Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Jobe

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Jobe

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Jobe

TLHOGO ya lotso e bong Jobe o nna mo nageng ya Use, e gompieno e leng kwa Arabia. Baiseraele ba le bantsi ba nna kwa Egepeto ka nako eno. Jobe ke moobamedi wa ga Jehofa Modimo, le fa gone e se Moiseraele. Baebele ya re ka ene: ‘Ga go na ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng, monna yo o se nang molato e bile a thokgame, a tshaba Modimo e bile a fapoga bosula.’ (Jobe 1:8) Eno e tshwanetse ya bo e le nako e e fa gare ga metlha ya batlhanka bangwe ba babedi ba ba tlhomologileng ba ga Jehofa—Jakobe morwa Josefa le moporofeti Moshe.

Go lebega Moshe, yo go akanngwang gore ke ene a kwadileng buka ya Jobe, a ne a utlwela ka Jobe mo dingwageng di le 40 tse a di feditseng kwa Midiana e e leng gaufi le naga ya Use. Moshe a ka tswa a ile a utlwa ka dingwaga tsa bofelo tsa ga Jobe fa Baiseraele ba ne ba le gaufi le Use, go ya kwa bofelong jwa dingwaga di le 40 tse ba neng ba di fetsa ba le mo nageng. * Boitemogelo jwa ga Jobe bo kwadilwe ka tsela e e kgatlhang mo e leng gore pego eno e tsewa e le e e kwadilweng ka botswerere. Mo godimo ga moo, e araba dipotso tse di jaaka: Ke ka ntlha yang fa batho ba ba molemo ba boga? Ke ka ntlha yang fa Jehofa a letla gore boikepo bo nne teng? A batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go nna ba bolokile bothokgami mo Modimong? E re ka buka eno ya Jobe e le karolo ya Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, molaetsa o o mo go yone o a tshela e bile o naya maatla tota le gompieno.—Bahebera 4:12.

“A LETSATSI LE KE TSHOTSWENG KA LONE LE NYELELE”

(Jobe 1:1–3:26)

Letsatsi lengwe Satane o gwetlha go ikanyega ga ga Jobe mo Modimong. Jehofa o amogela kgwetlho eno, mme o letla Satane gore a tlisetse Jobe masetlapelo a a latelanang. Mme gone Jobe o gana go “tlhapatsa Modimo.”—Jobe 2:9.

Balekane ba le bararo ba ga Jobe ba a goroga go tla “go mo utlwela botlhoko.” (Jobe 2:11) Ba nna le ene ba sa bue sepe, go fitlha Jobe a tswa molomo mme a re: “A letsatsi le ke tshotsweng ka lone le nyelele.” (Jobe 3:3) O eletsa go nna “jaaka bana ba ba sa bonang lesedi” kana ba ba tshotsweng ba setse ba sule.—Jobe 3:11, 16.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:4—A bana ba ga Jobe ba ne ba keteka malatsi a botsalo? Nnyaa ba ne ba sa a keteke. Mafoko a puo ya ntlhantlha a a ranotsweng ka gore “letsatsi” le “letsatsi la botsalo” ga a tshwane, lengwe le lengwe la mafoko ano le na le bokao jwa lone. (Genesise 40:20) Mo go Jobe 1:4, lefoko “letsatsi” le dirisitswe go tlhalosa go feta ga nako go tloga fa letsatsi le tlhaba go fitlha fa le phirima. Go lebega barwa ba ba supa ba ga Jobe ba ne ba tshwara kokoano ya lelapa ya malatsi a le supa gangwe ka ngwaga. Fa malatsi ano a ntse a feta, morwa mongwe le mongwe o ne a ikarabelela ka moletlo o o tla tshwarwang mo ntlong ya gagwe “ka letsatsi la gagwe.”

1:6; 2:1—Ke bomang ba ba neng ba letlwa go tsena ba tla go ema fa pele ga ga Jehofa? Mo go ba ba neng ba ema fa pele ga ga Jehofa go ne go na le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo, Lefoko; baengele ba ba ikanyegang; le “bomorwa Modimo” ba baengele ba ba tlhokang kutlo, go akaretsa Satane Diabolo. (Johane 1:1, 18) Satane le badimona ba gagwe ga ba a ka ba lelekwa kwa legodimong go fitlha moragonyana fela ga gore Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwe ka 1914. (Tshenolo 12:1-12) Fa Jehofa a ne a ba letla gore ba eme fa pele ga gagwe, o ne a batla gore dibopiwa tsotlhe tsa semoya di utlwe kgwetlho ya ga Satane le dikgang tse e neng e tla di tsosa.

1:7; 2:2—A Jehofa o ne a bua le Satane ka tlhamalalo? Baebele ga e re neye dintlha ka botlalo malebana le kafa Jehofa a buisanang le dibopiwa tsa semoya ka gone. Le fa go ntse jalo, moporofeti Mikaia o ne a bona ponatshegelo e mo go yone moengele a neng a buisana le Jehofa ka tlhamalalo. (1 Dikgosi 22:14, 19-23) Ka jalo, go lebega Jehofa a ne a bua le Satane kwantle ga mmueledi.

1:21—Ke ka tsela efe Jobe a neng a tla boela kwa ‘sebopelong sa ga mmaagwe’? E re ka Jehofa Modimo a ne a bopa motho “ka lorole lo lo tswang mo mmung” mono lefoko ‘mmè’ le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso go kaya mmu.—Genesise 2:7.

2:9—Mosadi wa ga Jobe o tshwanetse a bo a ne a le mo boemong bofe jwa tlhaloganyo fa a ne a bolelela monna wa gagwe gore a tlhapatse Modimo mme a swe? Mosadi wa ga Jobe o ne a latlhegetswe ke dilo tse dintsi fela jaaka monna wa gagwe. O tshwanetse a bo a ne a utlwa botlhoko tota fa a bona monna wa gagwe yo o kileng a bo a itekanetse sentle mo mmeleng, a sotliwa ke bolwetse jo bo maswe jalo. O ne a swetswe ke bana ba gagwe ba a neng a ba rata thata. O tshwanetse a bo a ne a tlhakane tlhogo thata ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe mo a neng a sa tlhole a akanya ka selo se tota e leng sa botlhokwa—kamano ya bone le Modimo.

Se re Ithutang Sone:

1:8-11; 2:3-5. Fela jaaka re bone mo kgannyeng ya ga Jobe, go itshwara le go bua ka tsela e e tshwanetseng fela ga go a lekana, bothokgami bo tlhoka gore re direle Jehofa ka maitlhomo a a siameng.

1:21, 22. Re ka kgona go tlhomamisa gore Satane ke moaki, fa re nna re ikanyega mo go Jehofa fa maemo a siame le fa a le thata.—Diane 27:11.

2:9, 10. Fela jaaka Jobe, re tshwanetse go nna re nitame mo tumelong le fa ba malapa a rona ba sa tseye dilo tsa semoya di le botlhokwa kana ba re gatelela gore re ineele kana re latlhe tumelo ya rona.

2:13. Go ne go se na sepe se se gomotsang se ditsala tsa ga Jobe di ka se buang ka Modimo le ditsholofetso tsa gagwe, gonne ba ne ba sa lebe dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone.

“NKA SE TLOSE BOTHOKGAMI JWA ME MO GO NNA!”

(Jobe 4:1–31:40)

Ntlha ya konokono e ditsala tse tharo tsa ga Jobe di batlang go e tlhalosa fa di ntse di bua le Jobe ke gore Jobe o tshwanetse a bo a dirile sengwe se se bosula thata gore Modimo a mo otlhaye ka tsela e e botlhoko jaana. Elifase ke ene a di gogang kwa pele. Biledade o a mo latela, mme ene o bua ka tsela e e tlhabang. Sofare ene o bua ka tsela e e lesotlo tota.

Jobe ga a amogele dikgopolo tse di phoso tsa baeng ba gagwe. E re ka Jobe a sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letla gore a boge, o amega thata ka gore a ipuelele gore o siame. Le fa go ntse jalo, Jobe o rata Modimo mme a re: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!”—Jobe 27:5.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

7:1; 14:14—Mafoko a a reng ‘tiro e e patelediwang’ a bolelang? Jobe o ne a tlaletswe thata jaana mo a neng a akanya gore botshelo bo thata e bile ke tiro e e patelediwang. (Jobe 10:17) E re ka nako e motho a e fetsang a le mo Sheole—go tloga ka nako e a swang ka yone go fitlha ka nako ya go tsosiwa ga baswi—e le nako e motho a patelesegang go e nna, Jobe o tshwantsha nako eo le tiro e e patelediwang.

7:9, 10; 10:21; 16:22—A mafoko a Jobe a neng a a bua fano a bontsha gore o ne a sa dumele mo tsogong ya baswi? Dikakgelo tseno di tlhalosa se se neng se tla tloga se diragalela Jobe. Jaanong he, Jobe o ne a raya goreng? A ka tswa a ne a raya gore fa a ka swa, ga go ope wa balekane ba gagwe yo o neng a tla mmona. Go ya ka se bone ba neng ba tla se bona, o ne a se kitla a boela kwa ntlong ya gagwe kana a amogelwa ke ope go fitlha ka nako e Modimo a e beileng. Gape Jobe a ka tswa a ne a raya gore ga go ope yo o ka kgonang go boa kwa Sheole a sa thusiwe ke Modimo. Go ya ka se re se balang mo go Jobe 14:13-15, ga go pelaelo gore Jobe o ne a solofetse gore mo isagweng go tla nna le tsogo ya baswi.

10:10—Ke ka tsela efe Jehofa a neng a ‘tsholola Jobe jaaka mashi le go mo remisa jaaka tšhisi’? Ono ke mokgwa wa poko wa go tlhalosa kafa Jobe a neng a bopega ka gone mo sebopelong sa ga mmaagwe.

19:20—Jobe o ne a raya goreng fa a re ‘ke ne ka falola ka letlalo la meno a me’? Fa Jobe a ne a re o falotse ka letlalo la sengwe se go lebegang se se na letlalo, a ka tswa a ne a raya gore o falotse a sa tshola sepe.

Se re Ithutang Sone:

4:7, 8; 8:5, 6; 11:13-15. Ga re a tshwanela go itlhaganelela go swetsa ka gore fa motho a le mo mathateng o a bo a roba se a se jetseng, e bile a sa amogelwe ke Modimo.

4:18, 19; 22:2, 3Kgakololo ya rona e tshwanetse go tswa mo Lefokong la Modimo, e seng mo maikutlong a rona.—2 Timotheo 3:16.

10:1. Bogale bo ne bo foufaditse Jobe jaana mo a neng a se ka a akanya ka mabaka a mangwe a gongwe a neng a dira gore a boge. Ga re a tshwanela go galefa fa re boga, bogolosegolo ka gonne re tlhaloganya sentle kgang e e amanang le seo.

14:7, 13-15; 19:25; 33:24. Fa re lebane le teko nngwe le nngwe e Satane a ka re tlisetsang yone, go nna le tsholofelo ya tsogo go ka re nonotsha.

16:5; 19:2. Mafoko a re a buang a tshwanetse go kgothatsa ba bangwe le go ba nonotsha e seng go ba sera.—Diane 18:21.

22:5-7. Kgakololo e e neelwang ka ntlha ya ditatofatso tse di senang bosupi ga e mosola e bile e a senya.

27:2; 30:20, 21. Ga go tlhokege gore motho a itekanele gore a kgone go boloka bothokgami. Jobe o ne a pega Modimo molato go sa tshwanela.

27:5. Jobe ke ene fela a neng a ka dira tshwetso ya go tlogela bothokgami jwa gagwe, gonne go boloka bothokgami go ikaegile ka gore motho o rata Modimo go le kae. Ka jalo re tshwanetse go leka ka natla gore re rate Jehofa thata.

28:1-28. Motho o itse kwa dikhumo tsa lefatshe di leng teng. Fa a ntse a di batla, bokgoni jwa gagwe bo dira gore a fitlhe kwa ditselaneng tse di kwa tlasetlase ga lefatshe, kwa le nonyane e e bonelang kgakala e ka se kang ya di bona gone. Le fa go ntse jalo, motho o nna le botlhale jwa bomodimo fa fela a boifa Jehofa.

29:12-15. Re tshwanetse go iketleeletsa go bontsha bopelonomi jo bo lorato mo go ba ba bo tlhokang.

31:1, 9-28. Jobe o ne a re tlhomela sekao ka gonne o ne a tila go tshameka ka maikutlo a lorato, go akafala, go tshwara ba bangwe ka tsela e e sa siamang, go rata dikhumo le go obamela medingwana.

“KE A IKWATLHAYA MO LOROLENG LE MO MOLORENG”

(Jobe 32:1–42:17)

Mosha mongwe yo o bidiwang Elihu o ntse a eme fa thoko a reeditse ka bopelotelele fa go ntse go ganetsanwa. Jaanong o ntsha maikutlo a gagwe. O kgalema Jobe le batlhokofatsi ba gagwe ba bararo.

Fela fa Elihu a fetsa go bua, Jehofa o araba go tswa mo sefefong. Ga a tlhalose gore ke ka ntlha yang fa Jobe a boga. Le fa go ntse jalo, Mothatayotlhe o dira gore Jobe a ele tlhoko maatla a Gagwe a a gakgamatsang le botlhale jwa gagwe jo bogolo ka go mmotsa motseletsele wa dipotso. Jobe o a dumela gore o ne a bua a sa tlhaloganye mme a re: ‘Ke boa ka morago mo mafokong a me, mme ke a ikwatlhaya mo loroleng le mo moloreng.’ (Jobe 42:6) Fa teko ya ga Jobe e fela, o a duelwa ka ntlha ya bothokgami jwa gagwe.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

32:1-3—Elihu o gorogile leng? E re ka Elihu a ne a utlwa dipolelo tsotlhe tse di neng tsa buiwa, o tshwanetse a bo a ile a nna golo gongwe gaufi le bone nakwana pele Jobe a simolola go bua morago ga gore ditsala tsa gagwe tse tharo di nne le ene malatsi a le supa di didimetse.—Jobe 3:1, 2.

34:7—Jobe o ne a tshwana jang le monna “yo o nwang go sotliwa jaaka metsi”? Fa Jobe a ntse a ngomogile pelo, o ne a feleletsa a tsaya gore tsela e baeng ba gagwe ba bararo ba mo sotlang ka yone e lebisitswe kwa go ene, mme gone ba ne ba bua kgatlhanong le Modimo. (Jobe 42:7) Ka jalo o ne a amogela tshotlo eo jaaka motho yo o itumelelang go nwa metsi.

Se re Ithutang Sone:

32:8, 9Motho ga a nne botlhale fela ka gonne a godile. Gore motho a nne botlhale o tshwanetse go tlhaloganya Lefoko la Modimo mme a kaelwe ke moya wa gagwe.

34:36. Bothokgami jwa rona bo bonala sentle fa ka tsela nngwe re ‘lekwa ka botlalo.’

35:2. Elihu o ne a reetsa ka kelotlhoko, mme a kaya se tota e leng kgang ya konokono pele a ka bua. (Jobe 10:7; 16:7; 34:5) Pele bagolwane ba Bakeresete ba ka neela kgakololo, ba tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko, ba utlwe dintlha ka botlalo, mme ba tlhaloganye dintlha tsotlhe tse di amang kgang eo.—Diane 18:13.

37:14; 38:1–39:30. Go tlhatlhanya ka ditiro tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang—tsela e a bontshang nonofo le botlhale jwa gagwe ka yone—go a re kokobetsa mme go re thusa go bona gore go itshepisiwa ga leina la gagwe go botlhokwa thata go feta dilo le fa e ka nna dife tse rona re di kgatlhegelang.—Mathaio 6:9, 10.

40:1-4. Fa re tlelwa ke maikutlo a go ngongorega ka Mothatayotlhe, re tshwanetse go ‘ipaya seatla mo molomong.’

40:15–41:34. Ruri Behemothe (kubu) le Lefiathane (kwena) di nonofile tota! Gore re kgone go itshoka fa re ntse re direla Modimo, re tlhoka nonofo e e tswang kwa Modiring wa diphologolo tseno tsa naga tse di maatla, ene yo o re nayang maatla.—Bafilipi 4:13.

42:1-6. Go utlwa lefoko la ga Jehofa le go gakololwa ka tsela e a bontshang maatla a gagwe ka yone go ne ga thusa Jobe gore a ‘bone Modimo,’ kana a bone boammaaruri ka ene. (Jobe 19:26) Seno se ne sa fetola tsela e a akanyang ka yone. Fa re kgalemiwa ka Dikwalo, re tshwanetse go tlhoafalela go amogela phoso ya rona le go e baakanya.

Lwela go Nna le “Boitshoko Jwa ga Jobe”

Buka ya Jobe e bontsha sentle gore Modimo ga se ene a dirang gore batho ba boge. Ke Satane yo o dirang seo. Go dumelela ga Modimo boikepo mo lefatsheng go re naya tshono ya go supa gore rona re eme kae mo dikgannyeng tse di amang bolaodi jwa ga Jehofa le bothokgami jwa rona.

Fela jaaka Jobe, batho botlhe ba ba ratang Jehofa ba tla lekwa. Pego ya ga Jobe e re tlhomamisetsa gore le rona re ka kgona go itshoka. E re gakolola gore mathata a rona ga a kitla a nnela ruri. Jakobe 5:11 ya re: “Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya.” Jehofa o ne a duela Jobe ka ntlha ya go boloka bothokgami ga gagwe. (Jobe 42:10-17) Tsholofelo e e molemolemo e beilwe fa pele ga rona—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise! Fela jaaka Jobe, a le rona re ititeyeng sehuba gore re tla nna re bolokile bothokgami.—Bahebera 11:6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Buka ya Jobe e akaretsa lobaka lwa dingwaga tse di fetang 140, fa gare ga 1657 le 1473 B.C.E.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Re ka ithuta eng mo ‘boitshokong jwa ga Jobe’?