Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Amogela Thuso e e Tswang Kwa go Jehofa?

A o Amogela Thuso e e Tswang Kwa go Jehofa?

A o Amogela Thuso e e Tswang Kwa go Jehofa?

“Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa.”—BAHEBERA 13:6.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re amogele thuso ya ga Jehofa le kaelo ya gagwe mo botshelong jwa rona?

AKANYA fela o tsamaya ka maoto mo tseleng e tshesane mo thabeng. Le fa go ntse jalo, ga o esi ka gonne mokaedi mongwe o ithaopile go tsamaya le wena, mme mokaedi yono o na le bokgoni go gaisa botlhe. Ene o tlwaetse go tsamaya mo tseleng eno go go feta e bile ga a lape ka bonako jaaka wena, mme o tsamaya fela le wena ka bopelotelele. Mokaedi o lemoga gore o etla o ntse o kgopiwa. Mme ka gonne a sa batle o wa, o batla go go tshwara ka seatla gore a go thuse go feta mo lefelong lengwe le le kotsi thata. A o ne o ka gana thuso ya gagwe? Ruri o ne o ka se e gane ka gonne o mo kotsing!

2 Rona Bakeresete, re na le tsela e e thata e re tshwanetseng go tsamaya mo go yone. A mme re tshwanetse go tsamaya mo tseleng e e pitlaganeng eno re le rosi? (Mathaio 7:14) Nnyaa, Baebele e bontsha gore Mokaedi yo o molemo go gaisa botlhe, Jehofa Modimo, o letla batho gore ba tsamaye le ene. (Genesise 5:24; 6:9) A Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe fa ba ntse ba tsamaya? A re: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’” (Isaia 41:13) Jaaka mokaedi yo o mo setshwantshong sa rona, Jehofa ka bopelontle o re naya seatla sa gagwe gore a re thuse e bile o nna tsala mo go ba ba batlang go tsamaya le ene. Ruri ga go ope wa rona yo o ka ratang go gana thuso ya gagwe!

3. Re tla sekaseka dipotso dife mo motlotlong ono?

3 Mo setlhogong se se fetileng, re ne ra tlotla ka ditsela tse nnè tse ka tsone Jehofa a neng a thusa batho ba gagwe mo metlheng ya bogologolo. A o thusa batho ba gagwe ka ditsela tse di tshwanang le tseo gompieno? Mme re ka dira jang go tlhomamisa gore re amogela thuso epe e e ntseng jalo? A re sekasekeng dipotso tseo. Fa re dira jalo, re ka tshepa gore Jehofa ruri ke Mothusi wa rona.—Bahebera 13:6.

Thuso ya Baengele

4. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo gompieno ba ka ikutlwa ba tshepha gore baengele ba ba eme nokeng?

4 A baengele ba thusa batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno? Ee. Gone ke boammaaruri gore gompieno ga ba apare mebele ya senama gore ba namole baobamedi ba boammaaruri mo kotsing. Tota le mo metlheng ya Baebele, baengele ba ne ba thusa sewelo fela ka tsela eo. Bontsi jwa dilo tse ba neng ba di dira ba ne ba di dira ba sa bonale mo matlhong a batho, fela jaaka gompieno. Le fa go ntse jalo, batlhanka ba Modimo ba ba neng ba lemoga gore baengele ba ba ema nokeng ba ne ba fitlhela go itse seo go ba kgothatsa tota. (2 Dikgosi 6:14-17) Re na le mabaka a a utlwalang a gore le rona re ikutlwe jalo.

5. Baebele e bontsha jang gore baengele ba na le seabe mo tirong ya go rera gompieno?

5 Baengele ba ga Jehofa ba kgatlhegela thata tiro nngwe e e kgethegileng e re nang le seabe mo go yone. Tiro eo ke efe? Re ka bona karabo mo go Tshenolo 14:6: “Ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” “Dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” di amana sentle le ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ tse Jesu a neng a bolelela pele gore “di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe” pele tsamaiso eno ya dilo e tla bokhutlong. (Mathaio 24:14) Gone ke boammaaruri, baengele ga ba rere ka tlhamalalo. Jesu o ne a naya batho thomo eno ya botlhokwa. (Mathaio 28:19, 20) A ga go kgothatse go itse gore fa re ntse re dira thomo eo, re thusiwa ke baengele ba ba boitshepo, dibopiwa tse di botlhale le tse di maatla?

6, 7. (a) Ke eng se se bontshang gore baengele ba eme tiro ya rona ya go rera nokeng? (b) Re ka dira jang gore re tlhomamisege gore baengele ba ga Jehofa ba tla re thusa?

6 Go na le bosupi jo bontsi jwa gore baengele ba ema tiro ya rona nokeng. Ka sekai, re tlhola re utlwa gore fa Basupi ba ga Jehofa ba le mo tshimong ba a tle ba kopane le mongwe yo o neng a sa tswa go rapela Modimo gore a mo thuse go bona boammaaruri. Maitemogelo a a ntseng jalo a direga gantsi mo re ka se kang ra re ke kwelano fela. Ka ntlha ya thuso e e ntseng jalo ya baengele, batho ba palo ya bone e ntseng e oketsega ba ithuta go dira jaaka ‘moengele yo o neng a fofa mo gare ga legodimo’ a ne a bolela: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo.”—Tshenolo 14:7.

7 A o eletsa go engwa nokeng ke baengele ba ga Jehofa ba ba maatla? Fa go le jalo, dira sotlhe se o ka se kgonang mo bodireding. (1 Bakorintha 15:58) Fa re ntse re dira ka pelo yotlhe mo thomong eno e e kgethegileng e re e neilweng ke Jehofa, re ka tlhomamisega gore baengele ba gagwe ba tla re thusa.

Go Thusiwa ke Moengele yo Mogolo

8. Jesu o na le maemo afe a a kwa godimo kwa legodimong, mme ke ka ntlha yang fa seo se re kgothatsa?

8 Jehofa gape o re naya mofuta o mongwe wa thuso ya baengele. Tshenolo 10:1 e tlhalosa “moengele yo mongwe yo o nonofileng” yo “sefatlhego sa gagwe se [neng] se ntse jaaka letsatsi.” Go bonala sentle gore moengele yono wa mo ponatshegelong o tshwantshetsa Jesu Keresete yo o galaleditsweng a na le maatla a selegodimo. (Tshenolo 1:13, 16) A tota Jesu ke moengele? Ka tsela nngwe, ee, ka gonne ke moengele yo mogolo. (1 Bathesalonika 4:16) Jesu ke ene a nang le maatla go gaisa barwa ba bangwe botlhe ba ga Jehofa ba semoya. Jehofa o mo tlhomile gore a laole masomosomo otlhe a gagwe a baengele. Ruri moengele yono yo mogolo ke motswedi yo o maatla wa thuso. Ka ditsela dife?

9, 10. (a) Jesu e nna “mothusi” wa rona ka tsela efe fa re leofa? (b) Sekao sa ga Jesu se ka re thusa jang?

9 Moaposetoloi Johane yo o godileng o ne a kwala jaana: “Fa mongwe a leofa, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami.” (1 Johane 2:1) Ke ka ntlha yang fa Johane a ne a re Jesu ke “mothusi” wa rona bogolo jang fa re “leofa”? Ee, re leofa malatsi otlhe, mme boleo bo gogela kwa losong. (Moreri 7:20; Baroma 6:23) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo a bo ntshetsa maleo a rona. Mme o kafa letlhakoreng la ga Rraarona yo o pelotlhomogi gore a re buelele mo go ene. Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka thuso e e ntseng jalo. Re ka e amogela jang? Re tlhoka go ikwatlhaela maleo a rona le go kopa maitshwarelo mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu. Gape re tlhoka go tila go boeletsa maleo a rona.

10 Kwantle ga go re swela, Jesu o re tlhometse sekao se se itekanetseng. (1 Petere 2:21) Sekao sa gagwe se a re kaela, se re thusa go tshela ka tsela e e tla dirang gore re se ka ra wela mo maleong a a masisi mme go na le moo, re itumedise Jehofa Modimo. A ga re itumelele go nna le thuso e e ntseng jalo? Jesu o ne a solofetsa balatedi ba gagwe gore ba ne ba tla newa mothusi yo mongwe gape.

Thuso ya Moya o o Boitshepo

11, 12. Moya wa ga Jehofa ke eng, o maatla go le kana kang, mme ke ka ntlha yang fa re o tlhoka gompieno?

11 Jesu o ne a solofetsa jaana: “Ke tla kopa Rara mme o tla lo naya mothusi yo mongwe gore a nne le lona ka bosaengkae, e leng moya wa boammaaruri, o lefatshe le ka se kang la o amogela.” (Johane 14:16, 17) ‘Moya ono wa boammaaruri,’ kgotsa moya o o boitshepo, ga se motho mme ke maatla—maatla a ga Jehofa a a dirang. Ke maatla a a ka se kang a lekanngwa le sepe. Ke one maatla a Jehofa a ileng a a dirisa go bopa lobopo, go dira dikgakgamatso tse dikgolo le go senolela batho thato ya gagwe ka diponatshegelo. E re ka Jehofa a sa dirise moya wa gagwe ka ditsela tseo gompieno, a seo se raya gore ga re o tlhoke?

12 Ga go a nna jalo le eseng! Mo metlheng eno ya “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,” re tlhoka moya wa ga Jehofa go feta le fa e le leng pele. (2 Timotheo 3:1) O re nonotsha gore re itshoke fa re lekwa. O re thusa go nna le dinonofo tse di molemo tse di re atamalanyang le Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya. (Bagalatia 5:22, 23) Mme re ka solegelwa molemo jang ke thuso eno e e molemolemo e e tswang kwa go Jehofa?

13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o naya batho ba gagwe moya o o boitshepo ka go rata? (b) Re ka bontsha ka ditiro tsa mofuta ofe gore tota ga re amogele mpho ya moya o o boitshepo?

13 Sa ntlha, re tlhoka go rapelela moya o o boitshepo. Jesu o ne a re: “Fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:13) Ee, Jehofa ke Rre yo o molemo go feta ope yo re ka akanyang ka ene. Fa re mo kopa moya o o boitshepo ka bopeloephepa re na le tumelo, ga go na jaaka a ka gana go re fa mpho eno. Ka jalo, potso ke gore, A re a o kopa? Re tshwanetse go o kopa letsatsi le letsatsi fa re rapela.

14 Sa bobedi, re bontsha gore re amogela mpho eo ka go dira tumalanong le yone. Re ka tshwantsha jaana: A re re Mokeresete mongwe o na le bothata jwa go lebelela ditshwantsho tse di hepisang. O rapeletse moya o o boitshepo gore o mo thuse go lwantsha mokgwa ono o o leswe. O kopile thuso mo bagolwaneng ba Bakeresete, mme ba mo gakolotse gore a tseye kgato a ititeile sehuba gore a se ka a bo a atamela ditshwantsho tse di makgapha jalo. (Mathaio 5:29) Go tweng fa a tlhokomologa kgakololo eno mme a bo a tswelela pele a itsenya mo thaelong? A o dira tumalanong le thapelo ya gagwe fa a ne a rapelela gore moya o o boitshepo o mo thuse? Kgotsa o itsenya mo kotsing ya gore a hutsafatse moya wa Modimo mme a se ka a amogela mpho eno? (Baefeso 4:30) Ee ruri, rotlhe re tlhoka go dira sotlhe se re ka se kgonang go tlhomamisa gore Jehofa o tswelela pele a re thusa ka tsela eno e e molemo.

Thuso ya Lefoko la Modimo

15. Re ka bontsha jang gore ga re tseye Baebele motlhofo?

15 Baebele e ntse e thusa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ka makgolokgolo a dingwaga. Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa go tsaya Dikwalo tse di Boitshepo motlhofo, re tshwanetse go nna re gopotse kafa di ka re thusang thata ka teng. Go amogela thuso eo go tlhoka boiteko. Re tlhoka go dira gore go bala Baebele go nne mo thulaganyong ya rona ya ka metlha.

16, 17. (a) Pesalema 1:2, 3 e tlhalosa jang melemo ya go bala molao wa Modimo? (b) Pesalema 1:3 e bontsha jang gore re tshwanetse go dira ka natla?

16 Pesalema 1:2, 3 e bolela jaana ka motho yo o itumedisang Modimo: “O natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. Mme ruri o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.” A o bona ntlha ya botlhokwa ya temana eo? Go motlhofo gore o ka bala mafoko ao o bo o konela ka gore a tlhalosa fela lefelo le lentle le le ritibetseng—setlhare sa moriti se gola fa thoko ga noka. A bo go ne go ka nna monate jang go rapama mo lefelong le le ntseng jalo tshokologo! Mme pesalema eno ga e re kgothaletse go akanya ka go ikhutsa. E tlhalosa sengwe se sele, se se tlhokang gore motho a dire ka natla. Ke eng fa re rialo?

17 Ela tlhoko gore setlhare se se umakwang fano ga se setlhare fela sa moriti se se ikgolelang fa thoko ga noka. Ke setlhare sa maungo, se se “jetsweng” ka boomo mo lefelong le le tlhophilweng sentle—“fa melatswaneng ya metsi.” Setlhare se le sengwe se ka gola jang gaufi le melatswana, e seng o le mongwe fela? Fa motho a na le tshimo ya ditlhare tsa maungo, a ka nna a epa mesele ya metsi a a nosetsang gore metsi a tle gaufi le medi ya ditlhare tsa gagwe tsa botlhokwa. Ehe, jaanong go a utlwala! Fa re atlega jaaka setlhare seo mo dilong tsa semoya, e a bo e le ka gonne go berekilwe tota mo go rona. Re mo phuthegong e e tlisang metsi a a itshekileng a boammaaruri mo go rona ka tlhamalalo, mme re tshwanetse go tsaya kgato. Re tshwanetse go ipaya mo seemong se mo go sone re ka kgonang go solegelwa molemo ke metsi ano a botlhokwa, re tlhatlhanya le go dira dipatlisiso kafa go tlhokegang ka gone gore re tsenye dithuto tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo mo mogopolong le mo pelong ya rona. Ka tsela eo, le rona re tla ungwa maungo a a molemo.

18. Re tlhoka go dira eng gore re bone dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tsa rona?

18 Baebele ga e re solegele molemo fa re e beile fela re sa e bule. Le gone ga se pheko—jaaka e kete re ka tswala matlho, ra baya Baebele fa pele ga rona gore e bulege gongwe le gongwe fela, re bo re solofela go bona karabo ya potso ya rona mo tsebeng eo e e bulegileng. Fa re dira ditshwetso, re tshwanetse go epa gore re bone “kitso ya Modimo” jaaka e kete re epa letlotlo le le fitlhilweng. (Diane 2:1-5) Gantsi re tlhoka go dira dipatlisiso ka tlhoafalo le ka kelotlhoko gore re bone kgakololo ya Dikwalo e e buang ka dilo tse re di tlhokang. Re na le dikgatiso di le dintsi tse di theilweng mo Baebeleng tse di ka re thusang fa re dira dipatlisiso. Fa re ntse re di dirisa go epa ka tlhoafalo re batla botlhale jo bo tshwanang le maje a a tlhokegang mo Lefokong la Modimo, ruri re a bo re dirisa thuso ya ga Jehofa.

Thuso ya Badumedi ka Rona

19. (a) Ke ka ntlha yang fa ditlhogo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ka lejwa e le thuso e e tlang ka badumedi ka rona? (b) O kile wa thusiwa jang ke setlhogo sengwe mo go nngwe ya dimakasine tsa rona?

19 Batlhanka ba ga Jehofa ga ba bolo go nna ba thusana. A Jehofa o fetogile mo ntlheng eno? Le e seng. Kwantle ga pelaelo rotlhe re ka akanya ka makgetlho a mo go one badumedi ka rona ba neng ba re naya yone thuso e re e tlhokang tota ka nako e e tshwanetseng. Ka sekai, a o gakologelwa setlhogo sengwe sa Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang! se se neng sa go gomotsa fa o ne o tlhoka kgomotso kgotsa sa go thusa go rarabolola bothata bongwe kgotsa go lebana le seemo fa tumelo ya gago e ne e lekwa? Jehofa o go tliseditse thuso eo ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo o tlhomilweng go aba ‘dijo ka nako e e tshwanetseng.’—Mathaio 24:45-47.

20. Bagolwane ba Bakeresete ke “dimpho tse e leng banna” ka ditsela dife?

20 Le fa go ntse jalo, gantsi thuso e re e newang ke badumedi ka rona e tla ka tlhamalalo. Mogolwane wa Mokeresete o naya puo e e re amang pelo, kgotsa o dira loeto lwa bodisa lo lo re thusang go lebana le seemo sengwe se se bokete, kgotsa o re naya kgakololo ka bopelontle e e re thusang go lemoga bokoa bongwe le go bo fenya. Mokeresete mongwe o ne a kwala jaana a leboga thuso e a neng a e newa ke mogolwane: “Fa re le mo tshimong, o ne a ipha nako ya go mphata maikutlo. E ne e rile bosigo jwa pele ga foo ka rapela Jehofa ke mo kopa gore a nneye mongwe yo nka buang le ene. Letsatsi le le latelang fela, mokaulengwe yono o ne a bua le nna a le pelotlhomogi. O ne a nthusa go bona kafa Jehofa a neng a ntse a nthusa ka teng dingwaga tse tsotlhe. Ke leboga Jehofa go bo a ile a romela mogolwane yono kwa go nna.” Bagolwane ba Bakeresete ba bontsha ka ditsela tseno tsotlhe gore ke “dimpho tse e leng banna,” ba re ba neilweng ke Jehofa ka Jesu Keresete gore ba re thuse go itshoka mo tseleng e e isang botshelong.—Baefeso 4:8.

21, 22. (a) Go diragalang fa batho ba ba mo phuthegong ba dirisa kgakololo e e mo go Bafilipi 2:4? (b) Ke ka ntlha yang fa le ditiro tse dinnye tsa bopelontle di le botlhokwa?

21 Kwantle ga bagolwane, Mokeresete mongwe le mongwe yo o ikanyegang o batla go dirisa taelo e e tlhotlheleditsweng ya go “tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang [ene] fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” (Bafilipi 2:4) Fa batho ba ba mo phuthegong ya Bokeresete ba dirisa kgakololo eo, go nna le ditiro tse di molemo tsa bopelontle. Ka sekai, lelapa lengwe le ne la welwa ka tshoganetso ke masetlapelo a a latelanang. Rre o ne a tsamaile le morwadie yo mmotlana kwa lebenkeleng. Fa ba le mo tseleng ba ya gae, ba ne ba nna le kotsi ya koloi. Mosetsanyana o ne a tlhokafala; rraagwe a gobala thata. Fa a tswa mo sepateleng, kwa tshimologong o ne a gobetse thata mo a neng a sa kgone go itirela sepe. Mosadi wa gagwe ene o ne a tlhakatlhakane maikutlo mo a neng a sa kgone go mo tlhokomela a le esi. Ka jalo banyalani bangwe mo phuthegong ba ne ba tsaya banyalani bano ba ba hutsafetseng thata ba nna le bone mme ba ba tlhokomela dibeke di le mmalwa.

22 Gone ke boammaaruri gore ga se ditiro tsotlhe tsa bopelonomi tse di diregang fa go na le masetlapelo a a ntseng jalo e bile di tlhoka gore motho a itime dilo dingwe. Ka dinako tse dingwe thuso e re e amogelang, ga se ya selekanyo se segolo go le kalo. Mme le fa bopelonomi bo ka dirwa ka selekanyo se sennye go le kae, re a bo anaanela, a ga go jalo? A o ka akanya ka dinako tse ka tsone mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a ileng a go bolelela sengwe kgotsa a go direla sengwe ka bopelontle mme wa fitlhela gore e ne e le yone thuso e o e tlhokang tota? Gantsi Jehofa o re tlhokomela ka ditsela tse di ntseng jalo.—Diane 17:17; 18:24.

23. Jehofa o ikutlwa jang fa re leka go thusana?

23 A o ka rata gore Jehofa a go dirise go thusa ba bangwe? O ka nna le tshiamelo eo. E bile tota, Jehofa o a anaanela fa o dira maiteko a go dira jalo. Lefoko la gagwe la re: “Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.” (Diane 19:17) Re itumela thata fa re dira ka natla go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (Ditiro 20:35) Batho ba ba itlhaolang mo go ba bangwe ka boomo, ba ka se bone boitumelo jwa go naya ba bangwe thuso e e ntseng jalo le gone ba ka se bone kgothatso e motho a nnang le yone fa a neilwe thuso eno. (Diane 18:1) Ka gone, a re kopaneng mmogo ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete gore re kgothatsane.—Bahebera 10:24, 25.

24. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go ikutlwa re latlhegetswe ka gonne re sa bona dikgakgamatso tse dikgolo tsa ga Jehofa tsa nako e e fetileng?

24 A ga go itumedise go akanya ka ditsela tse Jehofa a re thusang ka tsone? Le fa re sa tshele ka nako e Jehofa a dirang dikgakgamatso tse dikgolo ka yone go diragatsa maikaelelo a gagwe, ga re a tshwanela go ikutlwa re latlhegetswe. Se tota se leng botlhokwa ke gore Jehofa o re naya thuso yotlhe e re e tlhokang gore re nne re ikanyega. Mme fa re itshoka mmogo mo tumelong, re tla kgona go bona ditiro tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang le tse di galalelang go feta tsotlhe tse di kileng tsa direga mo hisitoring! A re ititeyeng sehuba gore re tla amogela re bo re dirise ka botlalo thuso e e lorato ya ga Jehofa gore re kgone go bua mafoko ano a temana ya rona ya ngwaga wa 2005: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.”—Pesalema 121:2.

O Akanya Jang?

Gompieno Jehofa o re naya jang thuso e re e tlhokang a dirisa—

• baengele?

• moya o o boitshepo?

• Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng?

• badumedi ka rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go a kgothatsa go itse gore baengele ba eme tiro ya go rera nokeng

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jehofa a ka dirisa mongwe wa badumedi ka rona go re naya kgomotso e re e tlhokang