Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ganetsang Satane, Mme o Tla lo Tshaba!

Ganetsang Satane, Mme o Tla lo Tshaba!

Ganetsang Satane, Mme o Tla lo Tshaba!

“Ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.”—JAKOBE 4:7.

1, 2. (a) Ke mokgwa ofe wa ga Diabolo o o senolwang mo mafokong a a kwadilweng mo go Isaia kgaolo ya 14? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

DIABOLO ke sekao se se di gaisang tsotlhe sa boikgodiso. Boikgogomoso jwa gagwe bo bonala mo mafokong a a kwadilweng ke moporofeti wa Modimo e bong Isaia. Dingwaga tse di fetang lekgolo pele ga Babelonia e nna mmusomogolo wa lefatshe, go ne ga buiwa ka batho ba ga Jehofa ba bolela jaana ka “kgosi ya Babelona”: “O buile jaana mo pelong ya gago, ‘Ke tla tlhatlogela kwa magodimong. Ke tla tsholeletsa setulo sa me sa bogosi kwa godimo ga dinaledi tsa Modimo [dikgosi tsa losika lwa segosi lwa ga Dafide] . . . ke tla itira gore ke tshwane le Mogodimodimo.’” (Isaia 14:3, 4, 12-15; Dipalo 24:17) Boikgogomoso jwa “kgosi ya Babelona” bo ne bo tshwana le moya wa ga Satane, “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:4) Le fa go ntse jalo, boikgodiso jwa ga Satane bo tla felela ka masetlapelo, fela jaaka losika lwa segosi lwa Babelonia lo ile lwa fedisiwa ka tsela e e tlhabisang ditlhong.

2 Le fa go ntse jalo, fa fela Diabolo a sa ntse a le teng, re ka tshwenyega ka dipotso tse di jaaka tseno: A re tshwanetse go boifa Satane? Ke eng fa a tlhotlheletsa batho go bogisa Bakeresete? Re ka dira jang gore a se ka a re tsietsa?

A re Tshwanetse go Boifa Diabolo?

3, 4. Ke eng fa Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone ba sa boife Diabolo?

3 Bakeresete ba ba tloditsweng ba nonotshiwa fela thata ke mafoko ano a ga Jesu Keresete: “O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o di boga. Bona! Diabolo o tla nna a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe ka botlalo, le gore lo nne le pitlagano malatsi a le lesome. Itshupe o ikanyega go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.” (Tshenolo 2:10) Batlodiwa le ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ga ba boife Diabolo. Bopelokgale joo jwa bone ga bo bakwe ke gore ba tshotswe ba le pelokgale. Ba na le jone ka gonne ba boifa Modimo ka tlotlo e e boteng mme ba ‘tshabela mo moriting wa diphuka tsa gagwe.’—Pesalema 34:9; 36:7.

4 Barutwa ba ba pelokgale ba ga Jesu Keresete ba ile ba ikanyega go isa losong go sa kgathalasege dilo tse ba neng ba di boga. Ba ne ba se ka ba ineelela go boifisiwa ke se Satane Diabolo a neng a ka se dira ka gonne ba ne ba itse gore Jehofa a ka se ka a latlha batho ba ba ileng ba itshupa ba ikanyega mo go ene. Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone tse di ineetseng le bone ba ititeile sehuba go nna ba ikanyega mo Modimong fa ba lebane le pogiso e e setlhogo gompieno. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ile a bontsha gore Diabolo o ne a ka nna a dira gore ba bolawe. A seo ga se a tshwanela go re boifisa?

5. Re ithuta eng mo go Bahebera 2:14, 15?

5 Paulo o ile a bolela gore Jesu o ile a ‘nna le seabe ka nama le madi’ e le gore “ka loso lwa gagwe a tle a nyeletse ene yo o nang le dithata tsa go baka loso, ke gore, Diabolo; le gore a tle a golole botlhe ba, ka ntlha ya go boifa loso, ba neng ba le mo botlhankeng botshelo jotlhe jwa bone.” (Bahebera 2:14, 15) E re ka Satane e le “ene yo o nang le dithata tsa go baka loso,” o ne a tlhotlheletsa Judase Isekariota mme morago a dirisa baeteledipele ba Bajuda le Baroma go bolaya Jesu. (Luke 22:3; Johane 13:26, 27) Le fa go ntse jalo, Jesu ka loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo, o golola batho ba ba nang le boleo mo taolong ya ga Satane mme o dira gore ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 3:16.

6, 7. Satane o na le dithata tsa go baka loso go le kana kang?

6 Diabolo o na le dithata tsa go baka loso go le kana kang? Go tloga fela ka nako ya fa Satane a simolola ditiro tsa gagwe tse di boikepo, maaka a gagwe le kaelo ya gagwe di dirile gore batho ba swe. Seo ke ka gonne Adame o ne a leofa me a fitisetsa boleo le loso mo bathong botlhe. (Baroma 5:12) Mo godimo ga moo, batlhanka ba ga Satane ba mo lefatsheng ba ile ba bogisa baobamedi ba ga Jehofa, ka dinako tse dingwe ba dira jalo go fitlha ba bo ba ba bolaya fela jaaka go ile ga direga ka Jesu Keresete.

7 Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go akanya gore Diabolo o tla kgona go bolaya mongwe le mongwe fela yo a batlang go mmolaya. Modimo o sireletsa batho ba gagwe mme a ka se ka a letla Satane a nyeletsa baobamedi botlhe ba gagwe ba boammaaruri mo lefatsheng. (Baroma 14:8) Ke boammaaruri gore Jehofa o letla batho botlhe ba gagwe ba bogisiwa, e bile o letla gore bangwe ba rona ba swe ka ntlha ya go tlhaselwa ke Diabolo. Le fa go ntse jalo, Dikwalo di re naya tsholofelo e e molemolemo ya gore batho botlhe ba ba mo ‘bukeng ya Modimo ya kgakologelo’ ba tla tsosiwa—mme ga go na sepe se Diabolo a ka se dirang go thibela seo!—Malaki 3:16; Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.

Ke Eng fa Satane a re Bogisa?

8. Ke eng fa Diabolo a bogisa batlhanka ba Modimo?

8 Go na le lebaka le legolo la go bo Diabolo a bogisa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo. Boikaelelo jwa gagwe ke go re dira gore re itatole tumelo ya rona. Re na le kamano e e botlhokwa le Rraarona wa kwa legodimong, mme Satane o batla go e senya. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Kwa Edene, Jehofa o ile a bolelela pele gore go ne go tla nna le bobaba fa gare ga “mosadi” wa gagwe wa tshwantshetso le “noga” le fa gare ga “peo” ya mosadi le “peo” ya noga. (Genesise 3:14, 15) Dikwalo di tlhalosa Diabolo e le “noga ya kwa tshimologong” e bile di senola gore nako ya gagwe e khutshwafetse le gore o tletse bogale. (Tshenolo 12:9, 12) E re ka bobaba fa gare ga ‘dipeo’ tseno bo tsweletse, batho ba ba direlang Jehofa ka boikanyegi ba ka lebelela gore ba bogisiwe. (2 Timotheo 3:12) A o itse gore totatota ke eng fa Satane a re bogisa jalo?

9, 10. Diabolo o ile a tsosa kgang efe, mme e amana jang le tsela e batho ba itshwarang ka yone?

9 Diabolo o ile a tsosa kgang e e kaga bolaodi jwa lobopo lotlhe. Gape o ile a tsosa kgang e e amanang le eno ka go belaela go ikanyega ga batho mo Mmoping. Satane o ne a bogisa Jobe monna yo o ikanyegang. Ka ntlha yang? O ne a batla go dira gore Jobe a se ka a tlhola a ikanyega mo go Jehofa. Ka nako eo, Diabolo o ne a dirisa mosadi wa ga Jobe le ‘bagomotsi ba gagwe ba bararo ba ba letshwenyo’ go diragatsa boikaelelo jono. Jaaka fa buka ya Jobe e bontsha, Diabolo o ile a gwetlha Modimo, a bolela gore fa a ka letlwa go leka batho, ga go na motho ope yo o ka tswelelang a ikanyega mo Modimong. Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a tswelela a ikanyega, ka go dira jalo a supa fa Satane a le maaka. (Jobe 1:8–2:9; 16:2; 27:5; 31:6) Gompieno Diabolo o leka go supa kgwetlho eno ya gagwe e le boammaaruri ka go bogisa Basupi ba ga Jehofa ka boikaelelo jwa go dira gore ba se ka ba tlhola ba ikanyega mo go Jehofa.

10 Go itse kgang eno ya gore Diabolo o re bogisa ka gonne a batla gore re se ka ra tlhola re ikanyega mo Modimong tota go ka re thusa gore re nne pelokgale le go ema re nonofile. (Duteronome 31:6) Modimo wa rona ke Molaodi wa Lobopo, mme o tla re thusa go nna re ikanyega. E kete ka metlha re ka senka go itumedisa Jehofa ka go nna re ikanyega mo go ene, re mo thusa go kgona go araba mokgobi yo mogolo, Satane Diabolo.—Diane 27:11.

“Re Golole Mo go Yo o Boikepo”

11. Mafoko a a reng, “O se ka wa re tsenya mo thaelong,” a kaya eng?

11 Go nna o ikanyega ga se selo se se motlhofo; go tlhoka gore motho a rapele ka tlhoafalo. Selo se se ka thusang thata ke mafoko a thapelo ya sekao. Mo go yone Jesu o ile a re: “O se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.” (Mathaio 6:13) Jehofa ga a re raele go dira boleo. (Jakobe 1:13) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe Dikwalo di bua ka ene a dira sengwe, e le gore tota di kaya gore o letla gore selo seo se direge. (Ruthe 1:20, 21) Ka gone, fa re rapela mafoko ao a Jesu a a buileng, re a bo re kopa Jehofa gore a se ka a re tlogela re wela mo thaelong. Ruri o tla re utlwa fa re mo kopa seo, ka gonne Dikwalo di re tlhomamisetsa jaana: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.”—1 Bakorintha 10:13.

12. Ke eng fa re rapela re re: “Re golole mo go yo o boikepo”?

12 Go a tshwanela go bo Jesu a ile a bua jaana fa a sena go umaka thaelo mo thapelong ya sekao: “O re golole mo go yo o boikepo.” Dithanolo dingwe tsa Baebele di ranola mafoko ano jaana: “Re golole mo bosuleng” (King James Version; Revised Standard Version) kana “Re sireletse mo bosuleng.” (Contemporary English Version) Le fa go ntse jalo, mo Dikwalong, mafoko a a reng ‘re golole’ a dirisiwa segolobogolo fa go buiwa ka batho, mme Efangele ya ga Mathaio e bua ka Diabolo e le motho, e mmitsa “Moraedi.” (Mathaio 4:3, 11) Ka gone, go botlhokwa gore re rapelele gore re gololwe mo go “yo o boikepo,” e bong Satane Diabolo. O leka go re dira gore re leofele Modimo. (1 Bathesalonika 3:5) Fa re re, “Re golole mo go yo o boikepo,” re a bo re kopa Rraarona wa kwa legodimong gore a re kaele le go re thusa gore re se ka ra tsiediwa ke Diabolo.

O se Ka wa Tsiediwa ke Diabolo

13, 14. Ke eng fa Bakorintha ba ne ba tshwanelwa ke go fetola tsela e ba neng ba dirisana ka yone le monna yo o neng a dira boitshwaro jo bo maswe mo phuthegong?

13 Paulo o ile a kwala jaana fa a ne a kgothaletsa Bakeresete ba kwa Korintha go itshwarelana: “Sengwe le sengwe se lo se itshwarelang motho ka bopelonomi, le nna ke dira jalo. Tota e bile, fa e le nna, le fa e le eng se ke se itshwaretseng ka bopelonomi, fa e le gore ke itshwaretse sengwe ka bopelonomi, e nnile ka ntlha ya lona mo ponong ya ga Keresete; gore re se ka ra tsiediwa ke Satane, gonne ga re ba ba se nang kitso ka maano a gagwe.” (2 Bakorintha 2:10, 11) Diabolo a ka re tsietsa ka ditsela tse di farologaneng, mme gone ke eng fa Paulo a ile a bua mafoko a a nopotsweng fano?

14 Paulo o ne a kgalema Bakorintha ka gonne ba ne ba letleletse motho yo o dirang boitshwaro jo bo maswe mo phuthegong. Seno se tshwanetse sa bo se ile sa itumedisa Satane ka gonne batho ba ne ba kgoba phuthego ka ntlha ya go letlelela “kgokafalo e tota e seyong le mo gare ga ditšhaba.” Kgabagare moleofi yoo o ne a kgaolwa. (1 Bakorintha 5:1-5, 11-13) Monna yoo moragonyana o ne a ikwatlhaya. Fa Bakorintha ba ne ba ka gana go itshwarela monna yoo le go mmusetsa mo phuthegong, Diabolo o ne a tla ba tsietsa ka tsela e nngwe gape. Ka tsela efe? Ba ne ba tla bo ba le setlhogo e bile ba se kutlwelobotlhoko, ba tshwana fela le Satane. Fa monna yoo yo o ikwatlhaileng a ne a ka “komediwa ke go utlwa botlhoko thata ga gagwe” mme a bo a ineela gotlhelele, bagolwane ba ne ba tla nna le molato o mogolo mo Modimong yo o kutlwelobotlhoko, e bong Jehofa. (2 Bakorintha 2:7; Jakobe 2:13; 3:1) Ke boammaaruri gore, ga go Mokeresete ope yo o ka batlang go etsa Satane ka go nna setlhogo le go se nne kutlwelobotlhoko.

Go Sirelediwa ke Diaparo Tsa Tlhabano Tsa Modimo

15. Ke ntwa efe e re e lwang, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re e fenye?

15 Re tshwanetse go lwa le mephato e e boikepo ya semoya gore re se ka ra fenngwa ke Diabolo. Re tshwanetse go apara “diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong” gore re kgone go fenya mephato eo e e maatla ya semoya. (Baefeso 6:11-18) Diaparo tseo tsa tlhabano di akaretsa “seiphemelo sa sehuba sa tshiamo.” (Baefeso 6:14) Kgosi Saulo wa Iseraele wa bogologolo o ile a se ka a ikobela Modimo mme a se ka a tlhola a nna le moya o o boitshepo. (1 Samuele 15:22, 23) Fa re dira tshiamo mme re nna re apere diaparo tse di feletseng tsa tlhabano, re tla nna le moya o o boitshepo wa Modimo mme o tla re sireletsa mo go Satane le baengele ba gagwe ba ba boikepo, e leng badimona.—Diane 18:10.

16. Ke eng se se ka re thusang go nna re sireletsegile mo baengeleng ba ba boikepo?

16 Gore re tswelele pele re sireletsegile mo baengeleng bao ba ba boikepo le mo dilong tse dingwe, re tshwanetse go bala Lefoko la Modimo ka metlha le go le ithuta, re dirisa ka botlalo dikgatiso tse “molebedi yo o boikanyego” a re abelang tsone. (Luke 12:42) Fa re dira jalo re tla bo re tlatsa megopolo ya rona ka dilo tsa semoya tse di molemo, go dumalana le kgakololo eno ya ga Paulo: “Bakaulengwe, dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”—Bafilipi 4:8.

17. Ke eng se se ka re thusang go nna baboledi ba dikgang tse di molemo ba ba nang le matswela?

17 Jehofa o re thusa go boloka ‘dinao tsa rona di rwele iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso.’ (Baefeso 6:15) Go nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete go re thusa go iketleeletsa go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. A bo go itumedisa jang go thusa batho ba bangwe go itse boammaaruri jwa Modimo le go gololesega semoyeng! (Johane 8:32) “Tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo,” e re sireletsa mo dithutong tsa maaka le gore re kgone go “pitikolola dilo tse di nweleletseng kwa teng thata.” (Baefeso 6:17; 2 Bakorintha 10:4, 5) Go dirisa Lefoko le le kwadilweng la Modimo e leng Baebele ka botswerere, go re thusa go ruta batho ba bangwe boammaaruri e bile go re thusa gore re se ka ra ineelela go tsiediwa ke maano a a boferefere a ga Diabolo.

18. Re ka kgona jang ‘go ema re nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo’?

18 Paulo o ile a simolola kgang ya gagwe e e kaga diaparo tsa rona tsa tlhabano tsa semoya ka go re: “Tswelelang lo bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe. Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.” (Baefeso 6:10, 11) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “ema lo nitame” le amana le kgang ya lesole le ema mo maemong a lone. Re ema re nitame mo ntweng ya rona ya semoya le mororo Satane a dirisa maano a a farologaneng go leka go senya kutlwano ya rona, go senya dithuto tsa rona le go dira gore re se ka ra ikanyega mo Modimong. Le fa go ntse jalo ditlhaselo tsa ga Diabolo ga di a atlega—tota e bile le ka motlha di ka se ka tsa atlega! *

Ganetsa Diabolo, Mme o Tla go Tshaba

19. Tsela nngwe e e ka re thusang go ganetsa Diabolo ke efe?

19 Re ka fenya ntwa ya rona ya semoya e re e lwang le Diabolo le baengele ba gagwe ba ba boikepo. Ga re na lebaka la go boifisiwa ke Satane ka gonne morutwa Jakobe o ile a re: “Ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” (Jakobe 4:7) Tsela nngwe e re ka kgonang go ganetsa Satane le baengele ba gagwe ba ba boikepo ka yone ke ka go se nne le seabe mo ditirong tsa masaitseweng kana mo ditirong tsa boselamose le go tsalana le batho ba ba inaakantseng le tsone. Dikwalo di bontsha ka tlhamalalo gore batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go gana ditiro tsa botlhodi kana tsa tepodinaledi, boloi le go direla badimo. Fa re nonofile semoyeng re ka se ka ra boifa gore mongwe o tla re loa.—Dipalo 23:23; Duteronome 18:10-12; Isaia 47:12-15; Ditiro 19:18-20.

20. Re ka kgona jang go ganetsa Diabolo?

20 Re ‘ganetsa Diabolo’ ka go tshela go ya ka melaometheo le boammaaruri jwa Baebele le ka go ema re nitame re sa letle gore a re fenye. Lefatshe le tshela go ya ka tsela ya ga Satane ka gonne e le modimo wa lone. (2 Bakorintha 4:4) Ka gone, re gana go tshela go ya ka mekgwa ya lefatshe e e jaaka boikgogomoso, bogagapa, boitsholo jo bo maswe, thubakanyo le go rata dilo tse di bonalang. Re a itse gore Diabolo o ile a tshaba fa Jesu a ne a dirisa Dikwalo go emelana le ene fa a ne a leka go mo raele kwa nageng. (Mathaio 4:4, 7, 10, 11) Le rona, Satane o tla ‘re tshaba’ fa re ikokobeletsa Jehofa ka botlalo le go ikaega ka ene ka thapelo. (Baefeso 6:18) E re ka re engwa nokeng ke Jehofa Modimo le Morwawe yo o rategang, ga go na ope yo o ka re gobatsang ka tsela e e tla re amang go ya go ile—tota le ene Diabolo a ka se ka a kgona go dira jalo!—Pesalema 91:9-11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Go bona dintlha tse di oketsegileng kaga diaparo tsa semoya tsa tlhabano tsa Modimo, bona Tora ya Tebelo ya May 15, 1992, ditsebe 21-3.

O Araba Jang?

• A re tshwanetse go boifa Satane Diabolo?

• Ke eng fa Satane a bogisa Bakeresete?

• Ke eng fa re rapelela gore re gololwe mo go “yo o boikepo”?

• Re ka kgona jang go fenya ntwa ya semoya e re e lwang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Balatedi ba pele ba ga Keresete ba ile ba ikanyega ka bopelokgale go isa losong

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Diabolo a ka se ka a kgona go thibela go tsosiwa ga batho ba ba mo mogopolong wa ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

A o rapelela go gololwa mo “go yo o boikepo”?

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

A o apara “diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong”?