Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Letlotlo la Khumo ya Mawatle”

“Letlotlo la Khumo ya Mawatle”

Bontlentle Jwa Popo ya ga Jehofa

“Letlotlo la Khumo ya Mawatle”

FA LETSATSI le phirima, pheshwana e e monate e foka mo godimo ga lewatle mme makhubu a itaagana mo losing lwa lewatle. Modumo o o ritibatsang maikutlo wa makhubu ano o ngoka batho ba bantsi ba ba thelegelang kwa lewatleng go ya go itapolosa le go iketla. *

Dikilometara tse dintsintsi tsa lobopo lwa lewatle mo lefatsheng lotlhe di dirilwe ka dintshi tse di ntseng jalo. Molelwane ono o o fetogetseng ruri o o magareng ga motlhaba le metsi o supa fa maatla a lewatle a felelang gone. Mmopi o le bopile gore le nne jalo. Fa Modimo a itlhalosa, o bolela gore o ‘beile motlhaba go nna molelwane wa lewatle.’ Gape a re: “Le fa gone makhubu a lone a kgaphasela, a ka se fenye; le fa gone a fuduega, ga a ka ke a o kgabaganya.”—Jeremia 5:22; Jobe 38:8; Pesalema 33:7.

Eleruri polanete ya rona e tletse metsi, go gaisa epe fela mo thulaganyong ya masedi a tlholego. Diperesente di feta 70 tsa lefatshe lotlhe di khurumeditswe ke metsi. Fa Jehofa a ne a baakanya lefatshe gore batho ba nne mo go lone, o ne a laela jaana: “A metsi a a kafa tlase ga magodimo a phuthelwe mo lefelong le le lengwe mme a go bonale mmu o o omileng.” Mme go ne ga “nna jalo.” Pego eo gape ya re: “Modimo a bitsa mmu o o omileng Lefatshe, mme metsi a a phuthilweng a a bitsa Mawatle. Mo godimo ga moo, Modimo a bona fa go le molemo.” (Genesise 1:9, 10) Mosola wa mawatle ke eng?

Metsi a mawatle a ne a diretswe go tshegetsa botshelo ka ditsela tse dintsi tse di gakgamatsang. Ka sekai, metsi a kgona go boloka mogote. Ka jalo mawatle a tshwana le bobolokelo jo bogolo jwa mogote, jo bo fokotsang botsididi jo bogolo jwa mariga.

Metsi a na le tsela e nngwe gape e a tshegetsang botshelo ka yone. A kgona go tlhaolosa dilo motlhofo go feta seedi sepe fela se sengwe. E re ka dithulaganyo tsa botshelo di kgona go nna teng ka ntlha ya go kopana ga dikhemikale, go botlhokwa gore metsi a nne teng go thusa go tlhaolosa dilo tse di itshwarang ka tsela e nngwe fa di kopanngwa le dilo tse dingwe, le go kopanya dimolekhule tsa tsone gore e nne selo se le sengwe. Metswako e le mentsi ya dikhemikale e e fitlhelwang mo ditsheding e na le metsi. Buka ya The Sea ya re: “Ditshedi tsotlhe di tlhoka metsi—a kgabagare a tshwanetseng go tswa mo mawatleng, tota le dimela le diphologolo tse di mo lefatsheng di a a tlhoka.”

Mawatle a lefatshe a thusa thata go phepafatsa loapi. Dilo tse dinnye tse di tshelang mo lewatleng di monya khabonodaeokesaete mme di tlhagisa okosejene. Go ya ka mmatlisisi mongwe, “diperesente di le 70 tsa okosejene e e tsenang mo loaping ngwaga le ngwaga e tswa mo dilong tse dinnye tse di tshelang mo lewatleng.”

Gape mo mawatleng go tsewa melemo ya tlholego e e alafang malwetse. Dilo tse di ntshiwang mo ditlhaping di ntse di dirisiwa ka makgolokgolo a dingwaga go dira melemo. Molemo o o dirwang ka mafura a sebete sa tlhapi e e bidiwang cod (cod-liver oil) ga o bolo go dirisiwa ka lobaka lo loleele. Bosheng jaana, go ile ga dirisiwa dikhemikale tse di tswang mo ditlhaping le mo ditsheding tse dingwe tsa lewatle go alafa asema le go lwantsha megare le kankere.

Batho ba ile ba leka go fopholetsa boleng jwa dilo tse di tswang mo lewatleng le mesola ya lone. Le mororo go ka se ka ga dirwa ditshwetso tse di tlhomameng, babatlisisi ba ile ba fopholetsa gore mo e ka nnang karolo ya pedi tharong ya boleng jwa ditirelo tse di thusang botshelo mo lefatsheng, e tswa mo mawatleng. Seno se rurifatsa kgang ya gore mawatle a bopilwe ka boikaelelo bongwe—go tshegetsa botshelo. A bo seno se dumalana sentle jang ne le se Baebele e se bitsang “letlotlo la khumo ya mawatle”!—Duteronome 33:19.

Jehofa o a galalediwa jaaka e le Motlhami yo Mogolo le Modiri wa khumo eno. Nehemia o ne a tlhotlheletsega go mmaka ka mafoko ano: “O Jehofa o le nosi; wena ka bowena o dirile magodimo, le e leng legodimo la magodimo, . . . mawatle le sotlhe se se mo go one; mme o di boloka tsotlhe di tshela.”—Nehemia 9:6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bona 2004 Calendar of Jehovah’s Witnesses, September/October.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Metsi, Phefo le Makhubu

Metsi le phefo di dira makhubu a magolo a a itaaganang ka modumo o o kibanyang ditsebe mo mafikeng a a tshwanang le ano a kwa California kwa United States. Makhubu ga a bolo go nna karolo e e kgatlhang thata ya lewatle, a bontsha maatla a lone a a gakgamatsang. Gape a re gopotsa maatla a magolo a Mmopi. Jehofa ke ene yo o ‘gatang makhubu a magolo a lewatle.’ “O fuduile lewatle ka maatla a gagwe, e bile ka tlhaloganyo ya gagwe o thubagantse motlhasedi.” (Jobe 9:8; 26:12) Eleruri, “kwa godimo ga medumo ya metsi a mantsi, makhubu a magolo a lewatle a a itaaganang, Jehofa o tlotlometse kwa bogodimong.”—Pesalema 93:4.

Dipopego Tsa Motlhaba

Gangwe le gape o ka bona motlhaba o ipopile bontle kafa morago ga dintshi tsa lewatle, jaaka ditotoma tsa motlhaba tse re di bonang fano mo lobopong lwa Namibia, kwa borwa jwa Afrika. Phefo ke yone e dirang gore motlhaba ono o bopege ka tsela e e tlhomologileng. Le fa ditotoma tse dingwe tsa motlhaba di lebega e le dithota tse dinnye, tse dingwe di goletse kwa godimo ka boleele jwa dimetara di le 400. Motlhaba o montsi jalo o re thusa go tlhaloganya polelwana ya Baebele e e reng “moshawa o o fa losing lwa lewatle.” Polelwana eo e dirisiwa go kaya sengwe se se ka se balweng, se se ka se lekanngweng. (Genesise 22:17) Re sisimoga Mmopi, yo ka botlhale a dirileng lorako lwa motlhaba lo lo thibelang metsi a lewatle le le bogale go sutlhelela melelwane ya lone.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Lobopo fa letsatsi le phirima, Bight of Biafra, kwa Cameroon