswela thata mo tirong ya go rera le ya go ruta

○ Go ithuta bokgoni jwa go rera ka thelefouno, ka tsela e e seng ya tlwaelo le mo mafelong a kgwebo