Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Golotswe ka “Madi a a Tlhokegang”

Re Golotswe ka “Madi a a Tlhokegang”

“Re Tshwanetse go Utlwa Modimo e le Mmusi Bogolo go Batho”

Re Golotswe ka “Madi a a Tlhokegang”

JEHOFA o ne a re bontsha lorato lwa gagwe lo logolo ka go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi go tla go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna thekololo. E re ka re le baleofi, tota re ne re tlhoka go gololwa gonne ga go motho ope yo o sa itekanelang “yo o ka gololang morwarraagwe, le fa e le go mo ntshetsa thekololo mo Modimong . . . gore a tshele ka bosaengkae.” (Pesalema 49:6-9) Ruri re leboga Modimo go bo a ne “a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng”!—Johane 3:16.

Thekololo eno e re golola jang? A re sekasekeng ditsela di le nnè tse re gololesegang ka tsone ka ntlha ya tsela eno e kgolo e Jehofa Modimo a neng a bontsha lorato ka yone.

Go Gololwa ka Thekololo

Sa ntlha, setlhabelo sa ga Jesu se ka re golola mo boleong jo re bo gotsitseng. Rotlhe re tsholwa re na le boleo. Ee, re na le boleo le pele re ka kgona go roba molao wa ga Jehofa. Ka tsela efe? Baroma 5:12 ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho [Adame] a le mongwe le loso ka boleo.” E re ka re le bana ba ga Adame wa moleofi, re gotsitse bosaitekanelang jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, go duelwa ga thekololo go dira gore re gololwe mo botshwarweng jwa boleo jo re bo gotsitseng. (Baroma 5:16) Jesu o ne a ‘utlwela motho mongwe le mongwe loso’ a rwalela bana ba ga Adame ditlamorago tsa boleo.—Bahebera 2:9; 2 Bakorintha 5:21; 1 Petere 2:24.

Sa bobedi, thekololo e ka re golola mo diphelelong tse di kotsi tsa boleo. “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 6:23) Kotlhao ya boleo ke loso. Morwa Modimo o ne a dira gore ka loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo, batho ba ba kutlo ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ke boammaaruri gore, “yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo.”—Johane 3:36.

Ela tlhoko gore re ka kgona go gololwa mo diphelelong tsa boleo fa fela re supa tumelo mo go Morwa Modimo. Seno se akaretsa gore re dire diphetogo mo botshelong jwa rona mme re dire gore bo dumalane le thato ya Modimo. Re tshwanetse go tlogela tsela le fa e ka nna efe e e sa siamang e re ka tswang re tshela ka yone mme re leke ka natla go dira se se kgatlhang Modimo. Moaposetoloi Petere o ne a re re tshwanetse go ‘ikwatlhaya, re bo re sokologe gore maleo a rona a phimolwe.’—Ditiro 3:19.

Sa boraro, setlhabelo sa ga Jesu se re golola mo go nneng le segakolodi se se molato. Botlhe ba ba ineelang mo go Jehofa ba bo ba nna barutwa ba Morwawe ba ba kolobeditsweng ba bona kgomotso. (Mathaio 11:28-30) Le fa gone re sa itekanela, re bona boitumelo jo bogolo fa re direla Modimo ka segakolodi se se phepa. (1 Timotheo 3:9; 1 Petere 3:21) Fa re ipolela maleo a rona mme re a tlogela, re bontshiwa bopelotlhomogi mme segakolodi sa rona se se tshwenyegileng se a gololesega.—Diane 28:13.

Thekololo E a Re Thusa e Bile e re Naya Tsholofelo

Sa bofelo, fa re na le tumelo mo thekololong, re gololesega mo poifong ya gore re ka tswa re sa amogelwe ke Modimo. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Fa mongwe a leofa, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete.” (1 Johane 2:1) Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka tiro ya ga Jesu ya go nna mothusi, o ne a kwala jaana: “Ke gone ka moo gape a kgonang go boloka ka botlalo ba ba atamelang Modimo ka ene, ka gonne ka metlha o a tshela gore a tle a ba rapelele.” (Bahebera 7:25) Fa fela re ntse re na le boleo, re tla nna re tlhoka gore Moperesiti yo Mogolo e bong Jesu Keresete a re thuse gore re nne re amogelwa ke Modimo. Ke ka tsela efe Jesu a neng a nna moperesiti yo mogolo mo boemong jwa rona?

Malatsi a le masome a le manè morago ga go tsosiwa ga gagwe ka 33 C.E., Jesu o ne a tlhatlogela kwa legodimong kwa a neng a ntsha tlhwatlhwa ya ‘madi a gagwe a a tlhokegang’ mo Modimong. Ka ntlha ya seo, go ise go ye kae Jesu o tla golola batho ba ba kutlo mo boleong le mo losong. * (1 Petere 1:18, 19) Ka jalo, ruri go a tlhokega gore re rate Jesu Keresete le go mo utlwa.

Mo godimo ga moo, Jehofa Modimo o tshwanelwa ke gore re mo rate re bo re mo utlwe. O ne a dira gore go kgonege gore re ‘gololwe ka thekololo’ gonne a re rata. (1 Bakorintha 1:30) Ga re mo kolote botshelo jo re bo tshelang gone jaanong fela, re mo kolota gape le tsholofelo le fa e ka nna efe e re nang le yone ya go itumelela botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, re na le mabaka a le mantsi a “go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Bona 2006 Calendar of Jehovah’s Witnesses, March/April.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

A O NE O ITSE?

• Jesu o tlhatlogetse legodimong a le mo Thabeng ya Motlhware.—Ditiro 1:9, 12.

• Baaposetoloi ba ga Jesu ba ba ikanyegang ke bone fela ba neng ba mmona fa a tlhatloga.—Ditiro 1:2, 11-13.