Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diphologolo di Galaletsa Jehofa

Diphologolo di Galaletsa Jehofa

Diphologolo di Galaletsa Jehofa

BOGOLO jwa ga Jehofa bo bonala sentle mo diphologolong tse a di bopileng. Modimo o tlhokomela diphologolo sentle fela jaaka a tlhokomela batho. (Pesalema 145:16) Ruri re tla bo re dira phoso fa re ka tshwaya Mmopi wa tsone le wa rona diphoso! Le fa Jobe a ne a siame, o kile a bolela gore “moya wa gagwe o siame go na le Modimo.” Ka jalo Jobe o ne a sa ntse a tshwanelwa ke go ithuta go le gontsi ka Modimo!—Jobe 32:2; 33:8-12; 34:5.

Dikai tse re di bonang mo tseleng e diphologolo di bopilweng ka yone di ne tsa bontsha Jobe gore ga a tshwanela go belaela ditsela tsa Modimo. Re kgona go tlhaloganya seno sentle fa re sekaseka se Jehofa a neng a se bolelela motlhanka wa gagwe Jobe!

Ga di Tlhoke Thuso ya Batho

Jobe o ne a sa kgone go araba dipotso tse Modimo a neng a mmotsa tsone ka botshelo jwa diphologolo. (Jobe 38:39-41) Ga go pelaelo gore ga go motho ope yo o thusang Jehofa go tlamela tau le legakabe. Le fa gone magakabe a fofa gotlhe gore a bone dijo, totatota a newa dijo ke Modimo.—Luke 12:24.

Jobe o ne a sala a gamaregile fela fa Modimo a mmotsa ka diphologolo tse di tlhaga. (Jobe 39:1-8) Ga go motho yo o kgonang go sireletsa dipodi tsa kwa thabeng le dikgama. Gonne tota go thata le e leng go atamela dipodi tsa kwa thabeng! (Pesalema 104:18) Modimo o dirile gore ka tlholego fela kgama e namagadi e tswe mo diphologolong tse dingwe e ye go nna e le yosi fa e le gaufi le go tsala. Kgama e tlhokomela bana ba yone sentle thata mme fa ba “nonofa” ba ‘a tsamaya mme ga ba boele kwa go yone.’ Mme ba tshwanelwa ke go itlhokomela.

Pitse ya naga e tsamaya ka kgololesego mme esele ya naga yone e nna mo sekakeng. Jobe o ne a ka se ke a dirisa esela ya naga gore e rwale merwalo. E senka “mofuta mongwe le mongwe wa semela se setala” e tsamaya mo dithabeng e batlana le mafulo. Phologolo eno ga e ka ke ya tlogela kgololesego ya yone mme ya ya go nna le batho e le fela gore e bone dijo motlhofo. “Ga e utlwe medumo ya sekukuni” gonne fa motho a tsena fela mo e nnang teng, e a tshaba.

Go tswa foo Modimo o umaka poo ya naga. (Jobe 39:9-12) Moithutamarope wa Moesemane e bong Austen Layard o ne a kwala jaana ka yone: “Go ya kafa poo ya naga e nang le go tshwantshiwa ka teng gangwe le gape go bonala e ile ya tsewa e le phologolo e e boitshegang le e kgolo go feta tau. Gangwe le gape kgosi e bonwa e lwa le yone mme batlhabani bone ba e lelekisa ka dipitse le ka dinao.” (Nineveh and Its Remains, 1849, Bolumo 2, tsebe 326) Le fa go ntse jalo, ga go monna yo o botlhale yo o ka lekang go golega poo eno e e sa laolegeng ya naga.—Pesalema 22:21.

Ditshedi Tse di Nang le Diphuka di Galaletsa Jehofa

Morago ga moo Modimo o botsa Jobe ka ditshedi tse di nang le diphuka. (Jobe 39:13-18) Mogolori o fofela kwa godimodimo ka diphuka tsa one tse di nonofileng. (Jeremia 8:7) Le fa diphuka tsa ntšhe di kgona go phaphasela, yone ga e kgone go fofa. Go farologana le mogolori, ntšhe yone ga e beele mae a yone mo sentlhageng se se agilweng mo setlhareng. (Pesalema 104:17) E epa mosima mo motlhabeng e bo e beela mae a yone foo. Mme gone nonyane eno ga e tlogele mae a yone a sa tlhokomelwe. Mae ano a khurumediwa ke motlhaba a le mo temperetšheng e e siameng fa nonyane e tonanyana le e namagadi di ntse di a tlhokometse.

Go ka nna ga lebega e kete ntšhe e ‘lebala botlhale’ fa e bona gore e mo kotsing ya go tlhaselwa ke sebatana e bo e tshaba. Le fa go ntse jalo, An Encyclopedia of Bible Animals ya re: “Eno ke tsela e di e dirisang go dira gore mmaba a se ka a ya kwa maeng: [ntšhe] e ema mo e tla bonalang teng sentle e bo e phaphalatsa diphuka tsa yone e le go ngoka phologolo kana motho yo o batlang go e tlhasela, mme fa e dira jalo e a bo e dira gore motho yoo a se ka a ya kwa maeng a yone.”

Ntšhe e “tshega ka pitse le mopalami wa yone” jang? The World Book Encyclopedia ya re: “Ntšhe ga e kgone go fofa mme itsege ka lobelo lwa yone fa e taboga. Maoto a yone a maleele a kgona go gata dikgato di le 15 (dimetara di le 4,6) ka lobelo lwa dimaele di le 40 (dikilometara di le 64) ka ura.”

Modimo o Naya Pitse Thata

Go tswa foo Modimo o botsa Jobe ka pitse. (Jobe 39:19-25) Bogologolo batlhabani ba ne ba lwa ba palame dipitse, mme dipitse di ne di goga kara e e neng e pagamisitse mokgweetsi gongwe le masole a le mabedi. Fa pitse eno e gakaletse go ya ntweng, e a khinkhinyega e bo e tiba fa fatshe ka ditlhakwana tsa yone. Ga e tshoge le fa e le gone go busediwa morago ke tšhaka. Fa pitse ya ntwa e utlwa modumo wa lonaka, e tsibogela modumo oo jaaka e kete ya re, “Aha!” E oketsa lobelo lwa yone ‘e kometsa lefatshe.’ Le fa go ntse jalo, pitse ya ntwa e reetsa mopalami wa yone.

Fa moithutamarope Layard a tlhalosa pitse eno o ne a kwala jaana: “Le fa gone pitse eno e le bokgwabo fela jaaka nku, mme e tlhoka fela kgole gore e kaelwe, fa pitse ya Searabia e utlwa modumo wa ntwa, e bile e bona mopalami wa yone a kgatikanya sabole, matlho a yone a simolola go tsabakela jaaka molelo, mme marobana a dinko tsa yone a nna mahibidu jaaka madi a bo a famoga, thamo ya yone e a gagamala mme mogatla le moetse wa yone o a ema e bo e o kgatikanya mo phefong.”—Discoveries Among the Ruins of Nineveh and Babylon, 1853, tsebe 330.

Ela Tlhoko Segodi le Ntsu

Jehofa o ne a bua ka dinonyane tse dingwe gape. (Jobe 39:26-30) Segodi se ‘tlhatlogela kwa godimo se bo se tsharololela diphuka tsa sone kwa phefong.’ Fa e tlhalosa tsela e nonyane eno ya segodi e fofang ka lobelo lo logolo go gaisa dinonyane tse dingwe ka yone, The Guinness Book of Records, ya re nonyane eno e “kgona go fofa ka lobelo lo logolo go tswa kwa godimo go ya kwa tlase fa e bona mmaba kana fa e batla go tshwara phologotswana e e batlang go e bolaya.” Nonyane eno e fofa lobelo lwa dikilometara di le 349 ka ura go tswa kwa godimo fa e latela sengwe kwa tlase!

Bontsu bone ba kgona go fofa ka lobelo lo lo fetang lwa dikilometara di le 130 ka ura. Jobe o bapisa tsela e botshelo bo felang ka bonako ka yone le lobelo lwa ntsu e e batlang se e ka se jang. (Jobe 9:25, 26) Modimo o re naya nonofo ya gore re nne re itshoke, mme nonofo eo e tshwantshiwa le diphuka tse di sa lapeng tsa ntsu e e fofelang kwa godimo. (Isaia 40:31) Ntsu e thusiwa ke moya o o bothito o o tlhatlogang fa e fofa. Nonyane eno e nna e dikologa fa gare ga moya ono o o tlhatlogang o o bothito mme one o e tsholeletsa kwa godimodimo. Mme fa ntsu eno e fitlha kwa bogodimong jo bo rileng, e a phaphalala mme e kgona go nna foo diura di le dintsi e sa dirise maatla a mantsi.

Ntsu e ‘aga sentlhaga sa yone kwa godimo’ mo go seng ope yo o ka kgonang go se fitlhelela, mme seno se dira gore mamphorwana a yone a se ka a nna mo kotsing. Jehofa o dirile gore ka tlholego fela ntsu e kgone go dira dilo tseno tsotlhe. Mme ka bokgoni jwa go bona jo e bo filweng ke Modimo “matlho a yone [ntsu] a nna a lebile kwa kgakala.” Mme ka bokgoni jo e nang le jone jwa go tlosa matlho a yone ka bonako kwa e neng e a tsepamisitse gone, ntsu o kgona go nna e lebile phologolo e e batlang go e tlhasela kana setoto e ntse e fologela kwa go sone go tswa kwa godimodimo. Ntsu e ja ditoto tsa diphologolo e le gore ‘kwa go nang le tse di bolailweng gone, e nne gone koo.’ Nonyane eno e tshwara diphologotswana tse di nnye e bo e di isetsa mamphorwana a yone.

Jehofa o Kgalema Jobe

Modimo o kgalema Jobe pele a tswelela ka go mmotsa dipotso ka diphologolo tse dingwe. Jobe o ne a itshwara jang fa a kgalemelwa? O ne a ikokobetsa mme a amogela kgalemelo e nngwe e a e newang ka peloyotlhe.—Jobe 40:1-14.

Gone jaanong re ka kgona go ithuta thuto e e botlhokwa thata mo pegong e e tlhotlheleditsweng ya maitemogelo a ga Jobe. Re ithuta gore: Ga go motho yo o nang le lebaka le le utlwalang la go bona Mothatayotlhe molato. Re tshwanetse go bua le go dira dilo ka tsela e e tla itumedisang Rraarona yo o kwa legodimong. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go amega thata ka go itshepisa leina le le boitshepo la ga Jehofa le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe.

Behemothe o Galaletsa Modimo

Fa a bua gape le Jobe ka tsela e diphologolo di bopilweng ka yone, Modimo o mmotsa ka Behemothe e e itsegeng jaaka kubu. (Jobe 40:15-24) Kubu e e godileng sentle e ka nna boleele jwa dimetara di le nnè go ya go di le tlhano mme boima jwa yone bo ka nna dikilogerama di le 3 600. “Maatla a [Behemothe] a mo dinōkeng tsa yone”—e leng mesifa e e kwa morago. Behemothe e a thusega tota go bo e na le mpa e e fitlhegileng ka gonne maoto a yone a makhutshwane a dira gore e gogobise mmele wa yone fa godimo ga maje le mabopo a dinoka. Ruri ga go motho ope yo o ka bapisiwang le Behemothe yo o nang le mmele o mogolo thata, molomo o mogolo le metlhagare e e thata.

Behemothe o tlolela kwa ntle ga noka go ya go itumelela “bojang jo botala.” Tota go a tlhokega gore thaba yotlhe e nne tala gore kubu eno e kgone go nna e nonofile! Letsatsi le letsatsi e ja dijo tsa boima jwa dikilogerama di le 90 go ya go di le 180. Fa Behemothe e sena go kgora, e rapama kafa tlase ga setlhare sa koma kana mo moriting wa setlhare sa modibonoka. Fa noka e e nnang mo go yone e penologa, kubu e kgona go nna e emisitse tlhogo ya yone fa godimo ga metsi mme e thumela kwa metsi a mantsi a tswang gone. Fa Jobe a leba molomo o mogolo wa Behemothe le meno a yone a a tshosang, o ne a se kitla a nna la bopelokgale jwa go tlhaba nko ya yone ka sekgwage.

Lefiathane o Baka Modimo

Morago Jobe o ne a utlwa ka Lefiathane. (Jobe 41:1-34) Lefoko leno la Sehebera le bolela “phologolo e e nang le letlalo le le lebegang e kete le tshophegile”—e go lebegang e le kwena. A Jobe o ne a ka dira gore Lefiathane e nne selo sa bana sa go tshameka? Nnyaa le e eseng! Batho ba ba kileng ba bona phologolo eno ba ne ba supa gangwe le gape gore e kotsi. E le ruri fa motho a ne a ka leka go lwa le Lefiathane, o ne a tla lwa ka thata mo e leng gore ga a kake a leka go boa a lwa le yone gape!

Fa Lefiathane e emisa tlhogo ya yone fa godimo ga metsi fa letsatsi le tlhaba, matlho a yone a phatsima jaaka “marang a bosa.” Makokoma a Lefiathane a atamalane thata, mme kwa garegare ga one go na le marapo a go leng thata go a phunya ka dikolo tsa tlhobolo, re sa bue sepe ka tšhaka le lerumo. Makokoma a a bogale a a leng mo dimpeng tsa kwena a dira gore re akanye ka “sedirisiwa sa go photha” mo lobopong lo lo tletseng loraga. Fa e galefa e le mo metsing e a fudua gore a nne le lefulo a bo a sala a tshwana le setlolo se se lefulo. Mme ka ntlha ya bogolo jwa yone, tsela e e iphemelang ka yone le dibetsa tsa yone—molomo o o tshosang le mogatla o o maatla—Lefiathane ga e boife sepe.

Jobe o Busetsa Mafoko a Gagwe Kwa Morago

Jobe o ne a dumela gore o ne a ‘bua, mme o ne a sa tlhaloganye dilo tse di gakgamatsang tota mo go ene.’ (Jobe 42:1-3) O ne a amogela fa Modimo a mo kgalema, a busetsa mafoko a gagwe kwa morago mme a fetola tsela e a neng a akanya ka yone. Balekane ba gagwe ba ne ba kgalengwa mme ene a segofadiwa thata.—Jobe 42:4-17.

Ruri re tla bo re le botlhale fa re ka nna re gakologetswe boitemogelo jono jwa ga Jobe! Le rona ga re ka ke ra kgona go araba dipotso tsotlhe tse Modimo a neng a mmotsa tsone. Le fa go ntse jalo, re ka kgona e bile re tshwanetse go bontsha gore re anaanela dilo tse di bopilweng tse dintsi le tse di farologaneng tse di galaletsang Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Podi ya kwa thabeng

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Legakabe

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Tau e namagadi

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Pitse ya naga

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ntšhe e tloga mo e beetseng mae a yone gone, mme gone ga se gore ga e a tlhokomele

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Mae a ntšhe

[Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Segodi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Falcon: © Joe McDonald/Visuals Unlimited

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Pitse e namagadi ya kwa Arabia

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ntsu ya mmala wa gauta

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Behemothe e itsiwe e le kubu

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Go akanngwa gore Lefiathane ke kwena e e nonofileng