Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kwa Kobamelo ya Boammaaruri le ya Boheitane di Ileng Tsa Thulana Gone

Kwa Kobamelo ya Boammaaruri le ya Boheitane di Ileng Tsa Thulana Gone

Kwa Kobamelo ya Boammaaruri le ya Boheitane di Ileng Tsa Thulana Gone

MATLOTLA a Efeso ya bogologolo, a a mo lotshitshing lo lo kafa bophirima jwa Turkey, ga a bolo go nna lefelo la go dira dipatlisiso tse di tseneletseng tsa thutamarope go feta lekgolo la dingwaga. Dikago di le mmalwa di ile tsa agiwa sesha mme baitsesaense ba ile ba ithuta ka dilo tse dintsi tse di neng tsa ribololwa ba bo ba di tlhalosa. Ka ntlha ya seo, Efeso ke lefelo le le ngokang bajanala ba le bantsi thata kwa Turkey.

Ke eng se se ileng sa ribololwa kwa Efeso? Toropokgolo eo e ntle ya bogologolo e ka tlhalosiwa jang gompieno? Go etela matlotla a kwa Efeso le Musiamo wa Efeso kwa Vienna, Austria, go tla re thusa go tlhaloganya kafa kobamelo ya boammaaruri le bodumedi jwa boheitane di thulaneng ka gone kwa Efeso. Sa ntlha, a re sekasekeng dintlha dingwe ka Efeso.

Lefelo le Bontsi bo Neng bo le Tswela Pelo

Mo lekgolong la bo11 la dingwaga B.C.E, Eurasia e ne e tletse ka dikhuduego le bofaladi. Ke yone nako eo Bagerika ba ba neng ba agile kwa Ionia ba neng ba simolola go dira lotshitshi lo lo kafa bophirima lwa Asia Minor gore e nne kolone ya bone. Masetlelara ao a pele a ne a kopana le batho ba ba neng ba itsege ka gore ba obamela modimo wa sesadi, modimo o kgabagare o neng o tla itsege e le Aretemise wa Efeso.

Mo bogareng jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E., bakgarakgatshegi ba Ba-Cimmeria ba ne ba tla go tswa kwa Lewatleng le Lentsho kwa bokone go thopa Asia Minor. Moragonyana, mo e ka nnang ka 550 B.C.E., go ne ga busa Kgosi Croesus wa Lydia, mmusi yo o maatla yo o neng a tumile ka khumo ya gagwe. Fa Mmusomogolo wa Peresia o gola, Kgosi Kurose o ne a gapa metse ya Ionia, go akaretsa le Efeso.

Ka 334 B.C.E., Alexander wa Makedonia o ne a simolola letsholo la gagwe kgatlhanong le Peresia, ka jalo a nna mmusi yo mosha wa Efeso. Morago ga loso lo lo sa lebelelwang lwa ga Alexander ka 323 B.C.E., bagenerale ba gagwe ba ne ba simolola go lwa, ba batla go busa mo Efeso. Ka 133 B.C.E., Attalus III, kgosi e e se nang bana ya Peregamo, o ne a neela Baroma puso ya Efeso, a e dira karolo ya porofense ya Roma kwa Asia.

Kobamelo ya Boammaaruri e Thulana le ya Boheitane

Fa moaposetoloi Paulo a ne a fitlha kwa Efeso fa a tloga a wetsa loeto lwa gagwe la bobedi la borongwa ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., o ne a fitlhela motse o o nang le baagi ba ba ka nnang 300 000. (Ditiro 18:19-21) Mo loetong lwa gagwe la boraro la borongwa, Paulo o ne a boela kwa Efeso mme o ne a bua ka bopelokgale mo sinagogeng malebana le Bogosi jwa Modimo. Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di le tharo, Bajuda ba ne ba ganetsa thata, mme Paulo o ne a swetsa gore a neele dipuo tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi kwa holong ya sekolo sa ga Tirano. (Ditiro 19:1, 8, 9) O ne a rera dingwaga tse pedi, a dira ditiro tse di maatla tse di sa tlwaelesegang, tse di tshwanang le go fodisa ka kgakgamatso le go leleka madimona. (Ditiro 19:10-17) Ga go gakgamatse go bo ba le bantsi ba ne ba nna badumedi! Ee, lefoko la ga Jehofa le ne la gola, mo e leng gore ba le bantsi ba pele ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba ja dibuka tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo ka molelo.—Ditiro 19:19, 20.

Go atlega ga ga Paulo mo go rereng ga go a ka ga tlhotlheletsa ba le bantsi go tlogela go obamela modimo wa sesadi e bong Aretemise fela mme gape go ne ga galefisa ba ba rotloetsang kobamelo eo ya seheitane. Go dirwa ga ditempelana tsa selefera tsa ga Aretemise e ne e le kgwebo e e tsenyang madi a le mantsi. E re ka kgwebo ya bone e ne e tshosediwa, Dimeterio mongwe o ne a tlhotlheletsa bathudi ba selefera gore ba tsuologe.—Ditiro 19:23-32.

Kgang eno e ile ya ya magoletsa fa boidiidi bo ne bo goa ka diura di le pedi: “Go mogolo Aretemise wa Baefeso!” (Ditiro 19:34) Fa pheretlhego e sena go kokobela, Paulo o ne a kgothatsa Bakeresetekaene gape mme a tswelela ka loeto lwa gagwe. (Ditiro 20:1) Le fa go ntse jalo, loeto lwa gagwe go ya kwa Makedonia, ga lo a ka lwa emisa kobamelo e e neng e se na seitsetsepelo ya ga Aretemise.

Tempele ya ga Aretemise e a Reketla

Kobamelo ya ga Aretemise e ne e nitame tota kwa Efeso. Pele ga nako ya ga Kgosi Croesus, modimo wa sesadi e bong Cybele e ne e le ene modimo o o neng o obamelwa ke batho ba le bantsi mo lefelong leo. Ka go bolela gore Cybele o ne a amana le medimo ya Segerika, Croesus o ne a solofetse go tlhoma modimo o o obamelwang o o amogelwang ke Bagerika mmogo le batho ba e seng Bagerika. Ka thuso ya gagwe, mo bogareng jwa lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E., tiro e ne ya simolola mo tempeleng ya motlhatlhami wa ga Cybele, e bong Aretemise.

Tempele eno e ne e le kago e kgolo thata mo dikagong tsotlhe tse di agilweng mo Gerika. Ga go ise go direge pele gore go dirisiwe dikarolo tse dikgolo tsa mmabole go aga kago ya mofuta ono le bogolo jono. Tempele eo e ne ya senngwa ka molelo ka 356 B.C.E. Tempele e ntlentle e e neng ya agiwa gape e ne ya nna selo sa botlhokwa se se neng sa tlhola ditiro le se se ngokang baeti ba bodumedi thata. Tempele e e neng e agilwe sesha e ne e agilwe mo lefelong le le bophara jwa dimetara tse di ka nnang 73 le boleele jwa dimetara di le 127, mme yone e le bophara jwa dimetara tse di ka nnang 50 le boleele jwa dimetara di le 105. E ne e tsewa e le nngwe ya dikgakgamatso tse supa tsa lefatshe. Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o neng a itumelela go agiwa ga tempele eno. Mofilosofi Heracleitus wa kwa Efeso o ne a tshwantsha lefifi le le mo sebesong le ditiro tse di maswe, mme o ne a leba tsela e batho ba neng ba itshwara ka yone kwa tempeleng e le maswe go gaisa e dibatana di itshwarang ka yone tota. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ne ba tsaya lefelo le le boitshepo la ga Aretemise kwa Efeso le se kitla le bo le wa. Dilo ga di a ka tsa nna jalo. Buka ya Ephesos—Der neue Führer (Buka e Ntšha E e Re Kaelang ka Efeso) ya re: “Ka lekgolo la bobedi la dingwaga, go obamelwa ga ga Aretemise le ga medingwana e mengwe e e neng e le gone ya Bagerika go ne go fokotsegile.”

Mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., Efeso e ne ya tshikinngwa ke thoromo e kgolo ya lefatshe. Mo godimo ga moo, dikhumo tse dikgolo tsa tempele ya ga Aretemise di ne tsa gapiwa ke Ba-Goth ba ba tsamayang mo lewatleng go tswa kwa Lewatleng le Lentsho, ba kwa morago ba neng ba fisa tempele ka molelo. Buka eno e e sa tswang go umakwa ya re: “E re ka Aretemise a ne a fenngwa mme a palelwa ke go sireletsa lefelo la gagwe, o ne a ka kgona jang go tlhola a sireletsa motsemogolo?”—Pesalema 135:15-18.

La bofelo, gaufi le bofelo jwa lekgolo la bonè la dingwaga C.E., Mmusimogolo Theodosius I o ne a bolela gore “Bokeresete” ke bodumedi jwa Puso. Go ise go ye kae matlapa a e neng e le a tempele e ntle ya ga Aretemise a ne a nna kwari ya dilo tsa go aga. Go obamelwa ga ga Aretemise go ne ga latlhegelwa ke bokao. Motlhokomedi mongwe yo o sa umakwang ka leina o ne a akgela jaana malebana le leboko le go neng go bokwa tempele mo go lone gore ke nngwe ya dikago tse dintle tsa lefatshe la bogologolo: “Gone jaanong ke lefelo le le kgakgabetseng le le le senyegileng fela thata.”

Go Tswa go Aretemise Go ya Go “Mmaagwe Modimo”

Paulo o ne a tlhagisa banna ba bagolwane ba phuthego ya kwa Efeso gore fa a sena go tsamaya “diphiri tse di gatelelang” di tla nna gone mme go tla tsoga banna mo gare ga bone mme ba “tla bua dilo tse di sokameng.” (Ditiro 20:17, 29, 30) Seo ke sone se se neng sa direga. Ditiragalo di bontsha gore kobamelo ya maaka e ne ya gola kwa Efeso mme e le Bokeresete jwa botlhanogi.

Ka 431 C.E., Efeso e ne e le lefelo le go neng ga tshwarelwa mo go lone kopano e kgolo ya boraro ya setlhopha sa dikereke, ko go neng go tlotliwa teng gore tota Keresete ke motho yo o ntseng jang. Ephesos—Der neue Führer e tlhalosa jaana: “Baalekesenderia, ba ba neng ba dumela gore Keresete o sa le a ntse a le Modimo, mme ga a ise a ke a nne sepe se sele, . . . ba ne ba fenya gotlhelele mo puisanong eno.” Mme ga go a felela fela foo. “Tshwetso e e neng ya fitlhelelwa kwa Efeso, e mo go yone Maria a neng a tlhatlosiwa maemo, go tswa go go nneng mmaagwe Keresete go ya go go nneng mmaagwe Modimo, ga ya felela fela ka gore go simololwe go obamelwe Maria mme gape e ne ya dira gore go nne le kgotlhang ya ntlha e e boitshegang mo kerekeng. . . . Kgotlhang eo e sa ntse e tsweletse go fitlha mo motlheng ono.”

Ka gone, go obamelwa ga ga Cybele le Aretemise go ne ga emisediwa ke go obamelwa ga Maria “yo o tshotseng Modimo” kgotsa “mmaagwe modimo.” Fela jaaka buka eno e tlhalosa, “Kobamelo ya ga Maria kwa Efeso . . . e sa ntse e le teng le gompieno, mme tsela e le yosi fela ya go tlhalosa kobamelo eno ke ka go e golaganya le kobamelo ya ga Aretemise.”

Go Lebetswe ka Kobamelo Eno

Fa go obamelwa ga ga Aretemise go sena go fokotsega, Efeso e ne ya wa. Dithoromo tsa lefatshe, malaria le go tlala ga mmu ka iketlo mo boemakepeng go ne ga dira gore botshelo bo nne boima le go feta mo motsemogolong ono.

Ka lekgolo la bosupa la dingwaga C.E., Boiselamo bo ne bo setse bo simolotse go gola ka tsela e e boitshegang. Boiselamo ga bo a felela fela ka go kopanya ditso tsa Maarabia gore di amogele tumelo ya jone. Masole a Arabia a ne a gapa Efeso ka lekgolo la bosupa le la borobedi la dingwaga C.E. Efeso e ne ya fela fa kgabagare boemakepe bo ne bo tlala ka mmu mme motsemogolo o nna mokoa wa marope fela. Mo toropong eo e e kileng ya bo e le ntle, go ne ga sala fela lefelo le lennye le le bidiwang Aya Soluk (le gone jaanong e leng Selçuk).

Go Tsamaya fa Gare ga Marope a Efeso

Motho a ka etela marope a Efeso go bona kafa e neng e le ntle ka gone. Fa o simolola loeto lwa gago kwa kgorong e e kwa godimo, o tla bona ka bonako fela bontle jo bogolo jwa Seterata sa Curetes go ela kwa Laeboraring ya Celsus. Kafa letlhakoreng la moja la seterata, o tla bona Odeum—e leng lefelo la bobogelo le lennye le le agilweng ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Le kgona go tsaya batho ba le 1 500, go bonala le ne le dirisediwa go tlosa batho bodutu e seng fela go nna lefelo le go tshwarelwang dipokano tsa khansele mo go lone. Mo matlhakoreng a mabedi a Seterata sa Curetes go na le dikago, tse di tshwanang le lefelo la bokopanelo, ko dikgang tsa Puso di neng di tlotliwa gone, tempele ya ga Hadrian, didiba tsa metsi tse di dirisiwang ke batho botlhe le matlo a a fa thoko ga thaba—mo go neng go nna batho ba ba tumileng ba Baefeso.

Laeborari ya Celsus e e agilweng ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., e tla go kgatlha ka bontle jwa yone. Memeno ya yone e mentsi e ne e bewa mo teng ga mapharo a lebota mo lefelong le legolo le go neng go balelwa mo go lone. Difikantswe tse nnè tse di kafa pele ga moago di bontsha dinonofo tse di lebeletsweng mo batlhankeng ba ba kwa godimo ba puso ya Roma ba ba tshwanang le Celsus, e leng: Sophia (botlhale), Arete (boitsheko), Ennoia (boineelo), le Episteme (kitso kgotsa tlhaloganyo). Difikantswe tsa ntlhantlha di ka bonwa kwa Musiamong wa Efeso kwa Vienna. Go bapa le kgotla e e kafa pele ya laeborari, kgoro e kgolo e go isa kwa mmarakeng wa Tetragonos. Mo patlelong eno e kgolo, e e neng e dikaganyeditswe ke ditselana tsa go iphokisa phefo tse di nang le marulelo, batho ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa kgwebo tsa ka metlha.

Go tswa foo, o fitlha mo Tseleng ya Mmabole, e e go isang kwa bobogelong jo bogolo. Fa lefelo leo la bobogelo le sena go atolosiwa ka nako ya puso ya Roma, le ne le nna babogedi ba le 25 000. Maribelo a lone a ne a kgabisitswe ka dipilara, maje a a betlilweng le difikantswe. O kgona go bona khuduego e kgolo e mothudi wa selefera e bong Dimeterio a neng a e baka mo boidiiding jo bo neng bo kokoane koo.

Seterata se se fetang ka bobogelo jo bogolo go ya kwa boemakepeng jwa motsemogolo se sentle. Se boleele jwa dimetara tse di ka nnang 500 le bophara jwa dimetara di le 11, se kgabisitswe ka dipilara mo matlhakoreng otlhe. Jiminase e e mo lefelong la bobogelo le e e mo boemakepe, tse ka bobedi di neng di dirisediwa go ikatisa mo mmeleng, le tsone di ne di agilwe mo tseleng eno. Kgoro e kgolo e e fa boemakepeng e e kwa bofelelong jwa seterata e ne e le yone e e go isang kwa mafelong a mangwe a lefatshe, mme fano loeto lwa rona lo lokhutshwane go ralala marope a mangwe a a kgatlhang a lefatshe lo fitlha mo bokhutlong. Musiamo wa Efeso kwa Vienna o na le setshwantsho sa logong sa toropokgolo eno ya maloba mmogo le ditshwantsho tse dingwe di le mmalwa.

Fa o etela musiamo mme o bona sefikantswe sa Aretemise wa Efeso, motho a ka akanya ka boitshoko jwa Bakeresete ba pele kwa Efeso. Ba ne ba tshwanetse go tshela mo motseng o o neng o tletse ka tirisabadimo e bile o foufaditswe ke letlhoo la bodumedi. Molaetsa wa Bogosi o ne wa ganediwa ke baobamedi ba ga Aretemise. (Ditiro 19:19; Baefeso 6:12; Tshenolo 2:1-3) Mo lefelong leo le le se nang lorato, kobamelo ya boammaaruri e ne ya kgona go itsetsepela gone. Kobamelo ya Modimo wa boammaaruri le yone e tla nna e ntse e atlega fa bodumedi jwa maaka jwa motlha wa rona bo fela, jaaka go ile ga fela ka go obamela Aretemise mo nakong ya bogologolo.— Tshenolo 18:4-8.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 26]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MAKEDONIA

Lewatle le Lentsho

ASIA MINOR

Efeso

Lewatle la Mediterranean

EGEPETO

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Masalela a tempele ya ga Aretemise

[Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

1. Laeborari ya ga Celsus

2. Fa o leba Arete o le fa gaufi

3. Tsela ya Mmabole, e e yang kwa lefelong le legolo la bobogelo