Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Jah o a Mpoloka’

‘Jah o a Mpoloka’

“Re Tshwanetse go Utlwa Modimo e le Mmusi Bogolo go Batho”

‘Jah o a Mpoloka’

BATHO ba ga Jehofa ba ne ba tshwanetse go itlhophela. A ba ne ba tla reetsa mmusi yo o boikepo wa Egepeto ya bogologolo? Kana a ba ne ba tla utlwa Jehofa Modimo mme ba tswe mo lefelong leo la bokgoba ba ye go nna kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng?

E re ka Faro yo o tlhogoethata wa Egepeto a ne a gana go golola batho ba ga Jehofa, Modimo o ne a romela Dipetso di le Lesome mo nageng ya gagwe. Abo seno se ne se supa nonofo ya gagwe jang ne! Go ne go se sepe se medingwana ya Egepeto e ka se dirang go thibela dipetso tseo.

Fa Faro a ne a bolelelwa gore a golole batho ba Modimo o ne a bua jaana ka go sotla: “Jehofa ke mang, gore nka utlwa lentswe la gagwe mme ka lesa Iseraele a tsamaya? Ga ke itse Jehofa ka gope e bile, mo godimo ga moo, ga ke tle go lesa Iseraele a tsamaya.” (Ekesodo 5:2) Ka ntlha ya seo, Egepeto e ne ya welwa ke dipetso tseno: (1) metsi a fetoga madi, (2) digwagwa, (3) montsana, (4) diboba, (5) bolwetse jwa leroborobo mo leruong, (6) ditlhagala tse di nang le marophi mo bathong le mo diphologolong, (7) sefako, (8) ditsie, (9) lefifi, le (10) go bolawa ga maitibolo a Egepeto go akaretsa le morwa Faro. Kgabagare kgosi e ne ya letla Bahebera bano gore ba tsamaye. O ne a bo a ba emelela gore ba tsamaye!—Ekesodo 12:31, 32.

Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le tharo—banna ba Baiseraele, basadi le bana mmogo le batho ba le bantsi ba ba kopakopaneng le bone—ba ne ba fuduga ka bonako. (Ekesodo 12:37, 38) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, Faro o ne a ba latela ka mophato wa gagwe o o nonofileng. Go ne go lebega Baiseraele ba gaeletswe fa gare ga Lewatle le Lehibidu, sekaka se se kotsi le masole a ga Faro. Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a raya batho bano a re “Lo se ka lwa boifa. Emang lo nitame mme lo bone poloko ya ga Jehofa.”—Ekesodo 14:8-14.

Jehofa o ne a kgaoganya metsi a Lewatle le Lehibidu ka kgakgamatso mme Baiseraele ba kgona go falola. Mme e ne ya re fa Baegepeto ba ba latela, Modimo a dira gore metsi ano a kopane gape. “[Jehofa a latlhela] dikara tsa ga Faro le mephato ya gagwe ya sesole mo lewatleng.” (Ekesodo 14:26-28; 15:4) Phelelo ya ga Faro yo o ikgogomosang e ne ya nna masetlapelo ka gonne a ne a gana go tlotla Jehofa.

Jehofa o ne a itshupa kwa Lewatleng le Lehibidu gore ke ene “motho yo o nonofileng wa ntwa.” (Ekesodo 15:3) Pego eno e e tlhotlheleditsweng ya re: “Gape Iseraele ya bona seatla se segolo se Jehofa a neng a se dirisa kgatlhanong le Baegepeto; mme batho ba simolola go boifa Jehofa le go dumela mo go Jehofa.” (Ekesodo 14:31; Pesalema 136:10-15) Ba ne ba leboga Modimo go tswa pelong fa banna ba opela pina ya phenyo mmogo le Moshe fa kgaitsadie e bong Miriame ene a ne a eteletse basadi ba bangwe pele ba bina. *

Jehofa e sa Ntse e le Mogolodi

Batlhanka ba ga Jehofa ba mo motlheng wa rona ba ka ithuta thuto e e nonotshang tumelo mo tseleng e Modimo a neng a golola batho ba gagwe ka yone. Thuto nngwe e ba ka ithutang yone ke gore Jehofa o na le maatla a a ka se kang a lekanngwa mme o kgona go ema batho ba gagwe nokeng ka botlalo. Mo pineng ya bone ya phenyo, Moshe le Baiseraele ba ne ba opela jaana ka boitumelo jo bogolo: “Seatla sa gago sa moja, wena Jehofa, se itshupa se le maatla ka bokgoni, seatla sa gago sa moja, wena Jehofa, se ka tšhwetlakanya mmaba.”—Ekesodo 15:6.

Thuto e nngwe ke gore Mothatayotlhe o eletsa thata go sireletsa batho ba gagwe. Baiseraele ba ne ba opela jaana: “Jah ke nonofo ya me le thata ya me, ka gonne o a mpoloka. Yono ke Modimo wa me, mme ke tla mmaka.” Thuto e nngwe gape e re ithutang yone ke gore ga go motho ope yo o ka atlegang fa a ganetsa thato ya ga Jehofa Modimo. Batho ba Modimo a ba golotseng ba ne ba opela jaana mo pineng ya bone ya phenyo: “Ke mang yo o tshwanang le wena mo medimong, wena Jehofa? Ke mang yo o tshwanang le wena, yo o itshupang o le thata mo boitshepong? Wena yo o tshwanetseng go boifiwa ka dipina tsa pako, Wena yo o dirang dikgakgamatso.”—Ekesodo 15:2, 11.

Fela jaaka Faro wa Egepeto ya bogologolo, babusi ba gompieno ba bogisa batho ba ga Jehofa. Baeteledipele ba ba ikgogomosang ba ka nna ba ‘bua mafoko kgatlhanong le Mogodimodimo, mme ba tshwenya baitshepi ba Mogodimodimo ka metlha.’ (Daniele 7:25; 11:36) Mme Jehofa o tlhomamisetsa batho ba gagwe jaana: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega, mme loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le wena mo katlholong o tla lo bona molato. Seno ke se se ruilweng boswa sa batlhanka ba ga Jehofa.”—Isaia 54:17.

Batho ba ba ganetsang Modimo ba tla palelwa fela jaaka Faro le masole a gagwe ba ne ba palelwa. Ditiro tsa ga Jehofa tsa go golola batho ba gagwe tse di jaaka Khudugo go tswa kwa Egepeto, di supa gore re tla bo re dira sentle fa re latela molaomotheo o o neng wa buiwa ke baaposetoloi ba ga Jesu fa ba ne ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Bona 2006 Calendar of Jehovah’s Witnesses, January/February.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

A O NE O ITSE?

• Jehofa o ne a dira gore phefo e e maatla e foke bosigo jotlhe gore Baiseraele ba kgone go kgabaganya Lewatle le Lehibidu mo lefatsheng le le omileng.—Ekesodo 14:21, 22.

• Go ne go tla tlhokega tsela e e bophara jwa dikilometara di le 1.5 kana go feta gore Baiseraele ba le dimilione milione ba kgone go kgabaganya Lewatle le Lehibidu ka nako eo e khutshwane.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Medingwana ya maaka ya kwa Egepeto ga ya ka ya kgona go emisa Dipetso di le Lesome tse di tswang kwa go Jehofa

[Motswedi wa Setshwantsho]

All three figurines: Photograph taken by courtesy of the British Museum