Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng se se tshwantshediwang ke thulaganyo ya ngwaga wa Jubile e e umakiwang mo kgaolong ya bo25 ya buka ya Lefitiko?

Molao wa ga Moshe o ne o laela gore “mo ngwageng wa bosupa lefatshe leo le nne le sabata wa boikhutso jo bo feletseng.” Baiseraele ba ne ba laelwa jaana malebana le ngwaga oo: “Lo se ka lwa jala peo mo tshimong ya lona, gape lo se ka lwa poma tshimo ya lona ya mofine. Lo se ka lwa roba mo go medileng ga ditlhaka tse di tshologileng tsa thobo ya lona, gape lo se ka lwa fula morara wa mofine wa lona o o sa pongwang. Lefatshe leo le nne le ngwaga wa boikhutso jo bo feletseng.” (Lefitiko 25:4, 5) Ka jalo, lefatshe le ne le tshwanetse go nna le Sabata ka ngwaga mongwe le mongwe wa bosupa. Ka ngwaga wa bo50, e leng ngwaga morago ga ngwaga wa Sabata ya bosupa, ngwaga oo o ne o tshwanetse go nna Jubile. Go ne go tshwanetse ga diregang ka ngwaga oo?

Jehofa o ne a bolelela Baiseraele jaana a bua ka Moshe: “Lo itshepise ngwaga wa bomasome a matlhano lo bo lo bolele kgololego mo lefatsheng mo banning botlhe ba lone. E tla nna Jubile mo go lona, mme lo busetse mongwe le mongwe kwa thuong ya gagwe lo bo lo busetse mongwe le mongwe kwa lelapeng la gagabo. Ngwaga oo wa bomasome a matlhano e tla nna Jubile mo go lona. Lo se ka lwa jala peo le fa e le go roba mo go medileng ga lefatshe ga ditlhaka tse di tshologileng le fa e le go fula morara wa mefine ya lone e e sa pongwang.” (Lefitiko 25:10, 11) Ngwaga wa Jubile o ne o raya gore lefatshe le ne le tla nna le dingwaga tse pedi tsa Sabata ka go latelana. Mme Jubile e ne e tlisa kgololesego mo baaging ba lefatshe. Bajuda bape ba ba neng ba rekisitswe e le makgoba ba ne ba tshwanetse go gololwa. Thuo ya boswa e motho a ka tswang a ne a patelesega go e rekisa e ne e tshwanetse go busediwa lelapa la gagwe. Jubile e ne e tla nna ngwaga wa go tsosolosa le wa kgololesego mo Iseraeleng wa bogologolo. Ke eng se Jubile eno e se tshwantshetsang mo Bakereseteng?

Go tsuologa ga monna wa ntlha e bong Adame go ne ga dira gore batho ba nne mo bokgobeng jwa boleo. Thulaganyo ya Modimo ya go golola batho mo bokgobeng jwa boleo ke setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. * (Mathaio 20:28; Johane 3:16; 1 Johane 2:1, 2) Bakeresete ba gololwa leng mo molaong wa boleo? Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua le Bakeresete ba ba tloditsweng, o ne a re: “Molao wa moya oo o o nayang botshelo jo bo seoposengwe le Keresete Jesu o lo golotse mo molaong wa boleo le wa loso.” (Baroma 8:2) Ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong ba nna le kgololesego eno fa ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. Le fa mebele ya bone e le ya nama e bile e sa itekanela, Modimo o ba bolela ba siame e bile o ba amogela e le bomorwawe ba semoya. (Baroma 3:24; 8:16, 17) Mo Bakereseteng ba ba tloditsweng jaaka ba le setlhopha, Jubile ya Bokeresete e ne e ya simolola ka Pentekosete ya 33 C.E.

Go tweng ka “dinku tse dingwe” tse di nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng? (Johane 10:16) Mo dinkung tse dingwe, Dingwaga Tse di Sekete Tsa Puso ya ga Keresete e tla nna nako ya go tsosolosa le ya kgololesego. Ka nako ya Jubile eno ya Dingwaga Tse di Sekete, Jesu o tla dirisa melemo ya setlhabelo sa gagwe sa thekololo mo bathong ba ba dumelang mme o tla tlosa ditlamorago tsa boleo. (Tshenolo 21:3, 4) Kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, batho ba tla itekanela mme ba tla gololesega gotlhelele mo boleong le mo losong tse ba di ruileng. (Baroma 8:21) Fa seo se setse se diragetse, Jubile ya Bokeresete e tla bo e fedile.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Tota e bile, Jesu o ne a romelwa “go bolela kgololego mo go ba ba isitsweng botshwarwa.” (Isaia 61:1-7; Luke 4:16-21) O ne a rera ka kgololesego ya semoya.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Jubile ya Dingwaga Tse di Sekete—nako ya go tsosolosa le ya kgololesego mo ‘dinkung tse dingwe’