Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa go Alejandra

Lekwalo le le Tswang Kwa go Alejandra

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Lekwalo le le Tswang Kwa go Alejandra

GO KWALA makwalo ga e bolo go nna tsela e e nang le matswela ya go neela bosupi. Le fa ka dinako tse dingwe o ka se tlhomamisege ka gore matswela e tla nna afe, ba ba dirisang mokgwa ono ba sa kgaotse ba segofaditswe fela thata. Ba gakologelwa kgakololo eno e e botlhale ya Baebele: “Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng, e ka tswa e le fano kgotsa fale, kgotsa gore a ka bobedi jwa tsone di tla nna molemo ka go tshwana.”—Moreri 11:6.

Alejandra, Mosupi yo mmotlana yo o sa bolong go direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico ka dingwaga di ka nna lesome, o ne a newa kalafi ya dikhemikale go alafa kankere. Boemo jwa gagwe bo ne jwa nnela maswe kwa pele, mme o ne a nna bokoa mo a neng a sa kgone go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, ka gonne Alejandra a ne a sa batle go tlhokomologa bodiredi jwa gagwe, o ne a swetsa ka gore a kwale makwalo. O ne a kwala makwalo a tlhalosa ka thulaganyo ya thuto ya mahala ya Baebele mme a tsenya nomoro ya ga mmaagwe ya founu mo makwalong ao. Go tswa foo o ne a neela mmaagwe makwalo ao gore a a tlogele kwa magaeng a batho ba ba neng ba se kwa gae fa mmaagwe a ne a le mo bodireding jwa ntlo le ntlo.

Go sa le jalo, Diojany, mosetsanyana yo o tswang kwa Guatemala, o ne a ya go nna mmereki wa mo ntlong kwa Cancún, kwa Mexico. Fa a le koo o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a itumelela go nna le metlotlo ya Baebele le bone. Moragonyana, bathapi ba gagwe ba ne ba dira tshwetso ya go fudugela kwa Mexico City mme ba batla gore a fuduge le bone. Diojany o ne a okaoka go fuduga ka gonne seo se ne se tla raya gore ga a tlhole a tla kopana le Basupi.

Bathapi ba gagwe ba ne ba mo tlhomamisetsa jaana: “O se ka wa tshwenyega, Basupi ba teng gongwe le gongwe. Re tla ba batla fa re fitlha teng.” Diojany o ne a dumela go fuduga le bone ka gonne a ne a itumeletse seo. Fa ba setse ba gorogile kwa Mexico City, bathapi ba ga Diojany ba ne ba batla Basupi. Mme go ne go lebega ba sa kgone go ba bona, le fa go ne go na le Basupi ba feta 41 000 le diphuthego di le 730 mo toropong eo.

Go ise go ye kae, Diojany o ne a simolola go kgobega marapo ka gonne o ne a ise a kgone go bona Basupi gore a tswelele ka metlotlo ya gagwe ya Baebele. Letsatsi lengwe, mosadi yo o neng a mo thapile o ne a tla kwa go ene a re: “Ke go tsholetse dikgang tse o sa di lebelelang! Modimo wa gago o arabile dithapelo tsa gago.” O ne a bua jaana fa a ne a mo naya lekwalo: “Basupi ba go tlogeletse lekwalo leno.” E ne e le lekwalo le le tswang kwa go Alejandra.

Diojany o ne a ikopanya le mmaagwe Alejandra le monnawe wa mosetsana Blanca, mme a amogela thuto ya Baebele. Morago ga dibeke, o ne a kopana le Alejandra mme ba itumelela go kopana mmogo jalo. Alejandra o ne a mo kgothaletsa gore a tswelele a tlhoafetse mo thutong ya gagwe ya Baebele gore a tle a gatele pele semoyeng.

Dikgwedi di sekae moragonyana, ka July 2003, Alejandra o ne a tlhokafala, a tlogeletse badumedi mmogo le ene sekao se se molemo sa tumelo le bopelokgale. Kwa phitlhong, batho ba bantsi ba ne ba amega maikutlo fa ba ne ba kopana le Diojany mme ba mo utlwa a re: “Alejandra le lelapa la gabone ba ntlhometse sekao se se molemo thata. Ke ikemiseditse go direla Jehofa le go kolobediwa mo nakong e e sa fediseng pelo. Ke tlhologeletswe go bona Alejandra gape mo Paradaiseng e e tlang!”

Ee, lekwalo e ka tswa e le selo se sennye. Mme le kgona go nna le matswela a a molemo le a a nnelang ruri!